LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-1 kgao. 17 ts. 215-229
  • “Babelona o Ole!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Babelona o Ole!”
  • Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ponatshegelo e e Thata”
  • “O Ole!”
  • Go Botsa ka Molebedi
  • Go Nna Bosigo mo Lebaleng le le Sekaka
  • Go Dira le Molebedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jehofa o Kokobetsa Motse o o Ikgodisang
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Bodumedi Jwa Maaka—Bokhutlo Jwa Jone jo bo Gakgamatsang bo Bonelwa Pele
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Go Senngwa ga Motse o Mogolo
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
ip-1 kgao. 17 ts. 215-229

Kgaolo ya Lesomesupa

“Babelona o Ole!”

Isaia 21:1-17

1, 2. (a) Setlhogo se segolo sa Baebele ke eng, mme ke setlhogwana sefe sa botlhokwa se se fitlhelwang mo go Isaia? (b) Baebele e tlhalosa jang setlhogo sa go wa ga Babelona?

KA TSELA nngwe, Baebele e ka tshwantshiwa le mmino o o tlhamilweng bontle o o nang le setlhogo se segolo le ditlhogo tse dipotlana tse di tsenyeditsweng go thusa gore mmino otlhe o tlhomologe. Ka tsela e e tshwanang, Baebele e na le setlhogo se segolo—go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ka puso ya Bogosi jwa ga Mesia. Gape e na le ditlhogo tse dingwe tsa botlhokwa tse di tlang di tlhagelela. Sengwe sa tsone ke go wa ga Babelona.

2 Go buiwa ka setlhogo seo mo go Isaia kgaolo 13 le 14. Se tlhaga gape mo go kgaolo 21 se bo se boa se tlhaga mo go kgaolo 44 le kgaolo 45. Dingwaga di le lekgolo moragonyana, Jeremia o atolosa sone setlhogo seno, mme buka ya Tshenolo e se konela ka tsela e e tlhomologileng. (Jeremia 51:60-64; Tshenolo 18:1–19:4) Moithuti mongwe le mongwe yo o tlhoafetseng wa Baebele o tshwanetse a tshwenyega ka setlhogwana seno sa botlhokwa sa Lefoko la Modimo. Isaia kgaolo 21 e a thusa mo ntlheng eno, gonne e naya tshedimosetso e e kgatlhang kaga go wa mo go porofetilweng ga mmuso o mogolo oo wa lefatshe. Moragonyana, re tla bona gore Isaia kgaolo 21 e gatelela setlhogo se sengwe sa botlhokwa sa Baebele—se se re thusang go sekaseka kafa rona Bakeresete re tlhagafetseng ka teng gompieno.

“Ponatshegelo e e Thata”

3. Ke ka ntlha yang fa Babelona e bidiwa “naga ya lewatle,” mme leina leo le bolela eng se se bosula ka isagwe ya gagwe?

3 Isaia kgaolo 21 e simolola ka mafoko a a bolelelang pele sengwe se se bosula: “Polelo kgatlhanong le naga ya lewatle: E fetela pele jaaka diphefo tsa matsubutsubu kwa borwa, e tswa kwa nageng, kwa lefatsheng le le boitshegang.” (Isaia 21:1) Babelona e tsentse Noka ya Euferatese fa gare, e re ka sephatlo sa yone se se kwa botlhaba se le mo karolong e e fa gare ga dinoka tse pedi tse dikgolo tsa Euferatese le Tigris. E sekgalanyana go tswa mo lewatleng ka bolone. Ke ka ntlha yang he, fa e bidiwa “naga ya lewatle”? Ka gonne karolo ya Babelona e kile ya bo e rwalelela ngwaga le ngwaga, e dira “lewatle” le legolo le le ditsobotla. Le fa go ntse jalo, Bababelona ba ile ba laola naga eno e e tletseng metsi ka go dira thulaganyo e e raraaneng ya dipota, mesele le diforo. Ba dirisa metsi ano ka botlhale go nna karolo ya tshireletso ya motse. Le fa go ntse jalo, ga go na ditiro dipe tsa motho tse di tla namolang Babelona mo katlholong ya Modimo. E ne e le naga—mme o tla nna naga gape. O lebanwe ke masetlapelo, a a ntseng a bopega jaaka nngwe ya diphefo tse di bogale tsa matsubutsubu tse di a tleng di foke mo Iseraele di tswa kwa nageng e e boifisang ya borwa.—Bapisa Sekarea 9:14.

4. Ponatshegelo e e mo go Tshenolo ya “Babelona o Mogolo” e akaretsa “metsi” le “naga” jang, mme “metsi” a kaya eng?

4 Jaaka re utlwile mo go Kgaolo 14 ya buka eno, Babelona wa bogologolo o na le se a tshwanang le sone gompieno—“Babelona o Mogolo,” mmuso o mogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Mo go Tshenolo, Babelona o Mogolo le ene o tlhalosiwa a amana ka tsela nngwe le “naga” le “metsi.” Moaposetoloi Johane o isiwa kwa nageng go ya go bontshiwa Babelona o Mogolo. O bolelelwa gore Babelona o “[nna] mo metsing a mantsi” a a tshwantshetsang “batho le boidiidi le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 17:1-3, 5, 15) Go tshegediwa ke batho ba le bantsi ke gone go ntseng go thusa bodumedi jwa maaka go tswelela pele, mme kwa bofelong “metsi” ao ga a kitla a mo sireletsa. Jaaka setshwani sa gagwe sa bogologolo, o tla felela a se na sepe, a tlhokomologilwe, e bile a swafetse.

5. Go tla jang gore Babelona a itsiwe e le “yo o dirang ka boferefere” le “mothopi”?

5 Mo motlheng wa ga Isaia Babelona ga a ise a nne mmuso o mogolo wa lefatshe mme Jehofa o setse a bonela pele gore fa nako ya gagwe e tla, ga a ne a dirisa maatla a gagwe sentle. Isaia o tswelela jaana: “Go na le ponatshegelo e e thata e ke e boleletsweng: Motho yo o dirang ka boferefere o dira ka boferefere, le mothopi o a thopa.” (Isaia 21:2a) Ruri Babelona o tla thopa a bo a tsietse ditšhaba tse a di fenyang, go akaretsa Juda. Bababelona ba tla thopa Jerusalema, ba thope tempele ya yone, mme ba ise batho ba yone botshwarwa kwa Babelona. Fa ba le koo, batshwarwa bano ba ba tlhomolang pelo ba tla tshwarwa setlhogo, ba sotlelwe tumelo ya bone, mme ba sa newe tsholofelo epe ya gore ba tla boela kwa nagagaeng ya bone.—2 Ditiragalo 36:17-21; Pesalema 137:1-4.

6. (a) Jehofa o tla khutlisa go fegelwa gofe? (b) Ke ditšhaba dife tse go bolelelwang pele gore di tlhasela Babelona, mme seno se diragadiwa jang?

6 Ee, ruri Babelona o tshwanelwa ke “ponatshegelo [eno] e e thata,” e e tla kayang gore o tlelwa ke dinako tse di boima. Isaia o tswelela jaana: “Tlhatloga, wena Elama! Dikanyetsa, wena Media! Ke khutlisitse go fegelwa gotlhe mo go bakwang ke ene.” (Isaia 21:2b) Ba ba gateletsweng ke mmusomogolo ono o o bosula ba tla gololesega. Kgabagare, go fegelwa ga bone go tla fela! (Pesalema 79:11, 12) Kgololesego eno e tla tswa kae? Isaia o umaka ditšhaba tse pedi tse di tla tlhaselang Babelona: Elama le Media. Makgolo a le mabedi a dingwaga moragonyana, ka 539 B.C.E., Kurose wa Moperesia o tla etelela pele mophato o o kopaneng wa Baperesia le Bameda kgatlhanong le Babelona. Fa e le Elama yone, dikgosi tsa Peresia di tla gapa bobotlana karolo ya naga eo pele ga 539 B.C.E.a Ka gone masole a Baperesia a tla akaretsa Baelama.

7. Ponatshegelo ya ga Isaia e mo ama jang, mme seo se supa eng?

7 Tlhokomela gore Isaia o tlhalosa jang kafa ponatshegelo eno e mo amang ka teng: “Ke gone ka moo dinōka tsa me di tletseng ditlhabi tse di botlhoko thata. Ke tshwerwe ke ditlhabi, jaaka ditlhabi tsa mosadi yo o belegang. Ke tlhakatlhakane mo e leng gore ga ke utlwe; ke fuduegile mo e leng gore ga ke bone. Pelo ya me e kgarakgatshegile; le go roroma go ntshositse. Lotlatlana lo ke neng ke lo rata lo dirilwe sengwe se se mpoifisang.” (Isaia 21:3, 4) Go lebega moporofeti a itumelela nako ya lotlatlana, nako e e monate ya go tlhatlhanya ka tidimalo. Mme jaanong nako ya phirimo ya letsatsi ga e tlhole e le monate, go na le moo e tlisa poifo fela le botlhoko le go roroma. O tshwerwe ke ditlhabi tse di jaaka tsa mosadi yo o belegang, mme pelo ya gagwe “e kgarakgatshegile.” Mokanoki mongwe o ranola polelwana eno a re “pelo ya me e itaya thata,” a bontsha gore polelwana eno e kaya “go itaya thata ga pelo ka tsela e e sa tlwaelegang.” Ke ka ntlha yang fa a tlaletswe jaana? Go bonala maikutlo a ga Isaia e le a boporofeti. Mo bosigong jwa October 5/6, 539 B.C.E., Bababelona ba tla nna le letshogo le le ntseng jalo.

8. Jaaka go porofetilwe, Bababelona ba itshwara jang, le fa baba ba bone ba le kafa ntle ga dipota?

8 Fa go nna lefifi mo bosigong joo jwa ditiragalo, Bababelona ga ba akanye gore go na le sengwe se se ka ba tshosang. Isaia o bolelela pele jaana makgolo a le mabedi a dingwaga pele ga nako eo: “A tafole e baakanngwe, go rulaganngwe manno a ditulo, go jewe, go nowe!” (Isaia 21:5a) Ee, Kgosi Beleshasare yo o ikgodisang o dirile mokete. Go baakantswe ditulo tsa bagolwane ba gagwe ba le sekete le tsa basadi ba gagwe ba bantsi le bagadingwana ba gagwe. (Daniele 5:1, 2) Batho bano ba ba mo monateng ba a itse gore go na le masole kafa ntle ga dipota, mme ba dumela gore motse wa bone ga o ka ke wa tsenelelwa. Dipota tsa gagwe tse di boitshegang le mosele o o boteng di dira gore go lebege e kete go ka se kgonege gore o thopiwe; medimo ya gagwe e mentsi e dira gore go bonale go ka se ka ga kgonega. Ka jalo a “go jewe, go nowe!” Beleshasare o a tagwa, mme gongwe ga a dire jalo a le nosi. Go tagwa ga badiredibagolo bano go bontshiwa ke gore ba tlhoka go tsosiwa, jaaka mafoko a a latelang a ga Isaia a bontsha ka tsela ya boporofeti.

9. Ke eng fa go tlhokega go ‘tlotsa thebe’?

9 “Nanogang, lona dikgosana, tlotsang thebe.” (Isaia 21:5b) Ka tshoganetso, mokete o fedile. Dikgosana di tshwanetse tsa nanoga! Moporofeti Daniele yo o tsofetseng o bileditswe kwa lefelong leno, mme o bona kafa Jehofa a tsenyang Kgosi Beleshasare wa Babelona ka teng mo seemong sa poifo se se tshwanang le se se tlhalositsweng ke Isaia. Bagolwane ba kgosi ba tlhakana tlhogo fa masole a a kopaneng a Bameda, Baperesia le Baelama ba phunyeletsa dilo tse motse o itshireleditseng ka tsone. Babelona o wa ka bofefo! Le fa go ntse jalo, ‘go tlotsa thebe’ go kaya eng? Ka dinako tse dingwe Baebele e bitsa kgosi ya setšhaba e re ke thebe ya sone ka gonne ke ene a femelang le go sireletsa naga.b (Pesalema 89:18) Ka jalo temana eno e e mo go Isaia e ka tswa e bolelela pele gore go tlhokega kgosi e ntšha. Ka ntlha yang? Ka gonne Beleshasare o bolawa mo go “jone bosigo joo.” Ka jalo, go tlhokega gore go ‘tlodiwe thebe,’ kana go tlhomiwe kgosi e ntšha.—Daniele 5:1-9, 30.

10. Baobamedi ba ga Jehofa ba ka gomodiwa jang ke go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Isaia kgatlhanong le yo o dirang ka boferefere?

10 Batho botlhe ba ba ratang kobamelo ya boammaaruri ba ikgomotsa ka pego eno. Babelona wa motlha wa gompieno, Babelona o Mogolo, o dira ka boferefere e bile o thopa fela jaaka setshwani sa gagwe sa motlha wa bogologolo se ne se dira. Le gompieno tota baeteledipele ba bodumedi ba loga maano a gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe, ba bogisiwe, kana ba duedisiwe lekgetho go ba otlhaya. Mme jaaka boporofeti jono bo re gopotsa, Jehofa o bona ditiro tsotlhe tse di ntseng jalo tsa boferefere, mme ga a kitla a di tlogelela fela. O tla fedisa madumedi otlhe a a mo senyang leina le a a bogisang batho ba gagwe. (Tshenolo 18:8) A seo se ka kgonega? Go nonotsha tumelo ya rona, re tlhoka fela go bona kafa ditlhagiso tsa gagwe malebana le go wa ga Babelona wa bogologolo le ga setshwani sa gagwe sa motlha wa jaanong go setseng go diragaditswe ka gone.

“O Ole!”

11. (a) Boikarabelo jwa molebedi ke eng, mme ke mang yo o ntseng a direla jaaka molebedi gompieno? (b) Kara ya ntwa ya diesele le ya dikamela di emela eng?

11 Jaanong Jehofa o bua le moporofeti. Isaia o bega jaana: “Jehofa o ntheile a re: ‘Tsamaya, tlhoma molebedi gore a bolele sone fela se a se bonang.’” (Isaia 21:6) Mafoko ano a simolola setlhogo se sengwe sa botlhokwa sa kgaolo eno—sa molebedi, kana modisa. Seno se ama Bakeresete botlhe ba boammaaruri gompieno, gonne Jesu o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba ‘nne ba disitse.’ “Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” ga a ise a ko a emise go bolela se a se bonang malebana le kafa letsatsi la Modimo la katlholo le leng gaufi ka teng le dikotsi tsa lefatshe leno le le bodileng. (Mathaio 24:42, 45-47) Molebedi yo o mo ponatshegelong ya ga Isaia o bona eng? “A bona kara ya ntwa e na le sepane sa dipitse tsa ntwa, kara ya ntwa ya diesele, kara ya ntwa ya dikamela. Mme a ela tlhoko thata, ka kelotlhoko e kgolo.” (Isaia 21:7) Dikara tseno tsa ntwa tse di tsamayang ka bongwe ka bongwe di ka tswa di tshwantshetsa mekoloko ya dikara tse di tlang di tlhomaganetse tlhabano ka lobelo lwa dipitse tse di thapisitsweng. Go a tshwanela go bo kara ya ntwa ya diesele le ya dikamela di emela mebuso e mebedi, Media le Peresia, e e tla kopanang go dira tlhaselo eno. Mo godimo ga moo, hisitori e tlhomamisa gore masole a Peresia a ne a dirisa diesele mmogo le dikamela mo ntweng.

12. Molebedi wa ponatshegelo ya ga Isaia o na le dinonofo dife, mme ke bomang ba ba tlhokang dinonofo tseo gompieno?

12 Go tswa foo, molebedi o tshwanelwa ke go ntsha pego. “A tlhaeletsa jaaka tau: ‘Ke eme mo toreng ya tebelo ka metlha motshegare, Jehofa, gape ke eme mo lefelong la me la go lebelela masigo otlhe. Mme bona, jaanong go tla kara ya ntwa ya banna, ka sepane sa dipitse tsa ntwa!’” (Isaia 21:8, 9a) Molebedi yo o mo ponatshegelong o tlhaeletsa ka bopelokgale, “jaaka tau.” Go tlhaeletsa molaetsa wa katlholo kgatlhanong le setšhaba se se boitshegang jaaka Babelona go tlhoka bopelokgale. Go na le se sengwe gape se se tlhokegang—boitshoko. Molebedi o nna mo maemong a gagwe motshegare le bosigo, le ka motlha a sa letle gore go nna kelotlhoko ga gagwe go fele. Ka tsela e e tshwanang, setlhopha sa molebedi mo metlheng eno ya bofelo se ile sa tlhoka bopelokgale le boitshoko. (Tshenolo 14:12) Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tlhoka dinonofo tseno.

13, 14. (a) Babelona wa bogologolo o dira jang, mme medingwana ya gagwe e thubiwa ka tsela efe? (b) Babelona o Mogolo o ne a wa ka tsela e e tshwanang jang le gone leng?

13 Molebedi yo o mo ponatshegelong ya ga Isaia o bona kara ya ntwa e tla. Dikgang tsa reng? “A simolola go bua a re: ‘O ole! Babelona o ole, le ditshwantsho tsotlhe tse di betlilweng tsa medimo ya gagwe o di thubaganyeditse fa fatshe!’” (Isaia 21:9b) A pego e e kgatlhang ruri! Kgabagare, mothupi yono wa leferefere wa batho ba Modimo o ole!c Le fa go ntse jalo, ditshwantsho le medingwana ya Babelona e thubaganngwa jang? A batlhasedi ba Bameda le Baperesia ba tla gwantela mo teng ga ditempele tsa Babelona ba bo ba thubaganya medingwana ya tsone e mentsintsi? Nnyaa, ga go tlhokege sepe se se ntseng jalo. Medingwana ya Babelona e tla thubaganngwa ka go re e senolwe e se na maatla a go sireletsa motse. Mme Babelona o tla wa fa a setse a sa kgone go tswelela pele a gatelela batho ba Modimo.

14 Go tweng ka Babelona o Mogolo? Ka go loga maano a gore batho ba Modimo ba gatelelwe mo Ntweng ya Lefatshe I, tota o ne a ba isa botshwarong ka nakwana. Tiro ya bone ya go rera e ne ya batla e ema tsi! Poresidente le badiredibagolo bangwe ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka. Mme ka 1919 go ne ga diragala phetogo e kgolo. Badiredibagolo bao ba ne ba gololwa mo kgolegelong, ofisi ya ntlokgolo e ne ya bulwa gape, mme tiro ya go rera ya simolola sesha. Ka gone, Babelona o Mogolo o ne a wa ka kgopolo ya gore o ne a sa tlhole a tshwere batho ba Modimo.d Mo go Tshenolo, go wa jalo go bolelwa gabedi ke moengele a dirisa mafoko a kitsiso e e mo go Isaia 21:9.—Tshenolo 14:8; 18:2.

15, 16. Batho ba gaabo Isaia ke ‘ba ba phothilweng’ ka tsela efe, mme re ka ithuta eng mo tseleng e Isaia a ba lebang ka yone?

15 Isaia o konela molaetsa ono wa boporofeti ka go bua ka bopelotlhomogi le batho ba gagabo. A re: “Lona batho ba me ba lo phothilweng le morwa seboana sa me, ke lo begetse se ke se utlwileng mo go Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele.” (Isaia 21:10) Mo Baebeleng, gantsi go photha go tshwantshetsa go otlhaiwa le go ntlafadiwa ga batho ba Modimo. Batho ba kgolagano ya Modimo ba tla nna ‘barwa ba seboana,’ mo korong e ntshiwang mo morokong teng, go bo go sala ditlhaka tse di phepafaditsweng fela, tse di eletsegang. Ga se gore Isaia o kgatlhiwa ke kotlhao eno. Go na le moo, o utlwela ‘barwa bano ba seboana’ ba nako e e tlang botlhoko, ka bangwe ba bone ba tla fetsa botshelo jotlhe jwa bone e le batshwarwa mo nageng e sele.

16 Seno e ka nna kgopotso e e ka re solegelang molemo rotlhe. Mo phuthegong ya Bokeresete gompieno, bangwe ba ka nna ba se ka ba utlwela badiraphoso botlhoko. Mme gantsi ba ba newang kotlhao ba ka nna ba e gana. Le fa go ntse jalo, fa re sa lebale gore Jehofa o otlhaya batho ba gagwe gore a ba ntlafatse, ga re kitla re nyatsa kotlhao le batho ba ba e ikokobeletsang e bile ga re kitla re e gana fa re e newa. A re amogeleng kotlhao ya Modimo re e tsaya e le sesupo sa lorato lwa Modimo.—Bahebera 12:6.

Go Botsa ka Molebedi

17. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore Edoma a bo a bidiwa “Duma”?

17 Molaetsa wa bobedi wa boporofeti wa Isaia kgaolo 21 o tlhalosa molebedi. O simolola jaana: “Polelo kgatlhanong le Duma: Go na le mongwe yo o ntlhaeletsang go tswa kwa Seire: ‘Molebedi, go tweng ka bosigo? Molebedi, go tweng ka bosigo?’” (Isaia 21:11) Duma eno e kwa kae? Go bonala gore go ne go na le metse e le mentsi ya leina leo mo metlheng ya Baebele, mme ga go tewe ope wa yone fano. Duma ga e kwa Seire, e e leng leina le lengwe la Edoma. Le fa go ntse jalo, “Duma” o kaya “Tidimalo.” Ka jalo go bonala gore, jaaka go ne go ntse mo polelong e e fetileng, kgaolo eno e newa leina le le buang ka isagwe ya yone. Edoma, e e sa bolong go nna mmaba yo o ratang go ipusolosetsa wa batho ba Modimo, o tla felela mo tidimalong—tidimalo ya loso. Le fa go ntse jalo, pele seo se diragala, bangwe ba tla botsa ka isagwe ba tshwenyegile.

18. Polelo ya “Moso o tshwanetse go tla, le bosigo,” e diragadiwa jang mo Edoma wa bogologolo?

18 Ka nako ya fa Isaia e kwalwa, Edoma e mo tseleng ya mophato o o nonofileng wa sesole sa Asiria. Bangwe kwa Edoma ba eletsa go itse gore bosigo jwa go gatelelwa ga bone bo tla fela leng. Karabo? “Molebedi a re: ‘Moso o tshwanetse go tla, le bosigo.’” (Isaia 21:12a) Ga go lebege dilo di tla tsamaela Edoma sentle. Marang a moso a tla bonala kwa kgaleng ya botlhaba, mme e tla bo e le ka nakwana, e se a mmatota. Ka bonako fela fa moso o fela go tla latela bosigo—motlha o mongwe gape o o lefifi wa go gatelelwa. A bo e le tshwantshetso e e tshwanelang jang ne ya isagwe ya Edoma! Kgatelelo ya Asiria e tla fela, mme Babelona o tla tlhatlhama Asiria e le mmuso wa lefatshe a bo a senya karolo e kgolo ya Edoma. (Jeremia 25:17, 21; 27:2-8) Tiragalo eno e tla ipoeletsa. Kgatelelo ya Babelona e tla latelwa ke kgatelelo ya Peresia go tswa foo go latele ya Gerika. Go tswa foo go tla nna le “moso” wa nakwana mo metlheng ya Roma, fa Boherode—ba e leng Baedoma—ba tla bo ba nna le taolo kwa Jerusalema. Mme “moso” oo ga o kitla o nnela ruri. La bofelo, Edoma o tla fologela ruri mo tidimalong, a nyelela mo hisitoring. Kgabagare leina Duma le tla bo le mo tlhalosa go tshwanela.

19. Fa molebedi a re, “Fa lo batla go botsa, botsang. Tlang gape!” o ka tswa a kaya eng?

19 Molebedi o konela molaetsa wa gagwe o mokhutshwane ka mafoko ano: “Fa lo batla go botsa, botsang. Tlang gape!” (Isaia 21:12b) Polelwana e e reng “Tlang gape!” e ka tswa e lebisitse mo ‘masigong’ a a tla tlelang Edoma ka go tlhomagana a sa fele. Kana ka gonne polelwana eno gape e ka ranolwa e le “boang,” moporofeti a ka tswa a bolela gore Baedoma bape ba ba batlang go falola masetlapelo a setšhaba ba tshwanetse ba ikotlhaya mme ba ‘boela’ kwa go Jehofa. Le fa e ka tswa e le eng, molebedi o ba laletsa gore ba tswelele pele ba botsa.

20. Ke ka ntlha yang fa polelo e e kwadilweng mo go Isaia 21:11, 12 e le botlhokwa mo bathong ba ga Jehofa gompieno?

20 Polelo eno e khutshwane e nnile le bokao jo bogolo mo bathong ba ga Jehofa mo metlheng ya gompieno.e Re a lemoga gore batho ba tsenetse kwa teng mo bosigong jo bo lefifi jwa bofofu jwa semoya le jwa go tlhobogana le Modimo jo bo tla felelang ka gore a fedise tsamaiso eno ya dilo. (Baroma 13:12; 2 Bakorintha 4:4) Mo nakong eno ya bosigo, matlhasedi ape a tsholofelo ya gore ka tsela nngwe motho a ka tlisa kagiso le polokesego, a tshwana le matlhasedi ale a e seng a mmatota a moso a a latelwang fela ke metlha e e lefifi le go feta. Masa a mmatota a ntse a atamela—masa a Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete e e tla busang lefatshe leno. Mme fa fela go sa ntse go le bosigo, re tshwanetse ra latela ketelelopele ya setlhopha sa molebedi ka go nna re thantse semoyeng le ka go itsise ka bopelokgale kafa bokhutlo jwa tsamaiso eno e e bosula bo leng gaufi ka teng.—1 Bathesalonika 5:6.

Go Nna Bosigo mo Lebaleng le le Sekaka

21. (a) Polelwana e e reng “polelo kgatlhanong le lebala le le sekaka” e ka tswa e le manatetshapuo ka tsela efe? (b) Ditlhopha tsa banna ba Dedane ke eng?

21 Polelo ya bofelo ya Isaia kgaolo 21 e kgatlhanong le “lebala le le sekaka.” E simolola jaana: “Polelo kgatlhanong le lebala le le sekaka: Lo tla lala bosigo mo lebaleng le le sekaka, lona ditlhopha tsa batsamai tsa batho ba Dedane.” (Isaia 21:13) Lebala le le sekaka le go buiwang ka lone go bonala e le Arabia, gonne polelo eno e lebisitswe mo ditsong di le mmalwa tsa Arabia. Lefoko le le kayang “lebala le le sekaka” ka dinako tse dingwe le ranolwa go twe “maitseboa,” e leng lefoko le le tshwanang le lone thata ka Sehebera. Bangwe ba akantsha gore seno ke manatetshapuo, jaaka e kete kgaolo eno e tloga e tlelwa ke maitseboa a a lefifi—nako ya mathata. Polelo eno e simolola ka tiragalo ya bosigo e e buang ka ditlhopha tsa banna ba Dedane, lotso lo lo tlhomologileng lwa Baarabia. Ditlhopha tseno tsa batsamai di tsamaya ka ditsela tsa kgwebo go tswa kwa lefelong lengwe le letalana mo sekakeng go ya kwa go le lengwe, di tshwere ditswaiso, diperela, le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo. Mme fano re bona ba patelesega go tlogela ditselana tsa bone tse ba tlwaetseng go tsamaya ka tsone gore ba lale ba iphitlhile. Ka ntlha yang?

22, 23. (a) Ditso tsa Arabia di tloga di welwa ke morwalo ofe o o bokete thata, mme seo se tla di ama jang? (b) Masetlapelo ano a tla tla mo nakong e kana kang, mme a tlisiwa ke mang?

22 Isaia o tlhalosa jaana: “Fa lo kgatlhantsha yo o nyorilweng, tlang ka metsi. Lona banni ba lefatshe la Tema, kgatlhantshang yo o tshabang lo mo tshwaretse senkgwe. Gonne ba tshabile ka ntlha ya ditšhaka, ka ntlha ya tšhaka e e somotsweng, le ka ntlha ya bora jo bo obilweng le ka ntlha ya go bifa ga ntwa.” (Isaia 21:14, 15) Ee, morwalo o o bokete wa ntwa o tla wela ditso tseno tsa Baarabia. Tema, e e leng mo go lengwe la mafelo a matalana mo sekakeng, le le nang le metsi a mantsi go feta mafelo a mangwe mo kgaolong eno, e patelesega go tlisetsa batshabi bano ba ntwa ba ba wetsweng ke mathata metsi le senkgwe. Mathata ano a tla tla leng?

23 Isaia o tswelela pele jaana: “Jehofa o ntheile a re: ‘Mo ngwageng fela, go ya ka dingwaga tsa modiri yo o thapilweng, kgalalelo yotlhe ya Kedare e tla khutla. Mme ba ba setseng ba palo ya banna ba bora, banna ba ba thata ba bomorwa Kedare, ba tla ngotlega, gonne Jehofa ka boene, Modimo wa Iseraele, o go buile.’” (Isaia 21:16, 17) Kedare ke lotso lo lo tlhomologileng mo e leng gore ka dinako tse dingwe lo dirisediwa go emela Arabia yotlhe. Jehofa o bone gore banna ba ba hulang mara le banna ba ba nonofileng ba lotso lono ba tla fela mme go sale masalela fela. Leng? “Mo ngwageng fela,” e seng go feta foo, fela jaaka modiri yo o thapilweng a sa dire go feta nako e a duelelwang go e dira. Ga go tlhomamisege gore tota seno sotlhe se ne sa diragadiwa jang. Babusi ba babedi ba Baasiria—Saregone II le Senakeribe—ba ne ba ipolela e le bone ba fentseng Arabia. Ope fela wa bone a ka tswa a ile a senya ditso tseno tse di ikgodisang tsa Arabia, jaaka go boleletswe pele.

24. Re ka tlhomamisega jang gore boporofeti jwa ga Isaia kgatlhanong le Arabia bo ne jwa diragadiwa?

24 Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore polelelopele eno e ne ya diragadiwa fela jaaka go boletswe. Mafoko a a konelang a polelo eno a tlhalosa ntlha eno sentle thata: “Jehofa ka boene, Modimo wa Iseraele, o go buile.” Mo bathong ba motlha wa ga Isaia, go ka nna ga lebega go sa dumelesege gore Babelona o tla nna kwa godimo ga Asiria go tswa foo a bo a digwa mo pusong ka bosigo bo le bongwe fela jwa tlhapelo. Go ka tswa go lebega go sa dumelesege fela jalo gore Edoma yo o maatla o tla felela mo tidimalong e kgolo kana gore ditso tse di humileng tsa Baarabia di tla welwa ke bosigo jwa mathata le go tlhoka. Mme Jehofa a re go tla diragala, mme go diragala fela jalo. Gompieno, Jehofa o re bolelela gore mmuso o mogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka o tla fedisiwa. Seno ga se selo se se ka nnang sa direga fela; ke sengwe se tota se tlileng go diragala. Jehofa ka boene o go buile!

25. Re ka etsa sekao sa molebedi jang?

25 Ka gone, a re nneng jaaka molebedi. A re nneng re thantse, jaaka e kete re beilwe mo toreng e e kwa godimo ya tebelo, re latlhela matlho kgakala gore re bone sesupo le fa e ka nna sefe fela sa gore go na le kotsi e e tlang. A re ikgolaganyeng thata le setlhopha se se ikanyegang sa molebedi, Bakeresete ba batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng gompieno. A re kopaneleng le bone re tlhaeletsa ka bopelokgale sone fela se re se bonang—bosupi jo bo phepafetseng jwa gore Keresete o a busa kwa legodimong; gore mo bogautshwaneng o tla khutlisa bosigo jo bo lefifi, jo botelele jwa go lomologana ga batho le Modimo; mme go tswa foo o tla tlisa bosa jwa mmatota, Puso ya Dingwaga Tse di Sekete mo lefatsheng la paradaise!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka dinako tse dingwe Kgosi ya Peresia e bong Kurose e ne e bidiwa “Kgosi ya Anshan”—Anshan e le kgaolo kana motse kwa Elama. Baiseraele ba motlha wa ga Isaia—mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E.—ba ka tswa ba ne ba sa tlwaela Peresia, mme ba ka tswa ba ne ba itse Elama. Leno e ka tswa e le lone lebaka la go bo Isaia fano a dirisa leina Elama e seng Peresia.

b Bakanoki ba le bantsi ba Baebele ba akanya gore mafoko a a reng “tlotsang thebe” a bua ka mokgwa wa bogologolo wa masole wa go tshasa dithebe tsa one tsa letlalo mafura pele ga ntwa gore bontsi jwa marumo a a kolopelwang mo go tsone a relele. Le fa seno e ka tswa e le tsela e re ka tlhalosang se se neng sa diragala ka yone, re tshwanetse ra lemoga gore mo bosigong jo motse o oleng ka jone, Bababelona ba ne ba se na nako ya go ka tlhabana, re sa bue sepe ka go ipaakanyetsa ntwa ka go tshasa dithebe tsa bone mafura!

c Boporofeti jwa ga Isaia malebana le go wa ga Babelona bo nepile tota mo eleng gore batshwayadiphoso bangwe ba Baebele ba ile ba bolela gore bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa kwalwa morago ga tiragalo eo. Mme jaaka mokanoki wa Mohebera e bong F. Delitzsch a bontsha, go kabakanya mo go ntseng jalo ga go tlhokege fa re dumela gore moporofeti a ka tlhotlhelediwa gore a bolelele pele ditiragalo makgolo a dingwaga pele di diragala.

d Bona Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, ditsebe 164-9.

e Mo dingwageng tsa ntlha tse 59 tsa go gatisiwa ga makasine wa Tora ya Tebelo, o ne o na le Isaia 21:11 mo khabareng ya one. Yone temana eno e ne e le setlhogo sa thero ya bofelo e e kwadilweng ya ga Charles T. Russell, poresidente wa ntlha wa Mokgatlho wa Watch Tower. (Bona setshwantsho se se mo tsebeng e e fetileng.)

[Setshwantsho mo go tsebe 219]

“A . . . go jewe, go nowe!”

[Setshwantsho mo go tsebe 220]

Molebedi “a tlhaeletsa jaaka tau”

[Setshwantsho mo go tsebe 222]

‘Ke eme ka metlha motshegare, le masigo otlhe’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela