LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 32 ts. 710-712
  • “Batho Botlhe ba Tla Itse Ha lo le Barutwa ba Me ka mo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Batho Botlhe ba Tla Itse Ha lo le Barutwa ba Me ka mo”
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Lo Rataneng’
  • “Yaka Ke Lo Ratile”
  • Lorato Lwa Gago lo Akaretsa go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nonotshiwa ke Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • “Tswelelang Lo na Le Lorato”
    Atamalana le Jehofa
  • Rata Modimo ka Gonne O a Go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 32 ts. 710-712

Kgaolo 32

“Batho Botlhe ba Tla Itse Ha lo le Barutwa ba Me ka mo”

E NE e le ka Nisane 14, mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng. O ne a itse gore o ne a tla tloga a swa, mme lefa go ntse jalo o ne a sa akanya ka ene fela. Go na le moo, o ile a dirisa tshono eno go kgothatsa barutwa ba gagwe.

Jesu o ne a itse gore ba ne ba tlile go ketefalelwa ke dilo fa a sena go tsamaya. Ba ne ba “tla ilwa ke merahe eotlhe” ka ntlha ya leina la gagwe. (Math. 24:9) Satane o ne a tla leka go ba kgaoganya le go ba tlodisa molao. (Luke 22:31) Botenegi, bo ne bo tla dira gore go nne le Bakeresete ba e seng bone. (Math. 13:24-30, 36-43) Mme ‘ereka boikepo bo tla bo bo ntsifetse, lorato lwa bontsi bogolo lo ne lo tla tsidifala.’ (Math. 24:12) Mo dilong tseno tsotlhe, ke eng se se neng se tla dira gore baaposetoloi ba gagwe ba boammaaruri ba se ka ba kgaogana? Mo godimo ga tsotlhe, go rata Jehofa go ne go tla ba bofaganya. (Math. 22:37, 38) Mme gape ba ne ba tshwanetse go ratana mme ba dira jalo ka tsela e e neng e tla ba tlhaola mo bathong ba bangwe ba lefatshe. (Bakol. 3:14; 1 Yoh. 4:20) Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba tla tlhaolwa ka phepafalo ka lorato lwa mofuta ofe?

Jesu o ne a ba laela jaana mo bosigong joo jwa bofelo: “Ke lo naea taolō e ncha, ea go re, Lo ratanè; hèla yaka ke lo ratile, go re, Le lona lo ratanè. Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yoh. 13:34, 35) Jesu o ne a bua ka lorato ka makgetlo a a fetang 20 mo bosigong joo. Mme o ne a ba laela ka makgetlo a mararo a re “lo ratanè.” (Yoh. 15:12, 17) Go phepafetse gore Jesu o ne a sa akanya fela ka baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ba 11 ba ba neng ba na le ene mo bosigong joo, mme o ne a akantse ka botlhe bao kgabagare ba neng ba tla amogela Bokeresete jwa boammaaruri. (Bapisa Yohane 17:20, 21.) Taolo ya gore ba ratane e ne e tla bofaganya Bakeresete ba boammaaruri “ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Math. 28:20.

A mme Jesu o ne a raya gore motho ope fela lefa a le kae mo lefatsheng leno yoo a neng a bontsha ba bangwe bopelonomi le lorato o ne a ka tshwaiwa jaaka mongwe wa barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu?

‘Lo Rataneng’

Mo bosigong joo jwa bofelo, Jesu gape o ne a bua thata ka kutlwano. “Nnañ mo go nna,” o ne a bolelela barutwa ba gagwe jalo. (Yoh. 15:4) O ile a rapelela balatedi ba gagwe gore “ba nnè bañwe hèla botlhe,” mme o ne a oketsa jaana, “hèla yaka wèna Rara u le mo go nna, le nna mo go wèna, gore le bōnè ba nnè mo go rona.” (Yoh. 17:21) O ile a ba laela jaana mo temaneng eno: ‘Lo rataneng.’ (Yoh. 13:35) Ka jalo lorato lwa bone ba ne ba ka se ka ba lo bontsha fela mo ditsaleng di sekae tse di atamelaneng le bone kana mo phuthegong e le nngwe fela. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana moragonyana fa a ne a boeletsa taolo eno ya ga Jesu: “Ratang bokopano jotlhe jwa bakaulengwe [kana, ‘bokaulengwe.’].” (1 Pet. 2:17, Kingdom Interlinear; bapisa 1 Petere 5:9.) Ka jalo e ne e tla nna bakaulengwe ba ba utlwanang tota mo lefatsheng lotlhe. Lorato lo lo kgethegileng lono lo tla tshwanela go bontshiwa botlhe ba ba mo lelapeng la lefatshe ka bophara la badumedi ka gonne ba ne ba tla lebiwa jaaka bakaulengwe le bokgaitsadi.

Lorato lo lo ntseng jalo lo ne lo tla bontshiwa jang? Ke eng se se tla bong se sa tlwaelega, se farologane, ka go ratana ga bone goo ba bangwe ba neng ba tla bona bosupi jo bo papametseng jwa gore ke Bakeresete ba boammaaruri?

“Yaka Ke Lo Ratile”

“U ratè oa ga eno yaka u ithata,” go ne ga bolela jalo Molao wa Modimo o o neng o kwaletswe Baiseraele dingwaga tse di fetang 1 500 pele Jesu a tla go tshela mo lefatsheng. (Lefi. 19:18) Lefa go ntse jalo, lorato lo lo ntseng jalo lwa go rata wa ga eno e ne e se one mofuta wa lorato lo lo neng lo tla tlhaola balatedi ba ga Jesu. Jesu o ne a akantse ka lorato lo lo fetang fela go rata ba bangwe jaaka o ithata.

Jaaka Jesu a ne a bolela, taolo ya go ratana e ne e le, “taolō e ncha.” E ne e le ntšha, e seng ka go bo e ne e fitlhile moragorago ga Molao wa ga Moshe, mme lefa go ntse jalo e ne e le ntšha go ya ka selekanyo se lorato le neng le tla bontshiwa ka sone. Lo ratane “hèla yaka ke lo ratile,” Jesu o ne a tlhalosa jalo. (Yoh. 13:34) Lorato lo a neng a rata barutwa ba gagwe ka lone lo ne lo nonofile, lo sa fetoge. E ne e le lorato lwa go intsha setlhabelo. O ne a se ka a lo ba bontsha ka go ba direla ditiro di sekaenyana fela tse di molemo. O ne a ba otla semoyeng le go ba thusa ka dilo tse ba neng ba di tlhoka senameng, fa go ne go tlhokega. (Math. 15:32-38; Mar. 6:30-34) Kwa bokhutlong o ne a supa lorato lwa gagwe ka go ba swela.—Yoh. 15:13.

Seo ke mofuta wa lorato lo lo tlhomologileng lo “taolō e ncha” e lo tlhokang, loo balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri ba neng ba tla lo bontshana. (1 Yoh. 3:16) Ke bomang gompieno ba ba supang ka tsela e e phepafetseng gore ba obamela “taolō e ncha” eno? Bosupi jo bo neng jwa neelwa pelenyana mo kgatisong eno ka tlhamalalo bo bontsha gore ke bokopano bo le bongwe fela jo bo mo lefatsheng lotlhe jwa Bakeresete.

Ga ba itsiwe ka seaparo sengwe sa mofuta mongwe se se sa tshwaneng le sepe kana dingwao dingwe tse di sa tlwaelegang, mme lefa go ntse jalo ba itsiwe ka go tshwaragana ga bone ka tsela e e nonofileng le ka lorato. Ba na le leina le lentle la go bontshana lorato lo lo fenyang go kgaogana ka lotso le mmala. Ba itsiwe ka go gana go lwa lefa tota merafe ya bone e tlhabana. Ba bangwe ba ile ba kgatlhiwa ke tsela e ba thusanang ka yone ka dinako tse di botlhoko, tse di jaaka fa ba bangwe ba wetswe ke dikotsi tsa matlhotlhapelo tsa tlholego kana fa bakaulengwe ba bangwe ba bone ba bogisiwa ka ntlha ya go thokgama mo Modimong. Ba iketleeditse go itshokela mathata kana go itsenya mo kotsing gore ba thuse bakaulengwe ba bone le bokgaitsadi ba Keresete a ileng a ba swela. Ee, ebile ba iketleeditse go swela ba bangwe. Lorato loo ba lo bontshang ga le tshwane le lepe mo lefatsheng le bopelotshetlha bo ntseng bo oketsega mo go lone. Ba ke Basupi ba ga Jehofa.a

Sekai sa lorato lo lo ntseng jalo se ne sa bonwa morago ga Hurricane Andrew, eo e neng ya tlhasela losi lwa Florida, kwa U.S.A., ka makuku a Mantaga, August 24, 1992. Morago ga yone, batho ba ba ka nnang 250,000 ba ne ba sala ba sena magae. Gareng ga batho ba ba neng ba wetswe ke kotsi eno e ne e le diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka bofefo fela Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se ile sa tsaya kgato sa tlhopha komiti e e tla thusang le go rulaganya gore go nne le madi a a tla thusang. Balebedi ba Bakeresete ba ba mo lefelong leo ba ile ba buisana le Mosupi mongwe le mongwe gore ba sekaseke dilo tse a di tlhokang le go mo thusa. Ka Mantaga mo mosong, mo go lone letsatsi la setsuatsue seo, Basupi ba kwa South Carolina, ba ba neng ba le bokgakala jwa makgolokgolo a dikilometara, ba ne ba setse ba rometse llori e tletse ka dijenereitara, dishaga tsa tšhaene, le metsi a a nowang kwa karolong eo e e wetsweng ke kotsi eo ya matlhotlhapelo. Ka Labobedi, makgolokgolo a baithaopi ba ba neng ba tswa kwa ntle ga toropo eo ba ne ba goroga ba tshotse didirisiwa tse di oketsegileng tse di neng tsa ntshiwa meneelo ba tla go thusa bakaulengwe ba lefelo leo go baakanya Diholo tsa Bogosi le magae a bone. Mosadi mongwe yo e seng Mosupi yo o neng a nna gaufi le Holo ya Bogosi o ne a akgela jaana kaga tiro eo ya namolo: “Eleruri seno e tshwanetse ya bo e le lorato lwa Bokeresete lo Bibela e bolelang ka lone.”

A lorato lo lo ntseng jalo lo ne lo tla fela fa ba sena go dira tiro e le nngwe kana tse pedi tsa go supa bopelonomi? A ba ne ba tla direla fela batho ba mmala wa bone kana ba lotso lwa bone fela? Nnyaa! Basupi ba ka nna 1 200 ba ne ba latlhegelwa ke magae a bone le dithoto tsotlhe tsa bone ka ntlha ya maemo a a sa iketlang a dipolotiki kwa Zaire ka 1992. Basupi ba bangwe ba kwa Zaire ba ne ba ba thusa. Le mororo ba ne ba patikegile, ba ne ba thusa le batshabi ba ba neng ba tla mo Zaire ba tswa kwa Sudan. Ka bonako fela, ba ne ba amogela dilwana tsa namolo go tswa kwa Afrika Borwa le kwa Fora; tseno di ne di akaretsa boupe jwa mmopo, tlhapi e e tshetsweng letswai, le melemo—dilo tse ba neng ba di tlhoka thata. Ba ne ba nna ba thusiwa gangwe le gape fa ba ntse ba tlhoka. Mme fa go ntse go dirwa jaana, dinaga tse dingwe le tsone di ne di thusiwa ka tsela e e tshwanang.

Lefa go ntse jalo go nna le lorato lo lo ntseng jalo ga go dire Basupi ba ga Jehofa gore ba tlhokomologe dilo tse dingwe. Ba lemoga gore jaaka balatedi ba ga Jesu Keresete, ba tshwanetse ba tswelela ba disitse.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona Kgaolo 19 e e reng, “Go Gola Mmogo mo Loratong.”

[Mafoko a a mo go tsebe 710]

Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba tla tlhaolwa ka phepafalo ka lorato lwa mofuta ofe?

[Mafoko a a mo go tsebe 711]

E ne e tla nna bakaulengwe ba ba utlwanang tota mo lefatsheng lotlhe

[Lebokoso mo go tsebe 712]

“Basupi Ba Thusa Batho ba Bone—Mmogo le Ba Bangwe”

“The Miami Herald” e ne ya dirisa setlhogo seo go bega kaga tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go namola batho kwa Florida Bokone morago ga tshenyo e e boitshegang e e neng e bakilwe ke Hurricane Andrew ka August 1992. Setlhogo seo se ne sa bolela jaana: “Ga go na ope mo Homestead yo o itaaganyang ditswalo mo difatlhegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo bekeng eno—fa ba santse ba na le ditswalo tseo ba ka di itaaganyang jalo. Basupi ba ba ka tshwarang 3 000 ba baithaopi ba ba tswang mo nageng yotlhe ba phuthegetse kwa lefelong le le wetsweng ke kotsi eno ya matlhotlhapelo, ba thusa batho ba bone pele, mme morago ba thusa le ba bangwe. . . . Mo e ka nnang ditone di ka nna 150 tsa dijo le dilwana tse dingwe di ile tsa neelwa batho go tswa mo lefelong le go neng go rulaganngwa go tswa kwa go lone kwa Holong ya Dikopano kwa bophirima jwa Broward County di isiwa kwa Diholong tse pedi tsa Bogosi mo kgaolong ya Homestead. Ditlhopha di phatlalala go tswa mo diholong tseno moso go ya go baakanya magae a a senyegileng a bakaulengwe ba Basupi. . . . Lefelonyana la nakwana la boapeelo le le dirilweng foo le abela batho ba ka nna 1 500 dijo ka bofefo, gararo ka letsatsi. Mme le gone ga se dijonyana fela tse di apewang ka bofefo mme di sena dikotla. Baithaopi ba fiwa borotho jo bo ikapeetsweng mo gae, ‘lasagna’ e e ikapeetsweng mo gae, disalate tsa merogo e metala, setšhuu, diphaphatha le borotho jo bo gadikilweng bo innwe mo maeng—tsotlhe e le dijo tse di ntshitsweng moneelo.”—August 31, 1992, tsebe 15A.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela