Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa
[Ditshwantsho mo go tsebe 352, 353]
Tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e ile ya nna ya kaelwa go tswa kwa Brooklyn, kwa New York, kwa U.S.A., go tloga ka 1909. Dikago tseno di ne tsa direla jaaka ntlokgolo go tloga ka 1980
[Setshwantsho mo go tsebe 352]
Lefelo la Thutelo la Watchtower, kwa Patterson, kwa New York (le ne le santse le agiwa ka 1992)
[Ditshwantsho mo go tsebe 353]
Dingwe tsa dikago tsa bonno tse di nnang diketekete tse di direlang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe
[Ditshwantsho mo go tsebe 354]
Mafelo mangwe a e kileng ya bo e le dihotele kwa Brooklyn a tlhabolotswe go nnisa badiri ba le 1 476 ba baithaopi
[Ditshwantsho mo go tsebe 354]
Bonno jwa lelapa la Bethele kwa Wallkill, kwa New York
[Ditshwantsho mo go tsebe 354, 355]
Go gatisiwa Dibibela, dibuka, le diboroutšhara ka dipuo di le 180 gore di tsamaisiwe mo lefatsheng lotlhe go tswa mo dikagong tseno tsa feketiri (kwa Brooklyn, kwa New York)
[Ditshwantsho mo go tsebe 356]]
Dikhasete tsa mantswe di le dimilione tse di nang le tshedimosetso ya Bibela di dirwa mo feketiring eno kwa Brooklyn ngwaga le ngwaga. Go tswa fano, go rulaganngwa gape go romelwa ga dithoto. Go romelwa ditone di le 15 000 tsa dibuka tsa Bibela le dilo tse dingwe ngwaga le ngwaga go tswa fano go ya kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe
[Ditshwantsho mo go tsebe 356]
Mo feketiring eno kwa Watchtower Farms, kwa Wallkill kwa New York, go gatisiwa dikopi di le diketekete tse di milione tsa “Tora ya Tebelo” le “Tsogang!” ka dipuo di le 14 ngwaga le ngwaga
Basupi ba ga Jehofa le makgotla a semolao a ba a dirisang ba na le diofisi le mafelo a go gatisa mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Ditshwantsho tse di mo ditsebeng tse di latelang di supa bontsi jwa tsone, le mororo e se tsone tsotlhe. Koo go neng go agiwa dikago tse disha teng ka 1992, go supilwe fela ditshwantsho tsa tsone tse di thadilweng ke bathadi ba dipolane. Dipalo tse di filweng ke tsa 1992.
AMERIKA BOKONE LE WEST INDIES
ALASKA
[Ditshwantsho mo go tsebe 357]
Batho ba ba etelang kwa ofising ya lekala la Mokgatlho ba amogelwa ka lorato. Fano kwa Alaska, jaaka kwa mafelong a mangwe, Basupi ba ga Jehofa ba rera ka ntlo le ntlo, le mororo ka dinako tse dingwe tempereitšhara e wela kwa tlase go fitlha go -50° C.
[Ditshwantsho mo go tsebe 357]
Go dirisiwa sefofane go rwalela baboledi ba Bogosi kwa dikarolong tse di kgakala tsa tshimo
BAHAMAS
[Ditshwantsho mo go tsebe 357]
Dikgatiso tsa Watch Tower di ne tsa fitlha kwa Bahamas ka 1901. Go ne ga simololwa go neela bosupi ka metlha fano ka 1926. Fa esale go tloga ka nako eo go setse go anamisitswe dibuka tsa Bibela tse di fetang 4 600 000 kwa ditlhaketlhakeng tse jaanong di kaelwang go tswa mo ofising eno.
BARBADOS
[Ditshwantsho mo go tsebe 358]
Ditlhopha tse di fetang 140 tsa bodumedi mo Barbados di ipolela gore ke Bakeresete. Fa esale go tloga ka 1905, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thusa batho ba fano gore ba iponele ka namana se Bibela e se bolelang.
BELIZE
[Ditshwantsho mo go tsebe 358]
Mo e ka nnang halofo ya baagi ba Belize ba nna mo mafelong a magae. Gore ba fitlhelele metsana mengwe e e kwa tengteng, Basupi ba ga Jehofa ba etela koo ngwaga le ngwaga ba belege morwalo le dikgetsana tse di akgiwang.
COSTA RICA
[Ditshwantsho mo go tsebe 358]
Mokgatlho o ne wa tlhoma ofisi ya ntlha ya lekala kwa Costa Rica ka 1944. Fa esale go tloga ka bo1950, batho ba Costa Rica ba ba ntseng ba nna le seabe mo kobamelong ya boammaaruri ba ile ba nna diketekete ka palo.
REPABOLIKI YA DOMINICA
[Ditshwantsho mo go tsebe 359]
Dikgatiso tsa Watch Tower di ne tsa anamisiwa fano bogologolo ka 1932. Mme lefa go ntse jalo batho ba ba kgatlhegang ba ne ba simolola go rutiwa ka 1945 ka nako ya fa barongwa bano ba ne ba goroga. Mo dingwageng tsa bosheng go ne ga tlhokega gore go nne le lekala fa batho ba le diketekete tse di masomesome ba ne ba batla go ithuta Bibela ka tlhoafalo le Basupi.
EL SALVADOR
[Ditshwantsho mo go tsebe 359]
Go ne go neelwa bosupi go sekae fano ka 1916. Lefa go ntse jalo, ka 1945 e ne e le la ntlha go nna le motho a le mongwe yo o neng a nwediwa mo metsing jaaka Mokeresete kwa El Salvador (jaaka fa go supilwe fano). Fa esale go tloga ka nako eo, diketekete tse dingwe di ne tsa fetoga batlhanka ba ga Jehofa.
GUADELOUPE
[Ditshwantsho mo go tsebe 359]
Palo ya baboledi ba ba dirang kafa tlase ga lekala leno fa ba bapisiwa le baagi ba naga e di gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Batho ba bantsi ba amogela mafoko a a molemo ka boitumelo kwa Guadeloupe.
CANADA
[Ditshwantsho mo go tsebe 360, 361]
Ofisi ya Mokgatlho kwa Canada e okametse go rerwa ga mafoko a a molemo mo nageng e e leng ya bobedi ka bogolo go feta tsotlhe mo lefatsheng. Baboledi ba Bogosi ba ba fetang 100 000 ba dira ka natla mo nageng eno.
Kago ya botsamaisi (setshwantsho se se kafa morago seno ke sa dikago tsa lekala la gone jaanong)
[Setshwantsho mo go tsebe 360]
Dikarolo tse di kafa Bokonebophirima
[Setshwantsho mo go tsebe 360]
Dikampa tsa British Columbia tsa go remela dikgong
[Setshwantsho mo go tsebe 360]
Dipolasi tsa dikgomo tsa Alberta
[Setshwantsho mo go tsebe 361]
French Quebec
[Setshwantsho mo go tsebe 361]
Diporofensi tsa Maritime
GUATEMALA
[Ditshwantsho mo go tsebe 360]
Le mororo Se-Spain e le yone puo ya semmuso ya Guatemala, go buiwa le dipuo tse di farologaneng tse di raraaneng tsa Seindia fano. Ofisi ya Mokgatlho e leka thata go tlhomamisa gore mongwe le mongwe a bone tshono ya go utlwa ka Bogosi jwa Modimo.
HAITI
[Ditshwantsho mo go tsebe 361]
Go direla Jehofa go tlisetsa Basupi ba ga Jehofa boipelo jo bogolo kwa Haiti, le mororo ba tshela mo maemong a a bokete.
HONDURAS
[Ditshwantsho mo go tsebe 362]
Fa esale go tloga ka 1916, go ile ga senngwa diura tse di fetang 23 000 000 mo go ruteng baagi ba naga eno Bibela. Ka dinako tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanela gape gore ba rute batho go bala le go kwala (jaaka fa o ka bona fano) gore ba kgone go ithuta Lefoko la Modimo ka bobone.
JAMAICA
[Ditshwantsho mo go tsebe 362]
Batho ba le makgolo-kgolo ba ile ba fetoga batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa kwa Jamaica ka nako ya fa go ne go phuthiwa ba e neng e tlile go nna baruaboswa ba Bogosi jwa legodimo. Fa esale go tloga ka 1935, ba bangwe ba le diketekete ba ile ba kopanela mo go nneng le seabe mo go re-reng molaetsa wa Bogosi. Ofisi eno ya lekala e agiwa gore ba kgone go tlamelwa ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng.
LEEWARD ISLANDS (ANTIGUA)
[Ditshwantsho mo go tsebe 362]
Bogologolo ka 1914, go ne go setse go rerwa mafoko a a molemo kwa ditlhaketlhakeng tse jaanong di tlhokomelwang ke ofisi eno. Gangwe le gape fa esale go tloga ka nako eo, batho ba karolo eno ya lefatshe ba ile ba lalediwa gore ba “tseè metse a botshelō . . . hèla a sena thèkō.”—Tshen. 22:17.
MEXICO
[Ditshwantsho mo go tsebe 363]
Basupi ba ga Jehofa ba aga dikago tse disha tsa thuto ya Bibela kwa Mexico
[Setshwantsho mo go tsebe 363]
Diofisi tse di neng di dirisiwa ka 1992
[Setshwantsho mo go tsebe 363]
Dibuka tsa Bibela tse di gatisiwang fano di thusa Basupi ba ba tlhoafetseng ba feta 410 000 ba kwa Mexico mmogo le dinaga tse dingwe tse di fa gaufi tse di buang Sepanishe
[Setshwantsho mo go tsebe 363]
Go tloga ka 1986 go fitlha ka 1992, go feta 10 lekgolong ya dithuto tsa magae tsa Bibela tse di tsamaisiwang ke Basupi lefatshe ka bophara di ne di le kwa Mexico, bontsi jwa tsone di tshwerwe le ditlhopha tsa malapa
[Kerafa mo go tsebe 363]
(For fully formatted text, see publication)
Dithuto tsa Bibela kwa Mexico
500,000
250,000
1950 1960 1970 1980 1992
MARTINIQUE
[Ditshwantsho mo go tsebe 364]
Peo ya boammaaruri e ne ya jalwa la ntlha fano bogologolo ka 1946. Mme lefa go ntse jalo e ne ya re fa Xavier le Sara Noll (ba ba bontshitsweng fano) ba ne ba tla ba tswa kwa Fora ka 1954, ba ne ba kgona go nna teng le go tlhagolela kgatlhego e ba neng ba e bona koo. Ka 1992, batho ba ba fetang 3 200 ba ne ba thusana le bone mo go boleleng molaetsa wa Bogosi.
NETHERLANDS ANTILLES (CURAÇAO)
[Ditshwantsho mo go tsebe 364]
Barongwa ba le masome a mabedi le boraro ba ile ba direla mo tshimong ya ofisi eno ya lekala. Ba le babedi ba setlhopha sa ntlha (se se bontshitsweng fano) ba ba neng ba goroga ka 1946 ba ne ba santse ba le mo tirong ka 1992.
NICARAGUA
[Ditshwantsho mo go tsebe 364]
Basupi ba ga Jehofa ba kwa Nicaragua ba ne ba simolola go oketsega ka 1945, fa barongwa ba ne ba goroga. Palo ya bone e ne e feta 9 700 ka 1992. Batho ba ba batlang Basupi ba ithuta le bone Bibela jaanong ba feta Basupi ba fano kgakala thata ka palo.
PANAMA
[Ditshwantsho mo go tsebe 365]
Fa esale go tloga fa lekgolo la bo19 la dingwaga le ne le fela, batho ba kwa Panama ba ntse ba thusiwa go itse dilo tse di batliwang ke Modimo gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.
PUERTO RICO
[Ditshwantsho mo go tsebe 365]
Fa esale go tloga ka 1930, go ile ga anamisiwa dibuka tsa Bibela tse di fetang 83 000 000 kwa Puerto Rico, mme go ile ga dirwa maeto a go boela a le 25 000 000 go thusa batho ba ba kgatlhegang go ya pele. Tiro ya go ranola e e dirwang fano e thusa gore batho ba ba ka nnang 350 000 000 ba ba buang Se-Spain lefatshe ka bophara ba kgone go bona dibuka tsa Bibela.
TRINIDAD
[Ditshwantsho mo go tsebe 365]
Mafoko a a molemo a ne a setse a bolelwa thata kwa Trinidad bogologolo ka 1912. Basupi ba bantsi, go akaretsa ba bararo bano ba ba thapisitsweng kwa Sekolong sa Gileade, ba ile ba dirisa nako ya bone yotlhe mo tirong eno.
AMERIKA BORWA
ARGENTINA
[Setshwantsho mo go tsebe 366]
Go ne ga romelwa mmoledi wa Bogosi lekgetlo la ntlha kwa nageng eno ka 1924. Barongwa ba ba tswang kwa Gileade ba ne ba thusa thata moragonyana, ba akaretsa le Charles Eisenhower (yo o bontshitsweng fano), yo a neng a goroga fano le mosadi wa gagwe ka 1948. Ka 1992, tiro e ne e setse e okamelwa ka kakaretso go tswa mo dikagong tseno, ebile go tlamelwa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Argentina ba feta 96 000 ka dikgatiso tsa Bibela. Gape go ne go romelwa dikgatiso go tswa fano go tlamela Basupi ba ba fetang 44 000 ba kwa Chile.
BOLIVIA
[Ditshwantsho mo go tsebe 367]
Batho ba Bolivia ba sale ba ntse ba utlwa molaetsa wa Bogosi go tloga ka 1924. Ba le diketekete ba amogela dibuka tsa Bibela ka boitumelo ebile ba bona molemo go tswa mo dithutong tsa magae tsa Bibela tse di tshwarwang ka metlha.
CHILE
[Ditshwantsho mo go tsebe 367]
Ka 1919, ke fa dikgatiso tsa Watch Tower di setse di fitlhile kwa Chile. Tiro ya go rera e e okamelwang ke ofisi eno jaanong e tloga kwa dipolasing tse go fokang phefo thata kwa go tsone tsa dinku kwa borwa go fitlha kwa dikampeng tsa meepo tse di kwa kgakala kwa bokone, go tloga kwa Dithabeng tsa Andes go fitlha kwa lewatleng.
ECUADOR
[Ditshwantsho mo go tsebe 367]
Basupi ba ba fetang 870 ba ne ba nna le seabe se segolo mo go rerweng ga mafoko a a molemo kwa Ecuador (jaaka ba babedi ba ba bontshitsweng fano) ba ba neng ba tlogela dinaga tsa bone go ya go direla kwa ba tlhokegang thata teng. Lekala leno jaanong le thusa batho ba ba bakang Jehofa ba feta 22 000.
BRAZIL
[Ditshwantsho mo go tsebe 368, 369]
Fa ofisi ya lekala la Mokgatlho, bogatisetso, le Legae la Bethele di ne di atolosiwa gore di nne kana ka 1992, palo ya Basupi ba ga Jehofa ba kwa Brazil e ne e feta 335 000 mme ebile ba ne ba kolobetsa barutwa ba ba fetang 27 000 ngwaga le ngwaga. Bogatisetso jwa fano le bone bo tlamela le ka dibuka tse di tsamaisiwang kwa Bolivia, Paraguay, le kwa Uruguay.
[Ditshwantsho mo go tsebe 369]
Ditadiamo tse pedi tse dikgolo tse di neng tsa dirisediwa dikopano tsa merafe yotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa kwa São Paulo ka 1990; go ne go rulagantswe dikopano tse dingwe gape tse 100
[Kerafa mo go tsebe 369]
(For fully formatted text, see publication)
Baboledi ba Bogosi ba kwa Brazil
300,000
200,000
100,000
1950 1960 1970 1980 1992
GUYANA
[Ditshwantsho mo go tsebe 368]
Mokgatlho o sale o ntse o na le ofisi ya lekala kwa Guyana go tloga ka 1914. Basupi ba ile ba fitlha kwa tengteng ga naga eno mme ba leka go neela mongwe le mongwe sebaka sa gore a utlwe mafoko a a molemo. Le mororo palo ya baagi ba naga eo gompieno e santse e le kafa tlase ga milione o le mongwe, Basupi ba ile ba dirisa diura tse di fetang 10 000 000 go rera le go ruta mo nageng eno.
PARAGUAY
[Ditshwantsho mo go tsebe 369]
Mafoko a a molemo a ne a setse a rerwa kwa Paraguay mo bogareng jwa bo1920. Fa esale go tloga ka 1946, barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba le 112 ba ile ba thusa go neela bosupi fano. Gore go tle go fitlhelelwe ditlhopha tsa dipuo tse dingwe kwantle ga Se-Spain le Se-Guarani, Basupi ba bangwe le bone ba ile ba fudugela fano go tswa kwa dinageng tse di farologaneng.
Go tswa kwa Jeremane
Go tswa kwa Korea
Go tswa kwa Japane
COLOMBIA
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 370, 371]
Monna mongwe yo o kgatlhegang wa kwa Colombia o ne a romelelwa kgatiso nngwe ya Watch Tower ka poso bogologolo ka 1915. Ka 1992, dikgatiso tsa Bibela tse di gatisitsweng mo dikagong tseno di ne di romelwa go thusa bareri ba efangele ba feta 184 000 ba kwa Colombia, Ecuador, Panama, Peru, le Venezuela ka dilo tse ba di tlhokang.
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
COLOMBIA
PERU
ECUADOR
PANAMA
VENEZUELA
PERU
[Ditshwantsho mo go tsebe 370]
Dibuka tsa Bibela di ne di setse di anamisiwa kwa Peru ke Moithuti mongwe wa Bibela yo o neng a etetse koo bogologolo ka 1924. Go ile ga tlhomiwa phuthego ya ntlha fano dingwaga di le 21 moragonyana. Jaanong go na le baboledi ba ba tlhaga ba Bogosi jwa Modimo ba feta 43 000 kwa Peru.
[Setshwantsho mo go tsebe 370]
Babulatsela ba rera kwa godimodimo ga Andes
SURINAME
[Ditshwantsho mo go tsebe 371]
Mo e ka nnang ka 1903, go ne ga tlhongwa setlhopha sa ntlha sa thuto fano. Gompieno lekala leno le okamela diphuthego tse di mo nageng eno yotlhe—mo mafelong a bogologolo, mo dikgaolong, le kwa motsemogolo.
URUGUAY
[Ditshwantsho mo go tsebe 372]
Fa esale go tloga ka 1945, barongwa ba ba fetang 80 ba ile ba tsenya seatla mo go boleleng ka Bogosi kwa Uruguay. Ba ba bontshitsweng fano ba sale ba ntse ba direla kwa Uruguay go tloga ka bo1950. Ka 1992, Basupi ba fano ba ba fetang 8 600 ba ne ba dira mmogo le bone.
VENEZUELA
[Setshwantsho mo go tsebe 372]
Dikgatiso dingwe tsa Watch Tower di ile tsa anamisiwa kwa Venezuela mo bogareng jwa bo1920. Dingwaga di le lesome morago ga foo setlhopha sengwe sa babulatsela sa mmè le morwadie go tswa kwa United States se ne sa simolola paka ya go rera ka tlhoafalo fano, ba dira motsemogolo wa teng ba ntse ba o boeletsa, ebile ba ntse ba fapogela kwa ditoropong tsa naga eno. Jaanong go na le Basupi ba ba fetang 60 000 ba ba tshwereng ka natla kwa Venezuela.
[Setshwantsho mo go tsebe 372]
Mabala a go lwa le dipoo a kwa Valencia a go neng go na le boidiidi jwa batho ba le 74 600 kwa kopanong e e kgethegileng teng ka 1988
YUROPA LE MEDITERRANEAN
AUSTRIA
[Setshwantsho mo go tsebe 373]
Bogologolo ka bo1890, batho bangwe ba kwa Austria ba ne ba newa tshono ya gore ba solegelwe molemo ke mafoko a a molemo. Fa esale go tloga ka bo1920, go ile ga nna le koketsego e e lekaneng fela lefa go ntse jalo e le e e tlhomameng mo palong ya batho ba ba bakang Jehofa mo nageng eno.
[Ditshwantsho mo go tsebe 373]
Diphuthego tse di fetang 270 di kopana mo Diholong tsa Bogosi go ralala Austria
BELGIUM
[Ditshwantsho mo go tsebe 373]
Belgium e fetogile lefelo le le nang le batho ba ditso tse di farologaneng mo lefatsheng. Lekala la fano le anamisa dikgatiso tsa Bibela ka dipuo tse di fetang 100 go tlamela baagi ba mefuta yotlhe ba ba nnang koo.
BORITHANE
[Ditshwantsho mo go tsebe 374]
Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 125 000 ba kwa Borithane e okamelwa go tswa mo ofising eno ya lekala. Basupi ba ba tswang Borithane gape ba ile ba abelwa go ya go anamisa molaetsa wa Bogosi mo dinageng tse dingwe tsa Yuropa, mmogo le kwa Afrika, kwa Amerika Borwa, Australia, kwa Dinageng tsa Botlhaba, le kwa ditlhaketlhakeng tsa lewatle.
IBSA House
Watch Tower House
[Ditshwantsho mo go tsebe 374]
Dikgatiso tsa Bibela di gatisiwa fano ka Seesemane, Se-Maltese, Segujarati, le Seswahili
[Setshwantsho mo go tsebe 374]
Lephata la Tirelo le tlhokomela diphuthego tse di fetang 1 300 tsa kwa Borithane
[Ditshwantsho mo go tsebe 374]
Dikgatiso di romelwa kwa dikarolong tsotlhe tsa Engelane, Scotland, Wales, Ireland, le kwa Malta, mmogo le kwa mafelong mangwe kwa Afrika le kwa Caribbean
FORA
[Ditshwantsho mo go tsebe 375]
Go a ranolwa ebile go setiwa ditlhaka tsa dikgatiso tsotlhe tsa Watch Tower tse di gatisediwang batho ba ba buang Sefora lefatshe ka bophara kwa lekaleng le le kwa Fora. (Go na le batho ba ba fetang 120 000 000 ba ba buang Sefora.) Dikgatiso di gatisiwa fano ka metlha ka dipuo tse nnè di bo di romelwa kwa dinageng tsa Yuropa, Afrika, Botlhabagare, Lewatle la India, le tsa Lewatle la Pacific.
Bogatisetso/ofisi e e kwa Louviers
Kwa go ranolelwang teng
Go setwa ga ditlhaka
[Setshwantsho mo go tsebe 375]
Ofisi/kago ya bonno kwa Boulogne-Billancourt
[Setshwantsho mo go tsebe 375]
Kago ya bonno kwa Incarville e lelapa la Bethele le tlileng go nna mo go yone
JEREMANE
[Ditshwantsho mo go tsebe 376, 377]
Le mororo go ile ga dirwa maiteko a bosetlhogo a go nyeletsa Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ka nako ya Ba-Nazi, ga ba a ka ba latlha tumelo ya bone. Fa esale go tloga ka 1946, ba ile ba dirisa diura tse di fetang 646 000 000 mo go anamiseng boammaaruri jwa Bibela go ralala naga eo.
Dikago tse di okeditsweng tsa kwa Selters/Taunus
[Setshwantsho mo go tsebe 376]
Mo godimo ga go ranolela dikgatiso tsa Bibela mo Sejeremaneng, lekala leno la kwa Selters/Taunus le di gatisa ka dipuo tse di fetang 40
[Setshwantsho mo go tsebe 377]
Dikgatiso tse dintsi di romelwa ka metlha kwa dinageng tse 20; dimakasine di gatisiwa ka dipuo tse dintsi mme di romelwa kwa dinageng tse di ka tshwarang 30
[Setshwantsho mo go tsebe 377]
Dillori tsa Mokgatlho di dirisediwa go romela dikgatiso go ralala Jeremane yotlhe
CYPRUS
[Setshwantsho mo go tsebe 376]
Ka bonako fela fa Jesu Keresete a sena go swa, mafoko a a molemo a ne a setse a rerelwa batho ba kwa Cyprus. (Dit. 4:32-37; 11:19; 13:1-12) Mo metlheng ya segompieno, go a rerwa teng gape, mme go tswelelwa pele go neelwa bosupi ka botlalo kafa tlase ga kaelo ya ofisi eno ya lekala.
DENMARK
[Ditshwantsho mo go tsebe 377]
Fa esale go tloga ka bo1890, go ntse go neelwa bosupi thata kwa Denmark. Dikgatiso tsa Bibela di gatisiwa fano eseng ka Se-Denmark fela mme gape le ka Se-Faeroese, Se-Greenland, le Se-Iceland.
Setshwantsho se se tserweng go tswa kwa loaping sa lekala (fa go tsenwang teng go bontshiwa mo setshwantshong se sennye se se fa gare)
ITALY
[Ditshwantsho mo go tsebe 378, 379]
Dikgatiso tsa Bibela ka Sentadiana di ranolwa le go gatisiwa fano. Lekala leno le a gatisa le bo le tlama dibuka tse di dirisiwang thata kwa Italy le kwa dinageng tse dingwe.
Ditshwantsho tse di farologaneng tsa dikago tsa lekala gaufi le Roma
[Setshwantsho mo go tsebe 379]
Ba le dikete tse di masomesome, ba ne ba simolola go kopanela le Basupi ba ga Jehofa fa ba bona se Bibela tota e se bolelang
[Setshwantsho mo go tsebe 379]
Go sa kgathalesege bobaba jo bo sa feleng jo bo tswang mo Kerekeng ya Roma Katoliki, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Italy ba ile ba dirisa diura tse di fetang 550 000 000 go tloga ka 1946 ba etela baagisani go ya go tlotla le bone ka Bibela. Ka ntlha ya seo, batho ba le 194 000 kwa Italy jaanong ba obamela Jehofa ba le tlhaga
FINLAND
[Setshwantsho mo go tsebe 378]
Boammaaruri jwa Bibela bo ile jwa fitlha kwa Finland go tswa kwa Sweden ka 1906. Fa esale go tloga ka nako eo, bo ile jwa isiwa kwa dikhutlong tse nne tsa naga eno, le eleng go pota Arctic Circle ka kwa. Ba le bantsi ba ba tswang fano ba ile ba ya kwa Sekolong sa Gileade go ya go thapisediwa go dira gongwe le gongwe koo ba neng ba ka nna ba tswa ba tlhokega teng mo tshimong ya lefatshe. Ba bangwe ba ile ba itsamaela ka bobone fela go ya go direla kwa dinageng tse go neng go tlhokega thuso thata teng.
ICELAND
[Setshwantsho mo go tsebe 379]
Kwa Iceland, e e nang le baagi ba ka tshwara 260 000 fela, dikgatiso tsa Bibela tse di fetang 1 620 000 di ile tsa anamisiwa go thusa batho gore ba tlhophe botshelo. Jaanong go na le ba ba fetang 260 ba ba direlang Jehofa, Modimo wa boammaaruri.
[Setshwantsho mo go tsebe 379]
Georg Lindal, yo o neng a bula tsela mono go tloga ka 1929 go fitlha ka 1953; mo bontsing jwa nako eo e ne e le ene Mosupi fela mo nageng eno
GREECE
[Setshwantsho mo go tsebe 380]
Moaposetoloi Paulo ke mongwe wa batho ba ntlha ba ba neng ba rera mafoko a a molemo kwa Greece. (Dit. 16:9-14; 17:15; 18:1; 20:2) Le mororo Kereke ya Greek Orthodox e ile ya bogisa Basupi ba ga Jehofa thata ka dingwaga tse dintsi jaanong go na le batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba feta 24 000 kwa nageng eno. Ofisi ya lekala e e supilweng fano e dikilometara di le 64 kafa bokone jwa Athena.
[Setshwantsho mo go tsebe 380]
Go neela bosupi kwa Athena
[Setshwantsho mo go tsebe 380]
Setshwantsho se se tserweng ka 1990 ka nako ya mogwanto o o neng o eteletswe pele ke baruti o o neng o le kgatlhanong le Basupi
IRELAND
[Setshwantsho mo go tsebe 380]
Molaetsa wa Bibela o ne wa arabelwa ka bonya ka dingwaga tse dintsi kwa Ireland. Baruti ba ne ba ganetsa thata. Mme lefa go ntse jalo morago ga dingwaga di le 100 go ntse go rerwa go sa kgaodiwe, jaanong go na le thobo e kgolo ya semoya.
Ofisi ya lekala ya kwa Dublin
[Setshwantsho mo go tsebe 380]
Babulatsela ba babedi ba ba nang le nako e telele e ntse e le babulatsela ba le mo tirelong ya tshimo
POLAND
[Setshwantsho mo go tsebe 381]
Dikago tseno di dirisediwa go thusa Basupi ba ba fetang 100 000 ba kwa Poland. Go tloga ka 1939 go fitlha ka 1945, kobamelo ya bone e ne e thibetswe, mme lefa go ntse jalo dipalo tsa bone di ne tsa oketsega go tloga go 1 039 ka 1939 go fitlha go 6 994 ka 1946. Ka nako ya fa ba ne ba ba thibelwa gape ka 1950, ba ne ba le 18 116 ka palo; mme lefa go ntse jalo ka bonako fela morago ga fa go sena go tlosiwa thibelo eo ka 1989, dipego di ne tsa bontsha gore go ne go na le ba le 91 000.
[Ditshwantsho mo go tsebe 381]
Ba ne ba na le dingwaga tse di dintsi ba tshwarela dikopano tse dipotlana kwa dikgweng; jaanong dikopano tsa bone di tlatsa ditadiamo tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo nageng eno—mme ebile di tlatsa ditadiamo tse di fetang se le sengwe
Poznan (1985)
LUXEMBOURG
[Setshwantsho mo go tsebe 382]
Luxembourg ke nngwe ya dinaga tse dinnye thata tsa Yuropa. Mme lefa go ntse jalo le gone fano molaetsa wa Bogosi o na le dingwaga di le 70 o ntse o rerwa. Segolobogolo pele ga Ntwa ya Lefatshe II, ba ne ba thusiwa ke Basupi ba ba tswang kwa Fora, Jeremane, le Switzerland.
NETHERLANDS
[Ditshwantsho mo go tsebe 382]
Go tswa mo lekaleng leno le le kwa Emmen, go okamelwa tiro ya Basupi ba feta 32 000 ba ba tlhoafetseng ba kwa Netherlands. Go ranolelwa dikgatiso tsotlhe ka Se-Dutch ebile go gatisiwa dikgatiso tse dingwe gape mo dikagong tseno. Dikhasete tsa bidio tse di thailweng mo Bibeleng tse di dirisiwang kwa dinageng tsa Yuropa le tsone di dirwa fano.
NORWAY
[Ditshwantsho mo go tsebe 383]
Dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, motho mongwe wa Norway yo o neng a fudugela kwa Amerika mme a ithuta boammaaruri jwa Bibela teng o ne a isa mafoko ao a a molemo kwa toropong e a tsholetsweng kwa go yone. Fa esale go tloga ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba etela karolo nngwe le nngwe ya Norway kgapetsakgapetsa go buisana le batho kaga Bogosi jwa Modimo.
PORTUGAL
[Ditshwantsho mo go tsebe 383]
Ofisi eno e okamela tiro ya Basupi ba ba fetang 40 000 ba kwa Portugal. Gape e ile ya thusa thata dinaga tsa Afrika tse di neng di na le dikamano tse di nonofileng le Portugal
Ka masomesome a dingwaga fa puso e sena go saena tumalano le Vatican, mapodisi a ne a tshwara Basupi, a kgoreletsa dipokano tsa bone, a bo a koba barongwa ba bone. Lefa go ntse jalo Basupi ba ba neng ba setse ba ne ba tswelela pele ba kopana mmogo mo kobamelong, ba rerela ba bangwe, ba bo ba oketsega. Kgabagare, ka 1974, ba ne ba amogelwa semmuso.
[Setshwantsho mo go tsebe 383]
Kopano ya merafe yotlhe e e neng e tshwaretswe kwa Lisbon ka 1978
SWEDEN
[Ditshwantsho mo go tsebe 383]
Basupi ba ga Jehofa ba na le dingwaga tse di fetang 100 ba ntse ba rera kwa Sweden. Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, ba ile ba dirisa diura tse di fetang 38 000 000 mo tirong eno. Diphuthego tse dintsi tsa kwa Sweden di bua nngwe ya dipuo tse dintsi tsa teng go sa balelwe Se-Sweden.
[Setshwantsho mo go tsebe 383]
Go bolokiwa dikgatiso ka dipuo di le 70 mo setokong gore go thusiwe batho ba mefuta yotlhe kwa Sweden
SPAIN
[Setshwantsho mo go tsebe 384]
Lekala leno le tlhokomela Basupi ba ba fetang 92 000 ba kwa Spain. Le gatisetsa Spain le Portugal “Tora ya Tebelo” le “Tsogang!” Le mororo baruti ba Katoliki ba sa tlogele go leka go dirisa Puso go thibela Basupi ba ga Jehofa, Basupi ba ile ba nna ba bolelela batho ba Spain boammaaruri jwa Bibela fa esale go tloga ka 1916. Kgabagare, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Spain ba ne ba dumelelwa semolao ka 1970, ka nako ya fa ba ne ba setse ba feta 11 000. Fa esale go tloga ka nako eo, dipalo tsa bone di ile tsa oketsega ka makgetlo a a imenneng garobedi.
[Setshwantsho mo go tsebe 384]
Jaanong diphuthego tse di fetang 1 100 di kopanela ka kgololesego mo Diholong tsa Bogosi tse di mo nageng eno yotlhe
SWITZERLAND
[Setshwantsho mo go tsebe 384]
Fa esale go tloga ka 1903 Mokgatlho wa Watch Tower o ne o ntse o na le ofisi kwa Switzerland. Bongwe jwa magatisetso a ntlha a Mokgatlho a kwa Yuropa bo ne bo le mo nageng eno. Lekala la mono mo Thun le ne la gatisa dimakasine tse di neng di dirisiwa kwa dinageng tse dintsi.
AFRIKA
BENIN
[Setshwantsho mo go tsebe 385]
Benin e na le ditlhotshwana tsa merafe di le 60 tse di buang ditengwana di le 50. Fa diketekete tsa batho bano ba ne ba tlogela ditumelo tsa bone tsa pele, seno se ne sa dira gore baruti ba tumelabotlhodi mmogo le baruti ba Labokeresete ba tlale bogale botlhe. Mme lefa go ntse jalo kobamelo ya boammaaruri e ne ya nna ya oketsega mo nageng lefa ba ne ba ntse ba ba bogisa nako le nako.
[Setshwantsho mo go tsebe 385]
Kopano e e neng e tshwerwe ka 1990
CENTRAL AFRICAN REPUBLIC
[Ditshwantsho mo go tsebe 385]
Batho ba fano ba ne ba simolola go utlwa molaetsa wa Bogosi bogologolo ka 1947. Monna yo o neng a ya kwa dipokanong tsa Basupi felo gongwe o ne a bolelela ba bangwe se a se ithutileng kwa go tsone. Go ise go ye kae ke fa go nna le setlhopha sengwe se se ithutang, ba ba neng ba nna teng ba ne ba simolola go neela bosupi fela ka bonako, mme palo ya ba ba obamelang Jehofa e ne ya oketsega.
CÔTE D’IVOIRE
[Ditshwantsho mo go tsebe 386]
Barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileade ba ne ba thusa go lere kobamelo ya boammaaruri mo nageng eno ya Afrika Bophirima ka 1949. Go ile ga direla barongwa ba ba ntseng jalo ba ba fetang lekgolo fano. Jaanong ngwaga mongwe le mongwe go dirisiwa diura tse di fetang milione go senkiwa batho ba ba bolailweng ke tlala ya go utlwa boammaaruri mo lefelong le le okametsweng ke lekala leno.
GHANA
[Ditshwantsho mo go tsebe 386, 387]
Mafoko a a molemo a ne a simolola go rerwa kwa Ghana ka 1924. Jaanong ofisi eno e e kwa Accra e okamela diphuthego tse di fetang 640 tsa kwa Ghana. Gape e kaela go ranolwa ga dikgatiso tsa Bibela mmogo le go di gatisa ka Se-Ewe, Se-Ga, le Se-Twi.
[Setshwantsho mo go tsebe 387]
Pokano mo Holong ya Bogosi e e bapileng le ofisi ya lekala
KENYA
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 387]
Ka 1931, Basupi bangwe ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba tsaya loeto go tswa mo Afrika Borwa go ya go rera kwa Kenya. Fa esale go tloga ka 1963, ofisi ya Mokgatlho e e kwa Kenya e ile ya okamela tiro ya go rera kwa dinageng tse dingwe tse dintsi tse di leng kwa Afrika Botlhaba, e dira jalo ka dinako tse di farologaneng (jaaka go supilwe fa tlase). Dikopano tsa merafe yotlhe kwa Kenya ka 1973, 1978, le ka 1985 di ile tsa thusa mo go neeleng bosupi.
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
KENYA
UGANDA
SUDAN
ETHIOPIA
DJIBOUTI
SOMALIA
YEMEN
SEYCHELLES
TANZANIA
BURUNDI
RWANDA
[Ditshwantsho mo go tsebe 387]
Kopano ya Nairobi (1978)
NIGERIA
[Ditshwantsho mo go tsebe 388, 389]
Mafoko a a molemo a ile a rerwa mo nageng eno go tloga ka bo1920. Gape go ile ga romelwa bareri ba efangele go tswa kwa Nigeria go ya kwa dikarolong tse dingwe tsa Afrika Bophirima, mme dikgatiso tsa Bibela tse di gatisiwang fano di tswelela pele go thusa ka dilo tse di tlhokwang kwa dinageng tse di fa gaufi. Kwa Nigeria, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba naya batho dikgatiso tse di fetang 28 000 000 go ba thusa gore ba tlhaloganye Lefoko la Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 388]
Lephata la Tirelo la fano, le okamela baboledi ba Bogosi ba ba fetang 160 000 ba kwa Nigeria
[Setshwantsho mo go tsebe 389]
Kopano ya kwa Calabar kwa Nigeria (1990)
LIBERIA
[Setshwantsho mo go tsebe 388]
Tumelo ya ba ba ileng ba fetoga Basupi ba ga Jehofa fano e ile ya lekwa ka ditsela di le mmalwa —ka nako ya fa ba ne ba tlogela tumelabotlhodi ya mo lefelong la bone, fa ba ne ba tlogela go nyala lefufa, fa ba ne ba bogisiwa ke badiredi ba puso ba ba neng ba sa bolelelwa boammaaruri, le ka nako ya fa ditlhopha tsa sepolotiki le tsa semorafe di ne di lwa. Lefa go ntse jalo, kobamelo ya boammaaruri e tswelela pele go kopanya batho ba mefuta yotlhe mo nageng eno.
MAURITIUS
[Ditshwantsho mo go tsebe 389]
Bogologolo ka 1933, Basupi bangwe ba ba tlhoafetseng ba ba tswang mo Afrika Borwa ba ile ba etela setlhaketlhake seno se se leng mo Lewatleng la India. Jaanong go na le Basupi ba ba fetang sekete kwa Mauritius ba ba kgothaletsang baagisani ba bone gore ba senke Jehofa e le gore a tle a ba rekegele ka nako ya fa a senya tsamaiso ya jaanong e e boikepo.—Sef. 2:3.
AFRIKA BORWA
[Setshwantsho mo go tsebe 390, 391]
Mokgatlho wa Watch Tower o na le dingwaga tse di fetang 80 o ntse o na le ofisi ya lekala mo Afrika Borwa. Bareri ba ba tlhoafetseng ba efangele ba ba tswang fano ba ile ba dira go le gontsi go anamisa molaetsa wa Bogosi kwa dinageng tse dingwe tse di kwa borwa le tse di kwa botlhaba jwa Afrika. Mo karolong e e neng e ntse e le kafa tlase ga lekala leno (koo go neng go na le baboledi ba Bogosi ba le 14 674 ka 1945), jaanong go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhaga ba feta 300 000 teng.
[Ditshwantsho mo go tsebe 391]
Baranodi ba ba fetang 110 ba dira kafa tlase ga kaelo ya lekala leno go rulaganya dikgatiso tsa Bibela ka dipuo di le 16 tsa Seafrika
[Setshwantsho mo go tsebe 391]
Go gatisiwa dikgatiso ka dipuo di ka nna 40 fano
SENEGAL
[Ditshwantsho mo go tsebe 390]
Le mororo palo ya Basupi ba fano e le potlana, ofisi ya lekala e ile ya leka go tlhomamisa gore toropo nngwe le nngwe, setlhopha sa moratshwana mongwe le mongwe, le batho ba bodumedi bongwe le bongwe, eseng kwa Senegal fela mme le kwa dinageng tse di gaufi, ba bone tshono ya go utlwa molaetsa wa Bibela o o itumedisang thata.
SIERRA LEONE
[Setshwantsho mo go tsebe 391]
Mafoko a a molemo a simolotse go rerwa mo Sierra Leone ka 1915. Ba ne ba oketsega ka bonya ka dinako tse dingwe. Mme lefa go ntse jalo fa ba ba neng ba sa ngaparele melao e e kwa godimo ya ga Jehofa ba ne ba kgaolwa mme ba ba neng ba sa direle ka maikutlo a a siameng ba ne ba intsha, ba ba neng ba ikanyega mo go Jehofa ba ne ba gatela pele semoyeng.
ZAMBIA
[Setshwantsho mo go tsebe 392]
Ofisi ya lekala e okamela tiro ya Basupi ba ba fetang 110 000 ba ba kwa borwabogare jwa Afrika. Ofisi ya ntlha ya Mokgatlho e ne ya tlhongwa fano ka 1936. Fa esale go tloga ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Zambia ba ile ba dira maeto a go boela a a fetang 186 000 000 go thusa batho ba ba kgatlhegang ka mo go oketsegileng. Gape ba ile ba ruta ba bantsi go bala gore ba kgone go ithuta Bibela ka namana le go bolelela ba bangwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 392]
Go ne go na le ba le 289 643 kwa metseletseleng ya dikopano tsa kwa Zambia ka 1992
ZIMBABWE
[Ditshwantsho mo go tsebe 392]
Basupi ba ga Jehofa ba sale ba ntse ba dira ka natla kwa Zimbabwe go tloga ka bo1920. Mo dingwageng tse di neng tsa latela dikgatiso tsa bone di ne tsa thibelwa, ba thibelwa go tshwara dikopano, barongwa ba thibelwa go rerela baagi ba koo ba Baafrika. Dikgoreletsi tseno di ne tsa fenngwa ka bonya ka bonya, mme jaanong ofisi eno e tlhokomela Basupi ba ba fetang 20 000.
DINAGA TSA BOTLHABA
HONG KONG
[Ditshwantsho mo go tsebe 393]
Dikgatiso tsa Watch Tower di ranolelwa fano mo Setšhaeneng, seo, ka ditengwana tse dintsi tsa sone, se buiwang ke batho ba ba fetang dimilione di le sekete. Go rerwa ga mafoko a a molemo kwa Hong Kong go ne ga simololwa ka nako ya fa C. T. Russell a ne a neela puo mo holong ya toropo eo ka 1912.
INDIA
[Ditshwantsho mo go tsebe 393]
Lekala leno le okamela go bolelwa ga molaetsa wa Bogosi mo bathong ba ba fetang nngwethatarong ya baagi botlhe ba lefatshe. Gone jaanong, ofisi eno e okamela tiro ya go ranolela mo dipuong di le 18 mme e gatisa ka dipuo di le 19. Gareng ga dipuo tseno go na le Sehindi (se se buiwang ke batho ba le dimilione di le 367) mmogo le Se-Assamese, Se-Bengali, Segujarati, Se-Kannada, Se-Malaya, Se-Marathi, Se-Nepali, Se-Oriya, Se-Punjabi, Se-Tamil, Se-Telugu, le Se-Urdu (tse nngwe le nngwe ya tsone e buiwang ke batho ba le dimilione di le masomesome).
[Ditshwantsho mo go tsebe 393]
Basupi ba ba rerang ka Se-Malaya
. . . ka Se-Nepali
. . . ka Se-Gujarati
JAPANE
[Ditshwantsho mo go tsebe 394]
Basupi ba ga Jehofa ba kwa Japane, jaaka ba mafelo a mangwe, ke baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi jwa Modimo. Ka 1992 fela, ba ile ba dirisa diura tse di fetang 85 000 000 mo go rereng mafoko a a molemo. Go ya ka palogare, mo e ka nnang 45 lekgolong ya Basupi ba Bajapane ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela kgwedi nngwe le nngwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 394]
Dikgatiso tsa Bibela di gatisiwa fano ka dipuo di le dintsi, go akaretsa le Sejapane, Setšhaena, le dipuo tsa kwa Philippines
[Setshwantsho mo go tsebe 394]
Ofisi ya Kgaolo ya Boenjenere e thusa ka tiro ya dikago tsa makala tsa dinaga tse di farologaneng
[Kerafa mo go tsebe 394]
(For fully formatted text, see publication)
Babulatsela ba kwa Japane
75,000
50,000
25,000
1975 1980 1985 1992
REPABOLIKI YA KOREA
[Ditshwantsho mo go tsebe 395]
Go tlhagisiwa dikgatiso tsa Bibela di ka nna dimilione di le 16, mo godimo ga dipampitshana, ngwaga le ngwaga fano go tlamela Basupi ba ba fetang 70 000 ba kwa Repaboliking ya Korea. Mo e ka nnang 40 lekgolong ya Basupi ba kwa Korea ba mo tirelong ya nako e e tletseng.
MYANMAR
[Ditshwantsho mo go tsebe 395]
Fa Mokgatlho wa Watch Tower o ne o tlhoma ofisi ya lekala fano ka 1947, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 24 fela mo nageng eno. Basupi ba ba fetang 2 000 ba jaanong ba tshwereng ka natla mo Myanmar ba leka ka natla eseng go fitlhelela baagi ba mo ditoropong tsa fano fela mme gape ba leka go fitlhelela baagi ba ba nnang kwa metseng ya magae ba ba leng bantsi go feta bano.
PHILIPPINES
[Ditshwantsho mo go tsebe 396]
Ka 1912, C. T. Russell o ne a neela puo ya setlhogo se se reng “Baswi Ba Kae?” kwa Grand Opera House ya kwa Manila. Fa esale go tloga ka nako eo Basupi ba ga Jehofa ba fano ba ile ba dirisa diura tse di fetang 483 000 000 ba neela batho ba ba fitlhelwang mo ditlhaketlhakeng tse go fopholediwang gore di 900 tse go agilweng mo go tsone tsa Philippines bosupi. Lekala leno ka kakaretso le okamela Basupi ba ba fetang 110 000 ba ba mo diphuthegong tse di fetang 3 200. Dikgatiso di gatisiwa fano ka dipuo di le robedi go thusa ka dilo tse di tlhokegang mo lefelong leno.
[Ditshwantsho mo go tsebe 396]
Basupi ba ba buang dingwe tsa dipuo tse dikgolo kwa Philippines
SRI LANKA
[Ditshwantsho mo go tsebe 397]
Pele ga Ntwa ya Lefatshe I, mafoko a a molemo a ne a rerwa kwa Ceylon (e jaanong e leng Sri Lanka), go ela kwa borwa jwa India. Go ne ga tlhongwa setlhopha sa thuto ka bonako. Fa esale go tloga ka 1953 Mokgatlho o ntse o na le ofisi ya lekala mo motsemogolo, go neela Ba-Sinhalese, Ba-Tamil, le ditlhopha tse dingwe tsa meratshwana ya naga eno tshono ya go utlwa molaetsa wa Bogosi.
TAIWAN
[Setshwantsho mo go tsebe 397]
Go ne ga neelwa bosupi go sekae fano ka bo1920. Mme lefa go ntse jalo go ne ga dirwa ka metlha ka bo1950. Jaanong go tshwaraganwe le go aga dikago tseno tse disha tsa lekala gore go tle go nne le lefelo le tiro e e oketsegileng e tla dirwang go tswa mo go lone mo karolong eno ya lefatshe.
[Setshwantsho mo go tsebe 397]
Phuthego ya kwa Taipei
THAILAND
[Ditshwantsho mo go tsebe 397]
Ka bo1930, Basupi bangwe ba babulatsela ba ne ba tla ba tswa kwa Borithane, Jeremane, Australia, le kwa New Zealand go bolelela batho ba Thailand (e ka nako eo e neng e bidiwa Siam) boammaaruri jwa Bibela. Baemedi ba ba tswang kwa dinageng tse dintsi ba ne ba nna teng kwa dikopanong tsa merafe yotlhe ka 1963, 1978, 1985, le ka 1991 go tla go kgothatsa Basupi ba fano le go rotloetsa go anamisiwa ga molaetsa wa Bogosi.
[Setshwantsho mo go tsebe 397]
Kopano ya 1963
[Setshwantsho mo go tsebe 397]
Baemedi ba ba neng ba tswa kwa dinageng di sele ka 1991
DITLHAKETLHAKE TSA PACIFIC
FIJI
[Setshwantsho mo go tsebe 398]
Ofisi ya kwa Fiji e ne ya tlhomiwa ka 1958. E ne e okamela tiro ya go bolela ka Bogosi mo dinageng di le 12 le ka dipuo di le 13 ka lobakanyana. Jaanong lekala la Fiji le itebagantse le ditlhaketlhake tse di ka tshwarang lekgolo tse go agilweng mo go tsone tsa Fiji.
[Setshwantsho mo go tsebe 398]
Dikopano tsa merafe yotlhe tsa 1963, 1969, 1973, le ka 1978 di ile tsa thusa go dira gore Basupi ba fano ba tlwaelane le ba kwa dinageng tse dingwe
GUAM
[Ditshwantsho mo go tsebe 398]
Ofisi eno ya kwa Guam e kaela go rerwa ga mafoko a a molemo mo ditlhaketlhakeng tse di gasameng mo disekwere-kilometareng di ka tshwara 7 770 000 tsa Lewatle la Pacific. E kaela go ranolelwa ga dikgatiso tsa Bibela mo dipuong di le robong.
[Setshwantsho mo go tsebe 398]
Gantsi molebedi wa potologo o sepela ka sefofane go tswa mo setlhaketlhakeng se sengwe go ya kwa go se sengwe
[Setshwantsho mo go tsebe 398]
Basupi ba mo lefelong leno (jaaka fa go bontshitswe fano kwa Micronesia) ba ka nna ba dirisa mekoro go fitlha kwa tshimong ya bone
HAWAII
[Setshwantsho mo go tsebe 399]
Mokgatlho wa Watch Tower o sale o ntse o na le ofisi ya lekala kwa Honolulu go tloga ka 1934. Bangwe ba ba tswang kwa Hawaii ba ile ba nna le seabe mo tirong ya go rera efangele eseng kwa ditlhaketlhakeng tsa Hawaii fela mme gape le kwa Japane, Taiwan, Guam, le kwa ditlhaketlhakeng tsa Micronesia.
NEW CALEDONIA
[Setshwantsho mo go tsebe 399]
Le mororo batho ba bodumedi ba ne ba ba ganetsa, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lere molaetsa wa Bogosi jwa Modimo kwa New Caledonia. Batho ba bantsi ba ne ba reetsa ka boitumelo. Go ne ga tlhongwa phuthego ya ntlha ka 1956. Jaanong go na le batho ba ba fetang 1 300 ba ba bakang Jehofa fano.
NEW ZEALAND
[Setshwantsho mo go tsebe 399]
Ka 1947 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa tlhoma ofisi ya lekala kwa New Zealand gore go rerwa ga mafoko a a molemo go kaelwe go tswa fa gaufi.
[Setshwantsho mo go tsebe 399]
Go ranola go go dirwang mo lekaleng leno go thusa baagi ba Samoa, Rarotonga, le Niue gore ba agiwe ka metlha semoyeng.
[Setshwantsho mo go tsebe 399]
Baranodi mmogo le bao ba tlhatlhobang fa go sena diphoso mo dikgatisong ba dirisana mmogo go dira gore dikgatiso e nne tsa boleng jo bo kwa godimo
AUSTRALIA
[Ditshwantsho mo go tsebe 400]
Mokgatlho wa Watch Tower o sale o ntse o na le ofisi mo Australia go tloga ka 1904. Mo nakong e e fetileng lekala leno le ne le okamela tiro ya go bolela ka Bogosi mo karolong e e batlang e tshwara kwatara ya lefatshe, go akaretsa le China, Borwabotlhaba jwa Asia, le ditlhaketlhake tsa Pacific Borwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 400]
Ofisi ya Kgaolo ya Boenjenere e thusa mo go agiweng ga makala kwa Pacific Borwa le kwa Borwabotlhaba jwa Asia
[Setshwantsho mo go tsebe 400]
Lekala leno jaanong le gatisa dikgatiso tsa Bibela ka dipuo tse di fetang 25. Bogatisetso jo bo fano bo thusa go tlamela Basupi ba le 78 000 ba ba nnang mo mafelong a a tlhokomelwang ke makala a le robedi a a leng kwa Pacific Borwa ka dikgatiso.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 400]
Dinaga tse di bonang dikgatiso go tswa kwa Australia
[Mmapa]
(For fully formatted text,see publication)
AUSTRALIA
PAPUA NEW GUINEA
NEW CALEDONIA
SOLOMON ISLANDS
FIJI
WESTERN SAMOA
TAHITI
NEW ZEALAND
PAPUA NEW GUINEA
[Ditshwantsho mo go tsebe 400]
Basupi ba ga Jehofa ba lebagane le kgwetlho e e sa tlwaelegang mo nageng eno—batho ba fano ba bua dipuo di ka nna 700 tse di farologaneng. Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe tse di ka nnang lesome ba ile ba fudugela fano go tla go nna le seabe mo tirong eno. Ba ile ba dira ka natla go ithuta dipuo tsa fano. Batho ba ba kgatlhegang ba ranolela ba ba buang puo e nngwe. Go dirisiwa le ditshwantsho thata mo go ruteng.
SOLOMON ISLANDS
[Ditshwantsho mo go tsebe 401]
Thuto ya Bibela e e neng e tsamaisiwa ka lekwalo mo merafeng yotlhe e ne ya tlisa molaetsa wa Bogosi mo Solomon Islands kwa tshimologong ya bo1950. Boammaaruri jwa Bibela bo ile jwa anama le mororo dikgoreletsi di ne di le dintsi. Ofisi eno ya lekala mmogo le Holo e kgolo ya Dikopano di ne tsa kgona go agiwa ka ntlha ya thuso ya botswerere jwa batho bano le thuso e e tswang mo merafeng yotlhe le ka ntlha ya moya wa ga Jehofa.
TAHITI
[Ditshwantsho mo go tsebe 401]
Kwa tshimologong ya bo1930, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba setse ba fitlhile kwa Tahiti ka molaetsa wa Bogosi. Le gone fano, mo gare ga mpa ya Lewatle la Pacific, go neelwa bosupi ka botlalo. Mo dingwageng di le nnè fela tse di fetileng, bosupi jo bo ileng jwa neelwa fano bo lekana le go tlotla ka diura tse di fetang tse tlhano, go ya ka palogare, le monna, mosadi, le ngwana mongwe le mongwe mo setlhaketlhakeng seno.
WESTERN SAMOA
[Ditshwantsho mo go tsebe 401]
Western Samoa ke mongwe wa merafe e mennye go gaisa yotlhe mo lefatsheng, mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba na le ofisi fano. Ofisi eno e ne ya agiwa ka 1992 go okamela tiro ya mo ditlhaketlhakeng tseno mmogo le mo go tse dingwe tse di fa gaufi, go akaretsa le American Samoa.