LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ie ts. 21
  • Ke Eng fa re Swa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Swa?
  • Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlola Molao go Lere Loso
  • “Loso lo ne Lwa Anamela Kwa Bathong Botlhe”
  • Goreng re Tsofala e Bile re Swa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Loso lo Tla Nyelediwa, e le Mmaba wa Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Jesu o a Boloka—jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Loso le Tsogo ya ga Jesu—Di ka Go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?
ie ts. 21

Ke Eng fa re Swa?

“Mo ditlhoeng tsa dithaba tsotlhe jaanong go rena tidimalo fela, mo godimodimo ga ditlhare motho ga a utlwe le fa e le mokgwasanyana; dinonyane mo ditlhareng di ithobaletse: leta; go ise go ye kae le wena o tla bo o ikhuditse.”—JOHANN WOLFGANG VON GOETHE, MMOKI WA MOJEREMANE.

1, 2. (a) Batho ba bopilwe ba na le keletso ya eng? (b) Banyalani ba ntlha ba ne ba tshela botshelo jo bo ntseng jang?

MODIMO o bopile batho ba na le keletso ya go tshelela ruri. E bile tota, Baebele e bolela gore o ne a tsenya “keletso ya go tshela ka bosakhutleng mo dipelong tsa bone.” (Moreri 3:11, Beck) Le fa go ntse jalo, Modimo ga a bopa batho ba na le keletso ya go tshelela ruri fela. Gape o ne a ba naya tshono ya go dira jalo.

2 Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba bopilwe ba itekanetse, ba se na bogole bope mo tlhaloganyong le mo mmeleng. (Duteronome 32:4) Akanya fela—ba se na matlhoko le ditlhabi tse di sa foleng, ba se na poifo kana go tlhobaela! Mo godimo ga moo, Modimo o ne a ba baya mo legaeng le lentle la paradaise. Maikaelelo a Modimo e ne e le gore motho a tshele ka bosakhutleng le gore fa go ntse go ya lefatshe le tlale ka bana ba gagwe ba ba itekanetseng. (Genesise 1:31; 2:15) Mme he, ke eng fa re swa?

Go Tlola Molao go Lere Loso

3. Gore Adame le Efa ba tshele ka bosakhutleng go ne go ikaegile ka eng?

3 Modimo o ne a laela Adame jaana: “O ka ja fela setlhare sengwe le sengwe sa tshimo ka go rata; mme setlhare sa kitso ya molemo le bosula, sone o se ka wa se ja gonne ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.” (Genesise 2:16, 17) Ka jalo gore Adame le Efa ba tshele ka bosakhutleng, go ne go tlhokega sengwe; go ne go tlhokega gore ba ikobele Modimo.

4. Fa Adame le Efa ba ne ba leofa, ke ka ntlha yang fa ba ile ba latlhegelwa ke tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng?

4 Le fa go ntse jalo, ka maswabi, Adame le Efa ba ne ba tlola molao wa Modimo. (Genesise 3:1-6) Ka go dira jalo, e ne ya nna baleofi, ka gonne “boleo ke bosenangmolao.” (1 Johane 3:4) Ka ntlha ya seo, Adame le Efa ba ile ba se ka ba tlhola ba nna le tsholofelo ya botshelo jo bosakhutleng. Ka ntlha yang? Ka gonne ‘dituelo tsa boleo ke loso.’ (Baroma 6:23) Ka gone, fa Modimo a ne a bolelela Adame le Efa katlholo ya bone, o ile a re: “O lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.” Ka nako eo batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba lelekwa mo legaeng la bone la Paradaise. Ka letsatsi le ba neng ba leofa ka lone, Adame le Efa ba ne ba simolola go swa ka iketlo.—Genesise 3:19, 23, 24.

“Loso lo ne Lwa Anamela Kwa Bathong Botlhe”

5. Go tlile jang gore loso lo anamele mo bathong botlhe?

5 Jaanong boleo bo ne bo remeletse kwa tengteng ga dijini tsa ga Adame le Efa. Ka gone, ba ne ba ka se ka ba tshola bana ba ba itekanetseng fela jaaka fa foromo e e sokameng e ka se ka ya kgona go tlhagisa ditena tse di tlhamaletseng. (Jobe 14:4) Ee ruri, go tsholwa ga motho mongwe le mongwe go tlhomamisa kgang ya gore batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba latlhegelwa ke botsogo jo bo itekanetseng le botshelo jwa bone jo bosakhutleng le jwa bana ba bone. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a kwala jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, mme ka gone loso lo ne lwa anamela mo bathong botlhe ka gonne botlhe ba leofile.”—Baroma 5:12; bapisa Pesalema 51:5.

6. Ke eng fa re swa?

6 Gompieno borasaense ga ba tlhaloganye gore tota ke eng fa batho ba tsofala e bile ba swa. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore re swa ka gonne re tsholwa re na le boleo, re gotsitse boemo jono mo batsading ba rona ba ntlha. Mme gone, go direga eng ka rona fa re swa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela