LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kl kgao. 11 ts. 98-107
  • Eno Ke Metlha Ya Bofelo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Eno Ke Metlha Ya Bofelo!
  • Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIKAROLO TSA METLHA YA BOFELO
  • TSAYA KGATO FA O UTLWA BOSUPI
  • A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Ruri re Tshela mo “Metlheng ya Bofelo”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A O Tla Sekegela Tlhagiso ya Modimo Tsebe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Lefatshe le ya Bokhutlong?
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
kl kgao. 11 ts. 98-107

Kgaolo 11

Eno Ke Metlha Ya Bofelo!

1. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba tlhakana tlhogo fa ba akanya ka maemo a lefatshe, mme ditiragalo tsa lefatshe di tlhalosiwa kae ka tsela e e utlwalang?

GO TLILE jang gore lefatshe leno la rona le le tletseng khuduego le fitlhe mo seemong seno? Re lebile kae? A o kile wa ipotsa dipotso tseno? Batho ba le bantsi ba sala ba tlhakane tlhogo tota fa ba leba maemo a lefatshe. Dilo tse di diragalang tse di jaaka ntwa, malwetse, le bokebekwa di tlogela batho ba ipotsa dipotso tsa gore ke eng se se tla diragalang mo isagweng. Baeteledipele ba dipuso ga ba solofetse go le kalo. Lefa go ntse jalo, Modimo o tlhalosa metlha eno e e ngomolang pelo ka tsela e e utlwalang tota mo Lefokong la gagwe. Baebele e re thusa go bona gore re mo pakeng efe ya nako. E re bontsha gore re mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso ya jaanong ya dilo.—2 Timotheo 3:1.

2. Barutwa ba ne ba botsa Jesu potso efe, mme o ne a ba araba jang?

2 Ka sekai, akanya ka karabo ya ga Jesu fa a ne a araba dipotso tse barutwa ba neng ba di mmotsa. Ba ne ba botsa Jesu jaana malatsi a mararo pele a swa: “Re bolelele gore dilo tse di tlaa dirafala leng? Sesupo e tlaa nna eng sa go tla ga gago, le sa bokhutlo jwa lefatshe?”a (Mathaio 24:3) Fa a araba, Jesu o ne a umaka ditiragalo dingwe tse di kgethegileng le maemo mangwe mo lefatsheng a a neng a tla supa ka phepafalo gore tsamaiso eno e e boikepo e ne e le mo metlheng ya bofelo.

3. Ke eng fa maemo a lefatshe a ne a senyegela kwa pele fa Jesu a ne a simolola go busa?

3 Jaaka go supilwe mo kgaolong e e fetileng, tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e dira gore re swetse ka gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo simolotse go busa. Jang? Dilo di maswe thata, ga di a tokafala. Mme e bile, seno ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Bogosi jwa Modimo bo setse bo simolotse go busa. Ka ntlha yang? Fa go lejwa sentle, Pesalema 110:2, e re bolelela gore Jesu o ne a tla busa ‘mo gare ga baba ba gagwe’ ka lobakanyana. Mme e bile, kgato ya gagwe ya ntlha jaaka Kgosi ya selegodimo e ne ya nna go latlhela Satane le baengele ba gagwe ba badimona mo lefatsheng leno. (Tshenolo 12:9) Go ne ga felela jang? Ke sone se Tshenolo 12:12 e neng e se boleletse pele: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” Jaanong re tshela mo ‘lobakeng lo lokhutshwane’ loo.

4. Dikarolo dingwe tsa metlha ya bofelo ke dife, mme di supa eng? (Bona lebokose.)

4 Ka gone, ga go gakgamatse go bo karabo ya ga Jesu fa a ne a kopiwa gore a bolele sesupo sa go nna teng ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e ne e le masisi. Dikarolo tse di farologaneng tsa sesupo di kwadilwe mo lebokoseng le le mo tsebeng ya 102. Jaaka o ka bona, baaposetoloi ba Bakeresete, Paulo, Petere le Johane ba re naya ditlhaloso tse dingwe gape mabapi le metlha ya bofelo. Ke boammaaruri gore dikarolo tse dintsi tsa sesupo le tsa metlha ya bofelo di akaretsa maemo a a ngomolang pelo tota. Lefa go ntse jalo, go diragadiwa ga boperofeti jono go tshwanetse go re tlhatswa pelo gore bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo gaufi. A ko re lebeng dikarolo dingwe tse dikgolo tsa metlha ya bofelo.

DIKAROLO TSA METLHA YA BOFELO

5, 6. Boperofeti jo bo buang ka dintwa le mauba bo diragadiwa jang?

5 “Morafe o tlaa tsogologela morafe, le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7; Tshenolo 6:4) Mokwadi Ernest Hemingway o ne a bitsa Ntwa ya Lefatshe I “polao e kgolo, e e tsholotseng madi a mantsi, e e neng e laolwa ka tsela e e phoso e e kileng ya diragala mo lefatsheng.” Go ya ka buka ya The World in the Crucible—1914-1919, “e ne e le ntwa ya selekanyo se sesha, ntwa ya ntlha e e neng e akareditse batho botlhe e e kileng ya bonwa. Boleele jwa yone, bosetlhogo jwa yone le selekanyo sa yone di feta kgakala sepe fela se se kileng sa bonwa kana se se neng se ka lebelelwa fela ka kakaretso.” Morago ga foo go ne ga latela Ntwa ya Lefatshe II, e e neng ya senya go feta Ntwa ya Lefatshe I. Porofesa wa hisitori Hugh Thomas o bolela jaana: “Lekgolo leno la bomasomeamabedi la dingwaga, le ile la tlala ka ditlhobolo tsa motšhinikane, dikoloi tsa ntwa tse di rwalang dibetsa, difofane tsa dibomo tsa B-52, dibomo tsa nuklea mme kwa bokhutlong ya nna dimisaele. Go ile ga nna le dintwa tse di tsholotseng madi a mantsi le tse di sentseng go gaisa tsa metlha epe fela e mengwe.” Ke boammaaruri gore go ile ga buiwa thata ka go latlha dibetsa fa Ntwa ya Molomo e sena go fela. Lefa go ntse jalo, pego nngwe e fopholetsa gore le fa dibetsa tseno di sena go fokodiwa jaaka go akantshitswe go tla sala dibetsa tsa nuklea di le 10 000 go ya go di le 20 000—tse di maatla a a fetang tse di neng tsa dirisiwa mo Ntweng ya Lefatshe II ka makgetlho a le 900.

6 “Go tla nna [tlhaelo ya dijo, NW].” (Mathaio 24:7; Tshenolo 6:5, 6, 8) Fa e sale go tloga ka 1914 go ile ga nna le mauba a magolo a a ka nnang 20. Mafelo a a neng a amega a akaretsa Bangladesh, Burundi, Cambodia, China, Ethiopia, Gerika, India, Nigeria, Russia, Rwanda, Somalia le Sudan. Mme lefa go ntse jalo ga se gore ka dinako tsotlhe mauba a bakiwa ke go tlhokega ga dijo. “Dijo tse di mo lefatsheng mo dingwagasomeng tsa bosheng di ile tsa oketsega ka bofefo go feta baagi,” go ne ga konela jalo setlhopha sengwe sa borasaense ba temo le ba ikonomi. “Mme lefa go ntse jalo, ka go bo go na le dimilione di le 800 tsa batho ba ba tshelelang mo lehumeng le le boitshegang, . . . ga ba kgone go reka dijo tse di lekaneng go tswa mo letlepung leno gore ba kgone go bona dikotla tse di lekaneng.” Ka dinako tse dingwe mathata a bakiwa ke boradipolotiki. Dr. Abdelgalil Elmekki wa Yunibesithi ya Toronto o umaka dikai di le pedi tsa diketekete tsa batho ba dinaga tsa bone di neng di bolawa ke tlala ntswa di ne di romela dijo tse dintsi kwa dinageng tse dingwe. Go bonala dipuso di tshwenyegile thata ka go bona madi a dinaga di sele gore di tle di tshegetse dintwa tsa tsone ka madi go na le go fepa baagi ba tsone. Dr. Elmekki o ne a swetsa jang? Gantsi leuba le bakiwa “ke tsela e dipuso di laolang ka yone le kafa dilo di abiwang ka yone.”

7. Go ntse jang ka dikgogodi tsa malwetse gompieno?

7 “Dikgogodi tsa bolwetse.” (Luke 21:11, NW; Tshenolo 6:8) Foluu ya Spain ya 1918-19 e ne ya bolaya batho ba ka nna dimilione tse 21. “Mo hisitoring ya lone, lefatshe ga le ise le ko le tlhaselwe ke mmolai yo a neng a bolaya batho ba bantsi jaana ka bonako,” go kwala jalo A. A. Hoehling mo go The Great Epidemic. Gompieno dikgogodi tsa bolwetse di ntse di tlhasetse. Ngwaga le ngwaga, kankere e bolaya batho ba le dimilione di le tlhano, malwetse a letshololo a bolaya masea le bana ba ba fetang dimilione tse tharo, mme thibii e bolaya dimilione tse tharo. Go tshwaetsega ga makgwafo, gantsi e le nyumonia, go bolaya bana ba ba kafa tlase ga dingwaga tse tlhano ba ka nna dimilione di le 3,5 ngwaga le ngwaga. Mme ba bangwe ba le dimilione di le dikete di le 2,5—halofo ya baagi ba lefatshe—ba tshwerwe ke malwetse a a bakiwang ke go sa bone metsi a a lekaneng kana metsi a a leswe le leswe le le sa tlosiweng. AIDS e gakolola batho gore, le mororo ba kgonne go dira dilo tse dikgolo mo go tsa kalafi, ga ba kgone go tlosa dikgogodi.

8. Batho ba itshupa jang gore ke “barati ba madi”?

8 “Batho ba tlaa nna . . . barati ba madi.” (2 Timotheo 3:2) Mo dinageng tsotlhe go dikologa lefatshe, batho ba lebega ba batla khumo e e oketsegileng ba sa kgotsofale. “Go atlega” ga motho gantsi go lekanngwa ka gore o bona madi a a kana kang, “gore motho o kgonne go dira eng” go lekanngwa ka gore o na le dithoto tse di kana kang. “Go rata dithoto go tla tswelela go ntse go rotloetsa Baamerika fela thata . . . mme go ntse go nna selo se se botlhokwa thata mo mafelong a mangwe,” go ne ga bolela jalo motlatsaporesidente wa lephata lengwe la go bapatsa. A seno se a diragala kwa o nnang teng?

9. Ke eng se se ka bolelwang ka go sa utlweng batsadi go go boleletsweng pele?

9 “Ba ba sa utlweng batsadi ba bone.” (2 Timotheo 3:2) Batsadi, barutabana le ba bangwe gompieno, ba na le bosupi jo ba bo iponetseng ka matlho jwa gore bana ba bantsi ga ba na maitseo e bile ga ba utlwe. Bangwe ba basha bano ba dira seno ka ntlha ya go sa itshware sentle ga batsadi ba bone kana ka go ba etsa. Bana ba ba ntseng ba oketsega ga ba tlhole ba ikanya sepe—sekolo, molao, bodumedi le batsadi ba bone—e bile ba di tsuologela. Morutabana mongwe yo o sa bolong go dira tiro eo o bolela jaana: “go lebega ba sa batle go tlotla sepe.” Se se itumedisang ke gore, bontsi jwa bana ba ba boifang Modimo ke dikao mo boitshwarong.

10, 11. Go na le bosupi bofe gompieno jwa gore batho ba bogale e bile ga ba na lorato lwa tlholego?

10 “Ba le bogale.” (2 Timotheo 3:3) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re “bogale” le kaya ‘go sa kgwabofala, bophologolo, go tlhoka kutlwelobotlhoko le go sa amege ka batho.’ A bo seno se tlhalosa sentle jang ne batho ba gompieno ba ba dirang thubakanyo! “Botshelo bo kgobera maikutlo tota, bo tletse ka go tshololwa ga madi ka bosetlhogo mo e leng gore o tshwanetse wa bo o sule maikutlo gore o kgone go bala dikgang tsa letsatsi le letsatsi,” go ne ga bolela jalo setlhogo sengwe sa dikgang. Lepodisi lengwe le le disang matlo mangwe le ne la bolela gore go lebega basha ba itlhokomolosa matswela a ditiro tsa bone. O ne a re: “Ba na le boikutlo jwa gore, ‘Ga ke itse gore ka moso go tla nna jang. Ke tla dira gore ke bone se ke se batlang gone jaanong.’”

11 “Ba se na lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:3) Polelwana eno e ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “bosetlhogo, go senang pelotlhomogi” goo go supang “go tlhoka lorato lwa tlholego lwa go rata balelapa.” (The New International Dictionary of New Testament Theology) Ee, gantsi lorato ga leyo mo go lone lefelo le le tshwanetseng le ka bo le le lentsi mo go lone—legae. Dipego tse di begang kaga balekane ba ba bogisiwang ke bao ba nyalaneng nabo, bana le e leng le batsadi ba ba godileng mo dingwageng di tletsetletse ka tsela e e sa jeseng diwelang. Setlhopha sengwe sa babatlisisi se ne sa akgela jaana: “Thubakanyo e e dirwang mo bathong—e ka tswa e le go itewa ka legofi kana go kgoromediwa, go tlhajwa ka thipa kana go thuntshiwa—e diragala thata mo lelapeng go na le mo dikarolong tse dingwe mo setšhabeng sa rona.”

12. Ke ka ntlha yang fa re ka re batho ba na le setshwantsho fela sa poifomodimo?

12 “E le ba ba tshotseng setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya yone ba e latotse.” (2 Timotheo 3:5) Baebele e na le maatla a go fetola matshelo a batho gore a nne botoka. (Baefeso 4:22-24) Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ba dirisa bodumedi jaaka lesire le ba iphitlhang ka lone gore ba dire ditiro tse di maswe tse di sa itumediseng Modimo. Gantsi baeteledipele ba bodumedi ba mpampetsa go aka, go utswa le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ditumelo tse dintsi di rera kaga lorato mme di ema dintwa nokeng. Setlhogo sengwe mo makasineng wa India Today se akgela jaana: “Batho ba ile ba dira bosetlhogo jo bo maswe thata mo dibopiweng tse dingwe ba re ba direla Mmopi yo Mogolo.” E bile tota, dintwa tse pedi tsa bosheng jaana tse go tsholotsweng madi a mantsi thata mo go tsone—Ntwa ya Lefatshe I le II—di ne tsa simolola mo teng ga Labokeresete.

13. Go na le bosupi bofe jwa gore lefatshe le a senngwa?

13 “Ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Borasaense ba ba fetang 1 600, go akaretsa le bagapi ba sekgele sa Nobel ba le 104 go tswa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba gatelela tlhagiso e e ntshitsweng ke Union of Concerned Scientists (UCS) e e neng e re: “Batho le tikologo ba mo tseleng fela e e lebileng kwa kotsing. . . . Ga go a sala dingwaga di le dintsi tse mo go tsone go ka tilwang dikotsi tsa seno.” Pego eno e ne ya bolela gore ditiro tsa motho tse di tshosetsang botshelo jwa gagwe “di ka nna tsa fetola lefatshe ka tsela e le ka se tlholeng le nna ka tsela e motho a ka kgonang go nna mo go lone jaaka re itse.” Go senngwa ga ozone, go kgotlelwa ga metsi, go rengwa ga dikgwa, go se medise dijalo ga mmu, le go nyelediwa ga diphologolo le dimela tse dintsi di ne tsa umakiwa e le mathata a a batlang go rarabololwa ka bonako. UCS e ne ya re: “Go tshwenya ga rona thulaganyo e e raraaneng ya botshelo, go ka senya dilo tse dintsi, go akaretsa le botshelo jwa dibopiwa tse re sa tlhaloganyeng tsela e di tshelang ka yone ka botlalo.”

14. O ka supa jang gore Mathaio 24:14 e a diragadiwa mo motlheng ono wa rona?

14 “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe.” (Mathaio 24:14) Jesu o ne a bolelela pele gore mafoko a a molemo a Bogosi a ne a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe. Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa gompieno di dirisa diura di le dimilione di le diketekete mo tirong eno ya go rera le go dira barutwa ba thusiwa le go segofadiwa ke Modimo. (Mathaio 28:19, 20) Ee, Basupi ba lemoga gore ba tla nna le molato wa madi fa ba ka se bolele mafoko a a molemo. (Esekiele 3:18, 19) Mme ba itumedisiwa ke gore ngwaga le ngwaga go na le diketekete tse di supang tebogo ka go reetsa molaetsa wa Bogosi le go tsaya kgato ya go nna Bakeresete ba boammaaruri, ke gore ba nna Basupi ba ga Jehofa. Ke tshiamelo e kgolo tota go direla Jehofa mme ka go dira jalo re anamisa kitso ya Modimo. Mme fa mafoko a a molemo ano a sena go rerwa mo lefatsheng lotlhe, bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno bo tla tla.

TSAYA KGATO FA O UTLWA BOSUPI

15. Tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo e tlile go khutla leng?

15 Tsamaiso eno e tlile go khutla jang? Baebele e bolelela pele gore go tla nna le “sepitla se segolo” se se tla simololang fa dipolotiki tsa lefatshe di tlhasela “Babilone o mogolo,” mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. (Mathaio 24:21; Tshenolo 17:5, 16) Jesu o ne a bolela gore mo tiragalong eno “letsatsi le tlaa fifala, kgwedi le yone ga e ketla e ntsha lesedi la yone, dinaledi di tlaa wa kwa legodimong, le dinonofo tsa magodimo di tlaa reketlisiwa.” (Mathaio 24:29) Seno e ka tswa e le se se tla diragalang ka mmatota mo legodimong. Lefa go ka diragala eng, masedi a a phatsimang a bodumedi a tla senolwa mme a timiwe. Morago ga foo Satane, yo o bidiwang “Goge, wa lefatshe la Magoge,” o tla dira gore batho ba ba boikepo ba tlhasele batho ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, Satane ga a kitla a atlega gonne Modimo o tla ba golola mo go ene. (Esekiele 38:1, 2, 14-23) “Sepitla se segolo” se tla felela ka Haramagetone, ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.’ E tla tlosa karolo nngwe le nngwe e e setseng ya phuthego ya selefatshe ya ga Satane mme e bo e latelwa ke masego a a sa khutleng a a tla bonwang ke batho ba ba falotseng.—Tshenolo 7:9, 14; 11:15; 16:14, 16; 21:3, 4.

16. Re itse jang gore dilo tse go neng go bolelelwa pele ka tsone malebana le metlha ya bofelo di supa mo motlheng wa rona?

16 Dikarolo dingwe tsa boperofeti jo bo tlhalosang metlha ya bofelo, fa di tsewa ka bongwe ka bongwe, di ka nna tsa lebega e kete di ile tsa diragala le mo dipakeng tse dingwe tsa hisitori. Mme fa di kopantswe, bosupi jono jwa seperofeti bo supa gore di diragetse mo motlheng wa rona. Go tshwantsha seno: Ditselana tse di fitlhelwang mo menwaneng ya seatla sa motho, di thalegile ka tsela e e farologaneng gotlhelele le tsa motho ope o sele. Ka tsela e e tshwanang, metlha ya bofelo e na le matshwao kana ditiragalo tse di sa tshwaneng le tse dingwe. Ke “ditselana tsa menwana ya seatla” tse di sa tshwaneng le tsa paka epe e nngwe gape. Fa bo sekasekiwa mmogo le ditshupo tse di mo Baebeleng tsa gore Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo bo a busa, bosupi joo bo re naya mabaka a a nonofileng a go swetsa gore ruri eno ke metlha ya bofelo. Mo godimo ga moo, go na le bosupi jo bo phepafetseng jwa Dikwalo jwa gore tsamaiso ya jaanong ya dilo e e boikepo e tla tloga e senngwa.

17. Go itse ga rona gore metlha eno ke ya bofelo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go dira eng?

17 O tlile go dira eng ka jaana o na le bosupi jwa gore metlha eno ke ya bofelo? Akanya ka seno: Fa go tla setsuatsue se se maswe se se senyang, re ipaakanya ka bonako. Ka jalo he, se Baebele e se bolelelang pele ka tsamaiso ya jaanong se tshwanetse sa dira gore re tseye kgato. (Mathaio 16:1-3) Re kgona go bona ka phepafalo fela gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso ya lefatshe leno. Seno se tshwanetse go re dira gore re baakanye sepe fela se se tlhokegang gore Modimo o re amogele. (2 Petere 3:3, 10-12) Jesu o ne a bolela jaana fa a ne a tlhaba mokgosi o o potlakileng jaaka motho yoo batho ba neng ba tla bolokwa ka ene: “Lo itlhokomele, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imelelwa ke go kgora bobe, le go tagwa, le ke ditlhodiego tsa botshelo jono, mme letsatsi leo la lo wela ka tshoganetso jaaka seru; gonne le tlaa wela jalo botlhe ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe fela. Lona lebelelang ka metlha yotlhe, lo rapele gore lo kaiwe fa lo tshwanetse go falola mo dilong tse tsotlhe tse di tlaa diralang, le go ema fa pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:34-36.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dibaebele tse dingwe di dirisa lefoko “lefatshe” go na le “tsamaiso ya dilo.” Expository Dictionary of New Testament Words ya ga W. E. Vine e bolela gore lefoko la Segerika ai·onʹ “le kaya paka e go sa bolelwang boleele jwa yone, kana nako e e tla lejwang ka se se tla bong se diragala mo pakeng eo.” Greek and English Lexicon to the New Testament (tsebe 17) ya ga Parkhurst e na le polelwana “tsamaiso eno ya dilo” fa e tlhalosa go dirisiwa ga ai·oʹnes (mo bontsing) mo go Bahebere 1:2. Ka jalo mafoko “tsamaiso ya dilo” a dumalana le mokwalo wa ntlhantlha wa Segerika.

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Baebele e ne ya bolelela pele eng kaga ditiragalo tsa lefatshe fa Keresete a simolola go busa?

Ke dilo dife tse dingwe tse di supang metlha ya bofelo?

Ke eng se se go tlhatswang pelo gore metlha eno ke ya bofelo?

[Lebokoso mo go tsebe 102]

DIKAROLO DINGWE TSA METLHA YA BOFELO

• Dintwa tse di iseng di ko di nne pele.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:4.

• Mauba.—Mathaio 24:7; Tshenolo 6:5, 6, 8.

• Dikgogodi tsa bolwetse.—Luke 21:11; Tshenolo 6:8.

• Go oketsega ga tlolomolao.—Mathaio 24:12.

• Go senngwa ga lefatshe.—Tshenolo 11:18.

• Dithoromo tsa lefatshe.—Mathaio 24:7.

• Dipaka tse di tlhokofatsang.—2 Timotheo 3:1.

• Go rata madi mo go feteletseng.—2 Timotheo 3:2.

• Go sa utlwe batsadi.—2 Timotheo 3:2.

• Go tlhoka lorato lwa tlholego.—2 Timotheo 3:3.

• Go rata menate go na le go rata Modimo.—2 Timotheo 3:4.

• Go tlhoka boikgapo.—2 Timotheo 3:3.

• Go sa rate molemo ka gope.—2 Timotheo 3:3.

• Go sa tseye tsia kotsi e e tlang.—Mathaio 24:39.

• Ba ba kgalang ba tlhokomologa bosupi jwa gore metlha eno ke ya bofelo.—2 Petere 3:3, 4.

• Bogosi jwa Modimo bo rerwa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:14.

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 101]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela