LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-2 kgao. 18 ts. 262-275
  • Jehofa o Rudisa Moya Wa ba Ba Kwa Tlase

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Rudisa Moya Wa ba Ba Kwa Tlase
  • 2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lona, Atamelang Fano”
  • Go Tshelela Maje Tshupelo ya Senō
  • “O ne Wa Tswelela o Romela Barongwa ba Gago”
  • “Dilo Tse o di Phuthileng ga di Kitla di go Golola”
  • “Yo o Tshabelang mo go Nna o Tla Rua Lefatshe”
  • ‘Kagiso Ya yo O Kgakala Le yo O Gaufi’
  • Rre le Barwa ba Gagwe ba Batsuolodi
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Isaia o Bolelela Pele ‘Tiro e e Gakgamatsang’ ya ga Jehofa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Seatla sa ga Jehofa Ga se A Khutshwafala
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Nna o Lebeletse mo go Jehofa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
ip-2 kgao. 18 ts. 262-275

Kgaolo ya Lesomerobedi

Jehofa o Rudisa Moya Wa ba Ba Kwa Tlase

Isaia 57:1-21

1. Jehofa o ile a kgothatsa jang, mme mafoko a gagwe a tsosa dipotso dife?

“MOGODIMO le Yo o Kwa Godimo, yo o agang ka bosaengkae le yo leina la gagwe le leng boitshepo, o rile: ‘Ke agile kwa bogodimong le kwa lefelong le le boitshepo, mmogo le yo moya wa gagwe o gateletsweng e bile o le kwa tlase, gore ke rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.’” (Isaia 57:15) Go ne ga kwala jalo moporofeti Isaia mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. Go ne go diragala eng kwa Juda se se neng sa dira gore molaetsa ono e nne o o kgothatsang jaana? Mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a thusa Bakeresete jang gompieno? Go tlhatlhoba Isaia kgaolo 57 go tla re thusa go araba dipotso tseo.

“Lona, Atamelang Fano”

2. (a) Go lebega mafoko a Isaia kgaolo 57 a diragala leng? (b) Seemo sa basiami ke sefe mo motlheng wa ga Isaia?

2 Karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia go lebega e diragala mo motlheng wa ga Isaia ka boene. Ela tlhoko kafa boikepo bo atileng ka teng mo nakong eno: “Mosiami o nyeletse, mme ga go na ope yo o go tsayang tsia. Mme batho ba ba nang le bopelonomi jwa lorato ba phuthelwa kwa baswing, mme go se na ope yo o lemogang gore mosiami o phuthetswe koo ka ntlha ya masetlapelo. O tsena mo kagisong; ba ikhutsa mo malaong a bone, mongwe le mongwe yo o tsamayang ka tlhamalalo.” (Isaia 57:1, 2) Fa mosiami a wa, ga go amege ope. Loso lwa gagwe lwa tshoganetso ga lo tsewe tsia. Go robala ga gagwe mo losong go mo tlisetsa kagiso, go mo golola mo go bogisiweng ke batho ba ba bosula e bile go mo golola mo masetlapelong. Setšhaba sa Modimo se se itlhophetsweng se wetse mo seemong se se maswe. Mme batho ba ba nnang ba ikanyega ba tshwanetse ba bo ba kgothadiwa ke go itse gore ga se fela gore Jehofa o bona se se diragalang mme gape o tla ba tshegetsa!

3. Jehofa o bua jang le kokomana e e boikepo ya Juda, mme ka ntlha yang?

3 Jehofa o bitsa kokomana e e boikepo ya Juda, a re: “Fa e le lona, atamelang fano, lona barwa ba mosadi yo o bolelelang pele ditiragalo, losika lwa motho yo o akafalang le lwa mosadi yo o dirang boaka.” (Isaia 57:3) Ba dirile gore ba tshwanelwe ke ditlhaloso tse di tlhabisang ditlhong tse di jaaka gore ke barwa ba motho yo o bolelelang dilo pele le bana ba motho yo o akafalang le ba seaka. Kobamelo ya maaka e ba ileng kwa go yone e akaretsa ditiro tse di makgapha tsa kobamelo ya medingwana le tirisabadimo mmogo le mekgwa ya boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Ka gone, Jehofa o botsa baleofi bano jaana: “Lo ijesa monate thata ka ntlha ya ga mang? Lo nna lo bulela mang molomo thata, lo nna lo mo ntshetsa loleme? A ga lo bana ba tlolo, losika lwa maaka, ba ba tsosang kgotelo mo ditlhareng tse dikgolo, kafa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se se golang thata, ba ba bolayang bana setlhogo mo mekgatšheng e e phothoselang kafa tlase ga dipharo tsa mafika a magolo?”—Isaia 57:4, 5.

4. Baikepi ba Juda ba dira eng?

4 Batho ba ba boikepo ba Juda ba dira kobamelo ya bone e e makgapha ya boheitane mo pontsheng, ba “ijesa monate.” Ba kgoba baporofeti ba Modimo ka lesotlo ba ba romilweng gore ba ba gakolole, ba ba ntshetsa maleme ka tsela e e bontshang go se tlhajwe ke ditlhong le lenyatso. Le fa e le bana ba ga Aborahame, ditsela tsa bone tsa botsuolodi di ba dira bana ba tlolomolao le ba maaka. (Isaia 1:4; 30:9; Johane 8:39, 44) Kwa ntle mo gare ga ditlhare tse dikgolo kwa nageng, ba rotloetsa tlhoafalo e kgolo ya bodumedi mo kobamelong ya bone ya medingwana. A kobamelo e e setlhogo! Kana e bile ba bolaya le bana ba bone tota, fela jaaka ditšhaba tse Jehofa a ileng a di leleka mo nageng ka ntlha ya ditsela tsa tsone tse di makgapha!—1 Dikgosi 14:23; 2 Dikgosi 16:3, 4; Isaia 1:29.

Go Tshelela Maje Tshupelo ya Senō

5, 6. (a) Banni ba Juda ba tlhophile go dira eng go na le go obamela Jehofa? (b) Kobamelo ya Juda ya medingwana e dirwa phatlalatsa e bile e aname go le kana kang?

5 Bona kafa banni ba Juda ba tseneng ka tlhogo ka teng mo kobamelong ya medingwana: “Kabelo ya gago e ne e le mo majeng a a borethe a mokgatšha o o phothoselang. One—a ne a le kabelo ya gago ya bola. Mo godimo ga moo, o ne wa a tshelela tshupelo ya senō, o ne wa a isetsa mpho. A ke tla ikgomotsa ka ntlha ya dilo tseno?” (Isaia 57:6) Bajuda ke batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone, le fa go ntse jalo, mo boemong jwa gore ba mo obamele, ba sela maje fa losing lwa noka ba bo ba itirela medimo ka one. Dafide o ne a bolela gore Jehofa e ne e le kabelo ya gagwe, mme baleofi bano bone ba tlhophile medingwana e e sa tsheleng go nna kabelo ya bone e bile ba e tshelela tshupelo ya senō. (Pesalema 16:5; Habakuke 2:19) Jehofa a ka gomodiwa jang ke go sokamisiwa mo go kanakana ga kobamelo ke batho ba ba emetseng leina la gagwe?

6 Juda o dira kobamelo ya medingwana gongwe le gongwe—kafa tlase ga ditlhare tse dikgolo, mo mekgatšheng e e phothoselang, mo dithoteng, mo metseng ya bone e megolo. Mme Jehofa o bona seno sotlhe, e bile o dirisa Isaia go senola makgapha a gagwe: “O ne wa baya bolao jwa gago mo thabeng e e kwa godimo e e tsholeditsweng. Mme o ne wa tlhatlogela teng go isa setlhabelo. O ne wa tlhoma segopotso sa gago kafa morago ga setswalo le mophakwana.” (Isaia 57:7, 8a) Juda o ipeela bolao jwa gagwe jwa makgapha a semoya kwa mafelong a a kwa godimo a bo a isetsa medimo e sele ditlhabelo teng.a Tota le matlo a batho a na le medingwana kafa morago ga dikgoro le mephakwana.

7. Juda o tsenelela mo kobamelong ya boitsholo jo bo sa siamang ka moya ofe?

7 Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Juda a tseneletse mo go kana kana mo kobamelong e e makgapha? A go na le maatla mangwe a a nonofileng a a mo tlhotlheleditseng go latlha Jehofa? Karabo ke nnyaa. O go dira ka boomo, ka go rata. Jehofa o bolela jaana: “O ne wa ipipolola kwantle ga me mme wa tlhatloga; o ne wa dira gore bolao jwa gago bo nne bogolo. Mme o ne wa itirela kgolagano le bone. O ne wa rata go nna le bolao le bone. O ne wa bona serwe sa bonna.” (Isaia 57:8b) Juda o dirile kgolagano le medimo ya gagwe ya maaka, mme o rata kamano ya gagwe le bone e e seng kafa molaong. Se a se ratang thata ke mekgwa e e sa siamang ya tlhakanelodikobo—e gongwe e akaretsang go dirisiwa ga ditshwantsho tsa serwe sa bonna—e e tlwaelegileng mo kobamelong ya medimo eno!

8. Kobamelo ya medingwana e ne e atile thata fa go ne go busa kgosi efe kwa Juda?

8 Tlhaloso ya kobamelo e e setlhogo ya medingwana, ya boitsholo jo bo maswe thata jwa tlhakanelodikobo e tshwanela se re se itseng ka dikgosi di le mmalwa tse di boikepo tsa kwa Juda. Ka sekai, Manase o ne a aga mafelo a a kwa godimo, a agela Baale dibeso, a ba a baya dibeso tsa bodumedi jwa maaka mo malwapeng a mabedi a tempele. O ne a ralatsa bomorwawe molelo, a dira dikgakgamatso, a dirisa boitseanape le go rotloetsa ditiro tsa tirisabadimo. Gape Kgosi Manase o ne a dira setshwantsho se se betlilweng sa kota e e boitshepo mme a se tsenya mo tempeleng ya ga Jehofa.b O ne a raela Juda gore a dire “se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa a neng a di nyeleditse.” (2 Dikgosi 21:2-9) Bangwe ba dumela gore Manase o ne a dira gore Isaia a bolawe, le fa leina la ga Manase le sa tlhage mo go Isaia 1:1.

“O ne Wa Tswelela o Romela Barongwa ba Gago”

9. Ke ka ntlha yang fa Juda a romela barongwa “kgakala”?

9 Tlolo ya Juda ga se go direla medimo ya maaka fela. Jehofa o bolela jaana a dirisa Isaia: “O ne wa fologela kwa go Meleke ka leokwane, mme wa nna wa dira gore ditlolo tsa gago di nne dintsi. O ne wa tswelela o romela barongwa ba gago kgakala, mo o neng wa isa dilo kwa tlase kwa Sheole.” (Isaia 57:9) Bogosi jo bo sa ikanyegeng jwa Juda bo fologela kwa go “Meleke,” e leng “kgosi” ka Sehebera—e e tshwanetseng ya bo e le kgosi ya puso e sele—bo mo naya dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse dintle, tse di tshwantshediwang ke leokwane le ditlolo tse di nkgang monate. Juda o romela barongwa kwa mafelong a a kwa kgakala. Ka ntlha yang? Go rotloetsa dinaga tsa Baditšhaba go dira dikgolagano tsa sepolotiki le ene. E re ka a ganne Jehofa, o ikanya dikgosi tsa dinaga di sele.

10. (a) Kgosi Ahase o batla go nna le kgolagano jang le kgosi ya Asiria? (b) Juda o ‘isa dilo kwa tlase kwa Sheole’ jang?

10 Sekai sa seno ke sa mo metlheng ya ga Kgosi Ahase. Kgosi eo e e sa ikanyegeng ya Juda e ile ya ikutlwa e tshosediwa ke kgolagano ya Iseraele le Siria mme ya romela barongwa kwa go Tigelathe-pilesere III wa Asiria, e re: “Ke motlhanka wa gago le morwao. Tlhatloga o tle go mpoloka mo seatleng sa kgosi ya Siria le mo seatleng sa kgosi ya Iseraele, ba ba ntsogologelang.” Ahase o romela selefera le gouta a reka kgosi ya Asiria, mme kgosi eno e arabela ka go tlhasela Siria botlhoko. (2 Dikgosi 16:7-9) Ka go dirisana le dinaga tsa Baditšhaba, Juda o inamela “kwa botennyeng jwa Sheole.” (An American Translation) Ka ntlha ya ditirisano tseo, o tla swa kgotsa go kgaotsa go tlhola e le setšhaba se se ipusang se se nang le kgosi ya sone.

11. Juda o bontsha boikutlo bofe jwa go nna le tshireletsego mme e seyo?

11 Jehofa o tswelela pele go bua le Juda: “O dirile ka natla mo ditseleng tsa gago tse dintsintsi. Ga o a ka wa re, ‘Ga go na tsholofelo!’ O bone go tsosolosiwa ga maatla a gago. Ke gone ka moo o sa bobolang.” (Isaia 57:10) Ee, setšhaba seno se dirile ka natla mo ditseleng tsa sone tsa botlhanogi, mme ga se bone gore maiteko a sone a itaya se fololetse. Go na le moo, se itsietsa ka go dumela gore se a atlega ka maatla a sone. Se ikutlwa se na le maatla e bile se itekanetse. A boeleele!

12. Ke maemo afe a Labokeresete a a tshwanang le a Juda?

12 Gompieno go na le mokgatlho o o itshwarang ka tsela e e tshwanang le e Juda ya motlha wa ga Isaia e neng e itshwara ka yone. Labokeresete o dirisa leina la ga Jesu, mme o dira dikgolagano le ditšhaba e bile o tladitse mafelo a gagwe a kobamelo ka medingwana. Balatedi ba gagwe e bile ba tlhomile ditshwantsho tsa medingwana mo magaeng a bone. Labokeresete o ntshitse basha ba gagwe ditlhabelo mo dintweng tsa ditšhaba. A bo seno sotlhe se tshwanetse sa bo se le makgapha jang ne mo Modimong wa boammaaruri, yo o laelang Bakeresete jaana: “Tshabang kobamelo ya medingwana”! (1 Bakorintha 10:14) Ka go itsenya mo dipolotiking, Labokeresete o ‘dirile kgokafalo le dikgosi tsa lefatshe.’ (Tshenolo 17:1, 2) E bile tota, ke motshegetsi yo mogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Seaka seno sa bodumedi se tlile go diragalelwa ke eng mo isagweng? Ebu, Jehofa o raya setshwani sa gagwe, Juda yo o sa ikanyegeng a reng, bogolo jang jaaka a emelwa ke motse wa gagwe o mogolo, Jerusalema?

“Dilo Tse o di Phuthileng ga di Kitla di go Golola”

13. Juda o simolola go “aka” jang, mme o tsibogela bopelotelele jwa ga Jehofa jang?

13 “O ne wa tshaba mang mme wa boifa, mo o neng wa simolola go aka?” go botsa Jehofa. A potso e ntle! Eleruri Juda ga a bontshe Jehofa poifo e e siameng. E seng jalo o ka bo a sa fetoga setšhaba sa baaki, baobamedi ba medimo ya maaka. Jehofa o tswelela pele ka go re: “Ga se nna yo o neng wa mo gakologelwa. Ga o a ka wa isa sepe pelong. A ke ne ke sa nna ke didimetse e bile ke fitlhile dikgang? Ka jalo ga o a ka wa boifa le e leng nna tota.” (Isaia 57:11) Jehofa o ntse a didimetse, a sa otlhae Juda ka bonako. A Juda o anaanela seno? Nnyaa, go na le moo o leba bopelotelele jwa Modimo e le go se kgathale. Ga a tlhole a mmoifa gotlhelele.

14, 15. Jehofa a reng ka ditiro tsa Juda le ‘dilo tse a di phuthileng’?

14 Le fa go ntse jalo, motlha wa go nna pelotelele ga Modimo o tla fela. Jehofa o bolela jaana a akantse ka nako eo: “Nna ke tla bolela tshiamo ya gago le ditiro tsa gago, gore ga di na go go tswela mosola. Fa o goa o kopa thuso dilo tse o di phuthileng ga di kitla di go golola, mme phefo e tla di phailela kgakala tsotlhe. Moya o o hemelwang kwa ntle o tla di tlosa.” (Isaia 57:12, 13a) Jehofa o tla senola tshiamo ya maaka ya Juda. Ditiro tsa gagwe tsa boitimokanyi ga di ne di nna le mosola ope. ‘Dilo tse a di phuthileng,’ mokoa wa gagwe wa medingwana, ga e ne e mo golola. Fa go nna le masetlapelo, medimo e a e ikanyang e tla digwa ke phefonyana fela.

15 Mafoko a ga Jehofa a diragadiwa ka 607 B.C.E. A diragala fa Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a senya Jerusalema, a fisa tempele a bo a isa bontsi jwa batho botshwarwa. “Ka jalo Juda a ya botshwarwa a tswa mo lefatsheng la gagwe.”—2 Dikgosi 25:1-21.

16. Ke eng se se sa ntseng se tlile go diragalela Labokeresete le dikarolo tse dingwe tsa “Babelona o Mogolo?”

16 Ka tsela e e tshwanang, medingwana e mentsintsi ya Labokeresete ga e kitla e mo golola mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa. (Isaia 2:19-22; 2 Bathesalonika 1:6-10) Labokeresete o tla fedisiwa mmogo le dikarolo tse dingwe tsa “Babelona o Mogolo”—mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Sebatana sa tshwantshetso se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo le dinaka tsa sone tse some “di tla [senya Babelona o Mogolo] di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo gotlhelele.” (Tshenolo 17:3, 16, 17) A bo re itumela jang ne go bo re ile ra utlwa taelo eno: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe”! (Tshenolo 18:4, 5) A le ka motlha re se ka ra boela kwa go ene kgotsa kwa ditirong tsa gagwe.

“Yo o Tshabelang mo go Nna o Tla Rua Lefatshe”

17. ‘Yo o tshabelang mo go Jehofa’ o solofediwa eng, mme tsholofetso eo e diragala leng?

17 Le fa go ntse jalo, go tweng ka mafoko a a latelang a boporofeti jwa ga Isaia? “Yo o tshabelang mo go nna o tla rua lefatshe a bo a rue thaba ya me e e boitshepo.” (Isaia 57:13b) Jaanong Jehofa o bua le mang? O bua ka se se ka kwa ga masetlapelo a a tlang mme o bolelela pele ka go gololwa ga batho ba gagwe kwa Babelona le go busediwa ga kobamelo e e itshekileng mo thabeng ya gagwe e e boitshepo, Jerusalema. (Isaia 66:20; Daniele 9:16) A bo seno se tshwanetse sa bo se kgothatsa Bajuda bape ba ba ntseng ba ikanyega thata jang ne! Mo godimo ga moo, Jehofa a re: “Motho ruri o tla re, ‘Koaganyang, koaganyang! Bulang tsela. Tlosang sekgopi le fa e ka nna sepe mo tseleng ya batho ba me.’” (Isaia 57:14) Fa nako e tla ya gore Modimo a golole batho ba gagwe, tsela e tla bo e siame le dikgoreletsi tsotlhe di tlositswe.—2 Ditiragalo 36:22, 23.

18. Bogodimo jwa ga Jehofa bo tlhalosiwa jang, mme o bontsha kamego efe e e lorato?

18 Jaanong moporofeti Isaia o bolela mafoko a a nopotsweng kwa tshimologong: “Mogodimo le Yo o Kwa Godimo, yo o agang ka bosaengkae le yo leina la gagwe le leng boitshepo, o rile: ‘Ke agile kwa bogodimong le kwa lefelong le le boitshepo, mmogo le yo moya wa gagwe o gateletsweng e bile o le kwa tlase, gore ke rudise moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.’” (Isaia 57:15) Setulo sa ga Jehofa sa bogosi se kwa magodimong a a kwa godimodimo. Ga go na boemo bope jo bo kwa godimo go feta joo. A bo go gomotsa jang go itse gore fa a le koo o bona sengwe le sengwe—e seng maleo a baikepi fela mme le ditiro tsa tshiamo tsa batho ba ba lekang go mo direla! (Pesalema 102:19; 103:6) Mo godimo ga moo, o utlwa dilelo tsa batho ba ba gateletsweng mme o rudisa dipelo tsa ba ba gateletsweng. Mafoko ano a tshwanetse a bo a ile a ama dipelo tsa Bajuda ba ba ikwatlhayang mo metlheng ya bogologolo. Eleruri a ama dipelo tsa rona gompieno.

19. Kgalefo ya ga Jehofa e fela leng?

19 Mafoko a a latelang a ga Jehofa le one a a gomotsa: “Ga nkitla ke ganetsa ka bosakhutleng, le fa e le go gakalela ruri; gonne moya o ne o tla koafala ka ntlha ya me, le tsone dibopiwa tse di hemang tse ke di dirileng.” (Isaia 57:16) Fa kgalefo ya Modimo e ka bo e nnela ruri e sa fele, go ne go se kitla go nna le dibopiwa dipe tsa ga Jehofa tse di neng di ka falola. Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore kgalefo ya Modimo ke ya nakwana fela. Fa e setse e diragaditse boikaelelo jwa yone, e a fela. Tshedimosetso eno e e tlhotlheleditsweng e re thusa go anaanela thata lorato lo Jehofa a ratang popo ya gagwe ka lone.

20. (a) Jehofa o tshwara jang modiraphoso yo o sa ikwatlhayeng? (b) Jehofa o gomotsa jang motho yo o ikwatlhayang?

20 Re nna le tshedimosetso e e oketsegileng fa Jehofa a ntse a tswelela. Sa ntlha a re: “Ke ne ka galefela tlolo ya papadi ya gagwe ya tshiamololo, mme ka mo itaya, ke fitlha sefatlhego sa me, fa ke ne ke sa ntse ke galefile. O ne a nna a tsamaya jaaka motlhanogi mo tseleng ya pelo ya gagwe.” (Isaia 57:17) Diphoso tse di dirilweng ka ntlha ya bogagapa eleruri di tlhotlheletsa bogale jwa Modimo. Fa fela motho a tswelela pele e le motlhanogi mo pelong, Jehofa o tswelela pele a galefile. Mme go tweng fa motlhanogi a tsibogela kotlhao? Foo Jehofa o bontsha kafa lorato lwa gagwe le kutlwelobotlhoko tsa gagwe di mo tlhotlheletsang ka teng go tsaya kgato: “Ke bone ditsela tsa gagwe; mme ka simolola go mo fodisa le go mo felegetsa le go mo duela ka go mo gomotsa le ba ba hutsafetseng ba gagwe.” (Isaia 57:18) Fa Jehofa a sena go tsaya kgato ya go otlhaya, o fodisa motho yo o ikwatlhayang a bo a mo gomotsa ene le ba ba lelang le ene. Ke gone ka moo ka 537 B.C.E., Bajuda ba ileng ba kgona go boela gae. Ke boammaaruri, Juda ga a ise a ke a tlhole a nna bogosi jo bo ikemetseng ka nosi kafa tlase ga kgosi mo losikeng lwa ga Dafide. Le fa go ntse jalo, tempele e e kwa Jerusalema e ne ya agiwa sesha, mme kobamelo ya boammaaruri ya busediwa.

21. (a) Jehofa o ile a tsosolosa moya wa Bakeresete ba ba tloditsweng jang ka 1919? (b) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a nna le nonofo efe?

21 “Mogodimo le Yo o Kwa Godimo,” Jehofa, o ne a bontsha go amega le ka masalela a batlodiwa ka 1919. Ka ntlha ya moya wa bone wa go ikwatlhaya le wa boikokobetso, Modimo o mogolo, Jehofa, ka bopelonomi o ne a lemoga pogo ya bone mme a ba golola mo botshwarong jwa Babelona. O ne a tlosa dikgoreletsi tsotlhe mme a ba isa kwa kgololesegong gore ba kgone go mo naya kobamelo e e itshekileng. Ka gone, mafoko a ga Jehofa ka Isaia a ne a diragadiwa ka nako eo. Mme mafoko ano a na le melaometheo e e sa feleng e e dirang mo go mongwe le mongwe wa rona. Jehofa o amogela fela kobamelo ya batho ba ba ikokobeditseng. Mme fa mongwe wa batlhanka ba Modimo a ka leofa, o tshwanetse a itlhaganelela go dumela phoso ya gagwe, go amogela kgakololo, le go siamisa ditsela tsa gagwe. A le ka motlha re se ka ra lebala gore Jehofa o fodisa le go gomotsa baikokobetsi mme o “ganetsa ba ba mabela.”—Jakobe 4:6.

‘Kagiso Ya yo O Kgakala Le yo O Gaufi’

22. Jehofa o bolelela pele isagwe ya mofuta mang ka (a) batho ba ba ikwatlhayang? (b) baikepi?

22 Jehofa o bolela jaana a bontsha pharologanyo fa gare ga isagwe ya ba ba ikwatlhayang le ya ba ba tswelelang pele mo ditirong tsa bone tse di boikepo: “Ke bopa leungo la dipounama. Yo o kgakala le yo o gaufi o tla nna le kagiso e e sa feleng, mme ke tla mo fodisa. Mme baikepi ba ntse jaaka lewatle le le kgaphaselang, fa le sa kgone go sisibala, metsi a lone a ntse a bilola mofero wa lewatle le loraga. Baikepi ga ba na kagiso.”—Isaia 57:19-21.

23. Leungo la dipounama ke eng, mme Jehofa o “bopa” leungo leno jang?

23 Leungo la dipounama ke setlhabelo sa pako se se isediwang Modimo—polelo ya phatlalatsa ka leina la gagwe. (Bahebera 13:15) Jehofa o “bopa” jang polelo eo ya phatlalatsa? Gore motho a ise setlhabelo sa pako, la ntlha o tlhoka go ithuta ka Modimo go tswa foo a bo a dumela mo go ene. Tumelo—leungo la moya wa Modimo—e tlhotlheletsa motho yoo go bolelela ba bangwe se a se utlwileng. Ka mafoko a mangwe, o bolela polelo ya phatlalatsa. (Baroma 10:13-15; Bagalatia 5:22) Gape re tshwanetse ra gakologelwa gore, totatota, Jehofa ke ene a romang batlhanka ba gagwe go bolela pako ya gagwe. Gape Jehofa ke ene a gololang batho ba gagwe, a dira gore go kgonege gore ba ntshe ditlhabelo tse di ntseng jalo tsa pako. (1 Petere 2:9) Ka gone, go ka bolelwa sentle gore Jehofa o bopa leungo leno la dipounama.

24. (a) Ke bomang ba ba simololang go itse kagiso ya Modimo, mme go felela ka eng? (b) Ke bomang ba ba sa itseng kagiso, mme go felela jang ka bone?

24 A bo Bajuda ba tshwanetse ba bo ba isa leungo le le kgatlhang jang ne la dipounama fa ba ntse ba boela kwa nagagaeng ya bone ba opelela Jehofa dipako! Ba tshwanetse ba bo ba itumeletse go itse kagiso ya Modimo, e ka tswa ba le “kgakala”—ba le kgakala le Juda, ba sa ntse ba emetse go boa—kgotsa ba le “gaufi”—ba setse ba le mo nagagaeng ya bone. Go fapaana thata le seo, a bo maemo a baikepi a farologane jang ne! Batho bape ba ba sa tsibogeleng ditsela tsa ga Jehofa tsa go otlhaya, baikepi le fa e ka tswa e le bomang kgotsa ba le kwa kae, ga ba na kagiso gotlhelele. Ba kgaphasela jaaka lewatle le le galefileng, ga ba tlhagise loungo lwa dipounama, mme ba nnela go tlhagisa “mofero wa lewatle le loraga,” sengwe le sengwe se se seng phepa.

25 .Batho ba le bantsi gongwe le gongwe ba simolola go itse kagiso jang?

25 Gompieno le gone, baobamedi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Bakeresete gongwe le gongwe mo dinageng tse di fetang 230 ba neela maungo a dipounama tsa bone, ba bolela pako ya Modimo yo o esi wa boammaaruri. Dipako tse ba di opelang di utlwiwa “go tswa kwa ntlheng ya lefatshe.” (Isaia 42:10-12) Batho ba ba utlwang mafoko a bone ba bo ba tsaya kgato ba amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, Baebele. Batho bano ba simolola go itse kagiso, e e bakwang ke go direla “Modimo yo o nayang kagiso.”—Baroma 16:20.

26.(a)Go tlile go diragala eng ka baikepi? (b) Bapelonomi ba solofediwa eng se segolo, mme re tshwanetse ra iketleetsa go dira eng?

26 Ke boammaaruri, baikepi ga ba tseye molaetsa wa Bogosi tsia. Le fa go ntse jalo, mo bogautshwaneng, ga ba ne ba letlelelwa go tshwenya kagiso ya basiami. Jehofa o solofetsa jaana: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng.” Batho ba ba tshabelang mo go Jehofa ba tla rua naga ka tsela e e gakgamatsang. “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:10, 11, 29) A bo lefatshe la rona e tla nna lefelo le lentle jang ne ka nako eo! E kete rotlhe re ka iketleetsa gore le ka motlha re se ka ra latlhegelwa ke kagiso ya Modimo, gore re tle re opele kagiso ya Modimo ka bosakhutleng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Lefoko “bolao” le tshwanetse la bo le kaya sebeso kgotsa lefelo la kobamelo ya boheitane. Go le bitsa bolao go re gopotsa gore kobamelo e e ntseng jalo ke boaka jwa semoya.

b Dikota tse di boitshepo di ka nna tsa bo di ne di tshwantshetsa bonamagadi, mme dipilara tse di boitshepo e ka tswa e ne e le ditshwantsho tsa botonanyana. Banni ba Juda ba ba sa ikanyegeng ba ne ba di dirisa ka bobedi jwa tsone.—2 Dikgosi 18:4; 23:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 263]

Juda o dira kobamelo ya boitsholo jo bo sa siamang kafa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo

[Setshwantsho mo go tsebe 267]

Juda o aga dibeso gongwe le gongwe mo nageng

[Setshwantsho mo go tsebe 275]

“Ke bopa leungo la dipounama”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela