LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-2 kgao. 3 ts. 30-45
  • “Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”
  • 2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ke Tsentse Moya Wa me Mo go Ene”
  • ‘O Tla Tlisetsa Ditšhaba Tshiamiso’
  • “Ga a Kitla a Nna Letobo Kgotsa a Gatelelwa”
  • ‘Ke Tla mo Ntsha Gore a Nne Lesedi la Ditšhaba’
  • “Opelelang Jehofa Pina e Ntšha”
  • “Ke Ile ka Didimala Nako e Telele”
  • ‘Motlhanka yo o Susu e Bile a le Sefofu’
  • Bona! Motlhanka wa ga Jehofa Yo a Mo Amogetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jehofa—Motswedi wa Tshiamiso ya Boammaaruri le Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Merafe Yotlhe e Tloga e Bona Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Jehofa—Morati wa Tshiamo le Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
ip-2 kgao. 3 ts. 30-45

Kgaolo ya Boraro

“Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”

Isaia 42:1-25

1, 2. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete gompieno ba kgatlhegela kgaolo 42 ya Isaia?

“‘LO BASUPI ba me,’ go bua Jehofa, ‘le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng.’” (Isaia 43:10) Mafoko ano a a builweng ke Jehofa, a a kwadilweng ke moporofeti Isaia mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., a bontsha gore batho ba ga Jehofa ba bogologolo ba a neng a dirile kgolagano le bone e ne e le setšhaba sa basupi. E ne e le motlhanka yo Modimo a mo tlhophileng. Dingwaga di ka nna 2 600 moragonyana, ka 1931, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba bolela phatlalatsa gore mafoko ano a ne a dira mo go bone. Ba ne ba ipitsa Basupi ba ga Jehofa mme ba amogela ka pelo yotlhe maikarabelo a a amanang le go nna motlhanka wa Modimo wa mo lefatsheng.

2 Basupi ba ga Jehofa ba batla go itumedisa Modimo ka pelo yotlhe. Ka ntlha ya lebaka leno, mongwe le mongwe wa bone o kgatlhiwa thata ke kgaolo ya bo42 ya buka ya Isaia, ka gonne e bontsha kafa motlhanka yo Jehofa a mo amogelang a ntseng ka teng le kafa yo a sa mo amogeleng a ntseng ka teng. Go tlhatlhoba boporofeti jono le go diragadiwa ga jone go bontsha se se dirang gore Modimo a amogele motho le se se dirang gore a se ka a mo amogela.

“Ke Tsentse Moya Wa me Mo go Ene”

3. Jehofa o dirisa Isaia go porofeta eng ka ga “motlhanka wa me”?

3 Jehofa o dirisa Isaia go porofeta gore go tla motlhanka mongwe yo ene a tla mo itlhophelang: “Bona! Motlhanka wa me, yo ke mo ngangatletseng! Yo o tlhophilweng wa me, yo moya wa me o mo amogetseng! Ke tsentse moya wa me mo go ene. O tla tlisa tshiamiso mo ditšhabeng. Ga a kitla a goa kgotsa a tsholetsa lentswe la gagwe, e bile ga a kitla a dira gore lentswe la gagwe le utlwiwe mo mmileng. Ga a kitla a robaganya lotlhaka lope lo lo phitsegileng; mme fa e le mogala wa lodi o o letobo, ga a kitla a o tima. O tla tlisa tshiamiso ka boammaaruri. Ga a kitla a nna letobo kgotsa a gatelelwa go fitlha a baya tshiamiso mo lefatsheng; mme ditlhaketlhake di tla nna di emetse molao wa gagwe.”—Isaia 42:1-4.

4. “Yo o tlhophilweng” yo go boleletsweng pele ka ene ke mang, mme re itse seno jang?

4 Motlhanka yo go buiwang ka ene fano ke mang? Ga go na pelaelo. Re fitlhela mafoko ano a nopotswe mo Efangeleng ya ga Mathaio mme a dirisiwa mo go Jesu Keresete. (Mathaio 12:15-21) Jesu ke ene Motlhanka yo o rategang, “yo o tlhophilweng.” Jehofa o ne a tsenya moya wa gagwe mo go Jesu leng? Ka 29 C.E., ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa. Rekoto e e tlhotlheleditsweng e tlhalosa kolobetso eo mme e bolela gore fa Jesu a sena go tswa mo metsing “legodimo la bulwa mme moya o o boitshepo o le mo popegong ya mmele o o tshwanang le wa lephoi wa fologela mo go ene, mme lentswe la tswa kwa legodimong la re: ‘O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.’” Ka tsela eno Jehofa ka boene o ne a supa yo e leng Motlhanka wa gagwe yo o rategang. Bodiredi le dikgakgamatso tse Jesu a ileng a di dira morago ga foo di supa gore eleruri moya wa ga Jehofa o ne o le mo go ene.—Luke 3:21, 22; 4:14-21; Mathaio 3:16, 17.

‘O Tla Tlisetsa Ditšhaba Tshiamiso’

5. Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega go tlhalosa se tshiamiso e leng sone mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.?

5 Yo o Tlhophilweng wa ga Jehofa o ne a tla “tlisa” kgotsa a tlhomolole tshiamiso ya boammaaruri. “O tla tlhalosetsa ditšhaba se tshiamiso e leng sone.” (Mathaio 12:18) A bo seno se ne se tlhokega jang ne mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.! Baeteledipele ba bodumedi jwa Sejuda ba ne ba ruta pono e e phoso ka tshiamiso le tshiamo. Ba ne ba leka go batla tshiamo ka go latela thulaganyo e e gagametseng ya melao—e bontsi jwa yone ba neng ba e itiretse. Tshiamiso ya bone ya tsamaiso ya melao e ne e se na kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi.

6. Jesu o ne a itsise tshiamiso ya boammaaruri ka ditsela dife?

6 Go fapaana le bone, Jesu o ne a senola tsela e Modimo a lebang tshiamiso ka yone. Jesu o ne a bontsha ka se a neng a se ruta le ka tsela e a neng a tshela ka yone gore tshiamiso ya boammaaruri e na le bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko. Akanya fela ka Thero ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng. (Mathaio, dikgaolo 5-7) A tsela e e botswerere ya go tlhalosa kafa tshiamiso le tshiamo di tshwanetseng tsa dirisiwa ka teng! Fa re bala dipego tsa Efangele, a ga re amiwe ke kutlwelobotlhoko ya ga Jesu mo bathong ba ba humanegileng le ba ba mo botlhokong? (Mathaio 20:34; Mareko 1:41; 6:34; Luke 7:13) O ne a isa molaetsa wa gagwe o o gomotsang kwa bathong ba le bantsi ba ba neng ba ntse jaaka matlhaka a a phitsegileng, a obilwe e bile a ntaakilwe. Ba ne ba ntse jaaka mogala wa lodi o o timang, tlhasenyana ya bofelo ya botshelo jwa bone e setse e tloga e timela ruri. Jesu ga a ka a roba “lotlhaka . . . lo lo phitsegileng” le fa e le go tima “mogala wa lodi o o letobo.” Go na le moo, mafoko a gagwe le ditiro tsa gagwe tsa lorato le bopelotlhomogi di ne tsa kgothatsa batho ba ba pelonomi.—Mathaio 11:28-30.

7. Ke ka ntlha yang fa boporofeti bo ne bo ka bolela gore Jesu o ne ‘a ka se ka a goa kgotsa a tsholetsa lentswe la gagwe mo mmileng’?

7 Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa boporofeti bo bolela gore Jesu o ne a ka se ‘goe kgotsa a tsholetsa lentswe la gagwe, e bile o ne a sa dire gore lentswe la gagwe le utlwiwe mo mmileng’? Ka gonne o ne a sa ipue bontle, jaaka batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe. (Mathaio 6:5) Fa a ne a fodisa molepero, o ne a bolelela monna yo o fodisitsweng jaana: “Tlhokomela gore o se ka wa bolelela ope le fa e le sepe.” (Mareko 1:40-44) Go na le go itira mponeng le go dira gore batho ba itirele ditshwetso ka se ba se utlwileng ka batho, Jesu o ne a batla gore ba lemoge ka bobone gore e ne e le ene Keresete, Motlhanka yo o tloditsweng wa ga Jehofa ba na le bosupi jo bo nonofileng.

8. (a) Jesu o ne a tlisa “tshiamiso mo ditšhabeng” jang? (b) Setshwantsho sa ga Jesu kaga Mosamaria yo o botsalano se re ruta eng ka ga tshiamiso?

8 Motlhanka yo o Tlhophilweng o ne a tla tlisa “tshiamiso mo ditšhabeng.” Jesu o ne a dira fela jalo. Kwantle ga go supa gore tshiamiso ya bomodimo e na le bopelotlhomogi, Jesu gape o ne a ruta gore e tshwanetse ya akaretsa batho botlhe. Ka lekgetlho lengwe Jesu o ne a gopotsa monna yo o neng a itse Molao gore o tshwanetse a rata Modimo le moagelani wa gagwe. Monna yono o ne a botsa Jesu jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Gongwe o ne a letetse gore Jesu a arabe a re: “Mojuda ka wena.” Mme Jesu o ne a bolela setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo. Mo setshwantshong seno Mosamaria o ne a thusa monna mongwe yo o neng a tlhasetswe ke dinokwane, fa Molefi le moperesiti bone ba ne ba ganne go thusa. Motho yo o neng a botsa o ne a tshwanelwa ke go dumela gore mo lekgetlhong leno moagelani e ne e le Mosamaria yo o tseelwang kwa tlase, e seng Molefi kgotsa moperesiti. Jesu o ne a konela setshwantsho sa gagwe ka kgakololo eno: “Tsamaya mme le wena o dire fela jalo.”—Luke 10:25-37; Lefitiko 19:18.

“Ga a Kitla a Nna Letobo Kgotsa a Gatelelwa”

9. Go tlhaloganya se tshiamiso ya boammaaruri tota e leng sone go tla re ama jang?

9 E re ka Jesu a ne a bontsha ka phepafalo gore tshiamiso ya boammaaruri e ntse jang, barutwa ba gagwe ba ne ba ithuta go bontsha nonofo eno. Le rona re tshwanetse go dira jalo. Sa ntlha, re tshwanetse ra amogela melao ya Modimo malebana le se se molemo le se se bosula, e re ka a na le tshwanelo ya go tlhomamisa se se tshiamiso le se se tshiamo. Fa re ntse re leka ka natla go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa, boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo tla bontsha ka phepafalo se tshiamiso ya boammaaruri e leng sone.—1 Petere 2:12.

10. Ke ka ntlha yang fa go bontsha tshiamiso go akaretsa go nna le seabe mo tirong ya go rera le go ruta?

10 Gape re bontsha tshiamiso ya boammaaruri fa re nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera le go ruta. Jehofa ka bopelotshweu o re neetse kitso e e namolang botshelo e e kaga gagwe, Morwawe le maikaelelo a gagwe. (Johane 17:3) Go tla bo go sa siama e bile e se tshiamiso go ipolokela kitso eo. Solomone a re: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.” (Diane 3:27) A re boleleleng batho botlhe se re se itseng kaga Modimo go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe kana setšhaba sefe.—Ditiro 10:34, 35.

11. Re tshwanetse ra etsa Jesu ka go tshwara batho ba bangwe jang?

11 Mo godimo ga moo, Mokeresete wa boammaaruri o tshwara batho ba bangwe fela jaaka Jesu a ne a dira. Batho ba le bantsi gompieno ba na le mathata a a nyerisang marapo mme ba tlhoka bopelotlhomogi le kgothatso. Tota le Bakeresete bangwe ba ba ineetseng ba ka ntaakwa ke maemo a a seng monate mo ba felelang ba tshwana le matlhaka a a phitsegileng kana megala ya lodi e e letobo. A ga ba tlhoke tshegetso ya rona? (Luke 22:32; Ditiro 11:23) A bo go lapolosa jang ne go kopanela le Bakeresete ba boammaaruri ba ba lekang go etsa Jesu ka go bontsha tshiamiso!

12. Ke ka ntlha yang fa re ka solofela tota gore ruri batho botlhe ba tla tloga ba direlwa tshiamiso?

12 A batho botlhe ba tla tsamaya ba direlwa tshiamiso? Ee ruri. Yo o Tlhophilweng wa ga Jehofa “ga a kitla a nna letobo kgotsa a gatelelwa go fitlha a baya tshiamiso mo lefatsheng.” Mo bogautshwaneng Kgosi e e beilweng mo setulong sa bogosi, Keresete Jesu yo o tsositsweng, o tla “tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo.” (2 Bathesalonika 1:6-9; Tshenolo 16:14-16) Dipuso tsa batho di tla emisediwa ke Bogosi jwa Modimo. Tshiamiso le tshiamo di tla bo di atile. (Diane 2:21, 22; Isaia 11:3-5; Daniele 2:44; 2 Petere 3:13) Batlhanka ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba emetse letsatsi leo ka tlhoafalo e kgolo—tota le ba ba kwa mafelong a a kgakalakgakala, kwa ‘ditlhaketlhakeng.’

‘Ke Tla mo Ntsha Gore a Nne Lesedi la Ditšhaba’

13. Jehofa o porofeta eng kaga Motlhanka wa gagwe yo o Tlhophilweng?

13 Isaia o tswelela pele jaana: “Modimo wa boammaaruri, Jehofa, Mmopi wa magodimo le Yo Mogolo yo o a phuthololang; Yo o namalatsang lefatshe le kungo ya lone, Yo o nayang batho ba ba mo go lone mohemo, le ba ba tsamayang mo go lone moya o buile jaana.” (Isaia 42:5) A bo e le tsela e e utlwalang sentle jang ne ya go tlhalosa Jehofa, Mmopi! Kgopotso eno ya maatla a ga Jehofa e dira gore mafoko a gagwe a nne le bokao tota. Jehofa a re: “Nna, Jehofa, ke go biditse ka tshiamo, mme ke ne ka tshwara seatla sa gago. Ke tla go dibela mme ke go ntshe gore o nne kgolagano ya batho, gore o nne lesedi la ditšhaba, gore o bule matlho a a foufetseng, o ntshe legolegwa mo moleteng wa kgolegelo, ba ba ntseng mo lefifing o ba ntshe mo ntlong ya kgolegelo.”—Isaia 42:6, 7.

14. (a) Go tshwara ga ga Jehofa seatla sa Motlhanka wa gagwe yo a mo amogelang go bolela eng? (b) Motlhanka yo o Tlhophilweng o na le seabe sefe?

14 Mmopi yo Mogolo wa lobopo, Monei le Motshegetsi wa botshelo, o tshwara seatla sa Motlhanka wa gagwe yo o Tlhophilweng a bo a solofetsa go mo tshegetsa ka botlalo le ka metlha. A bo seno se kgothatsa jang ne! Mo godimo ga moo, Jehofa o mmoloka a babalesegile gore a tle a mo ntshe e le “kgolagano ya batho.” Kgolagano ke tumalano, maitlamo, maikano. Ke taelo e ruri e tla diragalang. Ee, Jehofa o dirile Motlhanka wa gagwe “tsholofetso mo bathong.”—An American Translation.

15, 16. Jesu o ne a nna “lesedi la ditšhaba” jang?

15 Jaaka “lesedi la ditšhaba,” Motlhanka yo o solofeditsweng o tla bula “matlho a a foufetseng” le go golola “ba ba ntseng mo lefifing.” Jesu o ne a dira fela jalo. Ka go supa ka boammaaruri, Jesu o ne a galaletsa leina la ga Rraagwe wa selegodimo. (Johane 17:4, 6) O ne a senola maaka a bodumedi, a rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, mme a bula tsela ya gore ba ba mo botshwarong jwa bodumedi ba bone kgololesego ya semoya. (Mathaio 15:3-9; Luke 4:43; Johane 18:37) O ne a tlhagisa kgatlhanong le go dira ditiro tsa lefifi mme a senola Satane a re ke “ramaaka” le “mmusi wa lefatshe leno.”—Johane 3:19-21; 8:44; 16:11.

16 Jesu o ne a re: “Ke nna lesedi la lefatshe.” (Johane 8:12) O ne a itshupa a ntse jalo ka tsela e e tlhomologileng fa a ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng go nna thekololo. Ka jalo o ne a dira gore ba ba nang le tumelo ba tle ba itshwarelwe maleo, ba amogelwe ke Modimo ba bo ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Ka go nna le boineelo jo bo feletseng mo botshelong jotlhe jwa gagwe, Jesu o ne a tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa mme a supa fa Diabolo e le moaki. Eleruri Jesu o ne a dira gore difofu di bone e bile a golola ba ba golegilweng mo lefifing la semoya.

17. Re batshodi ba lesedi ka ditsela dife?

17 Mo Therong ya mo Thabeng, Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo lesedi la lefatshe.” (Mathaio 5:14) A le rona ga re batshodi ba lesedi? Ka tsela e re tshelang ka yone le ka tiro ya rona ya go rera, re na le tshiamelo ya go kaela batho ba bangwe kwa go Jehofa, Motswedi wa tshedifatso ya boammaaruri. Re etsa Jesu ka go itsise leina la ga Jehofa, go tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe, le go bolela Bogosi jwa Gagwe gore ke jone fela tsholofelo ya batho. Mo godimo ga moo, jaaka batshodi ba lesedi re senola maaka a bodumedi, re tlhagisa ka ditiro tse di seng phepa tsa lefifi e bile re senola Satane, yo o boikepo.—Ditiro 1:8; 1 Johane 5:19.

“Opelelang Jehofa Pina e Ntšha”

18. Jehofa o dira gore batho ba gagwe ba itse eng?

18 Jaanong Jehofa o bua le batho ba gagwe, a re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me, le fa e le ditshwantsho tse di betlilweng pako ya me. Dilo tsa ntlha—ke tse di tlile, mme ke bua dilo tse disha. Pele ga di simolola go tlhaga, ke dira gore lo di utlwe.” (Isaia 42:8, 9) Boporofeti ka ga “motlhanka wa me” ga bo a buiwa ke mongwe wa medimo e e se nang mosola, mme bo builwe ke Modimo yo o esi yo o tshelang, wa boammaaruri. Bo ne bo tshwanetse jwa diragala, mme bo ne jwa diragala. Eleruri Jehofa Modimo ke Modiri wa dilo tse disha, mme o dira gore batho ba gagwe ba itse ka tsone pele di diragala. Re tshwanetse ra itshwara jang?

19, 20. (a) Ke pina efe e e tshwanetseng ya opelwa? (b) Ke bomang ba gompieno ba opelelang Jehofa pina ya pako?

19 Isaia o kwala jaana: “Opelelang Jehofa pina e ntšha, pako ya gagwe go tswa kwa ntlheng ya lefatshe, lona banna ba ba fologelang kwa lewatleng le kwa go se se le tlatsang, lona ditlhaketlhake le lona ba lo nnang mo go tsone. A naga le metse ya gone e tsholetse lentswe la yone, metsana e Kedare a nnang mo go yone. A banni ba lefika le legolo ba goe ka boipelo. A batho ba goele kwa godimo ba le kwa godimo ga dithaba. A ba neye Jehofa kgalalelo, ba bo ba bolele pako ya gagwe mo ditlhaketlhakeng.”—Isaia 42:10-12.

20 Banni ba metse, metse e e mo nageng, ba ditlhaketlhake, tota le ba “Kedare,” kana bothibelelo mo dikakeng—batho gongwe le gongwe—ba rotloediwa gore ba opelele Jehofa pina ya pako. A bo go kgatlha jang ne gore mo motlheng wa rona batho ba le dimilionemilione ba ile ba tsibogela taletso eno ya seporofeti! Ba amogetse boammaaruri jwa Lefoko la Modimo mme ba amogetse Jehofa go nna Modimo wa bone. Batho ba ga Jehofa ba opela pina eno e ntšha—ba naya Jehofa kgalalelo—mo dinageng di feta 230. A bo go le monate jang ne go opela mo pineng eno ya ditso tsotlhe le dipuo!

21. Ke ka ntlha yang fa baba ba batho ba Modimo ba ka se ka ba atlega go didimatsa pina ya go baka Jehofa?

21 A baganetsi ba ka ema kgatlhanong le Modimo mme ba didimatsa pina eno ya pako? Legoka! “Jehofa o tla tswa jaaka motho yo o thata. O tla tsosa tlhoafalo jaaka motlhabani. O tla goa, ee, o tla tlhaba mokgosi wa ntwa; o tla itshupa a le thata go feta baba ba gagwe.” (Isaia 42:13) Ke maatla afe a a ka emang kgatlhanong le Jehofa? Dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, moporofeti Moshe le bomorwa Iseraele ba ne ba opela jaana: “Jehofa ke motho yo o nonofileng wa ntwa. Jehofa ke leina la gagwe. O latlhetse dikara tsa ga Faro le mephato ya gagwe ya sesole mo lewatleng, mme batlhabani ba gagwe ba ba tlhophilweng ba ba gaisang botlhe ba nweditswe mo Lewatleng le Lehibidu.” (Ekesodo 15:3, 4) Jehofa o ne a fenya sesole se se neng se nonofile go gaisa tsotlhe mo motlheng oo. Ga go na mmaba ope wa batho ba Modimo yo o ka atlegang fa Jehofa a tswa jaaka motlhabani yo o thata.

“Ke Ile ka Didimala Nako e Telele”

22, 23. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a “didimala nako e telele”?

22 Jehofa o tekatekano e bile o tshiamo, tota le fa a diragatsa katlholo kgatlhanong le baba ba gagwe. A re: “Ke ile ka didimala nako e telele. Ke ne ka tswelela ke didimetse. Ke ne ka nna ka ikgapa. Ke tla fegelwa, ke hemaheme, ke sonele ka nako e le nngwe fela jaaka mosadi yo o belegang. Ke tla swafatsa dithaba le dithota, le dimela tsotlhe tsa tsone ke tla di omeletsa. Ke tla fetola dinoka ditlhaketlhake, le megobe e e tletseng lotlhaka ke tla e kgadisa.”—Isaia 42:14, 15.

23 Pele Jehofa a tsaya kgato ya boatlhodi, o letla gore go fete nako gore a neye ba ba dirileng phoso sebaka sa gore ba tlogele ditsela tsa bone tse di bosula. (Jeremia 18:7-10; 2 Petere 3:9) Akanya ka kgang ya Bababelona, ba ba swafatsang Jerusalema ka ngwaga wa 607 B.C.E. ka e le mmusomogolo wa lefatshe. Jehofa o letla seno gore a otlhaye Baiseraele ka ntlha ya go sa ikanyege ga bone. Le fa go ntse jalo, Bababelona ga ba lemoge seabe se ba nang le sone. Ba tshwara batho ba Modimo setlhogo thata go feta kafa katlholo ya Modimo e batlang ka teng. (Isaia 47:6, 7; Sekarea 1:15) A bo Modimo wa boammaaruri a tshwanetse a bo a utlwa botlhoko jang ne fa a bona batho ba gagwe ba sotlega! Mme le fa go ntse jalo ga a tseye kgato go fitlha ka nako ya gagwe e e tshwanetseng. Ka nako eo o dira ka thata—jaaka mosadi fa a belega—gore a golole batho ba ba mo kgolaganong le ene a bo a ba tlisa jaaka setšhaba se se gololesegileng. O diragatsa seno ka gore ka 539 B.C.E. a kgadise a bo a swafatse Babelona le se a iphemelang ka sone.

24. Jehofa o neela batho ba gagwe ba Iseraele tsholofelo efe?

24 A bo batho ba Modimo ba tshwanetse ba bo ba itumela jang ne fa ba setse ba kgona go ya gae, morago ga dingwaga tse dintsi jaana ba le kwa botshwarwa! (2 Ditiragalo 36:22, 23) Ba tshwanetse ba bo ba itumelela go bona tsholofetso eno ya ga Jehofa e diragadiwa: “Ke tla dira gore difofu di tsamaye mo tseleng e di iseng di e itse; mme ke tla dira gore di gate tsela e di iseng di e itse. Ke tla dira gore lefelo le le lefifi le fetoge lesedi fa pele ga bone, le lefelo le le makgwakgwa gore le nne naga e e sebatla. Tseno ke dilo tse ke tla di ba direlang, mme ga nkitla ke ba tlogela.”—Isaia 42:16.

25. (a) Batho ba ga Jehofa ba ka tlhomamisega ka eng gompieno? (b) Re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng?

25 Mafoko ano a dira jang gompieno? Ebu, go setse go fetile nako e telele jaanong—makgolo a dingwaga—Jehofa a ntse a tlogetse ditšhaba gore di dire dilo ka tsela ya tsone. Le fa go ntse jalo, nako e a e beileng gore a baakanye seemo e atametse. Mo metlheng ya gompieno o dirile setšhaba se se tla supelang leina la gagwe. O ba baakanyeditse tsela ya gore ba mo obamele “ka moya le ka boammaaruri” ka go fedisa kganetso epe fela kgatlhanong le bone. (Johane 4:24) O ne a solofetsa jaana: “Ga nkitla ke ba tlogela,” mme o ile a diragatsa lefoko la gagwe. Go tweng ka ba ba tswelelang pele ba obamela medimo ya maaka? Jehofa a re: “Ba tshwanetse ba retololwa, ba tla tlhabiwa ke ditlhong thata, ba ba ikanyang setshwantsho se se setilweng, ba ba rayang setshwantsho se se thetsweng ba re: ‘Lo medimo ya rona.’” (Isaia 42:17) A bo go le botlhokwa jang ne gore re nne re ikanyega mo go Jehofa, fela jaaka Yo o Tlhophilweng wa gagwe a ile a dira!

‘Motlhanka yo o Susu e Bile a le Sefofu’

26, 27. Iseraele o itshupa jang e le ‘motlhanka yo o susu e bile a le sefofu,’ mme seo se felela ka eng?

26 Motlhanka wa Modimo yo o Tlhophilweng, Jesu Keresete, o ne a nna a ikanyega go fitlha losong. Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa e leng Iseraele, bone ke motlhanka yo o sa ikanyegeng, yo o susu e bile a le sefofu ka tsela ya semoya. Jehofa o bolela jaana fa a bua le bone: “Utlwang, lona bosusu; mme lo lebe gore lo bone, lona difofu. Ke mang yo o sefofu, fa e se motlhanka wa me, mme ke mang yo o susu jaaka morongwa wa me yo ke mo romang? Ke mang yo o sefofu jaaka mongwe yo o duelwang, kgotsa yo o sefofu jaaka motlhanka wa ga Jehofa? E ne e le kgang ya go bona dilo tse dintsi, mme ga o a ka wa nna o lebeletse. E ne e le kgang ya go bula ditsebe, mme ga o a ka wa nna o reeditse. Jehofa ka boene ka ntlha ya tshiamo ya gagwe o natefeletswe ke gore a godise molao a o tlotlomatse.”—Isaia 42:18-21.

27 A bo Iseraele a paletswe jang ne! Batho ba gagwe gangwe le gape ba fapogela mo go obameleng medimo ya badimona ya ditšhaba. Jehofa o nnela go romela barongwa ba gagwe gangwe le gape, mme batho ba gagwe ga ba reetse. (2 Ditiragalo 36:14-16) Isaia o bolelela pele ditlamorago tsa gone jaana: “Ke batho ba ba gapilweng le ba ba thopilweng, botlhe ba tshwerwe mo mesimeng, e bile ba ntse ba fitlhilwe mo matlong a kgolegelo. E setse e le ba go gapiwa ba se na mogolodi, ba go thopiwa go se na yo o reng: ‘Busa!’ Ke mang mo gare ga lona yo o tla sekegelang seno tsebe? Ke mang yo o tla tlhwayang tsebe a bo a reeletsa dinako tse di tlang? Ke mang yo o neileng Jakobe go thopiwa, le Iseraele ba ba gapang? A ga se Jehofa, Yo re mo leofetseng, le yo ba neng ba sa batle go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe le yo ba neng ba sa reetse molao wa gagwe? Ka jalo A nna a mo tshela tšararego, bogale jwa gagwe, le nonofo ya ntwa. Mme ya nna ya mo laila gotlhe fela, mme a se ka a tsaya tsia; mme ya nna ya mo tukela, mme o ne a sa ise sepe pelong.”—Isaia 42:22-25.

28.(a) Re ka ithuta eng mo sekaong sa banni ba Juda? (b) Re ka dira jang gore re amogelwe ke Jehofa?

28 Ka ntlha ya go sa ikanyege ga banni ba naga ya Juda, Jehofa o letla gore e thopiwe ka 607 B.C.E. Bababelona ba fisa tempele ya ga Jehofa, ba swafatsa Jerusalema, ba bo ba isa Bajuda botshwarwa. (2 Ditiragalo 36:17-21) E kete re ka ela tlhoko sekai seno se se re tlhagisang mme le ka motlha ra se ka ra itshela moriti o tsididi malebana le ditaelo tsa ga Jehofa kana ra itlhokomolosa Lefoko la gagwe le le kwadilweng. Go na le moo, e kete re ka batla go amogelwa ke Jehofa ka go etsa Keresete Jesu, Motlhanka yo Jehofa ka boene a mo amogetseng. Fela jaaka Jesu, e kete re ka dira gore tshiamiso ya boammaaruri e itsiwe ka se re se buang le se re se dirang. Ka go dira jalo, re tla tswelela re le mo gare ga batho ba ga Jehofa, re le batshodi ba lesedi ba ba bakang Modimo wa boammaaruri le go mo naya kgalalelo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 33]

Tshiamiso ya boammaaruri e na le bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko

[Setshwantsho mo go tsebe 34]

Jesu o ne a dirisa setshwantsho sa Mosamaria yo o molemo go bontsha gore tshiamiso ya boammaaruri ga e tlhaole batho bape

[Ditshwantsho mo go tsebe 36]

Re bontsha tshiamiso ya bomodimo ka go nna batho ba ba kgothatsang le ba ba pelonomi

[Ditshwantsho mo go tsebe 39]

Re bontsha tshiamiso ya bomodimo ka tiro ya rona ya go rera

[Setshwantsho mo go tsebe 40]

Motlhanka yo o amogetsweng o ne a ntshiwa ‘gore a nne lesedi la ditšhaba’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela