LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 13 ts. 172-187
  • Re Lemogiwa ka Boitshwaro jwa Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Lemogiwa ka Boitshwaro jwa Rona
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Botho Kana Kgolagano—Ke Sefe Se Se Tshwanetseng?”
  • “Lo Ithibe mo Boakeñ”
  • Botshelo jwa Lelapa Jo Bo Laolwang Ke Melao ya Modimo
  • A go Nyala Lefufa go Ne go Tla Dumelelwa?
  • Go Tweng ka Tlhalo?
  • O Tshwanetse wa Ikanyega ka Selekanyo Se Se Kana Kang?
  • Lebaka la Go Bo go Betšha E Se Kile ya Nna Bothata mo go Bone
  • ’Go Tweng ka Motsoko le go Sa Diriseng Diokobatsi Sentle?
  • A go Farologane ka Dino Tse Di Tagang?
  • Go Babalela Botshelo
  • Lebaka la Go Bo go Tshelwa Madi go Ganwa
  • Fa Batho ba Itlhophela go Tlhokomologa Melao ya Bibela
  • Go Apara Botho jo Bosha
  • Go Itshekisiwa mo Boitsholong—Go Bontsha Boitshepo Jwa Modimo
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 13 ts. 172-187

Kgaolo 13

Re Lemogiwa ka Boitshwaro jwa Rona

RE TSHELA mo motlheng o mo go one batho ba bantsi ba latlhileng selekanyo sa boitsholo se se nang le lobaka lo loleele go tshelwa ka sone. Ditumelo tse dintsi tsa Labokeresete le tsone di inaakantse le seemo, e ka ne e le ka lebaka la go leseletsa dilo fela kana ka go ntsha mabaka a gore metlha e fetogile le gore dilo tse di neng di ilediwa mo dikokomaneng tsa bogologolo ga di tlhole di ilediwa gompieno. Samuel Miller, mookamedi wa Harvard Divinity School, o ne a bolela jaana ka matswela a seno: “Tota kereke ga e etelele pele ka gope. E tsere ngwao ya motlha wa rona mme ya e amogela.” Selo se seno se se dirileng mo matshelong a bao ba lebang mo dikerekeng tseo gore di ba kaele se maswe eleruri.

Go farologana le seo, L’Eglise de Montréal, pampiri ya dikgang ya beke le beke ya lephata la tsamaiso la mobishopomogolo wa Katoliki wa kwa Montreal, kwa Canada, e ne ya bolela jaana fa e ne e bua kaga Basupi ba ga Jehofa: “Ba na le melao e e kwa godimo thata ya boitsholo.” Dipalo tse dikgolo tsa barutabana, bahiriwa, le badiredi ba puso ba dumalana le seo. Ke eng se se dirang gore ba nne le leina le lentle jalo?

Go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go akaretsa go le gontsi fela thata go feta go dumela dithuto tsa motheo le go neela ba bangwe bosupi ka dilo tse o di dumelang. Bokeresete jwa pele bo ne bo itsiwe jaaka “Tsela,” mme Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore bodumedi jwa boammaaruri gompieno bo tshwanetse go nna tsela ya botshelo. (Dit. 9:2) Lefa go ntse jalo, fela jaaka go ne go ntse ka dilo tse dingwe, Basupi ba motlha wa segompieno ba ne ba se ka ba tlhaloganya sentle ka bonako gore seno se akaretsa eng.

“Botho Kana Kgolagano—Ke Sefe Se Se Tshwanetseng?”

Le mororo ba ne ba simolola ba itse kgakololo e e utlwalang ya Dikwalo ya gore ba ne ba tshwanetse go tshwana le Keresete, tsela e Baithuti ba ntlha ba Bibela ba neng ba gatelela ka yone gore go botlhokwa thata “go tlhagolela botho,” jaaka ba ne ba go bitsa, go ne go batla go nyenyefatsa dintlha dingwe tsa Bokeresete jwa mmatota. Bangwe ba bone ba ne ba lebega ba na le mogopolo wa gore go nna le maitseo—gore ka metlha ba bo ba lebega ba le pelonomi ebile ba le molemo, ba bua ka bonolo, ba tila go galefa ka tsela epe fela, ba bala Dikwalo letsatsi le letsatsi—go ne go tla tlhomamisa gore ba ne ba tla tsena kwa legodimong. Mme batho bano ba ne ba latlhegelwa ke ntlha ya gore Keresete o ne a neile balatedi ba gagwe tiro e ba neng ba tshwanetse go e dira.

Bothata jono bo ne jwa baakanngwa ka nitamo mo setlhogong se se neng se re “Botho Kana Kgolagano—Ke Sefe Se Se Tshwanetseng?” mo tokololong ya May  1, 1926, ya Tora ya Tebelo (ka Seesemane).a E ne ya bontsha gore maiteko a go tlhagolela “botho jo bo siameng” fa ba santse ba le mo nameng a dira gore bangwe ba itlhoboge ka ntlha ya go kgobega marapo, mme lefa go ntse jalo go ne go dira gore ba bangwe ba nne le boikutlo jwa gore “ba siame thata go gaisa ba bangwe” mme go ba dira gore ba latlhegelwe ke go lemoga gore setlhabelo sa ga Keresete se botlhokwa go le kana nang. Morago ga go gatelela gore go dumelwe mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete, setlhogo seno se ne sa gatelela botlhokwa jwa ‘go dira dilo’ motho a le tlhaga mo tirong ya Modimo e le go ntsha bosupi jwa gore motho o ne a le mo tseleng e e itumedisang Modimo. (2 Pet. 1:5-10) Ka nako eo, fa bontsi jwa Labokeresete bo ne bo santse bo dira ekete bo latela melao ya Bibela ya boitshwaro, go gatelela tiro ka tsela eno go ne ga supa thata tsela e Basupi ba ga Jehofa ba farologanang ka yone le Labokeresete. Go farologana gono go ne ga bonala thata jaaka fa botlhe ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba lwa le mekgwa ya boitshwaro e e neng e simolola go tlalatlala.

“Lo Ithibe mo Boakeñ”

Molao wa Bokeresete wa boitsholo jwa tlhakanelodikobo o ne wa tlhongwa bogologolo ka puo e e tlhamaletseng mo Bibeleng. “Mo ke go rata ga Modimo, eboñ boitshèpishō yoa lona, ke go re, lo ithibè mo boakeñ; . . . Gonne Modimo ga oa re biletsa bomashwè, o re bileditse mo boitshèpishoñ hèla. Ke gōna eo o ganañ, ga a gane motho, ha e se Modimo, o o lo naeañ Mōea oa ōna o o Boitshèpō.” (1 Bathes. 4:3-8) “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Baheb. 13:4) “Kgotsa a ga lo itse ha batho ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo seka loa tsietsega. Go le baakahadi, . . . go le ba bonyatsi, . . . go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”—1 Bakor. 6:9, 10.

Mo makasineng ono wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane), Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba bolelwa kaga molao ono o o amang Bakeresete ba boammaaruri bogologolo ka November 1879. Mme go ne ga se ka ga buiwa ka one kgapetsakgapetsa kana ka boleele jaaka ekete e ne e le bothata jo bogolo gareng ga Baithuti ba Bibela ba pele. Lefa go ntse jalo, fa lefatshe le nnela go tlogelela dilo go ya kwa pele, ba ne ba bolelelwa thata ka selo se se neng se tlhokega segolobogolo mo dingwageng tsa pele ga Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone. Seno se ne se tlhokega ka gore bangwe gareng ga Basupi ba ga Jehofa ba ne ba akanya gore fela fa ba ne ba neela bosupi, go repisa go le gonnye mo boitsholong jwa tlhakanelodikobo e ne e le kgang ya botho fela. Ke boammaaruri gore Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 1, 1935, e ne e boletse ka phepafalo gore go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo go ne go sa letle motho gore a dire boitsholo jo bo sa siamang. Mme seno se ne se sa tsewe tsia ke mongwe le mongwe. Ka jalo, mo tokololong ya yone ya May 15, 1941, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bua ka kgang eno, mme ka boleelenyana, mo setlhogong se se neng se re “Motlha wa ga Noa.” E ne ya supa gore tlhakanelodikobo e e leswe ya mo motlheng wa ga Noa e ne e le lebaka le lengwe la go bo Modimo o ne wa nyeletsa lefatshe la motlha oo, mme e ne ya bontsha gore se Modimo o neng wa se dira ka nako eo se ne sa tlhoma sekao sa se o tla se dirang mo motlheng wa rona. E ne ya tlhagisa ka puo e e tlhamaletseng gore motlhanka wa Modimo yo o bolokileng bothokgami a ka se senye bontlhanngwe jwa letsatsi a dira thato ya Morena mme go tswa foo, nako nngwe moragonyana, a bo a dira “dithatō tsa nama.” (Bagal. 5:17-21) Seno se ne sa bolelwa gape mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 1, 1942, mo setlhogong se sengwe seo se neng se kgala boitshwaro jo bo neng bo sa tsamaisane le melao ya Bibela ya boitsholo jwa batho ba ba sa tsenang mo lenyalong le ba ba leng mo lenyalong. Go ne go sena ope yo o neng a tshwanetse go swetsa gore go nna le seabe mo go rereng molaetsa wa Bogosi phatlalatsa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go ne go naya motho tetla ya go tshela botshelo jo bo repileng. (1 Bakor. 9:27) Fa nako e ntse e tsamaya, go ne go tla tsewa dikgato tse ebileng di gagametse go feta go sireletsa phuthego gore e nne e le phepa mo boitsholong.

Batho bao ka nako eo ba neng ba supa fa ba batla go nna Basupi ba ga Jehofa ba ne ba goletse mo mafelong ao go leka pele gore a o ka nyala motho go neng go dumelelwa, koo go tlhakanela dikobo le motho yo o mmeeleditseng go neng go siame fela, kana koo go nna mmogo fela batho ba sa nyalana kafa molaong go neng go lejwa jaaka selo se se siameng. Banyalani ba le mmalwa ba ne ba leka go itlwaetsa go nna ba sa tlhakanele dikobo. Batho ba bangwe, le mororo ba ne ba sa tlhalana, ka go tlhoka botlhale ba ne ba kgaogana le balekane ba bone. Gore e kgone go kaela ka tsela e e tlhokegang, Tora ya Tebelo, ka bo1950, e ne ya sekaseka maemo ano otlhe, ya bua ka maikarabelo a lenyalo, ya gatelela gore Bibela e thibela go gokafala, ya ba ya tlhalosa gore kgokafalo ke eng, ka jalo go ne go ka se ka ga nna le yo o sa tlhaloganyeng.b—Dit. 15:19, 20; 1 Bakor. 6:18.

Mo mafelong a batho ba ba neng ba simolola go kopanela le phuthego ya ga Jehofa ba neng ba sa tseye melao ya Bibela ya boitsholo masisi, ba ne ba bolelelwa seno ka tsela e e kgethegileng. Ke gone ka moo erileng ka 1945, fa N. H. Knorr, mookamedi wa boraro wa Mokgatlho wa Watch Tower, fa a ne a le kwa Costa Rica, a neng a neela puo e a neng a bolela jaana mo go yone kaga boitsholo jwa Mokeresete: “Botlhe ba lo leng fano bosigong jono bao lo nnang le mosadi mme lo sa nyalana nae kafa molaong, ke lo naya kgakololo. Yang kwa Kerekeng ya Katoliki mme lo kwadise maina a lona gore lo maloko a yone ka gonne koo ke gone kwa lo ka dirang dilo tseo teng. Eno ke phuthego ya Modimo, mme lo ka se dire dilo tseno fano.”

Go simolola ka bo1960, fa basodoma ba ne ba bolela ditiro tsa bone fela phatlalatsa, dikereke tse dintsi di ne tsa ganetsana thata ka kgang eno, go tswa foo di ne tsa ba amogela jaaka maloko. Dikereke tse dingwe jaanong ebile di tlhomamisa basodoma jaaka baruti. Go thusa batho ba ba peloephepa ba ba nang le dipotso kaga dikgang tseno, dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa le tsone di bua ka dikgang tseno. Mme mo Basuping ga go ise go ko belaelwe gore bosodoma bo tla lebiwa jang. Ka ntlha yang? Ka gonne ga ba tseye dilo tse Bibela e ba laelang gore ba di dire jaaka ekete ke megopolo fela ya batho ba motlha mongwe o sele. (1 Bathes. 2:13) Ba itumelela go ruta basodoma Bibela e le gore bano ba ke ba ithute dilo tse Jehofa a batlang ba di dira, ebile batho bano ba ka nna gone kwa dipokanong tsa Basupi go reetsa, mme ga go ope wa bone yo a ka nnang mongwe wa Basupi ba ga Jehofa fa a tswelela ka bosodoma.—1 Bakor. 6:9-11; Yude 7.

Mo dingwageng tsa bosheng go tlhakanela dikobo ga basha ba ba seng mo lenyalong go tletsetletse mo lefatsheng. Basha ba malapa a Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ikutlwa ba gatelelwa, mme ba bangwe ba ne ba simolola go amogela mekgwa ya lefatshe le le ba dikologileng. Mokgatlho o ile wa tsaya kgato efe ka seemo seno? Go ne ga kwalwa ditlhogo tse di rulaganyeditsweng go thusa batsadi le basha go leba dilo ka tsela ya Dikwalo mo go Tora ya Tebelo le Tsogang! Go ne ga dirwa diterama kaga dilo tse di diragalang mo botshelong kwa dikopanong tse dikgolo go thusa mongwe le mongwe go lemoga maungo a a bonwang fa motho a sa latele melao ya Bibela ya boitsholo le melemo e e bonwang ka go utlwa ditaolo tsa Modimo. Nngwe ya tsa ntlha mo go tseno, e e neng e bontshiwa ka 1969, e ne e na le setlhogo se se reng “Mo Tseleng ya Yo O Sa Laolweng Ke Melao Epe Go Na le Mebitlwa le Dirai.” Go ne ga gatisiwa dibuka tse di kgethegileng go thusa basha gore ba lemoge kafa kgakololo ya Bibela e leng botlhale ka teng. Tseno di ne di akaretsa Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone (e e golotsweng ka 1976 [ka Seesemane]) le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo (e e golotsweng ka 1989). Bagolwane ba ile ba thusa batho ka bongwe le malapa a mo mafelong a bone semoyeng. Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa le tsone di ne tsa sirelediwa ka go lelekiwa ga badirabosula ba ba sa ikotlhaeng.

Go senyega ga boitsholo jwa lefatshe ga go a dira gore Basupi ba ga Jehofa ba letle dilo tse di sa siamang. Go farologana le seo, Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ile sa gatelela ka mo go oketsegileng gore go tlhokega gore re tile eseng fela ditiro tsa tlhakanelodikobo tse di seng kafa molaong mme gape re tile le dilo tse di tlhotlheletsang le maemo ao a ka dirang gore re se ka ra tlhola re leba go itshola sentle go le botlhokwa. Mo dingwageng tse di masome a mararo tse di fetileng, se ile sa naya tao go nonotsha batho kgatlhanong le “maleo a mo sephiring” a a tshwanang le go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo le go ba tlhagisa malebana le bodiphatsa jwa sepe se se leswe se se tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, metshameko ya dithatano e e tswelelang, le mmino o o leswe. Ka gone lefa boitsholo jwa lefatshe bo ntse bo wela kwa tlase, jwa Basupi ba ga Jehofa jone bo ntse bo tlhatlogela kwa godimo.

Botshelo jwa Lelapa Jo Bo Laolwang Ke Melao ya Modimo

Go ngaparela melao ya Bibela ya boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo go ile ga solegela molemo botshelo jwa malapa a Basupi ba ga Jehofa fela thata. Mme go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ga go reye gore motho ga a ne a nna le mathata a lelapa. Lefa go ntse jalo, Basupi ba tlhatswegile pelo gore Lefoko la Modimo le naya kgakololo e e molemo go gaisa ya go rarabolola mathata a a ntseng jalo. Ba na le dilo tse dintsi tse ba di filweng ke phuthego go ba thusa go dirisa kgakololo e e ntseng jalo; mme fa ba e dirisa, ba felela eleruri ba solegetswe molemo.

Bogologolo ka 1904, bolumo ya borataro ya Studies in the Scriptures e ne ya bua ka boleele ka maikarabelo a lenyalo le dilo tse di tshwanetseng go dirwa ke batsadi. Fa esale ka nako eo, go ile ga phasaladiwa ditlhogo di le makgolokgolo ebile go ne ga neelwa dipuo di le dintsi mo phuthegong nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa go thusa leloko lengwe le lengwe la lelapa go tlhaloganya seabe sa lone se le se neilweng ke Modimo. Thuto eno e e neng e ruta ka go tshela sentle mo lelapeng e ne e se ya ba ba sa tswang go nyalana fela mme e ne e le thulaganyo e e tswelelang e e amang phuthego yotlhe.—Baef. 5:22–6:4; Bakol. 3:18-21.

A go Nyala Lefufa go Ne go Tla Dumelelwa?

Le mororo ditlwaelo tse di amang lenyalo le lelapa tsa naga nngwe di farologana le tsa e nngwe, Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore melao e e kwadilweng mo Bibeleng e dira gongwe le gongwe. Jaaka fa tiro ya bone e ntse e tsweletse mo Afrika mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, fela jaaka ba dira gongwe le gongwe, Basupi ba ruta gore lenyalo la Bokeresete le letla motho go nna le molekane a le mongwe wa lenyalo. (Math. 19:4, 5; 1 Bakor. 7:2; 1 Tim. 3:2) Lefa go ntse jalo, go ne ga nna le makgolokgolo a bangwe ba ba neng ba dumela fa Bibela e kgala kobamelo ya medimo ya disetwa mme ka boitumelo ba amogela se Basupi ba ga Jehofa ba neng ba se ruta malebana le Bogosi jwa Modimo mme ba ile ba kolobediwa ba sa kgaogana le balekane ba bantsi ba ba neng ba ba nyetse lefufa. Go baakanya boemo jono, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya January 15, 1947, e ne ya gatelela gore Bokeresete ga bo letle go nyala lefufa, lefa seo e ka tswa e le ngwao ya mo lefelong leo. Lokwalo lo lo neng lwa kwalelwa diphuthego lo ne lwa bolelela ope fela yo o neng a ipolela gore ke Mosupi wa ga Jehofa mme a nyetse lefufa gore o ne a neelwa dikgwedi tse thataro gore a dumalane boemo jwa lenyalo la gagwe le melao ya Bibela. Seno se ne sa gatelelwa ke puo e e neng ya neelwa ke Mokaulengwe Knorr mo nakong ya fa a ne a etetse mo Afrika mo go one ngwaga oo.

Kwa Nigeria, batho ba lefatshe ka bontsi ba ne ba bolelela pele gore fa go ne go ka dirwa maiteko a go fedisa go nyala lefufa gareng ga Basupi ba ga Jehofa, botlhe ba ne ba tla tlogela phuthego. Mme ke boammaaruri gore le ka 1947 bangwe ba batho ba ba nyetseng lefufa ba ba neng ba setse ba kolobeditswe jaaka Basupi ba ne ba setse ba dirile diphetogo tse di tlhokegang. Ka sekai, Asuquo Akpabio, molebedi yo o etang, o bolela gore Mosupi yoo a neng a nna nae kwa Ifiayong o ne a mo tsosa mo gare ga bosigo a mmolelela gore a fetole seo se neng se itsisitswe malebana le gore go tshwanetse ga nyalwa motho a le mongwe fela. Ereka a ne a gana go dira jalo, mong yono wa ntlo o ne a mo koba mo puleng e e neng e tsorotla mo bosigong joo.

Mme go rata Jehofa go neile ba bangwe nonofo e ba e tlhokang gore ba obamele ditaolo tsa gagwe. Ba sekae ba bone ke bano. Kwa Zaire, monna mongwe yo pele e neng e le Mokatoliki ebile a nyetse lefufa o ne a naya basadi ba gagwe ba le babedi tsela gore a kgone go fetoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, le mororo go tsamaisa yo a neng a mo rata thata gonne e ne e se ‘mosadi wa bokau jwa gagwe’ go ne ga leka tumelo ya gagwe thata. (Dia. 5:18) Kwa Dahomey (e jaanong e leng Benin) monna mongwe yo e neng e le Mo-Methodist pele yo a neng a santse a na le basadi ba le batlhano o ne a kgona go fenya dikgoreletsi tse dikgolo fela thata tsa semolao gore a kgone go tlhala kafa go neng go tlhokega ka gone e le gore a tle a kgone go tshwanelegela go kolobediwa. Lefa go ntse jalo, o ne a tswelela go tlamela basadi ba gagwe ba pele le bana ba bone, fela jaaka ba bangwe ba ba neng ba naya basadi ba bone ba bobedi tsela. Warigbani Whittington, Mo-Nigeria mongwe, e ne e le mosadi wa bobedi wa basadi ba babedi ba monna wa gagwe. Fa a sena go swetsa ka gore go itumedisa Jehofa, Modimo wa boammaaruri, e ne e le selo sa botlhokwa mo go ene, o ne a lebana le bogale jwa monna wa gagwe mme go tswa foo jwa balelapa la gagwe. Monna wa gagwe o ne a mo letla go tsamaya le bana ba gagwe ba babedi, mme a se ka a mo thusa ka gope ka madi—lefa e le a mosepele. Lefa go le jalo, o ne a re: ‘Ga go na melemo epe ya dilo tse di bonalang e ke e tlogetseng kwa morago e e ka bapisiwang le go itumedisa Jehofa.’

Go Tweng ka Tlhalo?

Mo mafatsheng a Bophirima go nyala lefufa ga go a tlalatlala, mme go na le mekgwa mengwe eo e thulanang le Dikwalo e e ratwang thata. Mongwe wa yone ke kgopolo ya gore go botoka go tlhala go na le go nna le lenyalo le le sa itumediseng. Mo dingwageng tsa bosheng bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go nna le moya ono le bone, ba batla go tlhala ka mabaka a a tshwanang le a “go sa tshwanelane.” Basupi ba ne ba rarabolola seno jang? Phuthego e nna ka metlha e le tlhaga mo letsholong la go ruta batho gore Jehofa o leba tlhalo ka tsela efe e le gore batho bao ba nang le lobaka lo loleele e le Basupi mmogo le diketekete tse di makgolokgolo tsa bao ba ntseng ba ba oketsa ngwaga le ngwaga ba solegelwe molemo.

Tora ya Tebelo e ile ya bolela ka ditaolo dife tsa Bibela? Gareng ga tse dingwe, ke tse di latelang: Pego ya Bibela ya lenyalo la ntlha la batho e gatelela gore monna le mosadi ba tshwanetse go nna ngata nngwe; e bolela jaana: ‘Monna o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme ba tshwanetse go nna nama e le nngwe.’ (Gen. 2:24) Moragonyana, kwa Iseraele, Molao o ne o iletsa boaka mme o laolela go bolawa ga ope yo o neng a bo dira. (Dute. 22:22-24) Go tlhalana ka mabaka a mangwe kwantle ga boaka go ne go letliwa, mme e le fela ‘ka ntlha ya botlhogoethata jwa bone,’ jaaka Jesu a ne a tlhalosa. (Math. 19:7, 8) Jehofa o ne a leba jang tlwaelo ya go latlha molekane wa motho wa lenyalo e le gore motho a nyale yo mongwe? Malaki 2:16 e bolela jaana: “[O] ila tlhalō.” Lefa go le jalo, o ne a letla bao ba neng ba tlhalana go nna mo phuthegong ya Iseraele. Fa ba le moo, fa ba ne ba ka amogela kotlhao e Jehofa a e nayang batho ba gagwe, pelo ya bone e e letlapa e ne e ka nna ya re morago ya emisediwa ke pelo e e boruma, eo e neng e ka bontsha fa ba rata ditsela tsa gagwe ka mmatota.—Bapisa Esekiele 11:19, 20.

Tora ya Tebelo e ile ya bolela gangwe le gape gore fa Jesu a ne a bua ka tlhalo jaaka e ne e dirwa kwa Iseraele wa bogologolo, o ne a bontsha gore balatedi ba gagwe ba ne ba tlile go tlhomelwa molao o o kwa godingwana. O ne a bolela gore fa motho a ne a ka tlhala mosadi wa gagwe kwantle ga lebaka la kgokafalo (por·neiʹa, “tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong”) a bo a nyala yo mongwe, o ne a tla bo a dira boaka; mme lefa a ne a ka se nyale gape, o ne a tla bo a dira mosadi wa gagwe seaka. (Math. 5:32; 19:9) Ka gone, Tora ya Tebelo e ile ya bontsha gore mo Bakereseteng go tlhala go masisi go feta jaaka go ne go ntse kwa Iseraele. Lefa Dikwalo di sa laele gore mongwe le mongwe yo o tlhalang a lelekiwe mo phuthegong, fa go na le bangwe ba ba dirang boaka mme ba sa ikotlhaye diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di a ba kgaola.—1 Bakor. 6:9, 10.

Tsela e lefatshe le lebang lenyalo le botshelo jwa lelapa ka yone e ile ya fetoga thata mo dingwageng tsa bosheng. Le mororo go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tswelela ka go latela melao e ba e tlhometsweng ke Modimo, Mosimolodi wa lenyalo, jaaka e kwadilwe mo Bibeleng. Ba ile ba dirisa dikaelo tseno go leka go thusa batho ba ba dipelo di phepa go dirisana le maemo a a thata ao batho ba bantsi ba iphitlhelang ba le mo go one.

Go ne ga felela ka gore batho ba bantsi ba ba ileng ba dumela go kaelwa ke Basupi ba ga Jehofa ka Bibela ba ile ba fetola matshelo a bone fela thata. Banna ba pele ba neng ba itaya basadi, banna bao ba neng ba sa dire maikarabelo a bone, banna bao pele ba neng ba thusa fela ka dilo tsa senama mme ba sa thuse ka tse di amang maikutlo le tsa semoya—diketekete tse dintsi tsa ba ba ntseng jalo ba ile ba nna banna ba ba nyetseng le borre ba ba lorato le bao ba tlamelang bamalapa a bone sentle. Basadi ba pele ba neng ba sa batle go laolwa ka gope, basadi ba ba neng ba tlhokomologa bana ba bone mme ba sa itlhokomele kana ba sa tlhokomele le magae a bone—bontsi jwa bano bo ile jwa fetoga basadi bao ba tlotlang botlhogo ebile ba latela tsela eo e ba dirang gore ba ratwe thata ke banna ba bone le bana ba bone. Basha bao ba neng ba sa utlwe batsadi ba bone ba le bogoma ebile ba tsuolola mo bathong ka kakaretso, basha bao ba neng ba senya matshelo a bone ka dilo tse ba neng ba di dira mme ka go dira jalo ba utlwisa batsadi ba bone botlhoko—go na le ba le bantsi ba bone ba ba ikaeletseng go tshela ka tsela ya bomodimo, mme seno se ne sa thusa go fetola botho jwa bone.

Legale, ntlha ya botlhokwa mo go atlegeng mo teng ga lelapa ke gore lo ikanyege lotlhe. Boikanyego bo botlhokwa gape mo dikamanong tse dingwe.

O Tshwanetse wa Ikanyega ka Selekanyo Se Se Kana Kang?

Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore ba tshwanetse go ikanyega mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Go tshegetsa kgopolo ya bone, ba umaka dikwalo tse di tshwanang le tse di latelang: Jehofa ka boene ke “Modimo oa boamarure.” (Pes. 31:5) Kafa letlhakoreng le lengwe, jaaka Jesu a ne a bolela, Diabolo ke “rra aōna maaka.” (Yoh. 8:44) Ka gone, ba tlhaloganya gore sengwe sa dilo tse Jehofa a di ilang ke “loleme lo lo akañ.” (Dia. 6:16, 17) Lefoko la Gagwe le re bolelela jaana: “Ka gōna, apolañ kakō, me a moñwe le moñwe a buè boamarure le oa ga gabō.” (Baef. 4:25) Gape Bakeresete ga ba a tshwanela go bua boammaaruri fela, mme, jaaka moaposetoloi Paulo, ba tshwanetse ‘go itshwara ka boikanyego mo dilong tsotlhe.’ (Baheb. 13:18) Ga go na dikarolo dipe fela tsa botshelo tse mo go tsone Basupi ba ga Jehofa ba ka dirisang ditsela tse dingwe tsa boitsholo.

Fa Jesu a ne a etela kwa legaeng la Sakaio yo a neng a phutha lekgetho, monna yoo o ne a bolela gore o ntse a dira kgwebo ka tsela e e sa tshwanelang, mme o ne a tsaya dikgato go duela dilo tse a tsieditseng mo go go tsone. (Luke 19:8) Mo dingwageng tsa bosheng, batho bangwe ba ba neng ba simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tsaya kgato e e tshwanang gore ba kgone go nna le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo. Ka sekai, kwa Spain legodu lengwe le le neng le itsiwe le ne la simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Ka bonakonyana fela segakolodi sa gagwe se ne sa simolola go mo tshwenya; ka jalo o ne a busa dilwana tse a neng a di utswitse mo mohiring wa gagwe wa pele le mo baagelaning ba gagwe, go tswa foo a isa dilo tse dingwe kwa mapodising. O ne a atlholelwa gore a duele a bo a latlhelwa nako e khutshwane mo kgolegelong, mme jaanong o na le segakolodi se se phepa. Kwa Engelane, morago ga go ithuta Bibela dikgwedi di le pedi fela le Basupi ba ga Jehofa, motho yo pele a neng a utswa diteemane o ne a ikisa kwa mapodising, ao a neng a sala a akabetse; a ne a sa bolo go nna a mmatla ka dikgwedi di le thataro. Mo dingwageng tse pedi le sephatlo tseo a neng a di nna mo kgolegelong, o ne a ithuta Bibela ka botlhaga a bo a bolelela batho ba bangwe boammaaruri jwa Bibela. Fa a sena go gololwa o ne a tla mme a kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.—Baef. 4:28.

Basupi ba ga Jehofa ba itsege fela thata ka boikanyego. Bahiri ba lemogile gore ga se fela gore Basupi ga ba kake ba ba utswetsa mme gape ga ba kake ba aka kana ba kwala dilo tse di seng boammaaruri mo direkotong fa bahiri ba bone ba ba laela go dira jalo—nnyaa, lefa ba tshosediwa ka gore ba tla senyegelwa ke tiro. Mo Basuping ba ga Jehofa botsalano jo bo molemo le Modimo wa bone bo botlhokwa go na le go ratwa ke batho ka tsela epe fela. Mme ba lemoga gore, lefa ba ka tswa ba le kwa kae kana ba dira eng, “dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.”—Baheb. 4:13; Dia. 15:3.

Kwa Italy pampiri ya dikgang La Stampa e ne ya bolela jaana kaga Basupi ba ga Jehofa: “Ba dira fela kafa ba rerang ka teng . . . boitsholo jo bontle jwa go rata moagelani, go gana go busa, go sa tsene mo thubakanyong le go nna batho ba ba ikanyegang ka namana tseo mo Bakereseteng ba bantsi e leng ‘melao ya Sontaga’ (e e molemo fela fa e rerwa kwa seraleng) ke tsela e ba tshelang ka yone ‘letsatsi le letsatsi.’” Mme mo United States, Louis Cassels, mokwadi wa dikgang tsa bodumedi wa United Press International, kwa Washington, D.C., o ne a kwala jaana: “Basupi ba ngaparela dilo tse di ba dumelang ka boikanyego jo bogolo, le e leng fa go dira seo go batla go le gontsi mo go bone.”

Lebaka la Go Bo go Betšha E Se Kile ya Nna Bothata mo go Bone

Mo metlheng ya bogologolo, ka kakaretso fela go ikanyega go ne go amana thata le go dira ka natla. Go betšha, eleng go dirisa madi a a rileng o iteka lesego go ikaegile ka gore motshameko mongwe kana tiragalo nngwe e tla felela jang, go ne go nyadiwa thata ke batho ka kakaretso. Mme fa moya wa bogagapa, wa go batla go huma o simolola go tsenelela mo lekgolong la bo 20 la dingwaga, go betšha—go go dumelelwang ke molao le go go sa dumelelweng ke molao—go ne ga anama fela thata. Go tshegediwa ka madi eseng fela ka bokebekwa jo bo rulagantsweng mme gape, gantsi le ke dikereke le dipuso tsa selefatshe e le gore ba kgobokanye madi. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira jang fa boikutlo jwa batho bo ne bo fetoga ka tsela eno? Ba ile ba dirisa melaometheo ya Bibela.

Jaaka go ile ga bontshiwa mo dibukeng tsa bone, ga go na taolo e e tlhamaletseng mo Bibeleng e e reng, Lo se ka lwa betšha. Mme go betšha go felela ka dilo tse di maswe ka dinako tsotlhe, mme maungo a a bodileng ano a ile a senolwa ke Tora ya Tebelo le Tsogang! ka sephatlo sa lekgolo la dingwaga. Mo godimo ga moo, dimakasine tseno di bontshitse gore go betšha ga mofuta ope fela go akaretsa mekgwa eo Bibela e tlhagisang kgatlhanong le yone. Ka sekai, go rata madi: “Go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe.” (1 Tim. 6:10) Le bogagapa: “Le gōna u se ka ua eletsa . . . leha e le sepè se e leñ sa moñwe ka wèna.” (Dute. 5:21; bapisa 1 Bakorintha 10:24.) Gape le bopelotshetlha: “Seikgagapeledi . . . lo se ka loa tlwaèlana naè.” (1 Bakor. 5:11) Mo godimo ga moo, Bibela e tlhagisa kgatlhanong le dilo tse di hepisetsang “Lesego” jaaka ekete e ne e le maatla a a fetang a motho ao a ka direlang motho molemo. (Isa. 65:11) Basupi ba ga Jehofa ba bifela go betšha ba nonofile gonne ba tsaya ditlhagiso tseno tsa Dikwalo masisi. Mme fa esale go tloga ka 1976 ba ile ba dira boiteko jo bo kgethegileng go tila go nna le bangwe gareng ga bone bao tiro ya bone ya boitshediso e ba supang ka phepafalo gore ba amana le tsamaiso ya go betšha.

Go betšha ga e ise e ko e nne bothata mo Basuping ba ga Jehofa. Ba itse gore go na le go rotloetsa moya wa go bapala ka go amoga ba bangwe dilo, Bibela e ba kgothaletsa go dira ka diatla tsa bone, gore ba ikanyege fa ba dira se ba abetsweng go se dira kana go se tlhokomela, gore ba nne pelotshweu, gore ba abele le bao ba tlhokang. (Baef. 4:28; Luke 16:10; Bar. 12:13; 1 Tim. 6:18) A seno se lemogiwa ka bonako fela ke bao ba dirisanang le bone? Ee, segolobogolo bao ba dirisanang le bone ka tsa kgwebo. Go tlwaelegile gore bahiri ba selefatshe ba senke Basupi ba ga Jehofa gore ba ba direle gonne ba itse gore ba dira ka kelotlhoko ebile ba a ikanyega. Ba itse gore bodumedi jwa Basupi ke jone bo ba dirang gore ba nne jaaka ba ntse.

’Go Tweng ka Motsoko le go Sa Diriseng Diokobatsi Sentle?

Bibela ga e umake motsoko, lefa e le go bolela ka maina diokobatsi dingwe tse dintsi tse di sa dirisiweng sentle mo motlheng ono wa rona. Mme e neela dikaelo tseo di thusitseng Basupi ba ga Jehofa go atlhola gore ke tsela efe ya boitshwaro e e tla itumedisang Modimo. Ka gone, fa e sale bogologolo ka 1895 fa makasine wa Tora ya Tebelo o ne o akgela ka tiriso ya motsoko, e ne ya bolela ka 2 Bakorintha 7:1, e e reng: “Baratwa, ereka re na le dipolèlō tse tsa choloheco, a re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.”

Kgakololo eo e ne e lebega e lekane ka dingwaga di le dintsi. Mme fa dikhampani tsa motsoko di ntse di dirisa dikanamiso tsa papatso go kgabisa go gogiwa ga motsoko, mme le gone go sa dirisiweng sentle ga diokobatsi “tse eseng tsa kafa molaong” go ntse go anama, go ne ga tlhokwa mo go oketsegileng. Melaometheo e mengwe ya Bibela e ne ya gatelela: go tlotla Jehofa, Monei wa botshelo (Dit. 17:24, 25); go rata moagelani (Yak. 2:8), le ntlha ya gore motho yo o sa rateng mogagabo eleruri ga a rate Modimo (1 Yoh. 4:20); mmogo le go utlwa babusi ba selefatshe (Tito 3:1). Go ne ga bontshiwa gore lefoko la Segerika phar·ma·kiʹa, leo totatota le tlhalosang “go dirisa diokobatsi,” le ne la dirisiwa ke bakwadi ba Bibela ba lebisa go ‘tirisabadimo’ ka ntlha ya go dirisiwa ga diokobatsi mo ditirong tsa tirisabadimo.—Bagal. 5:20.

Bogologolo ka 1946, makasine wa Consolation o ne wa senola go tsietsa go gantsi go dirwang ke batho bao ba duelelwang go anamisa disekarete ba bolela ka melemo ya go goga motsoko. Jaaka fa saense e ne e ntse e ntsha bosupi, makasine o o neng wa latela Consolation eleng Tsogang!, le one o ne wa phasalatsa bosupi jwa gore go goga motsoko go baka kankere, bolwetsi jwa pelo, go ka golafatsa ngwana yo o imilweng ke mmaagwe yo a iseng a tsholwe, ebile go gobatsa batho ba ba sa gogeng bao ba patelesegang go hema moya o o tletseng mosi ono, mmogo le bosupi jwa gore nikotine e a tshwakgola. Go ile ga bolelwa gape gore matekwane a a taga ga bo ga ntshiwa le bosupi jwa gore a kgona go senya boboko. Ka mo go tshwanang go ile ga buiwa ka bodiphatsa jo bogolo jwa diokobatsi tse dingwe tse di tshwakgolang kgapetsakgapetsa gore bao ba balang dikgatiso tsa Watch Tower ba solegelwe molemo.

Bogologolo thata pele baemedi ba puso ba dumalana gore ba ka tlhagisa batho ka selekanyo se se kana kang ka bodiphatsa jwa go goga motsoko, Tora ya Tebelo (ka Seesemane), mo tokololong ya yone ya March 1, 1935, e ne ya phepafatsa gore ga go na ope yo o neng a goga motsoko yo o ka nnang leloko la badiri kwa ntlokgolo ya Watch Tower Bible and Tract Society kana a nna mongwe wa baemedi ba one ba ba tlhophilweng. Fa batlhanka botlhe mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ba sena go tlhomiwa ke Mokgatlho (thulaganyo e e neng ya simologa ka 1938), Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 1, 1942, e ne ya tlhalosa gore kiletso ya go goga motsoko e ne e dira gape le mo batlhankeng bano ba ba tlhomilweng. Mo mafelong a mangwe go ne ga feta dingwaga di le mmalwa pele seno se dirisiwa ka botlalo. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa bo ne jwa tsaya kgato e e tshwanetseng ka kgakololo ya Dikwalo le sekao se sentle sa bao ba ba eteletseng pele.

Jaaka kgato e nngwe ya go tswelela pele ka go dirisa kgakololo eo ya Bibela, go ne go sena ope yo o neng a santse a goga motsoko yo o neng a dumelelwa go kolobediwa go simolola ka 1973 go ya kwa pele. Mo dikgweding tse di latelang, bao ba neng ba tshwaregile ka botlalo mo go direng motsoko kana mo go o rekiseng ba ne ba thusiwa go lemoga gore ba ne ba ka se ka ba tswelela go dira jalo mme ba amogelwa jaaka Basupi ba ga Jehofa. Kgakololo ya Lefoko la Modimo e tshwanetse go dirisiwa ka tsela e e tshwanang mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo. Go dirisiwa ga melaometheo ya Bibela ka tsela eo malebana le go goga motsoko, matekwane, le diokobatsi tse go tweng ke tse di bogale go ile ga sireletsa Basupi. Ka go dirisa Dikwalo, ba kgonne le go thusa batho ba le diketekete bao matshelo a bone a neng a senngwa ke go sa diriseng diokobatsi sentle.

A go Farologane ka Dino Tse Di Tagang?

Dikgatiso tsa Watch Tower ga di tshegetse kgopolo ya gore go nwa dino tse di tagang go tshwana le go sa diriseng diokobatsi sentle. Ka ntlha yang? Ba tlhalosa jaana: Mmopi o itse kafa re dirilweng ka teng, mme Lefoko la gagwe le letla gore dino tse di tagang di dirisiwe ka selekanyo se se tshwanetseng. (Pes. 104:15; 1 Tim. 5:23) Mme Bibela gape e tlhagisa kgatlhanong le ‘go nwa thata,’ mme e kgala botagwa fela thata.—Dia. 23:20, 21, 29, 30; 1 Bakor. 6:9, 10; Baef. 5:18.

Charles Taze Russell o ne a bona go le botoka gore a se ka a nwa bojalwa gotlhelele gonne matshelo a batho ba bantsi a ne a senngwa ke go sa nwe dino tse di tagang ka selekanyo se se siameng. Lefa go le jalo, o ne a bolela gore Jesu o ne a nwa beine. Mo lekgolong la bo 19 la dingwaga le mo karolong ya ntlha ya lekgolo la bo 20 la dingwaga, batho ba le bantsi thata ba ne ba gakala thata fa bojalwa bo ne bo ileditswe ke molao kwa United States. Makasine wa Tora ya Tebelo ka phepafalo o ne wa bontsha fa o dumalana le ba ba neng ba leka go thibela gore bojalwa bo se ka jwa gobatsa ope, mme ga o a ka wa tsena mo letsholong la go lwela gore go ntshiwe melao e e bo thibelang. Lefa go ntse jalo, makasine ono o ne wa bua o nonofile kafa go nwa thata go neng go gobatsa ka teng ebile gantsi o ne o bolela gore go ne go ka nna botoka go tila go nwa beine le bojalwa gotlhelele. Bao ba neng ba ikutlwa gore ba ka kgona go nwa bojalwa ka selekanyo ba ne ba kgothalediwa go akanyetsa Baroma 14:21, e e reng: “Go le go nwa boyalwa yoa mofine, le gotlhe mo oa ga eno a kgopiwañ ka gōna, go molemō go kgaogana nagō.”

Lefa go ntse jalo, ka 1930 fa mookamedi wa Anti-Saloon League ya kwa United States a ne a bolela phatlalatsa gore mokgatlho wa gagwe o ne o “tsetswe ke Modimo,” J. F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a dirisa sebaka seno go neela dipuo mo seromamoweng a bontsha gore go bolela ka tsela eo go tshwana le go senya Modimo leina. Ka ntlha yang? Ka gonne Lefoko la Modimo ga le kgatlhanong le go nowa ga beine gotlhelele; ka gonne melao ya thibelo e ne e sa fedise botagwa, joo Modimo o bo kgalang; le ka gonne melao ya thibelo ka boyone, e ne e bakile gore batho ba simolole go dira bojalwa le go bo rekisa eseng kafa molaong ebile e bakile gore go dirwe ditiro tse di bosula tsa bonokwane mo pusong.

Go nwa dino tse di tagang kana go ithiba gotlhelele mo go tsone go lejwa jaaka kgang ya motho ka namana mo Basuping ba ga Jehofa. Mme ba ngaparela taolo ya Dikwalo ya gore balebedi ba tshwanetse go ‘nna le mokgwa o o lekalekaneng.’ Mafoko ao a ranolwa go tswa lefokong la Segerika le le reng ne·phaʹli·on, le tota le rayang ‘go sa tagwa, go ritibala; go ithiba mo beineng, e ka tswa o ithiba gotlhelele kana o e dirisa ka selekanyo se sennye.’ Batlhanka ba bodihedi, le bone, ba tshwanetse go nna banna ‘ba ba sa lemalelang bojalwa.’ (1 Tim. 3:2, 3, 8) Ka jalo, batho ba ba nwang thata ga ba tshwanele go ka newa ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo. Lebaka la go bo ba ba etelelang pele mo Basuping ba ga Jehofa ba tlhoma sekao se se molemo go ba kgonisa go bua ka kgololesego mo go thuseng ba bangwe bao ba ka tswang ba sekametse mo go ikanyeng dino tse di tagang go emelelana le kgatelelo ya mogopolo kana gongwe, ebile tota ba tshwakgotswe ke bojalwa mme ba tlhoka go tlogela go bo nwa gotlhelele e le gore ba nne ba sa tagwa. Matswela e nna afe?

Ka sekai, pego ya dikgang go tswa mo borwabogare jwa Afrika e tlhalosa jaana: “Dipego tsotlhe di bontsha gore, mo mafelong ao Basupi ba ga Jehofa ba tlhagafetseng thata kwa go one mo Baafrikeng, jaanong ke mafelo a a senang mathata ka selekanyo se se rileng go feta a mangwe. Totatota ba ile ba tlhabana le ba ba bakang dikgoberego, boloi, botagwa le thubakanyo ya mofuta mongwe le mongwe.”—The Northern News (Zambia).

Tsela e nngwe ya botlhokwa e boitshwaro jwa Basupi ba ga Jehofa bo farologanang le jwa lefatshe ka yone ke malebana le—

Go Babalela Botshelo

Motho o kgona go babalela botshelo fa a lemoga gore botshelo ke mpho e e tswang Modimong. (Pes. 36:9; Dit. 17:24, 25) E akaretsa go lemoga gore le eleng botshelo jwa lesea le le iseng le tsholwe bo botlhokwa mo matlhong a Modimo. (Ekes. 21:22-25; Pes. 139:1, 16) E tsaya tsia gore “moñwe le moñwe o tla ikarabèla Modimo.”—Bar. 14:12.

Tumalanong le melaometheo eno ya Bibela, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna ba bifela tlwaelo ya go senya mpa. Go neela babadi ba one kaelo e e utlwalang, makasine wa Tsogang! o ba thusitse go tlhaloganya gore Modimo o batla gore batho ba itsheke; e ile ya bua ka boleele kafa tiragalo ya go ima mmogo le diphetogo tsa mmele le tse di diragalang mo tlhaloganyong tse di amanang le go tshola ngwana di gakgamatsang ka teng. Mo motlheng wa morago ga Ntwa ya Lefatshe II, jaaka go senya dimpa go ne go ntse go oketsega, Tora ya Tebelo (ka Seesemane) e ne ya bontsha ka phepafalo gore tlwaelo eno e fapaane le se Lefoko la Modimo le se bolelang. Tokololo ya December 15, 1969, e ne ya bolela jaana, e bua e tlhamaletse: “Go senya mpa e le fela go nyeletsa ngwana yo o sa batliweng go tshwana le go bolaya motho ka bomo.”

Lebaka la Go Bo go Tshelwa Madi go Ganwa

Go babalela botshelo go go bontshiwang ke Basupi ba ga Jehofa gape go amile maikutlo a bone malebana le go tshelwa madi. Ka nako ya fa ba ne ba lebagana le kgang ya go tshelwa madi, Tora ya Tebelo (ka Seesemane), ya July 1, 1945, e ne ya tlhalosa ka boleele kgopolo ya Bakeresete ya gore madi a boitshepo.c E ne ya bontsha gore madi a diphologolo le a batho a ne a akarediwa mo kiletsong e Modimo a neng a e tlhomela Noa le ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe. (Gen. 9:3-6) E ne ya supa gore taolo eno e ne ya gatelelwa gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa Bakeresete ba ne ba laelwa gore ‘ba ithibe mo mading.’ (Dit. 15:28, 29) Sone setlhogo seo se ne sa phepafatsa ka Dikwalo gore Modimo o ne o amogela fela madi a a neng a dirisiwa fa go ntshiwa ditlhabelo, le gore ereka ditlhabelo tsa diphologolo tse di neng di ntshiwa go ya ka Molao wa ga Moshe di ne di tshwantshetsa setlhabelo sa ga Keresete, go tlhokomologa taolo ya gore Bakeresete ba tshwanetse ‘go ithiba mo mading’ go tla bo go supa go nyatsa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. (Lefi. 17:11, 12; Baheb. 9:11-14, 22) Go tsamaisana le tsela eo e dilo di neng di tlhaloganngwa ka yone, go tloga ka 1961 motho ope fela yo a neng a tlhokomologa taolo eno ya bomodimo, mme a dumela go tshelwa madi, a bo a sa ikwatlhae o ne a kgaolwa mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa.

Kwa tshimologong, go ne ga se ka ga buiwa sepe mo dikgatisong tsa Watch Tower kaga dilo tse di kotsi tse di ka diragalelang mmele wa motho fa a sena go tshelwa madi. Moragonyana, fa tshedimosetso eno e ne e nna gone, le yone e ne ya phasaladiwa—e se ka lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go tshelwa madi mme e le go nonotsha gore ba tlhaloganya lebaka la go bo Modimo ka boone o iletsa go dirisiwa ga madi. (Isa. 48:17) Ka jalo he, ka 1961 bukana e e neng e kwadilwe sentle e e neng e bidiwa Blood, Medicine and the Law of God, e ne ya phasaladiwa. Ka 1977 go ne ga gatisiwa bukana e nngwe. Eno, e e neng e bidiwa Jehovah’s Witnesses and the Question of Blood, le yone e ne e gatelela ntlha ya gore kgato e e tserweng ke Basupi ba ga Jehofa ke ka ntlha ya bodumedi, e thailwe mo go se Bibela e se bolelang, mme ga e a ikaega ka dikotsi tsa kalafi tse di ka tlhagelang motho. Kgang eno e ne ya ntshediwa mabaka a mangwe gape a a oketsegileng ka 1990 mo boroutšhareng e e bidiwang Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa dikgatiso tseno go leka thata go dira gore dingaka di dirisane mmogo le bone le go di thusa go tlhaloganya seemo sa Basupi. Lefa go ntse jalo, kalafi ya go tshela batho madi e ne ya tseelwa kwa godimo thata ke dingaka ka dingwaga tse dintsi.

Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bolelela dingaka gore ba ne ba sena lebaka lepe la bodumedi la go gana kalafi e nngwe, go gana go tshelwa madi e ne e se kgetsi e potlana. Gantsi, Basupi le bamalapa a bone ba ne ba gatelelwa thata gore ba ineele mo go se ka nako eo e neng e le mokgwa o o tlwaelegileng wa kalafi. Kwa Puerto Rico, ka November 1976, Ana Paz de Rosario wa dingwaga tse 45 o ne a dumela gore a ariwe mme a tlhoka le melemo, lefa go ntse jalo o ne a kopa gore go se ka ga dirisiwa madi ka ntlha ya dilo tse a di dumelang tsa bodumedi jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, mapodisi a le matlhano le baoki ba le bararo, ba letlilwe ke kgotlatshekelo ba ne ba ya kwa kamoreng ya gagwe ya kokelo morago ga bosigogare, ba mmofelela mo bolaong, mme ba mo tshela madi ka dikgoka, e le seo a neng a sa se batle ene le monna wa gagwe le bana. O ne a garoga pelo mo a neng a swa. Tiragalo eno e ne se yone fela, ebile go tlhaselwa ka tsela eo go ne go sa diragale fela kwa Puerto Rico.

Kwa Denmark, batsadi bangwe ba Basupi ba ne ba salwa morago ke mapodisi ka 1975 ka go bo ba ne ba ganne go letla gore morwa wa bone yo mmotlana a tshelwe madi mme, go na le moo, ba ne ba batla gore a alafilwe ka tsela e nngwe e e farologaneng. Kwa Italy, ka 1982, banyalani bao ka lorato ba neng ba batlile thuso mo dinageng tse nne ka morwadiabone yo o neng a lwala a sa fole ba ne ba atlholelwa dingwaga tse 14 mo kgolegelong ka molato wa polao fa mosetsana yoo a sena go swa a ntse a tshelwa madi ka taolo ya kgotlatshekelo.

Gangwe le gape, malebana le maiteko a go pateletsa gore bana ba Basupi ba ga Jehofa ba tshelwe madi, batho ba ile ba kgoberiwa ke metswedi ya dikgang. Mo makgetlong a mangwe, ebile go sa nna le tsheko ya semolao e batsadi ba ka kgonang go bua kwa go yone, baatlhodi ba ile ba laola gore bana ba bone ba tshelwe madi. Lefa go ntse jalo, mo dikgetsing tse di fetang 40 kwa Canada, bana ba ba tshetsweng madi ba ne ba busediwa kwa batsading ba bone ba sule.

Ga se dingaka tsotlhe le baatlhodi ba ba dumalanang le mekgwa eno ya go gatelela. Ba sekae ba ile ba kgothaletsa boikutlo jwa go thusa. Dingaka dingwe di ne tsa dirisa botswerere jwa tsone go alafa kwantle ga madi. Fa ba ntse ba dira jalo, ba ne ba nna le boitemogelo jo bogolo mo dikarong tsa mefuta yotlhe tse di dirwang kwantle ga madi. Ka bonya ka bonya go ne ga bontshiwa gore mefuta yotlhe ya karo e ka dirwa ka katlego, mo bagolong le mo baneng ka go tshwana, ba sa tshelwe madi.d

Go thibela go gogagogana go go sa tlhokegeng ka dinako tsa maemo a tshoganyetso, bogologolo ka bo1960, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go tsaya maeto a a kgethegileng a go ya kwa dingakeng tsa bone go tlotla ka boemo jwa bone le go ba neela dibuka tse di lebaneng le seo. Moragonyana ba ne ba kopa gore mafoko mangwe a ba a kwadileng a gore ba se ka ba tshelwa madi a tsenngwe mo difaeleng tsa kalafi tsa mongwe le mongwe wa bone. Ka bo1970 ba ne ba itlwaetsa botlhe go tsamaya ba tshotse dikarata tsa bone go itsise lephata la kalafi ntlha ya gore ba ne ba sa tshwanela go tshelwa madi mo maemong ape fela. Fa ba sena go buisana le dingaka le boagente, karata eno e ne ya fetolwa go nna ya mofuta wa setlankana sa semolao.

Go tshegetsa Basupi ba ga Jehofa mo go ikemisetseng ga bone go thibela go tshelwa madi, le go dira gore dingaka le baoki ba tlhaloganye seno ka phepafalo, le go dira gore dikokelo le balwetsi ba Basupi ba dirisane mmogo sentle, Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa laela gore go tlhongwe Hospital Komiti ya Tshwaragano le Dikokelo. Go tswa go di sekae tse di neng di le teng ka 1979, dikomiti tseno di ne tsa oketsega go nna tse di fetang 800 mo dinageng tse di fetang 70. Bagolwane ba ba tlhophilweng ba ile ba katisiwa gore ba dire tiro e e tshwanang kwa Amerika Bokone, Botlhaba Jo Bo Kgakala, dinaga tse dikgolo tsa Pacific Borwa, Yuropa, le Latin America. Mo godimo ga go tlhalosa seemo sa Basupi ba ga Jehofa, bagolwane bano ba bolelela badiri ba dikokelo ntlha ya gore go na le ditsela tse di farologaneng tse di dirang tse di ka dirisiwang mo boemong jwa go tshela madi. Ka dinako tsa maemo a a tshoganyetso ba thusa ka gore ba kopanye ngaka e e bonang molwetsi pele le dingaka tse di arang tseo di ileng tsa kopana le maemo a a tshwanang le Basupi mme ba sa ba tshela madi. Koo go tlhokegang teng, dikomiti tseno ga di a ka tsa etela fela badiri ba dikokelo mme gape di ile tsa etela le baatlhodi ba ba ileng ba amega mo dikgetsing tse dikokelo di neng tsa batla ditetla tsa kgotlatshekelo go tshela motho madi.

Koo ba neng ba sa kgoneng go tlhomamisa teng ka tsela epe gore dilo tse ba di dumelang mo bodumeding jwa bone tsa gore madi a boitshepo di ne di tla reediwa, ka dinako tse dingwe Basupi ba ga Jehofa ba ile ba isa dingaka le dikokelo kgotlatshekelo. Seo gantsi ba neng ba neng se batla ke go ba thibela go dira seo kana ba ne ba batla fela lekwalo la kgotlatshekelo. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng ba ile ba pega le dikgetsi tse mo go tsone ba neng a duedisa dingaka le dikokelo tse di neng tsa ba gatelela. Ka 1990 Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya kwa Ontario, kwa Canada, e ne ya bolela fa kgetsi eno ya go batla tuelo e tshwanetse gonne ngaka e ne e ile ya tlhokomologa karata e e neng e le mo kgetsing ya molwetsi e e neng e tlhalosa ka phepafalo gore Mosupi o ne a ka se ka a dumela go tshelwa madi mo maemong ape fela. Fa esale go tloga ka 1985, kwa United States fela go ile ga pegwa dikgetsi tse di ntseng jalo tsa go batla tuelo mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga, mme gantsi bao ba neng ba duedisiwa ba ne ba swetsa gore ba tla duela madi a a tlhomilweng fela go sa iwa kwa kgotlatshekelo go na le gore ba ye koo mme kgotla e bo e ba duedisa madi a a fetang ao. Basupi ba ga Jehofa ba iketleeditse tota go utlwa thibelo ya bomodimo ya gore ba se ka ba dirisa madi. Ga se gore ba rata go isa dingaka kwa kgotlatshekelo, mme ba tla dira jalo fa ba tlhoka go ba emisa gore ba se ka ba pateletsa Basupi kalafi eo ba e bifelang go ya ka boitsholo jwa bone.

Batho ba ntse ba lemoga gore go tshelwa madi go diphatsa. Seno ke ka gonne ba boifa AIDS. Lefa go ntse jalo, Basupi ba tlhotlhelediwa ke go eletsa ka tlhoafalo go itumedisa Modimo. Ka 1987 pampiri ya dikgang ya letsatsi le letsatsi ya kalafi ya Fora Le Quotidien du Médecin e ne ya tlhalosa jaana: “Gongwe Basupi ba ga Jehofa ba dira sentle fa ba gana go dirisiwa ga dilo tse di dirilweng ka madi, ka gonne go boammaaruri gore palo e kgolo ya dilo tse di bakang bolwetsi di ka fetisiwa ka madi a a tshelwang.”

Boemo jo bo tsewang ke Basupi ba ga Jehofa ga bo a thaiwa mo kitsong e kgolo ya tsa kalafi e ba nang nayo. Ba tshepa gore tsela ya ga Jehofa ke yone e e siameng le gore ‘a ka se ka a gana ka sepe se se molemo’ mo batlhankeng ba gagwe ba ba ikanyegang. (Pes. 19:7, 11; 84:11) Lefa Mosupi a ka swa ka ntlha ya go tshologa madi—ebile seno se ile sa diragala mo makgetlong a mangwe—Basupi ba ga Jehofa ba nna ba tlhomamisegile tota gore Modimo ga a lebale bao ba ikanyegang mo go ene mme o tla dira gore ba tshele gape ka go ba tsosa mo baswing.—Dit. 24:15.

Fa Batho ba Itlhophela go Tlhokomologa Melao ya Bibela

Dimilione tsa batho di ile tsa ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, mme ga se botlhe bao ba ileng ba nna Basupi. Fa bangwe ba lemoga gore ba tshwanetse go tshela ka melao e e kwa godimo, ba swetsa ka gore ono ga se mofuta wa botshelo o ba o batlang. Botlhe ba ba tlileng go kolobediwa ba rutiwa dithuto tsa motheo tsa Bibela, mme morago ga moo (segolobogolo go tloga ka 1967) bagolwane ba boeletsa dithuto tseo le motho mongwe mongwe yo o tlileng go kolobediwa. Go dirwa maiteko a magolo thata go tlhomamisa gore ba ba kolobediwang ba tlhaloganya ka phepafalo eseng fela dithuto tsa motheo mme le gore boitshwaro jwa Bokeresete bo akaretsa eng. Lefa go ntse jalo, go tweng fa bano moragonyana ba letla go rata lefatshe go ba hepisa go dira bosula jo bo masisi?

Bogologolo fela ka 1904, mo bukeng e e bidiwang The New Creation, go ne ga tlhokomedisiwa gore go tlhokega gore go tsewe kgato e e tshwanetseng e le gore go se ka ga dirwa gore boitsholo jwa phuthego bo nne maswe. Go ne ga tlotliwa ka tsela eo Baithuti ba Bibela ba neng ba tlhaloganya ka teng tsela ya go dirisana le ba ba dirileng phoso jaaka e bolelwa mo go Mathaio 18:15-17. Tumalanong le seno, ka sewelo go ne go nna le ‘ditsheko tsa kereke’ tseo mo go tsone phuthego e neng e bolelelwa bosupi jwa phoso nngwe e e masisi. Dingwaga moragonyana Tora ya Tebelo (ka Seesemane), mo tokololong ya yone ya May 15, 1944, e ne ya tlhatlhoba kgang eno tumalanong le Bibela yotlhe mme ya bontsha gore dikgang tse di ntseng jaana tse di amang phuthego di tshwanetse go sekasekiwa ke bakaulengwe ba ba ikarabelang bao ba rwesitsweng boikarabelo jwa bolebedi. (1 Bakor. 5:1-13; bapisa Duteronome 21:18-21.) Seno se ne sa latelwa, mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya March 1, 1952, ke ditlhogo tseo di neng di gatelela eseng fela tsamaiso e e tshwanetseng mme gape le gore go tlhokega gore go tsewe kgato go boloka phuthego e le phepa. Kgang eno e ile ya sekasekiwa kgapetsakgapetsa fa esale go tloga ka nako eo. Mme ka metlha maitlhomo a ile a nna a a tshwanang: (1) go boloka phuthego e le phepa le (2) go gatelela mo mothong yo o dirileng phoso gore o tshwanetse go ikwatlhaya ka boammaaruri, e le gore ba tle ba mo thuse.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go na le bangwe ba ba neng ba latlha tumelo go ya go tshela botshelo jo bo repileng. Ba bangwe ba ne ba faposiwa ke dithuto tsa botenegi. (1 Yoh. 2:19) Selo se se tshwanang se ntse se diragala mo Basuping ba ga Jehofa mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga. Ka maswabi, mo metlheng ya bosheng go ile ga tlhokega gore go kgaolwe ba ba dirileng phoso ba ba sa ikwatlhaeng ba le diketekete ngwaga le ngwaga. Gareng ga bone go ile ga nna le bagolwane ba maemo a a kwa godimo. Botlhe ba tshwanetse go latela melao e e tshwanang ya Dikwalo. (Yak. 3:17) Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore go botlhokwa gore ba tshole phuthego e le phepa mo boitsholong fa ba batla gore ba tswelele ba amogelwa ke Jehofa.

Go Apara Botho jo Bosha

Jesu o ne a kgothaletsa batho gore ba nne phepa eseng fela kafa ntle mme gape le kafa teng. (Luke 11:38-41) O ne a bontsha gore dilo tse re di buang le tse re di dirang ke bosupi jwa se se leng mo pelong ya rona. (Math. 15:18, 19) Jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhalosa, fa e le gore ruri re rutilwe ke Keresete, re tla ‘ntšhafadiwa mo maatleng a a dirisang mogopolo wa rona’ gape re tla ‘apara botho jo bosha, jo bo tlhodilweng kafa thatong ya Modimo ka tshiamo ya boammaaruri le boikanyego.’ (Baef. 4:17-24) Bao ba rutiwang ke Keresete ba senka go nna le “pelo e le ñwe hèla . . . kaha sekaoñ sa ga Keresete Yesu” mo ba akanyang le go dira jaaka a ne a dira. (Bar. 15:5) Boitshwaro jwa Basupi ba ga Jehofa jaaka motho ka bongwe ke bosupi jwa selekanyo se tota ba dirileng jalo ka sone.

Basupi ba ga Jehofa ga ba ipolele ka gope gore boitshwaro jwa bone ga bo na selabe. Mme ba peloephepa mo maitekong a bone a go nna baetsi ba ga Keresete jaaka ba tsamaisana le melao e e kwa godimo ya Bibela ya boitshwaro. Ga ba ganele gore go na le batho bangwe ba selekanyo sa bone sa boitsholo se leng kwa godimo. Mme fa e le ka Basupi ba ga Jehofa bone, ga se yoo le yoo fela wa bone mme ba lemogiwa motlhofo jaaka phuthego ya merafe yotlhe gonne boitsholo jwa bone bo dumalana le melao ya Bibela. Ba tlhotlhelediwa ke kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e kwadilweng mo go 1 Petere 2:12 e e reng: “Lo bo lo tshelè ka mokgwa o montlè mo go Badichaba; e tle . . . ba galaletsè Modimo . . . ka ditihō tsa lona tse di molemō, tse ba di bōnañ.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go ne ga buiwa ka kgang eno gape mo makasineng wa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) wa October 15, 1941, mme ka bokhutshwane fela mo setlhogong se se neng se re “Botho kana Bothokgami—Gofe?”

b Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya April 15, 1951, e ne ya tlhalosa gore kgokafalo ke fa “motho yo o sa tsenang mo lenyalong a tlhakanela dikobo ka go rata ga gagwe le motho wa bong bo sele.” Tokololo ya January 1, 1952 (ka Seesemane), e ne ya oketsa ka gore go ya ka Dikwalo lefoko leno gape le ka raya motho yo o mo lenyalong yo o dirang le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

c Go ne go setse go kile ga buiwa gore madi a itshekile mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya December 15, 1927, mmogo le Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya December 1, 1944, eo e neng ya umaka go tshelwa madi ka tsela e e kgethegileng.

d Contemporary Surgery, March 1990, dits. 45-9; The American Surgeon, June 1987, dits. 350-6; Miami Medicine, January 1981, ts. 25; New York State Journal of Medicine, October 15, 1972, dits. 2524-7; The Journal of the American Medical Association, November 27, 1981, dits. 2471-2; Cardiovascular News, February 1984, ts. 5; Circulation, September 1984.

[Mafoko a a mo go tsebe 172]

“Ba na le melao e e kwa godimo thata ya boitsholo”

[Mafoko a a mo go tsebe 174]

A go kile ga nna le pelaelo kaga gore bosodoma bo tshwanetse go lebiwa jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 175]

Go senyega ga boitsholo jwa lefatshe ga go a dira gore Basupi ba repise

[Mafoko a a mo go tsebe 176]

Bangwe ba ne ba leka go nna Basupi ba ntse ba nyetse lefufa

[Mafoko a a mo go tsebe 177]

Thulaganyo e e nonofileng ya go ruta kafa Jehofa a lebang tlhalo ka teng

[Mafoko a a mo go tsebe 178]

Matshelo a batho a fetoga ka ditsela tse di gakgamatsang

[Mafoko a a mo go tsebe 181]

Motsoko—Nnyaa!

[Mafoko a a mo go tsebe 182]

Dino tse di tagang—di a lekanyediwa, fa e le gore di a nowa

[Mafoko a a mo go tsebe 183]

Ba ititeile sehuba gore ga ba amogele madi

[Mafoko a a mo go tsebe 187]

Go kgaola—boikaelelo ke go boloka phuthego e le phepa mo boitsholong

[Lebokoso mo go tsebe 173]

‘Go Tlhagolela Botho’—Leungo la Gone Le Ne Le Se Molemo ka Metlha

Pego e e tswang kwa Denmark e bolela jaana: ‘Ba le bantsi, segolobogolo gareng ga ditsala tse di setseng di godile, fa ba ne ba leka thata go apara botho jwa Bokeresete, ba ne ba leka go tila sengwe le sengwe se se neng se na le selabe se sennye fela sa bolefatshe mme ka tsela eno ba itira ba ba tshwanelang Bogosi jwa selegodimo ka mo go oketsegileng. Gantsi go ne go tsewa go sa tshwanela go nyenya fa dipokano di tsweletse, mme bontsi jwa bakaulengwe ba ba godileng ba ne ba apara fela disutu tse dintsho, ditlhako tse dintsho, le dithai tse dintsho. Gantsi ba ne ba kgotsofalela go tshela matshelo a a ritibetseng ebile ba tshela ka kagiso mo Moreneng. Ba ne ba dumela gore go ne go lekane go tshwara dipokano fela mme barekisi ba dibuka e nne bone ba dirang tiro ya go rera.’

[Lebokoso mo go tsebe 179]

Se Ba Bangwe Ba Se Bonang mo Basuping

◆ “Münchner Merkur,” pampiri ya dikgang ya kwa Jeremane, e ne ya bega jaana kaga Basupi ba ga Jehofa: “Ke baduedi ba lekgetho ba ba ikanyegang le ba ba duelang ka nako e e tshwanetseng mo Federal Republic. Go utlwa ga bone melao go ka bonwa mo tseleng e ba kgweetsang ka yone mmogo le ka go sa nneng dinokwane. . . . Ba ikobela balaodi (batsadi, barutabana, puso). . . . Bibela, e e leng motheo wa ditiro tsotlhe tsa bone, ke yone e ba tshegetsang.”

◆ Ratoropo wa kwa Lens, kwa Fora, o ne a bolelela Basupi jaana fa ba sena go dirisetsa lebala la metshameko la lefelo leo nngwe ya dikopano tsa bone: “Se ke se ratang ke gore lo diragatsa ditsholofetso tsa lona le dilo tse lo di dumalaneng, mo godimo ga gore, lo phepa, lo laegile, lo rulagane. Ke rata mokgatlho wa lona. Ga ke rate tlhakatlhakano, gape ga ke rate batho ba ba sasankang ba leswefatsa ebile ba thuba dilo.”

◆ Buka e e bidiwang “Voices From the Holocaust” e tshotse mafoko a dilo tse di gakologelwang ke Mo-Poland mongwe yo a neng a falola wa dikampa tsa pogisetso tsa Auschwitz le Ravensbrück yo o neng a kwala jaana: “Ke ne ka bona batho ba ba neng ba nna molemo tota le batho ba ba neng ba nna setlhogo eleruri. Batho ba ba neng ba le molemo go gaisa botlhe e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ke rolela batho bao hutshe. . . . Ba ne ba direla batho ba bangwe dilo tse di gakgamatsang. Ba ne ba thusa balwetsi, ba ne ba naya ba bangwe senkgwe sa bone, mme ba ne ba neela mongwe le mongwe yo o neng a le gaufi le bone kgomotso ya semoya. Bajeremane ba ne ba ba ila ebile ba ba tlotla ka nako e e tshwanang. Ba ne ba ba naya tiro e e bokete go di feta tsotlhe mme bone ba ne ba e dira ka moya o montle.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela