Thuto 12
Go Tlotla Botshelo le Madi
Re tshwanetse go leba jang botshelo? (1) go ntsha mpa? (1)
Bakeresete ba bontsha jang gore ba kelotlhoko? (2)
A go phoso go bolaya diphologolo? (3)
Ke ditiro dife tse di sa supeng go tlotla botshelo? (4)
Molao wa Modimo wa reng ka madi? (5)
A seno se akaretsa go tshelwa madi? (6)
1. Jehofa ke Motswedi wa botshelo. Dilo tsotlhe tse di tshelang di tshela ka ntlha ya Modimo. (Pesalema 36:9) Botshelo bo boitshepo mo Modimong. Le e leng botshelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe yo o mo teng ga mmaagwe bo botlhokwa mo go Jehofa. Go bolaya ngwana yo o ntseng jalo yo o ntseng a gola ka boomo go phoso mo matlhong a Modimo.—Ekesodo 21:22, 23; Pesalema 127:3.
2. Bakeresete ba boammaaruri ba akanya thata ka pabalesego. Ba tlhomamisa gore dikoloi tsa bone le matlo a bone ga a kotsi. (Duteronome 22:8) Batlhanka ba Modimo ga ba tsenye matshelo a bone mo kotsing go sa tlhokege e le fela go ijesa monate kana ka ntlha ya go batla go ikgatlha. Ka jalo, ga ba nne le seabe mo metshamekong e e kotsi e e utlwisang batho ba bangwe botlhoko ka boomo. Ba tila boitlosobodutu jo bo kgothaletsang thubakanyo.—Pesalema 11:5; Johane 13:35.
3. Botshelo jwa phologolo le jone bo boitshepo mo Mmoping. Mokeresete a ka nna a bolaya diphologolo go bona dijo le diaparo kana go itshireletsa mo malwetseng le mo dikotsing. (Genesise 3:21; 9:3; Ekesodo 21:28) Mme lefa go ntse jalo, go phoso go sotla diphologolo kana go di bolaya mo motshamekong kana ka ntlha ya monate fela.—Diane 12:10.
4. Bakeresete ga ba a tshwanela go goga, go ja betel nut le go dirisetsa diokobatsi monate fela. Dilo tseno di phoso ka gonne (1) di dira gore re nne makgoba a tsone, (2) di gobatsa mebele ya rona, e bile (3) di leswe. (Baroma 6:19; 12:1; 2 Bakorinthe 7:1) Go ka nna boima thata go tlogela ditlwaelo tseno. Mme re tshwanetse go di tlogela gore re itumedise Jehofa.
5. Madi le one a boitshepo mo matlhong a Modimo. Modimo a re sebele kana botshelo bo mo mading. Ka jalo, go phoso go ja madi. E bile go phoso go ja nama ya phologolo e e sa tshololwang madi sentle. Fa phologolo e betilwe kana e swela mo serung ga e a tshwanela go jewa. Fa e tlhabiwa ka lerumo kana e thuntshitswe, e tshwanetse go tshololwa madi ka bonako fa e le gore e tla jewa.—Genesise 9:3, 4; Lefitiko 17:13, 14; Ditiro 15:28, 29.
6. A go phoso go dumela go tshelwa madi? Gakologelwa gore Jehofa o batla gore re ithibe mo mading. Se se raya gore ga re a tshwanela ka tsela epe go tsenya madi a motho ope mo mebeleng ya rona le e leng madi a rona ka borona a a beilweng gongwe. (Ditiro 21:25) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go dumela go tshelwa madi. Ba tla dumela kalafi ya mefuta e mengwe e e ka dirisiwang mo boemong jwa madi. Ba batla go tshela, mme ga ba kitla ba leka go boloka botshelo jwa bone ka go tlola molao wa Modimo.—Mathaio 16:25.
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Go itumedisa Modimo, re tshwanetse gore re tile go tshelwa madi, mekgwa e e seng phepa le dikotsi tse di sa tlhokegeng