LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rq thuto 10 ts. 20-21
  • Ditiro Tse Modimo o di Ilang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiro Tse Modimo o di Ilang
  • Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsala Tsa Modimo ga di Dire se se Bosula
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Tila Serai sa go Betšha
    Tsogang!—2002
  • Go Betšha
    Tsogang!—2015
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Modimo o Batla Gore re Direng?
rq thuto 10 ts. 20-21

Thuto 10

Ditiro Tse Modimo o di Ilang

O tshwanetse gore o ikutlwe jang ka dilo tse Modimo a reng di bosula? (1)

Ke mefuta efe ya boitsholo jwa tlhakanelodikobo e e sa siamang? (2)

Mokeresete o tshwanetse go leba jang go aka? (3) go betšha? (3) go utswa? (3) thubakanyo? (4) tirisabadimo? (5) botagwa? (6)

Motho a ka kgaogana jang le ditlwaelo tse di bosula? (7)

1. Batlhanka ba Modimo ba rata se se siameng. Mme lefa go ntse jalo ba tshwanetse gape ba ithuta go ila se se bosula. (Pesalema 97:10) Se se raya gore ba tshwanetse go tila ditiro dingwe tse Modimo a di ilang. Dingwe tsa ditiro tseo ke eng?

2. Kgokafalo: Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, boaka, go tlhakanela dikobo le diphologolo, go tlhakanela dikobo le wa losika le bosotoma, dilo tseno tsotlhe ke maleo a a masisi mo Modimong. (Lefitiko 18:6; Baroma 1:26, 27; 1 Bakorinthe 6:9, 10) Fa batho ba babedi ba bong bo sele ba nna mmogo mme ba sa nyalana, ba tshwanetse gore ba kgaogane kgotsa ba nyale kafa molaong.—Bahebere 13:4.

3. Go Aka, Go Betšha, Go Utswa: Jehofa Modimo ga a ka ke a aka. (Tito 1:2) Batho ba ba batlang gore a ba amogele ba tshwanetse go tila go bua maaka. (Diane 6:16-19; Bakolosa 3:9, 10) Tsela nngwe le nngwe ya go betšha e tletse bogagapa. Ka jalo, Bakeresete ga ba nne le seabe mo mofuteng ope fela wa go betšha, o o ntseng jaaka lotari, go taboga ga dipitse le bingo. (Baefeso 5:3-5) E bile Bakeresete ga ba utswe. Ga ba reke dilo tse di utswilweng ba ntse ba itse gore di utswilwe kana go tsaya dilo ba sa di kopa.—Ekesodo 20:15; Baefeso 4:28.

4. Bogale, Thubakanyo: Bogale jo bo sa laolweng bo dira gore motho a dire ditiro tsa thubakanyo. (Genesise 4:5-8) Motho yo o ratang thubakanyo a ka se ka a nna tsala ya Modimo. (Pesalema 11:5; Diane 22:24, 25) Ga go a siama go ipusolosetsa kana go direla batho ba ba re diretseng dilo tse di bosula ka mo go tshwanang.—Diane 24:29; Baroma 12:17-21.

5. Mereo ya Boselamose le Tirisabadimo: Batho ba ba bangwe ba batla thuso ya maatla a meya go leka go fodisa malwetse. Ba bangwe ba tseanya baba ba bone ka mereo ya boselamose gore ba lwale kana le e leng go ba bolaya. Satane ke ene a tlhotlheletsang ditiro tseno tsotlhe. Ka jalo Bakeresete ga ba a tshwanela go nna le seabe sepe mo go tsone. (Duteronome 18:9-13) Go atamalana le Jehofa ke tsela e e molemolemo e re ka itshireletsang ka yone gore batho ba bangwe ba se ka ba kgona go re tseanya ka mereo.—Diane 18:10.

6. Botagwa: Ga go phoso go nwa beine e nnye, biri, kana majalwa a mangwe. (Pesalema 104:15; 1 Timotheo 5:23) Mme go nwa thata le go tagwa go phoso mo matlhong a Modimo. (1 Bakorinthe 5:11-13; 1 Timotheo 3:8) Go nwa thata go ka senya botsogo jwa gago e bile go ka thuba lelapa la gago. Mme gape go ka dira gore o ineele ka bonako fa o raelwa.—Diane 23:20, 21, 29-35.

7. Batho ba ba dirang dilo tse Modimo a reng di bosula ga “ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.” (Bagalatia 5:19-21) Fa o rata Modimo tota mme o batla go mo kgatlha, o ka kgona go ikgaoganya le dilo tseno. (1 Johane 5:3) Ithute go ila dilo tse Modimo a reng di bosula. (Baroma 12:9) Nna tsala le batho ba ba nang le mekgwa ya bomodimo. (Diane 13:20) Fa o nna tsala le Bakeresete ba ba godileng semoyeng go ka go thusa. (Jakobe 5:14) Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, ikaege ka thuso ya Modimo ka go mo rapela.—Bafilipi 4:6, 7, 13.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Modimo o ila botagwa, go utswa, go betšha, le ditiro tsa thubakanyo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela