Kgaolo ya Lesomerobedi
Dithuto Malebana Le go Sa Ikanyege
1. Go ka tswa go ne go ntse jang go nna mo teng ga motse wa bogologolo o o dikanyeditsweng?
AKANYA fela gore go ne go ntse jang go nna mo motseng wa bogologolo o o dikanyeditsweng. Mmaba o kafa ntle ga dipota—o nonofile e bile ga a na kutlwelobotlhoko. Wena o itse gore o setse a ripitlile metse e mengwe. Jaanong mmaba o ititeile sehuba go fenya motse wa lona a o thope a bo a betelele le go bolaya banni ba one. Masole a mmaba a nonofile thata mo lo ka se kang lwa tlhabana le one ka tlhamalalo; o solofela fela gore dipota tsa motse di tla a kganelela kwa ntle. Fa o leba ka kwa ga dipota, o bona ditora tsa go dikanyetsa tse mmaba a tlileng ka tsone. Gape ba na le didirisiwa tsa go tlhasela tse di kgonang go kolopa mafika a magolo a a ka thubaganyang disireletsi tsa lona. O bona didirisiwa tsa bone tsa go thubaganya le dilere tsa bone tse di palamelang, ba ba hulang metswi le dikara, boidiidi jwa masole a bone. A pono e e tshosang!
2. Go dikanyediwa ga motse mo go tlhalosiwang mo go Isaia kgaolo 22 go diragala leng?
2 Mo go Isaia kgaolo 22, re bala kaga go dikanyediwa mo go ntseng jalo—go dikaganyediwa ga Jerusalema. Go diragala leng? Go thata go tlhaola tikanyetso epe e le nngwe fela e mo go yone dilo tsotlhe tse di tlhalositsweng fano di diragalang mo go yone. Go bonala go le botoka go tlhaloganya boporofeti jono e le tsela e gantsi e dirisiwang go tlhalosa makgetlho a a farologaneng a Jerusalema e tla dikanyediwang ka one, tlhagiso e e malebana le se se larileng kwa pele.
3. Banni ba Jerusalema ba itshwara jang ka tlhaselo e Isaia a e tlhalosang?
3 Fa banni ba Jerusalema ba setse ba lebane le tlhaselo e Isaia a e tlhalosang, ba dira eng? E re ka e le batho ba kgolagano ya Modimo, a ba tlhaeletsa kwa go Jehofa gore a ba thuse? Nnyaa, ba bontsha boikutlo jwa boeleele tota, jo bo tshwanang le jo gompieno bo fitlhelwang mo bathong ba le bantsi ba ba iphakang gore ba obamela Modimo.
Motse o Tlhasetswe
4. (a) “Mokgatšha wa ponatshegelo” ke eng, mme ke ka ntlha yang fa o bidiwa jalo? (b) Banni ba Jerusalema ba mo seemong sefe sa semoya?
4 Mo go kgaolo 21 ya Isaia, mongwe le mongwe wa melaetsa e meraro ya katlholo o ne o simololwa ka mafoko a a reng “Polelo.” (Isaia 21:1, 11, 13) Kgaolo 22 e simolola ka tsela e e tshwanang: “Polelo ya mokgatšha wa ponatshegelo: Mathata ke eng ka wena, he, gore o bo o tlhatlogetse kwa marulelong o feletse?” (Isaia 22:1) “Mokgatšha wa ponatshegelo” ke Jerusalema. Motse ono o bidiwa mokgatšha ka gonne le fa o tsholetsegile, o dikanyeditswe ke dithaba tse ditelele go o feta. O amanngwa le “ponatshegelo” ka gonne diponatshegelo tse dintsi tsa Modimo le ditshenolo di newa gone koo. Ka ntlha ya seno, banni ba motse ba tshwanetse ba utlwa mafoko a ga Jehofa. Go na le moo, ba mo tlhokomologile mme ba fapogetse mo kobamelong ya maaka. Mmaba yo o tlhaselang motse ke sedirisiwa sa katlholo ya Modimo kgatlhanong le batho ba gagwe ba diganana.—Duteronome 28:45, 49, 50, 52.
5. Lebaka le le dirang gore batho ba tlhatlogele kwa marulelong a bone e ka tswa e le lefe?
5 Ela tlhoko gore banni ba Jerusalema ba ‘tlhatlogetse ba feletse kwa marulelong’ a matlo a bone. Mo metlheng ya bogologolo, marulelo a matlo a Baiseraele a ne a le bophaphathi mme malapa gantsi a ne a phuthegela teng. Isaia ga a bolele gore ke ka ntlha yang ba dira jalo mo lekgetlhong leno, mme mafoko a gagwe a bontsha gore ga a dumalane le gone. Ka jalo he, go ka direga gore ba ile kwa marulelong go ya go ikuela kwa medimong ya bone ya maaka. Seno ke tlwaelo ya bone mo dingwageng tsa pele ga Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E.—Jeremia 19:13; Sefania 1:5.
6. (a) Go na le maemo afe mo teng ga Jerusalema? (b) Ke ka ntlha yang fa bangwe ba itumetse, mme ke eng se se larileng kwa pele?
6 Isaia o tswelela jaana: “O ne o tletse pheretlhego, motse o o fuduegileng, motse o o itumelang. Batho ba gago ba ba bolailweng ga se ba ba bolailweng ka tšhaka, le fa e le ba ba swetseng kwa tlhabanong.” (Isaia 22:2) Batho ba le bantsi ba thelegetse kwa motseng ono, mme o tletse pheretlhego. Batho mo mebileng ba modumo e bile ba a boifa. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba itumetse, gongwe e le ka gonne ba ikutlwa ba bolokesegile kana ba akanya gore matshosetsi a a feta.a Le fa go ntse jalo ke boeleele go itumela mo nakong eno. Batho ba le bantsi mo motseng ba tlile go swa loso lo lo setlhogo thata go feta lwa go bolawa ka bogale jwa tšhaka. Motse o o dikanyeditsweng ga o bone dijo go tswa kwa ntle ga motse. Dijo tse di bolokilweng mo teng ga motse di a fela. Go bolawa ke tlala ga batho le go nna ba pitlagane go tsala maroborobo. Ka jalo batho ba le bantsi mo Jerusalema ba tla bolawa ke leuba le ke malwetse. Seno se diragala ka 607 B.C.E. mmogo le ka 70 C.E.—2 Dikgosi 25:3; Dikhutsafalo 4:9, 10.b
7. Babusi ba Jerusalema ba dira eng ka nako ya tlhaselo, mme ba diragalelwa ke eng?
7 Mo bothateng jono, babusi ba Jerusalema ba etelela pele jang? Isaia o araba jaana: “Babusaesi ba gago botlhe ba tshabile ka nako e le nngwe fela. Ba tserwe e le magolegwa go sa tlhokege bora. Botlhe ba gago ba ba fitlhetsweng ba tserwe botlhe e le magolegwa. Ba ne ba tshabetse kgakala.” (Isaia 22:3) Babusi le banna ba ba nonofileng ba a tshaba mme go tswa foo ba a tshwarwa! Ba tshwarwa ba bo ba tsewa e le magolegwa go sa dirisiwa le fa e le bora bope kgatlhanong le bone. Seno se diragala ka 607 B.C.E. Fa lebota la Jerusalema le se na go phunyelediwa, Kgosi Sedekia o tshaba go le bosigo le banna ba gagwe ba ba nonofileng. Mmaba o utlwalela seno a bo a mo lelekisa, mme o mo tshwara mo mabaleng a Jeriko. Banna ba ba maatla ba a phatlalala. Sedekia o a tshwarwa, o a foufadiwa, o bofiwa ka dikeetane tsa kgotlho, a bo a kgokgweelediwa kwa Babelona. (2 Dikgosi 25:2-7) A diphelelo tse di botlhoko jang ne tsa go sa ikanyege ga gagwe!
Go Kotlomana ka Ntlha ya Masetlapelo
8. (a) Isaia o itshwara jang fa a utlwa boporofeti jo bo bolelelang pele ka masetlapelo a Jerusalema? (b) Go tla bo go ntse jang kwa Jerusalema?
8 Boporofeti jono bo ama Isaia thata. A re: “Faposang matlho a lona mo go nna. Ke tla bontsha kutlobotlhoko ka go lela. Lo se ka lwa gatelela gore lo nkgomotse ka ntlha ya go thopiwa ga morwadia batho ba me.” (Isaia 22:4) Isaia o ne a hutsafalela isagwe e e neng e porofetilwe malebana le Moabe le Babelona. (Isaia 16:11; 21:3) Jaanong o kotlomana a bo a hutsafala le go feta fa a akanya ka masetlapelo a a tlelang batho ba gagabo. Ga a gomotsege. Ka ntlha yang? “Gonne ke letsatsi la tlhakatlhakano le la go gataka le la go akabatsa la Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, mo mokgatšheng wa ponatshegelo. Go na le yo o thubang lobota, le mokgosi o o yang kwa thabeng.” (Isaia 22:5) Jerusalema o tla bo a tletse tlhakatlhakano e kgolo. Batho ba tla bo ba ebela ba tshogile, ba sa itse se ba ka se dirang. Fa mmaba a simolola go phunyeletsa dipota tsa motse, go tla nna le “mokgosi o o yang kwa thabeng.” A seno se bolela gore banni ba motse ba tla goela kwa Modimong mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo mo Thabeng ya Moria? Gongwe. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go sa ikanyege ga bone, go tshwanetse ga bo go raya fela gore selelo sa bone sa poifo se tla utlwala mo dithabeng tse di dikologileng.
9. Tlhalosa mophato wa masole a a tshosetsang Jerusalema.
9 Jerusalema o tshosediwa ke mmaba wa mofuta ofe? Isaia o re bolelela jaana: “Elama ka boyone e tsere mokotlopo, mo kareng ya ntwa ya motho wa mo lefatsheng, ka dipitse tsa ntwa; mme Kire ka boyone e bipolotse thebe.” (Isaia 22:6) Baba ba tlhomeletse sentle. Ba na le boramarumo ba mekotlopo ya bone e tletseng marumo. Batlhabani ba baakanyetsa dithebe tsa bone ntwa. Go na le dikara le dipitse tse di thapiseditsweng ntwa. Mophato wa bone o akaretsa masole a a tswang kwa Elama, e e kwa bokone jwa se jaanong e leng Kgogometso ya Peresia, le go tswa kwa Kire, e gongwe e leng gaufi le Elama. Go umakwa ga dinaga tseno go bontsha sekgala se segolo se batlhasedi ba se tsamaileng. Gape go bontsha gore boramarumo ba Baelama ba ka tswa ba ne ba le teng mo mophatong o o tshosetsang Jerusalema ka motlha wa ga Hesekia.
Go Leka go Iphemela
10. Ke tiragalo efe e e bontshang gore motse o tlelwa ke sengwe se se bosula?
10 Isaia o tlhalosa ditiragalo jaaka di diragala: “Go tla diragala gore mabala a gago a a kwa tlase ao a a gaisang otlhe a tla tlala dikara tsa ntwa, mme eleruri dipitse tsa ntwa di tla ema fa kgorong, mme mongwe o tla tlosa sesiro sa Juda.” (Isaia 22:7, 8a) Dikara le dipitse di tlala mo mabaleng a a kwa ntle ga motse wa Jerusalema mme di ipaakanyetsa go tlhasela dikgoro tsa motse. “Sesiro sa Juda” se se tla tlosiwang ke eng? E tshwanetse ya bo e le kgoro ya motse, e go gapiwa ga yone go ka tlisetsang bafemedi mathata.c Fa sesiro seno sa itshireletso se tlosiwa, motse o ka tlhaselwa nako nngwe le nngwe.
11, 12. Banni ba Jerusalema ba tsaya dikgato dife go iphemela?
11 Jaanong Isaia o bua ka maiteko a batho a go iphemela. Se ba se akanyang pele ke dibetsa! “Mo letsatsing leo o tla leba bobolokelo jwa dibetsa jwa ntlo ya sekgwa, mme ruri lo tla bona diphatlha tsa Motse wa ga Dafide, gonne di tla bo di le dintsi. Lo tla kgobokanya metsi a mogobe o o kwa tlasenyana.” (Isaia 22:8b, 9) Dibetsa di bewa mo bobolokelong jwa dibetsa jwa ntlo ya sekgwa. Bobolokelo jono bo ne jwa agiwa ke Solomone. E re ka bo ne bo agilwe ka masedara a a tswang kwa Lebanona, bo ne jwa bidiwa “Ntlo ya Sekgwa sa Lebanona.” (1 Dikgosi 7:2-5) Go tlhatlhobiwa diphatlha tse di mo loboteng. Go kgobokanngwa metsi—tsela ya botlhokwa ya go iphemela. Batho ba tlhoka metsi gore ba tshele. Fa a seyo, motse ga o ka ke wa ema. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore ga go umakwe sepe fela sa gore ba leba kwa go Jehofa gore a ba golole. Go na le moo, ba ikaega ka dilo tsa bone. A le ka motlha re se ka ra dira phoso eo!—Pesalema 127:1.
12 Go ka dirwa eng ka diphatlha tseo tse di mo loboteng lwa motse? “Lo tla bala matlo a Jerusalema. Gape lo tla rutla matlo gore lo dire gore lobota lo se ka lwa fitlhelelwa.” (Isaia 22:10) Matlo a a sekasekwa go bona gore ke afe a a ka senngwang gore go nne le didirisiwa tsa go thiba diphatlha. Ano ke maiteko a go thibela mmaba gore a se ka a laola lobota gotlhelele.
Batho Ba ba Se Nang Tumelo
13. Batho ba dira eng go leka go dira gore ba nne ba na le metsi, mme ba lebala mang?
13 “Go tla nna le mogotšwana o o gelelang o lo tla o dirang fa gare ga dipota tse pedi wa metsi a mogobe o mogologolo. Mme ruri ga lo kitla lo leba Modiri wa gone yo Mogolo, le yo o go dirileng bogologolo ruri ga lo kitla lo mmona.” (Isaia 22:11) Maiteko a go gelela metsi, a a tlhalosiwang fano mmogo le mo temaneng ya bo9, a re gopotsa kgato e e neng ya tsewa ke Kgosi Hesekia go sireletsa motse mo Baasirieng fa ba ne ba tlhasela. (2 Ditiragalo 32:2-5) Le fa go ntse jalo, batho ba motse o o mo boporofeting jono jwa ga Isaia ga ba na tumelo gotlhelele. Fa ba ntse ba leka go femela motse, ga ba tshwane le Hesekia ka gonne ga ba akanye sepe ka Mmopi.
14. Le fa batho ba utlwa molaetsa wa ga Jehofa wa tlhagiso, ba nna le boikutlo bofe jo bo sa tshwanelang?
14 Isaia o tswelela jaana: “Mo letsatsing leo Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, o tla laela gore go lelwe go hutsafalwe le gore go nne le mafatla le gore go ikgatlhwe ka letsela la kgetsi. Mme bona! boitumelo le boipelo, go bolawa ga dikgomo le go tlhabiwa ga dinku, go jewa ga nama le go nowa ga beine, ‘A go jewe go nowe, gonne ka moso re tla swa.’” (Isaia 22:12, 13) Banni ba Jerusalema ga ba bontshe ka gope gore ba ikotlhaela gore ba tsuologetse Jehofa. Ga ba lele, ga ba ipeole moriri, le gone ga ba apare letsela la kgetsi go supa go ikotlhaya. Fa ba ka bo ba dira jalo, Jehofa o ne a ka ba falotsa masetlapelo a a tlang. Mo boemong jwa moo, ba ineela mo menateng ya nama. Batho ba le bantsi gompieno ba ba se nang tumelo mo Modimong ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo. E re ka ba se na tsholofelo—e ka tswa e le mo goreng baswi ba tla tsoga kana gore batho ba tla tshela mo lefatsheng le le tlang la Paradaise—ba tshela matshelo a go ijesa monate, ba re: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) A bo ba tlhaela go bonela dilo pele jang ne! Fa fela ba ne ba ka ikanya Jehofa, ba ne ba tla nna le tsholofelo e e nnelang ruri!—Pesalema 4:6-8; Diane 1:33.
15. (a) Molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo kgatlhanong le Jerusalema ke ofe, mme ke mang yo o diragatsang katlholo ya gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa Labokeresete a tla diragalelwa ke se se tshwanang le se se diragaletseng Jerusalema?
15 Banni ba ba dikanyeditsweng ba Jerusalema ga ba kitla ba itse go nna ba bolokesegile. Isaia a re: “Jehofa wa masomosomo o itshenotse mo ditsebeng tsa me: ‘“Ga lo kitla lo direlwa tetlanyo ya tlolo eno go fitlha lo swa,” go buile Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo.’” (Isaia 22:14) Ka ntlha ya bopeloethata jwa batho bano, ga ba kitla ba itshwarelwa. Ruri ba tla swa. Ga go na pelaelo. Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo o go boletse. Masetlapelo a tlela Jerusalema yo o sa ikanyegeng gabedi, fela jaaka mafoko a ga Isaia a boporofeti a boletse. O senngwa ke masole a Babelona mme morago o senngwa ke a Roma. Fela jalo, Labokeresete yo o sa ikanyegeng, yo maloko a gagwe a iphakang gore a obamela Modimo mme tota a mo itatola ka ditiro, le ene o tla tlelwa ke masetlapelo. (Tito 1:16) Maleo a Labokeresete, mmogo le a madumedi a mangwe a lefatshe a a nyatsang ditsela tsa Modimo tsa tshiamo, a “koame go fitlha fela kwa legodimong.” Fela jaaka phoso ya Jerusalema wa motlhanogi, phoso ya bone e kgolo thata mo e ka se kang ya letlanngwa.—Tshenolo 18:5, 8, 21.
Molebedi yo o Pelotshetlha
16, 17. (a) Ke mang yo jaanong a amogelang molaetsa wa tlhagiso go tswa kwa go Jehofa, mme ka ntlha yang? (b) Shebena o tla diragalelwa ke eng ka ntlha ya go gwalalela maemo a a kwa godimo?
16 Jaanong moporofeti o tlogela go bua ka setšhaba se se sa ikanyegeng mme jaanong o bua ka motho yo o sa ikanyegeng. Isaia o kwala jaana: “Morena Molaodimogolo, Jehofa wa masomosomo, o rile: ‘Tsamaya, tsena kwa molebeding yono, kwa go Shebena, yo o okametseng ntlo, “Ke eng se e leng sa gago fano, mme ke mang yo e leng wa gago fano, gore o bo o ikepetse lefelo la go fitlhela fano?” O epa lefelo la gagwe la go fitlhela mo bogodimong; o ikgabololela boago mo lefikeng le legolo.’”—Isaia 22:15, 16.
17 Shebena ke ‘molebedi yo o okametseng ntlo,’ gongwe ntlo ya ga Kgosi Hesekia. Ka jalo, o na le maemo a magolo, o fetwa fela ke kgosi ka bogolo. Go lebeletswe mo gontsi mo go ene. (1 Bakorintha 4:2) Le fa go ntse jalo, ka nako e Shebena a ka bong a tlhokometse dikgang tsa setšhaba pele, o ipatlela kgalalelo. O dira gore a gabelwe lebitla la maemo a a kwa godimo—le le ka tshwanelang kgosi—kwa godimo mo lefikeng. Jehofa, ka go lemoga seno, o tlhotlheletsa Isaia gore a tlhagise molebedi yono yo o sa ikanyegeng: “Bona! Jehofa o go latlhela fa fatshe ka dikgoka, wena motho yo o nonofileng, e bile o go tshwara ka thata. Ruri o tla go potoka thata, jaaka kgwele mo lefatsheng le le atlhameng. O tla swela koo, mme dikara tsa kgalalelo ya gago di tla nna tlontlologo ya ntlo ya mong wa gago koo. Mme ke tla go kgoromeletsa koo gore o tswe mo maemong a gago; mme motho o tla go rutlolola mo boemong jwa gago jwa bodiredi.” (Isaia 22:17-19) Ka ntlha ya bopelotshetlha jwa ga Shebena, ga a kitla a nna le fa e le lone lebitla le le tlwaelegileng kwa Jerusalema. Go na le moo, o tla latlhelwa jaaka kgwele, gore a ye go swela kwa nageng e e kwa kgakala. Seno se na le tlhagiso mo bathong botlhe ba ba neilweng taolo mo gare ga batho ba Modimo. Go sa dirise taolo sentle go tla felela ka go latlhegelwa ke taolo eo gongwe le eleng go kobiwa.
18. Ke mang yo o tla tsayang maemo a ga Shebena, mme go kaya eng fa go twe o tla newa diaparo tsa ga Shebena tsa maemo le selotlolo sa ntlo ya ga Dafide?
18 Le fa go ntse jalo, Shebena o tla tlosiwa jang mo boemong jwa gagwe? Jehofa o tlhalosa jaana a dirisa Isaia: “Go tla diragala gore mo letsatsing leo ke bitse motlhanka wa me, ke gore, Eliakime morwa Hilekia. Mme ke tla mo apesa seaparo sa gago se setelele, ke tla mmofa thata ka moitlamo wa gago wa lotheka, ke tla tsenya taolo ya gago mo seatleng sa gagwe; mme o tla nna rraagwe monni wa Jerusalema le ntlo ya Juda. Ke tla baya selotlolo sa ntlo ya ga Dafide mo legetleng la gagwe, mme o tla bula go se na ope yo o tswalang, mme o tla tswala go se na ope yo o bulang.” (Isaia 22:20-22) Eliakime o tla tsena mo boemong jwa ga Shebena, a newa diaparo tsa maemo a molebedi mmogo le selotlolo sa ntlo ya ga Dafide. Baebele e dirisa lefoko “selotlolo” go tshwantshetsa taolo, puso, kana maatla. (Bapisa Mathaio 16:19.) Mo metlheng ya bogologolo, mogakolodi wa kgosi, yo o neng a neilwe dilotlolo, o ne a ka okamela malapa a segosi, e bile a dira ditshwetso malebana le gore ke bomang ba ba ka direlang kgosi. (Bapisa Tshenolo 3:7, 8.) Ka jalo, maemo a molebedi a botlhokwa, mme go lebeletswe go le gontsi mo go ope fela yo o direlang mo maemong ao. (Luke 12:48) Shebena a ka tswa a na le bokgoni, mme ka gonne ga a ikanyege, Jehofa o tla mo emisetsa ka yo mongwe.
Dikgoge Tse Pedi Tsa Tshwantshetso
19, 20. (a) Eliakime o tla nna tshegofatso mo bathong ba gagabo ka tsela efe? (b) Go tla diragalang ka batho ba ba tswelelang ba leba kwa go Shebena?
19 La bofelo, Jehofa o dirisa puo ya tshwantshetso go tlhalosa kafa maatla a tlosiwang ka teng mo go Shebena a newa Eliakime. O bolela jaana: “‘Ke tla mo [Eliakime] kokotela jaaka sekgoge mo lefelong le le nnelang ruri, mme o tla nna jaaka setulo sa bogosi sa kgalalelo mo ntlong ya ga rraagwe. Mme ba tla pega kgalalelo yotlhe ya ntlo ya ga rraagwe mo go ene, ditlogolwana le matlhogela, dijana tsotlhe tsa mofuta o mmotlana, dijana tsa mofuta wa mogopo mmogo le dijana tsotlhe tsa dinkgo tse dikgolo. Mo letsatsing leo,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘sekgoge [Shebena] se se kokotetsweng mo lefelong le le nnelang ruri se tla tlosiwa, mme se tla rengwa se we, mme morwalo o o mo go sone o tla fedisiwa, gonne Jehofa o go buile.’”—Isaia 22:23-25.
20 Mo ditemaneng tseno sekgoge sa ntlha ke Eliakime. O tla fetoga “setulo sa bogosi sa kgalalelo” sa ntlo ya ga rraagwe, Hilekia. Ene ga a ne a tshwana le Shebena ka gonne ga a kitla a tlhabisa ntlo ya ga rraagwe kana leina la gagwe ditlhong. Eliakime o tla nna setshegetso se se nnelang ruri sa dijana tsa ntlo, ke gore sa ba bangwe ba ba direlang kgosi. (2 Timotheo 2:20, 21) Go fapaana le seo, sekgoge sa bobedi se lebisitse go Shebena. Le fa a ka lebega a bolokesegile, o tla tlosiwa. Bape fela ba ba tswelelang pele ba leba kwa go ene ba tla wa.
21. Mo motlheng wa segompieno, ke mang yo o neng a emisediwa jaaka Shebena, ka ntlha yang, le gone ke mang?
21 Se se diragalelang Shebena se re gopotsa gore mo bathong ba ba iphakang gore ba obamela Modimo, ba ba amogelang ditshiamelo tsa tirelo ba tshwanetse ba di dirisetsa go direla ba bangwe le go baka Jehofa. Ga ba a tshwanela go dirisa boemo jwa bone ka tsela e e sa tshwanelang gore ba ikhumise kana ba itlotlomatse. Ka sekai, Labokeresete ga e bolo go itlotlomatsa gore ke molebedi yo o tlhomilweng, moemedi wa ga Jesu Keresete mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Shebena a ile a tlontlolola rraagwe ka go ipatlela kgalalelo, baeteledipele ba Labokeresete ba tlontlolotse Mmopi ka go ikokoanyetsa dikhumo le maatla. Ka gone, fa nako ya katlholo e e neng e ‘simolola ka ntlo ya Modimo’ e ne e tla ka 1918, Jehofa o ne a tlosa Labokeresete. Go ne ga tlhaolwa molebedi yo mongwe—“molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale”—mme a tlhomiwa go tlhokomela ba ntlo ya ga Jesu ba ba mo lefatsheng. (1 Petere 4:17; Luke 12:42-44) Setlhopha seno sa maloko a mantsi se itshupile se tshwanelwa ke go sikara “selotlolo” sa segosi sa ntlo ya ga Dafide. Jaaka “sekgoge” se se ikanyegang, se ile sa tshegetsa “dijana” tsotlhe tse di farologaneng ka boikanyegi, tse e leng Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba nang le maikarabelo a a farologaneng ba ba lebang kwa go sone gore se ba fepe ka dijo tsa semoya. “Dinku tse dingwe” le tsone, jaaka ‘moagi wa moeng yo o mo teng ga dikgoro’ tsa Jerusalema wa bogologolo, di ikaega ka “sekgoge” seno, Eliakime wa motlha wa segompieno.—Johane 10:16; Duteronome 5:14.
22. (a) Ke ka ntlha yang fa go tseelwa maemo a go nna moemedi ga ga Shebena go tshwanela? (b) Mo metlheng ya segompieno, ke ka ntlha yang fa go tlhomiwa ga “molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale” go tshwanela?
22 Eliakime o ne a tsaya maemo a ga Shebena fa Senakeribe le lesomo la gagwe ba ne ba tshosetsa Jerusalema. Ka tsela e e tshwanang, “molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale,” o tlhomilwe gore a direle mo nakong ya bokhutlo, e e tla welang fa Satane le mephato ya gagwe ba tla bo ba tsaya kgato ya go tlhasela “Iseraele wa Modimo” la bofelo le ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe. (Bagalatia 6:16) Jaaka mo motlheng wa ga Hesekia, tlhaselo eo e tla felela ka gore go senngwe baba ba tshiamo. Ba ba ikaegang ka “sekgoge mo lefelong le le nnelang ruri,” molebedi yo o boikanyego, ba tla falola, fela jaaka banni ba ba ikanyegang ba Jerusalema ba ne ba falola fa Juda e tlhaselwa ke Asiria. A bo go le botlhale jang he, gore re se ka ra ngaparela “sekgoge” se se sa amogelegeng sa Labokeresete!
23. Kgabagare, Shebena o diragalelwa ke eng, mme re ka ithuta eng mo go seno?
23 Go diragala eng ka Shebena? Ga go na sepe se se kwadilweng se se supang kafa boporofeti jo bo kwadilweng kaga gagwe mo go Isaia 22:18, bo neng jwa diragadiwa ka teng. Fa a ikgodisa a bo a tlhabisiwa ditlhong, o tshwana le Labokeresete, mme a ka tswa a ile a ithuta sengwe mo kotlhaong eno. Ka go dira jalo o farologana thata le Labokeresete. Fa Rabeshake wa Moasiria a gatelela gore Jerusalema a ineele, molebedi yo mosha wa ga Hesekia, e bong Eliakime, o etelela pele setlhopha se se yang go mo kgatlhantsha. Le fa go ntse jalo, Shebena o mo ema nokeng e le mokwaledi wa kgosi. Go bonala gore Shebena o sa ntse a direla kgosi. (Isaia 36:2, 22) A bo e le thuto e e molemo jang ne mo bathong ba ba latlhegelwang ke maemo a tirelo mo mokgatlhong wa Modimo! Mo boemong jwa gore ba tenege ba bo ba galefe, ba nna botlhale mme ba tswelela pele ba direla Jehofa ka tsela nngwe le nngwe fela e a e letlelelang. (Bahebera 12:6) Ka go dira jalo, ba tla tila masetlapelo a a tla tlelang Labokeresete. Ba tla amogelwa ke Modimo mme a ba segofatse ka bosakhutleng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka 66 C.E., Bajuda ba le bantsi ba ne ba kgana fa masole a Baroma a a neng a dikanyeditse Jerusalema a ne a boela morago.
b Go ya ka rahisitori wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Josephus, ka 70 C.E., leuba kwa Jerusalema le ne le le maswe mo e leng gore batho ba ne ba ja letlalo, bojang, le furu. Mo kgannyeng e nngwe e e begilweng, mmangwana o ne a besa morwa wa gagwe tota a bo a mo ja.
c Kwantle ga moo, “sesiro sa Juda” se ka tswa se lebisitse mo go sengwe se sele se se sireletsang motse, se se jaaka dikago tsa phemelo tse go bewang ditlhabano mo go tsone le tse masole a nnang mo go tsone.
[Setshwantsho mo go tsebe 231]
Fa Sedekia a tshaba, o a tshwarwa a bo a foufadiwa
[Setshwantsho mo go tsebe 232, 232]
Bajuda ba ba tswaleletsweng mo Jerusalema ga ba na tsholofelo e ntle ka isagwe
[Setshwantsho mo go tsebe 239]
Hesekia o dira Eliakime “sekgoge mo lefelong le le nnelang ruri”
[Setshwantsho mo go tsebe 241]
Jaaka Shebena, baeteledipele ba le bantsi ba Labokeresete ba tlontlolotse Mmopi ka go ikgobokanyetsa dikhumo
[Ditshwantsho mo go tsebe 242]
Mo metlheng ya segompieno go tlhomilwe setlhopha sa molebedi yo o boikanyego gore se tlhokomele ba ntlo ya ga Jesu