LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-2 kgao. 4 ts. 46-60
  • “Lo Basupi ba Me”!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Basupi ba Me”!
  • 2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Medimo e mo Tekong
  • Dipitse Tsa Ntwa Di a Wa, Dikgolegelo di a Bulega
  • Jehofa o Isa Batho ba Gagwe Gae ka Pabalesego
  • Jehofa o Senola Kutlobotlhoko ya Gagwe
  • Kotlhao e Nna le Maungo
  • Basupi Kgatlhanong le Medimo ya Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Mafoko a a Gomotsang a Boporofeti A a Go Amang
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Modimo wa Boammaaruri o Bolelela Pele Kgololo
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Jehofa o re Ruta Gore re Solegelwe Molemo
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
ip-2 kgao. 4 ts. 46-60

Kgaolo ya Bonè

“Lo Basupi ba Me”!

Isaia 43:1-28

1. Jehofa o dirisa boporofeti jang, mme batho ba gagwe ba tshwanetse ba itshwara jang malebana le boporofeti jo bo diragaditsweng?

GO KGONA go bolelela isagwe pele ke sengwe se se tlhaolang Modimo wa boammaaruri mo medimong yotlhe ya maaka. Mme le fa go ntse jalo, fa Jehofa a porofeta, o a bo a sa akanya fela ka go supa gore ke ene Modimo. Jaaka go bontshitswe mo go Isaia kgaolo 43, Jehofa o dira gore boporofeti e nne bosupi jwa gore ke Modimo le jwa gore o rata batho ba a dirileng kgolagano le bone. Mme batho ba gagwe le bone ga ba a tshwanela go lemoga boporofeti jo bo diragadiwang ba bo ba didimala fela; ba tshwanetse go neela bosupi ka se ba se boneng. Ee, ba tshwanetse go nna basupi ba ga Jehofa!

2. (a) Iseraele o mo seemong sefe sa semoya mo motlheng wa ga Isaia? (b) Jehofa o bula matlho a batho ba gagwe jang?

2 Ka maswabi, mo motlheng wa ga Isaia, Iseraele o mo seemong se se maswe mo e leng gore Jehofa o tsaya batho ba gagwe e le digole semoyeng. “Tlisang batho ba ba difofu le fa matlho one a le teng, le ba ba susu le fa ba na le ditsebe.” (Isaia 43:8) Batho ba ba difofu le bosusu semoyeng ba ka direla Jehofa jang jaaka basupi ba gagwe ba ba tshelang? Go na le tsela e le nngwe felafela. Matlho le ditsebe tsa bone di tshwanetse tsa bulwa ka kgakgamatso. Ammaaruri, Jehofa o a di bula! Jang? Sa ntlha, Jehofa o diragatsa kotlhao e e botlhoko—banni ba bogosi jwa bokone jwa Iseraele ba ya botshwarwa ka 740 B.C.E., mme ba Juda, ka 607 B.C.E. Go tswa foo, Jehofa o direla batho ba gagwe ka maatla ka go ba golola a bo a busetsa masalela a a tsosolositsweng semoyeng, a a ikwatlhayang kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. Tota e bile, Jehofa o dumela tota gore boikaelelo jwa gagwe mo ntlheng eno bo ka se ka jwa palelwa mo e leng gore dingwaga di ka nna 200 pele ga nako, o bua ka ga go gololwa ga Iseraele jaaka e kete go setse go diragetse.

3. Jehofa o kgothatsa jang batho ba e tlileng go nna batshwarwa mo isagweng?

3 “Jehofa o buile jaana, Mmopi wa gago, wena Jakobe, le Modiri wa gago, wena Iseraele: ‘O se ka wa boifa gonne ke go rekolotse. Ke go biditse ka leina la gago. O wa me. Fa go ka direga gore o ralale metsi, ke tla nna le wena; le fa o ralala dinoka, ga di kitla di go rwalelela. Fa go ka direga gore o ralale molelo, ga o kitla o sha, le kgabo ya molelo ga e kitla e go babola. Gonne ke nna Jehofa Modimo wa gago, Moitshepi wa Iseraele Mmoloki wa gago.’”—Isaia 43:1-3a.

4. Jehofa ke Mmopi wa Iseraele ka tsela efe, mme o tlhomamisetsa batho ba gagwe jang malebana le go boela ga bone kwa nagagaeng ya bone?

4 Jehofa o kgatlhegela Iseraele ka tsela e e kgethegileng ka gonne ke setšhaba sa gagwe. O se dirile ka boene a diragatsa kgolagano ya gagwe le Aborahame. (Genesise 12:1-3) Ka gone, Pesalema 100:3 ya re: “Itseng gore Jehofa ke Modimo. Ke ene a re dirileng, e seng rona ka borona. Re batho ba gagwe le dinku tsa mafulo a gagwe.” E re ka Jehofa e le Mmopi le Morekolodi wa Iseraele, o tla busetsa batho ba gagwe kwa nagagaeng ya bone ba babalesegile. Dikgoreletsi, tse di jaaka metsi, dinoka tse di penologang, le dikaka tse di mogote, ga di kitla di ba kgoreletsa kana di ba gobatsa, fela jaaka dilo tse di ntseng jalo di sa ka tsa kgoreletsa borraabonemogologolwane fa ba ne ba le mo tseleng ya go ya kwa Nageng e e Solofeditsweng dingwaga di le sekete pele ga foo.

5. (a) Mafoko a ga Jehofa a gomotsa Iseraele wa semoya jang? (b) Ditsala tsa Iseraele wa semoya ke bomang, mme bano ba ne ba tshwantshediwa ke bomang e sa le pele?

5 Mafoko a ga Jehofa gape a gomotsa masalela a motlha wa gompieno a Iseraele wa semoya, a maloko a one e leng “popo e ntšha.” (2 Bakorintha 5:17) E re ka ba tlile ka bopelokgale fa pele ga “metsi” a e leng batho, Modimo o ntse a ba sireleditse ka lorato go ralala merwalela ya tshwantshetso. Molelo o o tswang mo babeng ba bone, ga o a ba gobatsa, mme go na le moo, o ba itshekisitse. (Sekarea 13:9; Tshenolo 12:15-17) Jehofa o tlhokomela le “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe,” tse di inaakantseng le setšhaba sa Modimo sa semoya. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Bano ba tshwantsheditswe e sa le pele ke “batho ba bantsi ba ba kopakopaneng” ba ba neng ba Fuduga mmogo le Baiseraele fa ba tswa kwa Egepeto mme ba tshwantsheditswe le ke batho ba e seng Bajuda ba ba neng ba boa le batshwarwa ba ba golotsweng kwa Babelona.—Ekesodo 12:38; Esera 2:1, 43, 55, 58.

6. Jehofa o itshupa jang gore ke Modimo wa tshiamiso malebana le go rekolola (a) Iseraele wa senama? (b) Iseraele wa semoya?

6 Jehofa o solofetsa go golola batho ba gagwe mo Babelona ka masole a Media le Peresia. (Isaia 13:17-19; 21:2, 9; 44:28; Daniele 5:28) E re ka Jehofa e le Modimo wa tshiamiso, o tla duela “batlhanka” ba gagwe ba Bameda le Baperesia thekololo e e tshwanelang go rekolola Iseraele. “Ke neile Egepeto go nna thekololo ya gago, Ethiopia le Seba mo boemong jwa gago. E re ka o ntse o le tlhwatlhwakgolo mo matlhong a me, o ile wa tsewa o le yo o tlotlegang, mme ke go ratile. Mme ke tla neelana ka banna mo boemong jwa gago, le ditlhopha tsa merafe mo boemong jwa moya wa gago.” (Isaia 43:3b, 4) Hisitori e tlhomamisa gore Mmusomogolo wa Peresia o ile wa fenya Egepeto, Ethiopia le Seba e e fa gaufi, fela jaaka Modimo a ne a boleletse pele. (Diane 21:18) Ka 1919, Jehofa ka tsela e e tshwanang o ne a dirisa Jesu Keresete go golola masalela a Iseraele wa semoya mo botshwarong jwa semoya. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa tlhoke go lefelwa ditiro tsa gagwe. E ne e se mmusi mongwe wa moheitane. E bile o ne a golola barwarraagwe tota ba semoya. Kwantle ga moo, ka 1914, Jehofa o ne a setse a mo neile “ditšhaba go nna boswa jwa [gagwe] le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya [gagwe].”—Pesalema 2:8.

7. Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba gagwe, mo metlheng ya bogologolo le mo metlheng ya segompieno?

7 Bona kafa Jehofa a bontshang phatlalatsa ka teng gore o rekegela batshwarwa ba ba rekolotsweng. O ba bolelela gore ba “tlhwatlhwakgolo” e bile ba a ‘tlotlega’ mo go ene le gore o a ba ‘rata.’ (Jeremia 31:3) O ikutlwa fela jalo—le e leng go feta—ka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang gompieno. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tsene mo kamanong le Modimo, e seng ka botsalo, mme ka go dira ga moya o o boitshepo wa Modimo morago ga gore ba ineele ka namana mo go Mmopi wa bone. Jehofa o ba gogetse kwa go Morwawe le kwa go ene e bile o kwadile melao ya gagwe le melaometheo mo dipelong tsa bone tse di ratang.—Jeremia 31:31-34; Johane 6:44.

8. Jehofa o tlhomamisetsa batshwarwa jang, mme ba tla ikutlwa jang ka go gololwa ga bone?

8 Jehofa o oketsa jaana a kgothatsa batshwarwa go ya pele: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. Ke tla tlisa losika lwa gago go tswa kwa botlhabatsatsi, mme ke tla go phutha mmogo go tswa kwa bophirimatsatsi. Ke tla raya bokone ke re, ‘Tlisa!’ le borwa ke re, ‘O se ka wa thiba. Tlisa bomorwaake go tswa kgakala, le bomorwadiake go tswa kwa ntlheng ya lefatshe, mongwe le mongwe yo o bidiwang ka leina la me le yo ke mmopetseng kgalalelo ya me, yo ke mmopileng, ee, yo ke mo dirileng.’” (Isaia 43:5-7) Jehofa o tla fitlha le kwa go yone karolo e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe fa go tla nako ya gore a golole bomorwawe le bomorwadie mme a ba busetsa kwa nagagaeng ya bone e e rategang. (Jeremia 30:10, 11) Kwantle ga pelaelo, mo go bone, go gololwa gono go tla feta kgakala go gololwa ga pele ga setšhaba seno kwa Egepeto.—Jeremia 16:14, 15.

9. Jehofa o amanya ditiro tsa gagwe tsa go ba golola le leina la gagwe ka ditsela dife tse pedi?

9 Ka go gakolola batho ba gagwe gore ba bidiwa ka leina la gagwe, Jehofa o tlhomamisa tsholofetso ya gagwe ya go golola Iseraele. (Isaia 54:5, 6) Go feta moo, Jehofa o amanya leina la gagwe le ditsholofetso tsa gagwe tsa go ba golola. Ka go dira jalo, o tlhomamisa gore go tla galalediwa ene fa lefoko la gagwe la boporofeti le diragadiwa. Tota le yo o tla fenyang Babelona ga a ne a tshwanelwa ke tlotlo e e tshwanelang Modimo o o esi o o tshelang.

Medimo e mo Tekong

10. Jehofa o gwetlha ditšhaba le medimo ya tsone ka kgwetlho efe?

10 Jaanong Jehofa o dira gore tsholofetso ya gagwe ya gore o tla golola Iseraele e nne motheo wa tsheko ya lobopo lotlhe e mo go yone a sekisang medimo ya ditšhaba. Re bala jaana: “A ditšhaba tsotlhe di phuthelwe mmogo mo lefelong le le lengwe fela, a ditlhopha tsa ditšhaba di phuthege mmogo. Ke mang mo gare ga [medimo ya] bone yo o ka bolelang seno? Kgotsa a ba ka dira gore re utlwe dilo tsa ntlha? A [medimo ya bone] ba batle basupi ba bone, gore ba bolelwe ba siame, kgotsa ba utlwe mme ba re, ‘Ke boammaaruri!’” (Isaia 43:9) Jehofa o gwetlha ditšhaba tsa lefatshe ka kgwetlho e kgolo tota. Tota a re: ‘A medimo ya lona e itshupe gore ke medimo ka go bolelela isagwe pele ka boammaaruri.’ E re ka Modimo wa boammaaruri e le ene fela a ka porofetang ka boammaaruri, teko eno e tla senola medimo yotlhe ya maaka. (Isaia 48:5) Mme Mothatayotlhe o oketsa ka molao o mongwe gape: Botlhe ba ba ipolelang e le medimo ya boammaaruri ba tshwanetse ba ntsha basupi, ba dipolelelopele tsa bone le ba go diragadiwa ga tsone. Ga go pelaelo gore Jehofa o a ikakaretsa mo molaong ono.

11. Jehofa o naya motlhanka wa gagwe thomo efe, mme Jehofa o senola eng ka ga go nna Modimo ga gagwe?

11 E re ka medimo ya maaka e se na maatla, ga e kgone go tlisa basupi bape. Ke gone ka moo go tlhabisang ditlhong fa lefelo le go emang basupi mo go lone le nna le se na ope. Mme jaanong go tla nako ya gore Jehofa a tlhomamise gore ke ene Modimo. O bolela jaana a lebile ntlheng ya batho ba gagwe: “Lo basupi ba me, . . . le motlhanka wa me yo ke mo tlhophileng, gore lo itse lo bo lo nne le tumelo mo go nna, le gore lo tlhaloganye gore ke ntse ke ene Yoo. Pele ga me ga go a dirwa Modimo ope, le morago ga me ga tswelela go se na ope. Nna—ke nna Jehofa, mme kwantle ga me ga go na mmoloki. Nna ke boletse e bile ke bolokile ka ba ka dira gore go utlwiwe, fa go ne go se na modimo o sele mo gare ga lona. Ka jalo lo basupi ba me, . . . mme ke nna Modimo. Gape, ke ntse ke le ene Yoo ka dinako tsotlhe; mme ga go na ope yo o gololang mo seatleng sa me. Ke tla nna matlhagatlhaga, mme ke mang yo o ka . . . busetsang [seatla sa me] morago?”—Isaia 43:10-13.

12, 13. (a) Batho ba ga Jehofa ba na le bosupi bofe jo bontsi jo ba ka bo tlisang? (b) Leina la ga Jehofa le ile la tlotlomadiwa jang mo metlheng ya gompieno?

12 Fa Jehofa a sena go bua, go ise go ye kae, lefelo le go emang basupi mo go lone le penologa ka boidiidi jwa basupi ba ba itumetseng. Bosupi jwa bone bo tlhamaletse e bile bo ka se ka jwa ganediwa. Fela jaaka Joshua, ba supela gore ‘sengwe le sengwe se Jehofa a se buileng se diragetse. Ga go na le fa e le lefoko le le lengwe fela le le sa diragalang.’ (Joshua 23:14) Batho ba ga Jehofa ba sa ntse ba gakologelwa mafoko a ga Isaia, Jeremia, Esekiele, le baporofeti ba bangwe ba ba ileng ba bolelela pele ka tsela e e tshwanang gore Juda o ne a tla isiwa botshwarwa le gore ba ne ba tla gololwa ka kgakgamatso kwa botshwarwa. (Jeremia 25:11, 12) Mogolodi wa Juda e leng Kurose, o ne a bidiwa ka leina le e leng pele a tsholwa!—Isaia 44:26–45:1.

13 Ka ntlha ya bosupi jo bontsi jono, ke mang yo o ka ganetsang gore Jehofa ke ene Modimo yo o esi wa boammaaruri? Go farologana le medimo ya boheitane, Jehofa ke ene fela a sa bopiwang; ke ene fela Modimo wa boammaaruri.a Ka ntlha ya seo, batho ba ba sikereng leina la ga Jehofa ba na le tshiamelo e e sa tshwaneng le epe, e e itumedisang ya go bolela ditiro tsa gagwe tse di molemo mo dikokomaneng tse di tlang le mo go ba bangwe ba ba botsang ka ga gagwe. (Pesalema 78:5-7) Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba na le tshiamelo ya go bolela leina la ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Ka bo1920 Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go lemoga thata gore leina la Modimo, Jehofa, le na le bokao jo bogolo thata. Go tswa foo, ka July 26, 1931, kwa kopanong nngwe kwa Columbus, Ohio, poresidente ya Mokgatlho, Joseph F. Rutherford, o ne a bolela maitlamo a setlhogo se se reng “Leina le Lesha.” Mafoko a a reng, “Re eletsa go itsewe le go bidiwa ka leina le e leng basupi ba ga Jehofa,” a ne a kgatlha batlakopanong, ba ba neng ba amogela maitlamo ano ka “Ee!” yo o kwa godimo. Fa e sa le ka nako eo, leina la ga Jehofa le ile la itsege thata mo lefatsheng lotlhe.—Pesalema 83:18.

14. Jehofa o gakolola Baiseraele ka eng, mme ke eng fa kgakololo eno e tshwanela?

14 Jehofa o tlhokomela batho ba ba sikarang leina la gagwe ka tlotlo, a ba leba jaaka “thaka ya leitlho la gagwe.” O gakolola Baiseraele ka seno, a ba bolelela kafa a ba golotseng ka teng kwa Egepeto a bo a ba goga go ralala naga ka pabalesego. (Duteronome 32:10, 12) Ka nako eo go ne go se na modimo ope o o sa itseweng mo gare ga bone, gonne ba ne ba bona ka matlho a bone kafa medimo yotlhe ya Egepeto e leng ya lefela ka teng. Ee, setlhopha sotlhe sa medimo ya Egepeto, se ne se sa kgone go sireletsa Egepeto le fa e le go kganela Iseraele go tsamaya. (Ekesodo 12:12) Ka tsela e e tshwanang, Babelona e e nonofileng, e naga ya yone ya setoropo e tletseng ditempele tsa medimo ya maaka e ka nna 50, ga e ne e kgona go thibela seatla sa Mothatayotlhe fa a golola batho ba gagwe. Ga go pelaelo gore, “ga go na mmoloki” ope kwantle ga Jehofa.

Dipitse Tsa Ntwa Di a Wa, Dikgolegelo di a Bulega

15. Jehofa o porofeta eng kaga Babelona?

15 “Jehofa o buile jaana, Morekolodi wa lona, Moitshepi wa Iseraele: ‘Ke tla roma kwa Babelona ka ntlha ya lona ke bo ke dire gore mephakalego ya dikgolegelo e we, le Bakaladia mo dikepeng ba kue ka selelo. Ke nna Jehofa Moitshepi wa lona, Mmopi wa Iseraele, Kgosi ya lona.’ Jehofa o buile jaana, Ene yo o dirang tsela go ralala lewatle ka bolone le tsela go ralala metsi a a nonofileng, Yo o tlisang kara ya ntwa le pitse, mophato wa sesole le ba ba nonofileng nako e le nngwe fela: ‘Ba tla rapama. Ga ba kitla ba tsoga. Ruri ba tla tingwa. Ba tla tingwa jaaka mogala wa lodi.’”—Isaia 43:14-17.

16. Go tla diragala eng ka Babelona, babapatsi ba Bakaladia, le bape fela ba ba neng ba ka re ba sireletsa Babelona?

16 Babelona e ntse jaaka kgolegelo mo batshwarweng ka gonne e ba kganela go boela kwa Jerusalema. Mme ditsela tsa Babelona tsa go iphemela ga di kgoreletse Mothatayotlhe, Ene yo o kileng a dira “tsela go ralala [Lewatle le Lehibidu] ka bolone le tsela go ralala metsi a a nonofileng”—a go lebegang e le a Joredane. (Ekesodo 14:16; Joshua 3:13) Ka tsela e e tshwanang, moemedi wa ga Jehofa, Kurose, o tla dira gore Euferatese e e maatla e tšhe gore masole a gagwe a kgone go tsena mo motseng. Babapatsi ba Bakaladia ba ba sepelang ka dikepe mo meseleng ya Babelona—ditsela tsa metsi tsa diketekete tsa dikepe le mekoro e e rekisang e e rwalang medimo ya Babelona—ba tla lela ka khutsafalo fa motsemogolo wa bone o o nonofileng o wa. Dikara tse di bofefo tsa Babelona di tla bo di se na thuso fela jaaka dikara tsa ga Faro kwa Lewatleng le Lehibidu. Ga di kitla di mmoloka. Batho bape ba ba neng ba ka sireletsa o tla ba bolaya motlhofo fela jaaka fa motho a tima mogala wa lodi wa lobone lwa lookwane.

Jehofa o Isa Batho ba Gagwe Gae ka Pabalesego

17, 18. (a) Ke selo sefe “se sesha” se Jehofa a porofetang ka sone? (b) Batho ga ba ne ba gakologelwa dilo tsa pele ka tsela efe, mme ka ntlha yang?

17 Jehofa o bolela jaana a bapisa ditiro tsa gagwe tsa pele tsa go golola le se a tlogang a se dira: “O se ka wa gakologelwa dilo tsa ntlha, le gone o se ka wa akanyetsa dilo tsa pele. Bona! Ke dira sengwe se sesha. Jaanong se tla tlhaga. Lo tla se itse, a ga go jalo? Tota ke tla tlhoma tsela go ralala naga, go ralala dinoka tsa sekaka. Sebatana sa naga se tla nkgalaletsa, bophokoje le bontšhe; ka gonne ke tla bo ke tsentse metsi le mo nageng, dinoka mo dikakeng, gore batho ba me, ba ke ba tlhophileng, ba nwe, batho ba ke ba ipopetseng, gore ba anele pako ya me.”—Isaia 43:18-21.

18 Fa Jehofa a re “o se ka wa gakologelwa dilo tsa ntlha,” ga a reye gore batlhanka ba gagwe ba lebale ka ditiro tsa gagwe tse di fetileng tsa poloko. Tota e bile, di le dintsi tsa ditiro tseno ke karolo ya hisitori ya Iseraele e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, e bile Jehofa o ne a laela gore go falola kwa Egepeto go gakologelwe ngwaga le ngwaga kwa moletlong wa Tlolaganyo. (Lefitiko 23:5; Duteronome 16:1-4) Le fa go ntse jalo, jaanong Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba mo galaletse ka ntlha ya “sengwe se sesha”—sengwe se se tla ba diragalelang ka namana. Seno ga se akaretse go gololwa ga bone mo Babelona fela mme se akaretsa le mosepele wa bone o o gakgamatsang wa go ya gae, gongwe ba tsamaya ka tsela e e tlhamaletseng e e ralalang sekaka. Mo nageng eo e e lokgere, Jehofa o tla ba direla “tsela” a bo a dire ditiro tse di gakgamatsang tse di tshwanang le tse a di diretseng Baiseraele mo motlheng wa ga Moshe—eleruri, o tla fepa batho bano ba ba boang ba le mo sekakeng a bo a ba timole lenyora ka dinoka tsa mmatota. Dilo tse Jehofa a ba nayang tsone di tla bo di le dintsi mo e leng gore le tsone dibatana tsa naga di tla galaletsa Modimo mme di sa tlhasele batho.

19. Masalela a Iseraele wa semoya le ditsala tsa bone ba tsamaya jang mo ‘Tseleng ya Boitshepo’?

19 Ka 1919 masalela a Iseraele wa semoya le one a ne a gololwa mo botshwarong jwa Babelona, mme ba tsamaya ka tsela e Jehofa a neng a ba baakanyeditse yone, “Tsela ya Boitshepo.” (Isaia 35:8) Go fapaana le Baiseraele, ga ba a ka ba tlhoka go ralala sekaka se se mogote go tloga mo karolong e nngwe ya lefatshe go ya kwa go e nngwe, le gone ga ba a ka ba wetsa mosepele wa bone morago ga dikgwedi di se kae ka gore ba goroge kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, gone “Tsela ya Boitshepo” e ne ya isa masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng kwa paradaiseng ya semoya. Bone ba sa ntse ba le mo ‘Tseleng eo ya Boitshepo,’ ka gonne ba sa ntse ba tshwanetse go ralala tsamaiso eno ya dilo. Fa fela ba sa ntse ba le mo tseleng eno e kgolo—fa fela ba sa ntse ba latela ditaelo tsa Modimo tsa bophepa le boitshepo—ba mo paradaiseng ya semoya. Mme a bo ba itumela jang ne go kopana le boidiidi jo bogolo jwa ditsala ‘tse e seng Baiseraele’! Go fapaana gotlhelele le ba ba lebang kwa tsamaisong ya ga Satane, masalela le ditsala tsa bone ba ntse ba itumelela mokete o mogolo wa semoya o ba o newang ke Jehofa. (Isaia 25:6; 65:13, 14) Batho ba le bantsi ba sekadibatana ba ile ba fetola ditsela tsa bone mme ba galaletsa Modimo wa boammaaruri fa ba lemoga gore Jehofa o segofatsa batho ba gagwe.—Isaia 11:6-9.

Jehofa o Senola Kutlobotlhoko ya Gagwe

20. Iseraele wa motlha wa ga Isaia o swabisitse Jehofa jang?

20 Mo metlheng ya bogologolo, masalela a a tsosolositsweng a Iseraele ke setšhaba se se fetogileng fa ba bapisiwa le kokomana e e boikepo ya motlha wa ga Isaia. Jehofa o bolela jaana ka bano ba ba boikepo: “Ga o a mpitsa, wena Jakobe, ka gonne ke go lapisitse, wena Iseraele. Ga o a ntlisetsa dinku tsa ditshupelo tsa gago tse di fisiwang di feletse, e bile ga o a nkgalaletsa ka ditlhabelo tsa gago. Ga ke a go patelela gore o ntirele ka mpho, e bile ga ke a go lapisa ka lebano. Ga o a nthekela ntšhe epe e e botshe ka madi ape; e bile ga o a nkolobetsa ka mafura a ditlhabelo tsa gago. Totatota o mpateleditse go direla ka ntlha ya maleo a gago; o ntapisitse ka ditlolo tsa gago.”—Isaia 43:22-24.

21, 22. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe dilo tse Jehofa a di batlang ga se mokgweleo? (b) Totatota batho ba dira jang gore Jehofa e nne ene yo o ba direlang?

21 Fa Jehofa a re, “Ga ke a go patelela gore o ntirele ka mpho, e bile ga ke a go lapisa ka lebano,” ga a reye gore setlhabelo le lebano (karolo ya maswalo a a boitshepo) ga di tlhokege. Totatota, tseno ke karolo ya konokono ya kobamelo ya boammaaruri mo kgolaganong ya Molao. Go ntse jalo le ka “ntšhe,” e ka yone go tewang calamus e e nang le lonko, e leng sengwe se se nkgang monate, se se tsenngwang mo lookwaneng lo lo boitshepo lo lo tlotsang. Baiseraele ba ntse ba sa dirise dilo tseno mo tirelong ya tempele. Mme a dilo tseno tse di batliwang ke mokgweleo? Nnyaa le eseng! Dilo tse Jehofa a di batlang di motlhofo fa di bapisiwa le tse di batliwang ke medimo ya maaka. Ka sekai, modimo wa maaka Moleke o ne a batla gore go ntshiwe ditlhabelo ka bana—e leng selo se Jehofa a iseng a ko a se batle!—Duteronome 30:11; Mika 6:3, 4, 8.

22 A tlhe Baiseraele ba ka bo ba na le temogo ya semoya, gonne ba ne ba ka se ka ba ‘lapisiwa ke Jehofa.’ Fa ba leba mo Molaong wa gagwe ba ne ba ka bona gore o ba rata thata mme ka boitumelo ba mo neye “mafura,” karolo e e gaisang tsotlhe ya ditlhabelo tsa bone. Go na le go dira jalo, ba ipolokela mafura ka bogagapa. (Lefitiko 3:9-11, 16) A bo setšhaba seno se se boikepo se imetsa Jehofa jang ne ka mokgweleo wa maleo a sone—totatota, ba dira gore e nne ene yo o ba direlang!—Nehemia 9:28-30.

Kotlhao e Nna le Maungo

23. (a) Ke ka ntlha yang fa kotlhao ya ga Jehofa e tshwanela? (b) Go otlhaya Iseraele ga Modimo go akaretsa eng?

23 Le fa kotlhao ya ga Jehofa e le botlhoko, e bile go tshwanela gore e nne jalo, e nna le matswela a a batlegang, e dira gore kutlwelobotlhoko e kgonege. “Nna—ke nna Yo o phimolang ditlolo tsa gago ka ntlha ya me, le maleo a gago ga nkitla ke a gakologelwa. Nkgakolole; a re ipeye mo katlholong mmogo; bolela pego ya gago gore o nne o se na molato. Rrago, wa ntlha, o leofile, mme babueledi [“baranodi,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW] ba gago ba ntiretse tlolo. Ka jalo ke tla itshepolola dikgosana tsa lefelo le le boitshepo, mme ke tla neela Jakobe jaaka motho yo o neeletsweng tshenyego le Iseraele ke e neelele mafoko a a kgobang.” (Isaia 43:25-28) Fela jaaka ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe, Iseraele o tswa mo go Adame, “wa ntlha.” Ka jalo, ga go na Moiseraele ope yo o ka itshupang ‘a se na molato.’ Tota le “babueledi” ba Iseraele—barutisi ba gagwe, kana baranodi ba Molao—ba leofetse Jehofa mme ba rutile maaka. Jehofa le ene fela jalo o tla neelela setšhaba sa gagwe sotlhe “tshenyego” le “mafoko a a kgobang.” Gape o tla itshepolola botlhe ba ba direlang kwa ‘lefelong la gagwe le le boitshepo.’

24. Jehofa o tla itshwarela batho ba gagwe—ba bogologolo mmogo le ba metlha ya gompieno—ka ntlha ya lebaka lefe la konokono, mme gone o ikutlwa jang ka bone?

24 Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore kutlwelobotlhoko ya Modimo e e tla latelang e tla bo e se fela ka ntlha ya boikwatlhao jwa Iseraele; e tla bo e le ka ntlha ya ga Jehofa. Ee, leina la gagwe le a amega. Fa a ne a ka tlogela Iseraele kwa botshwarwa ka bosakhutleng, leina la gagwe le ne le tla tlhapadiwa ke ba ba lebeletseng. (Pesalema 79:9; Esekiele 20:8-10) Fela jalo le gompieno, go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe go botlhokwa go feta go bolokwa ga batho. Le fa go ntse jalo, Jehofa o rata batho ba ba amogelang kotlhao ya gagwe ka pelo yotlhe le ba ba mo obamelang ka moya le ka boammaaruri. O ba bontsha lorato—e ka tswa e le batlodiwa kana e le ba dinku tse dingwe—ka go phimola ditlolo tsa bone mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu Keresete.—Johane 3:16; 4:23, 24.

25. Jehofa o tla dira dilo dife tse di gakgamatsang mo isagweng e e fa gaufi, mme re ka bontsha jang gore re anaanela seo gone jaanong?

25 Mo godimo ga moo, Jehofa o tla tloga a bontsha kafa a ratang boidiidi jo bogolo ka teng jwa baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang fa a ba direla sengwe se sesha ka go ba falotsa ‘pitlagano e kgolo’ a ba tsenya mo ‘lefatsheng le lesha’ le le phepafaditsweng. (Tshenolo 7:14; 2 Petere 3:13) Ba tla bona pontsho e kgolo go gaisa tsotlhe ya maatla a ga Jehofa e e iseng e ko e bonwe ke batho. E re ka go tlhomamisegile jaana gore seo ruri se tla diragala, masalela a batlodiwa le botlhe ba boidiidi jo bogolo ba a itumela mme ba tshela letsatsi lengwe le lengwe tumalanong le thomo eno ya maemo a a kwa godimo: “Lo basupi ba me”!—Isaia 43:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo mainaneng a ditšhaba, medimo e le mentsi e a “tsholwa” e bo e nna le “bana.”

[Setshwantsho mo go tsebe 48, 49]

Jehofa o tla tshegetsa Bajuda fa ba ya gae kwa Jerusalema

[Ditshwantsho mo go tsebe 52]

Jehofa o gwetlha ditšhaba gore di ntshe basupi ba medimo ya tsone

1. Setshwantsho sa boronse sa ga Baale 2. Ditshwantsho tsa mmopa tsa ga Ashetorethe 3. Tharonngwe ya medimo ya Egepeto ya Horus, Osiris le Isis 4. Medimo ya Bagerika Athena (kafa molemeng) le Aphrodite

[Ditshwantsho mo go tsebe 58]

“Lo basupi ba me.”—Isaia 43:10

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela