Karolo 7
Batho Ba A Ba Itlhophetseng, Ba Ba Tlhoafaletseng go Dira Ditiro Tse Di Molemo
Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore ba eteletswe pele ke Modimo? Ke eng se se ba tlhaolang gore ke barutwa ba ga Jesu Keresete ba boammaaruri? Ereka ba bolela gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo busa go tswa kwa magodimong, ke tiragalo efe e nngwe e kgolo e e tlang e ba santseng ba e lebeletse ka tlhoafalo? Karolo eno ya bofelo (Kgaolo 31 go ya go 33) e araba dipotso tseno.
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 702]