LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-2 kgao. 22 ts. 321-334
  • Tshiamo e Tlhoga mo Siona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshiamo e Tlhoga mo Siona
  • 2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ngwaga wa Kamogelo”
  • Maungo a Semoya a a Galaletsang Modimo
  • Go Tlhabisiwa Ditlhong le go Kokobediwa, go Latelwa ke Boipelo
  • Go Ipelela Masego a ga Jehofa
  • “Bolela Ngwaga wa Kamogelo wa ga Jehofa”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • ‘Motlha wa Kamogelo’
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • “Iseraele wa Modimo” le “Boidiidi jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Leina le Lesha”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
ip-2 kgao. 22 ts. 321-334

Kgaolo ya Masomeamabedipedi

Tshiamo e Tlhoga mo Siona

Isaia 61:1-11

1, 2. Iseraele o tla tloga a diragalelwa ke phetogo efe, mme ke mang yo o tla e dirang?

A GO bolelwe kgololo! Jehofa o ititeile sehuba gore o tla golola batho ba gagwe a ba busetse kwa nageng ya bagologolwane ba bone. Kobamelo ya boammaaruri e tla boa e nna teng gape jaaka peo e e tlhogang morago ga mesarasarane ya pula. Fa letsatsi leo le tla, go itlhoboga go tla tseelwa sebaka ke go baka ka boitumelo, mme ditlhogo tse pele di neng di apesitswe ka melora ka ntlha ya go hutsafala di tla rwesiwa serwalo sa go amogelwa ke Modimo.

2 Ke mang yo o tla tlisang phetogo eno e e molemo? Jehofa ke ene fela a ka dirang selo se se ntseng jalo. (Pesalema 9:19, 20; Isaia 40:25) Moporofeti Sefania o ne a laela jaana ka tsela ya boporofeti: “Goa ka boipelo, wena morwadia Siona! Thela loshalaba wena Iseraele! Ipele o bo o itumele ka pelo yotlhe, wena morwadia Jerusalema! Jehofa o tlositse dikatlholo mo go wena.” (Sefania 3:14, 15) A bo eo e tla nna nako e e monate jang ne! Fa Jehofa a phutha masalela a a buseditsweng gae go tswa kwa Babelona ka 537 B.C.E., go tla nna jaaka e kete toro ya bone e a diragadiwa.—Pesalema 126:1.

3. Mafoko a boporofeti a a mo go Isaia kgaolo 61 a diragadiwa ka makgetlho afe?

3 Isaia kgaolo 61 e bolelela pele ka go busiwa gono. Le fa gone go phepafetse gore boporofeti joo bo diragaditswe ka 537 B.C.E., bo diragadiwa ka tsela e kgolwane moragonyana. Go diragadiwa ga jone ka tsela e kgolwane go akaretsa Jesu le balatedi ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga le batho ba ga Jehofa mo metlheng ya gompieno. A bo mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a na le bokao jo bogolo jang he!

“Ngwaga wa Kamogelo”

4. Ke mang yo o romilweng go bolela dikgang tse di molemo fa Isaia 61:1 e ne e diragadiwa la ntlha, mme go romilwe mang fa e ne e diragadiwa la bobedi?

4 Isaia o kwala jaana: “Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna, ka lebaka la gore Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, go bolela kgololego mo go ba ba isitsweng botshwarwa le go bulela magolegwa matlho thata.” (Isaia 61:1) Ke mang yo o romilweng go bolela dikgang tse di molemo? Go ka direga gore mo lekgetlhong la ntlha e ne e le Isaia, yo o tlhotlhelediwang ke Modimo go kwala dikgang tse di molemo a di kwalela batshwarwa ba ba kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua ka go diragadiwa go go botlhokwa thata ga mafoko ano a ga Isaia fa a ne a a lebisa mo go ene ka boene. (Luke 4:16-21) Ee, Jesu o ne a romiwa go ya go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo, mme o ne a tlolediwa seno ka moya o o boitshepo fa a ne a kolobediwa.—Mathaio 3:16, 17.

5. Ke bomang ba ba ntseng ba rera dikgang tse di molemo ka dingwaga di ka nna 2 000?

5 Mo godimo ga moo, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go nna baefangedi, kgotsa bareri ba dikgang tse di molemo. Ka Pentekosete ya 33 C.E., ba ka nna 120 ba bone ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo mme ba nna barwa ba Modimo ba semoya. (Ditiro 2:1-4, 14-42; Baroma 8:14-16) Le bone ba ne ba romiwa go bolela dikgang tse di molemo ba di bolelela batho ba ba pelonolo le ba ba dipelo di phatlogileng. Bao ba ba 120 e ne e le bone ba ntlha mo go ba ba 144 000 go tlodiwa ka tsela eo. Masalela a setlhopha seno a sa ntse a tlhagafetse mo lefatsheng gompieno. Ka gone, ka dingwaga di ka nna 2 000 balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba ntse ba neela bosupi “kaga boikwatlhao mo Modimong le tumelo mo Moreneng wa rona Jesu.”—Ditiro 20:21.

6. Ke bomang ba ba ileng ba gololesega fa ba utlwa dikgang tse di molemo tse di neng di rerwa mo metlheng ya bogologolo, mme go tweng ka gompieno?

6 Molaetsa wa ga Isaia o o tlhotlheleditsweng o ne wa tlisetsa Bajuda ba ba ikwatlhayang kwa Babelona kgololo. Mo metlheng ya ga Jesu le ya barutwa ba gagwe, o ne wa tlisa kgololo mo Bajudeng ba ba neng ba phatlogile pelo ka ntlha ya boikepo jwa kwa Iseraele e bile ba boga mo botshwarong jwa dingwao tsa ditumelo tsa maaka tsa Bojuda tsa lekgolo la ntlha la dingwaga. (Mathaio 15:3-6) Gompieno dimilione tsa batho ba wetse mo serung sa dingwao tsa boheitane tsa Labokeresete le dingwao tse di sa tlotleng Modimo mme ba a ‘fegelwa le go sonelwa’ ka ntlha ya dilo tse di makgapha tse di dirwang mo tsamaisong eo ya bodumedi. (Esekiele 9:4) Batho ba ba amogelang dikgang tse di molemo ba gololwa mo seemong seo se se hutsafatsang. (Mathaio 9:35-38) Matlho a bone a go tlhaloganya a bulega tota fa ba ithuta go obamela Jehofa “ka moya le ka boammaaruri.”—Johane 4:24.

7, 8. (a) ‘Dingwaga tse pedi tsa kamogelo’ ke dife? (b) ‘Malatsi a ga Jehofa a pusoloso’ ke afe?

7 Go rera dikgang tse di molemo go beetswe nako. Jesu le balatedi ba gagwe ba ne ba laelwa jaana: “Bolela ngwaga wa kamogelo wa ga Jehofa le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:2) Ngwaga ke lobaka lo loleele, mme lo na le tshimologo le bokhutlo. “Ngwaga wa kamogelo” wa ga Jehofa ke nako e ka yone a nayang ba ba pelonolo sebaka sa go tsibogela molaetsa wa gagwe wa kgololesego.

8 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ngwaga wa kamogelo mo setšhabeng sa Bajuda o ne wa simologa ka 29 C.E. fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng. O ne a raya Bajuda a re: “Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Mathaio 4:17) Ngwaga oo wa kamogelo o ne wa tswelela pele go fitlha ka “letsatsi la pusoloso” la ga Jehofa, leo le ileng la konela ka 70 C.E. fa Jehofa a ne a letla masole a Roma go senya Jerusalema le tempele ya yone. (Mathaio 24:3-22) Rona gompieno re tshela mo ngwageng o mongwe wa kamogelo, o o simolotseng ka go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo kwa magodimong ka 1914. Ngwaga ono wa kamogelo o tla konela ka letsatsi le lengwe la pusoloso, le le tla bong le aname go feta la pele, fa Jehofa a tla bo a senya tsamaiso yotlhe ya dilo ya lefatshe leno ka nako ya “pitlagano e kgolo.”—Mathaio 24:21.

9. Gompieno ke bomang ba ba solegelwang molemo ke ngwaga wa ga Jehofa wa kamogelo?

9 Ke bomang gompieno ba ba solegelwang molemo ke ngwaga wa Modimo wa kamogelo? Bao ba amogelang molaetsa, ba bontsha bopelonolo, e bile ba tshegetsa ka tlhoafalo go bolelwa ga Bogosi jwa Modimo mo “ditšhabeng tsotlhe.” (Mareko 13:10) Batho bano ba lemoga gore dikgang tse di molemo di tlisa kgomotso ya mmatota. Le fa go ntse jalo, ba ba ganang molaetsa, ba gana go dirisa ngwaga wa ga Jehofa wa kamogelo sentle, go ise go ye kae ba tla tshwanelwa ke go lebana le letsatsi la gagwe la pusoloso.—2 Bathesalonika 1:6-9.

Maungo a Semoya a a Galaletsang Modimo

10. Bajuda ba ba boang go tswa kwa Babelona ba amiwa jang ke tiro e kgolo e Jehofa a e ba diretseng?

10 Bajuda ba ba boang go tswa kwa Babelona ba lemoga gore Jehofa o ba diretse tiro e kgolo. Go hutsafala ga bone e le batshwarwa go fetoga boitumelo le pako ka gonne jaanong ba gololesegile. Ka gone, Isaia o diragatsa thomo ya gagwe ya boporofeti, ke gore, “go abela ba ba hutsafaletseng Siona, go ba naya serwalo sa tlhogo mo boemong jwa melora, leokwane la go itumela mo boemong jwa go hutsafala, seaparo sa pako mo boemong jwa moya o o hutsafetseng; mme ba bidiwe ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo, tse di jadilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.”—Isaia 61:3.

11. Ke bomang mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ba neng ba na le lebaka le le utlwalang la go baka Jehofa ka ntlha ya tiro ya gagwe e kgolo?

11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bajuda ba ba neng ba dumela go gololwa mo bokgobeng jwa bodumedi jwa maaka le bone ba ne ba baka Modimo ka ntlha ya tiro e kgolo e a e ba diretseng. Go hutsafala ga bone go ne ga tseelwa maemo ke “seaparo sa pako” fa ba ne ba gololwa mo setšhabeng se se suleng semoyeng. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba bona phetogo eo la ntlha fa go hutsafala ga bone ka ntlha ya loso lwa gagwe go tseelwa sebaka ke go ipelela go tlodiwa ka moya o o boitshepo ke Morena wa bone yo o tsositsweng. Nakwana fela morago ga moo, phetogo e e tshwanang e ne ya bonwa ke batho ba ba 3 000 ba ba pelonolo ba ba neng ba tsibogela thero ya Bakeresete bao ba ba neng ba sa tswa go tlodiwa mme ba kolobediwa ka Pentekosete ya 33 C.E. (Ditiro 2:41) A bo go ne go le molemo jang ne go tshepa gore Jehofa o tla ba segofatsa! Mo boemong jwa go ‘hutsafalela Siona,’ ba ne ba amogela moya o o boitshepo mme ba lapolosiwa ke “leokwane la boitumelo,” le le tshwantshetsang go itumela ga ba ba segofaditsweng thata ke Jehofa.— Bahebera 1:9.

12, 13. (a) “Ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo” e ne e le bomang mo gare ga Bajuda ba ba boang ka 537 B.C.E.? (b) Ke bomang ba e nnileng “ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo” fa e sale ka Pentekosete ya 33 C.E.?

12 Jehofa o segofatsa batho ba gagwe ka “ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo.” Ditlhare tse dikgolo tseno ke bomang? Mo dingwageng tse di latelang 537 B.C.E., e ne e le batho ba ba neng ba ithuta Lefoko la Modimo ba bo ba tlhatlhanya ka lone le go tshegetsa ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamo. (Pesalema 1:1-3; Isaia 44:2-4; Jeremia 17:7, 8) Banna ba ba jaaka Esera, Hagai, Sekarea le Moperesiti yo Mogolo Joshua ba ne ba itshupa e le “ditlhare tse dikgolo” tse di tlhomologileng—ba nonofile mo boammaaruring le mo go emelaneng le gore setšhaba se se ka sa leswafala semoyeng.

13 Go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele, Modimo o ne a jala “ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo” tse di ntseng jalo—Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba pelokgale—mo nageng ya semoya ya setšhaba sa gagwe se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Go ralala makgolo a dingwaga, “ditlhare” tseno di ile tsa fitlha go palo ya 144 000, di tlhagisa maungo a a siameng gore a ntlafatse, kgotsa a galaletse Jehofa Modimo. (Tshenolo 14:3) Ba bofelo ba “ditlhare” tseno tse dikgolo ba ile ba atlega mo dingwageng tsa fa e sa le ka 1919, fa Jehofa a ne a tsosolosa ba ba setseng ba Iseraele wa Modimo mo seemong sa bone sa go sa dire sepe ka nakwana. Ka go ba naya metsi a mantsi a semoya ka metlha, Jehofa o tlhagisitse sekgwa sa ditlhare tsa tshiamo tse di ungwang.—Isaia 27:6.

14, 15. Ke ditiro dife tse di neng tsa dirwa ke baobamedi ba ba golotsweng ba ga Jehofa go simolola ka (a)537 B.C.E.? (b) 33 C.E.? (c) 1919?

14 Isaia o tswelela pele jaana a bontsha tiro ya “ditlhare” tseno: “Ba tla aga sesha mafelo a magologolo a a swafetseng; ba tla tsholetsa le eleng mafelo a a kgakgabetseng a metlha ya pele, mme ruri ba tla dira sesha metse e e swafetseng, e leng mafelo a a kgakgabetseng kokomana morago ga kokomana.” (Isaia 61:4) Ka taolo ya ga Kgosi Kurose wa Peresia, Bajuda ba ba ikanyegang ba ba neng ba boa kwa Babelona ba ne ba aga Jerusalema sesha le tempele ya yone, e e neng e tlogetswe e swafetse ka lobaka lo loleele. Ditiro tsa go tsosolosa di ne di tla nna dintsi le mo dingwageng tsa morago ga 33 C.E. le 1919.

15 Ka 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ne ba hutsafala thata fa a ne a tshwarwa, a sekisiwa a bo a bolawa. (Mathaio 26:31) Le fa go ntse jalo ba ne ba leba dilo ka tsela e sele fa a ne a bonala mo go bone a sena go tsosiwa. Mme fa moya o o boitshepo o sena go tshololelwa mo go bone, ba ne ba tsena mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo, “mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Ka gone ba ne ba simolola go tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Ka tsela e e tshwanang, go tloga ka 1919 go ya pele Jesu Keresete o ne a dira gore masalela a barwarraagwe ba ba tloditsweng ba age sesha “mafelo a a kgakgabetseng kokomana morago ga kokomana.” Go ne go fetile makgolo a dingwaga baruti ba Labokeresete ba palelwa ke go anamisa kitso kaga Jehofa, mme mo boemong jwa yone ba buelela dingwao tsa batho le dithuto tse di seng kafa dikwalong. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tlosa mo diphuthegong tsa bone mekgwa e e neng e amana le bodumedi jwa maaka gore go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri go tswelele pele. Mme ba ne ba simolola se e neng e tla nna tiro e kgolo ya go neela bosupi e e iseng e ko e direge mo lefatsheng.—Mareko 13:10.

16. Ke bomang ba ba ntseng ba thusa Bakeresete ba ba tloditsweng mo tirong ya bone ya go tsosolosa, mme ba neilwe ditiro dife?

16 Eno e ne e le thomo e kgolo. Masalela a a seng kae a Iseraele wa Modimo a ne a tla kgona jang go dira tiro e kgolo jalo? Jehofa o ne a tlhotlheletsa Isaia go bolela jaana: “Batswakwa ba tla ema ba dise matsomane a lona, mme batswakwa ba tla nna balemirui ba lona le babaakanyi ba lona ba mefine.” (Isaia 61:5) Batswakwa ba tshwantshetso ba itshupile e le “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu.a (Tshenolo 7:9; Johane 10:11, 16) Ga ba tlodiwe ka moya o o boitshepo gore ba tle ba rue botshelo jwa selegodimo. Go na le moo, ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolo 21:3, 4) Le fa go ntse jalo, ba rata Jehofa mme ba neilwe ditiro tsa semoya tsa go disa, go lema le go baakanya mefine. Ditiro tseno ga se ditironyana fela tse di sa reng sepe. Ba kaelwa ke masalela a Iseraele wa Modimo, badiri bano ba thusa go phutha, go disa le go tlamela batho.—Luke 10:2; Ditiro 20:28; 1 Petere 5:2; Tshenolo 14:15, 16.

17. (a) Maloko a Iseraele wa Modimo a tla bidiwang? (b) Ke setlhabelo sefe se e leng sone fela se se tlhokegang gore motho a itshwarelwe maleo?

17 Go tweng ka Iseraele wa Modimo? Jehofa o dirisa Isaia go ba raya a re: “Fa e le lona, lo tla bidiwa baperesiti ba ga Jehofa; go tla twe lo badiredi ba Modimo wa rona. Lo tla ja dikhumo tsa ditšhaba, mme mo kgalalelong ya bone lo tla bua kaga lona lo kgana.” (Isaia 61:6) Kwa Iseraele wa bogologolo, Jehofa o ne a dira gore go nne le baperesiti ba Balefi gore ba ntshe ditlhabelo ba intshetsa bone mmogo le Baiseraele ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ka 33 C.E., Jehofa o ne a tlogela go dirisa boperesiti jwa Balefi mme a simolola thulaganyo e e botoka. O ne a amogela botshelo jo bo itekanetseng jwa ga Jesu e le setlhabelo sa maleo a setšhaba. Fa e sa le ka nako eo ga go ise go tlhokege setlhabelo sepe se sengwe. Setlhabelo sa ga Jesu se a dira ka dinako tsotlhe.—Johane 14:6; Bakolosa 2:13, 14; Bahebera 9:11-14, 24.

18. Iseraele wa Modimo o bopa boperesiti jwa mofuta ofe, mme ba romilwe gore ba dire eng?

18 Ka gone, maloko a Iseraele wa Modimo a nna “baperesiti ba ga Jehofa” ka tsela efe? Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana fa a ne a kwalela Bakeresetekaene ba ba tloditsweng: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Petere 2:9) Ka gone, jaaka setlhopha, Bakeresete ba ba tloditsweng ba bopa boperesiti jo bo nang le thomo e e kgethegileng: go bolelela ditšhaba ka kgalalelo ya ga Jehofa. Ba tshwanetse go nna basupi ba gagwe. (Isaia 43:10-12) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba diragatsa thomo eno ya botlhokwa ka boikanyegi mo metlheng ya bofelo. Ka ntlha ya seo, batho ba le dimilionemilione jaanong ba ba thusa mo tirong ya go neela bosupi kaga Bogosi jwa ga Jehofa.

19. Bakeresete ba ba tloditsweng ba tla nna le tshiamelo ya go dira tirelo efe?

19 Mo godimo ga moo, maloko a Iseraele wa Modimo a na le tebelelo ya go direla e le baperesiti ka tsela e nngwe. Fa ba sena go swa ba tsosediwa go ya go tshela botshelo jwa semoya kwa legodimong ba sa swe. Fa ba le koo ga ba direle fela e le babusimmogo le Jesu mo Bogosing jwa gagwe mme gape ba direla e le baperesiti ba Modimo. (Tshenolo 5:10; 20:6) Ka jalo, ba tla nna le tshiamelo ya go dirisa melemo ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo mo bathong ba ba ikanyegang mo lefatsheng. Mo ponatshegelong ya ga moaposetoloi Johane e e kwadilweng mo go Tshenolo kgaolo 22, ba tlhalosiwa gape e le “ditlhare.” “Ditlhare” tsotlhe tse 144 000 di bonwa kwa legodimong, di tlhagisa “maungo a mefuta e le lesome le bobedi, di ungwa maungo a tsone kgwedi nngwe le nngwe. Mme matlhare a ditlhare tseno [ke] a go alafa ditšhaba.” (Tshenolo 22:1, 2) A bo eo e le tirelo e e molemo jang ne ya boperesiti!

Go Tlhabisiwa Ditlhong le go Kokobediwa, go Latelwa ke Boipelo

20. Le fa go na le kganetso, ke masego afe a a tla tlelang boperesiti jwa segosi?

20 Fa e sa le ka 1914 fa ngwaga wa ga Jehofa wa kamogelo o simologa, boperesiti jwa segosi bo kopane le kganetso e kgolo ya baruti ba Labokeresete. (Tshenolo 12:17) Le fa go ntse jalo, maiteko otlhe a go emisa go rerwa ga dikgang tse di molemo kgabagare a ile a itaya se fololetse. Boporofeti jwa ga Isaia bo ile jwa bolelela seno pele, bo re: “Mo boemong jwa ditlhong tsa lona go tla nna le karolo e e sebedi, mme mo boemong jwa go tlhabisiwa ditlhong ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya kabelo ya bone. Ka gone mo lefatsheng la bone ba tla tsaya karolo e e sebedi. Ba tla ipela ka bosakhutleng.”—Isaia 61:7.

21. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba ipelela jang masego a mantsi go menagane gabedi?

21 Ka Ntwa ya Lefatshe I, masalela a a tloditsweng a ne a tlhabisiwa ditlhong a bo a kokobediwa ke Labokeresete yo o ratang bosetšhaba. Bangwe ba baruti ba ne ba le mo bathong ba ba neng ba latofatsa ka maaka bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba kwa ntlokgolong ya Brooklyn ba le robedi ba re ba epa puso. Bakaulengwe bano ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong go sa tshwanela ka dikgwedi di le robongwe. Kgabagare, ka dikgakologo tsa 1919, ba ne ba gololwa, mme moragonyana ditatofatso tsa bone di ne tsa tlogelwa tsotlhe. Ka gone leano la go emisa tiro ya go rera le ne la palelwa. Mo boemong jwa go letla baobamedi ba gagwe gore ba tlhabisiwe ditlhong ka lobaka lo loleele, Jehofa o ne a ba golola mme a ba busetsa mo nageng ya bone ya semoya, ‘lefatshe la bone.’ Koo ba ne ba amogela masego a mantsi go menagane gabedi. Masego a ga Jehofa a ile a emisetsa dipogo tsa bone tsotlhe. Eleruri ba ne ba na le lebaka la gore ba goe ka boipelo!

22, 23. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba etsa Jehofa jang, mme o ile a ba duela jang?

22 Se Jehofa a se bolelang morago ga moo se naya Bakeresete gompieno lebaka le lengwe la gore ba ipele: “Nna, Jehofa, ke rata tshiamiso, ke tlhoile bonokwane le tshiamololo. Mme ke tla ntsha dituelo tsa bone ka boammaaruri, mme ke tla dira kgolagano e e nnang ka bosakhutleng le bone.” (Isaia 61:8) Ka go ithuta Baebele, masalela a a tloditsweng a ne a ithuta go rata tshiamiso le go ila boikepo. (Diane 6:12-19; 11:20) Ba ne ba ithuta go “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma,” mme ba nna ba sa tseye letlhakore mo dintweng tsa batho le mo dipheretlhegong tsa bopolotiki. (Isaia 2:4) Gape ba ne ba tlogela mekgwa e e tlontlololang Modimo e e jaaka go senya leina ka go seba, boaka, bogodu le botagwa.—Bagalatia 5:19-21.

23 E re ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba rata tshiamiso fela jaaka Mmopi wa bone, Jehofa o ba neile “dituelo tsa bone ka boammaaruri.” ‘Tuelo’ nngwe e e ntseng jalo ke kgolagano e e nnelang ruri—kgolagano e ntšha—e Jesu a neng a e itsise balatedi ba gagwe bosigo jwa pele ga a swa. Ba ne ba nna setšhaba sa semoya, batho ba Modimo ba ba kgethegileng, ka ntlha ya kgolagano eno. (Jeremia 31:31-34; Luke 22:20) Mo go yone, Jehofa o tla dirisa melemo yotlhe ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, go akaretsa go itshwarelwa ga maleo a batlodiwa mmogo le a batho ba bangwe botlhe ba ba ikanyegang.

Go Ipelela Masego a ga Jehofa

24. Ke bomang mo ditšhabeng ba e leng “bana” ba ba segofadiwang, mme ba nnile “bana” jang?

24 Bangwe mo ditšhabeng ba ile ba lemoga masego a ga Jehofa mo bathong ba gagwe. Seno se ne sa bolelelwa pele ke tsholofetso ya ga Jehofa: “Bana ba bone ba tla itsiwe mo ditšhabeng, le ditlogolwana tsa bone mo ditšhabeng. Botlhe bao ba ba bonang ba tla ba lemoga, gore ke bana ba Jehofa a ba segofaditseng.” (Isaia 61:9) Maloko a Iseraele wa Modimo, Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ntse ba tshwaregile mo ditšhabeng mo ngwageng wa ga Jehofa wa kamogelo. Gompieno batho ba ba ileng ba tsibogela bodiredi jwa bone ba fitlha go dimilionemilione. Ba ba tswang mo ditšhabeng ba nna le tshiamelo ya go nna “bana ba Jehofa a ba segofaditseng” ka go dira gaufiufi le Iseraele wa Modimo. Batho botlhe ba kgona go bona gore ba itumetse.

25, 26. Bakeresete botlhe ba bolela jang mafoko a a tshwanang le a a mo go Isaia 61:10?

25 Bakeresete botlhe, ba ba tloditsweng mmogo le ba dinku tse dingwe, ba tlhoafaletse nako ya fa ba tla bo ba baka Jehofa ka bosakhutleng. Ba dumalana ka pelo yotlhe le moporofeti Isaia, yo o neng a tlhotlhelediwa go bolela jaana: “Ruri ke tla itumela mo go Jehofa. Moya wa me o tla ipela mo Modimong wa me. Gonne o nkapesitse diaparo tsa poloko; o mpipile ka seaparo se se se nang mabogo sa tshiamo, jaaka monyadi yo ka tsela ya seperesiti a rwalang serwalo sa tlhogo, le jaaka monyadiwa yo o ikgabisang ka mekgabisa ya gagwe.”—Isaia 61:10.

26 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ititeile sehuba gore ba nne ba itshekile e bile ba le phepa fa pele ga ga Jehofa, ka ba apere “seaparo se se se nang mabogo.” (2 Bakorintha 11:1, 2) E re ka ba boletswe gore ba siame ke Jehofa gore ba ka rua botshelo kwa legodimong, ga ba kitla ba tlhola ba boela kwa nageng e e swafetseng ya Babelona o Mogolo, e ba golotsweng mo go yone. (Baroma 5:9; 8:30) Mo go bone diaparo tsa poloko di botlhokwa thata. Ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe le bone ba ititeile sehuba gore ba tla latela melao ya ga Jehofa Modimo e e siameng ya kobamelo e e itshekileng. E re ka ba “tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana,” ba bolelwa ba siame e bile ba tla falola ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshenolo 7:14; Jakobe 2:23, 25) Go fitlha ka nako eo, ba etsa ditsala tsa bone tse di tloditsweng ka go tila go kgotlelwa ka gope ke Babelona o Mogolo.

27. (a) Ka Puso ya Mileniamo, go tla nna le ‘go tlhoga’ gofe mo go tlhomologileng? (b) Tshiamo e setse e tlhoga jang mo bathong?

27 Gompieno baobamedi ba ga Jehofa ba itumelela go nna mo paradaiseng ya semoya. Go ise go ye kae ba tla itumelela le Paradaise ya mmatota. Re tlhoafaletse nako eo ka pelo yotlhe, jaaka e tlhalosiwa sentle mo mafokong a a konelang Isaia kgaolo 61: “Jaaka lefatshe le ntsha letlhogela la lone, le jaaka tshingwana e dira gore dilo tse di jadilweng mo go yone di tlhoge, fela jalo Morena Molaodimogolo Jehofa o tla dira gore tshiamo le pako di tlhoge fa pele ga ditšhaba tsotlhe.” (Isaia 61:11) Ka Puso ya ga Keresete ya Mileniamo, lefatshe le tla ‘tlhoga tshiamo.’ Batho ba tla goa ka boitumelo, mme tshiamo e tla anama go ya dintlheng tsa lefatshe. (Isaia 26:9) Le fa go ntse jalo, rona ga re tlhoke go emela letsatsi leo le le molemolemo gore re bolele pako fa pele ga ditšhaba tsotlhe. Tshiamo e setse e tlhoga mo dimilioneng tse di galaletsang Modimo wa legodimo le go bolela dikgang tse di molemo kaga Bogosi jwa gagwe. Tota le gone jaanong tumelo ya rona le tsholofelo ya rona di re naya lebaka le le utlwalang la go itumelela masego a Modimo wa rona.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Isaia 61:5 e ka tswa e diragetse le mo metlheng ya bogologolo, e re ka batho ba e seng Bajuda ba ile ba tsamaya le Bajuda ba tlholego fa ba boela kwa Jerusalema mme gongwe ba thusa go tsosolosa naga. (Esera 2:43-58) Le fa go ntse jalo, go tloga ka temana 6 go lebega boporofeti jono bo dira mo Iseraeleng wa Modimo fela.

[Setshwantsho mo go tsebe 323]

Isaia o na le dikgang tse di molemo tse a di bolelelang batshwarwa ba Bajuda

[Setshwantsho mo go tsebe 331]

Go simolola ka 33 C.E., Jehofa o ile a jala “ditlhare tse dikgolo tsa tshiamo” di le 144 000

[Setshwantsho mo go tsebe 334]

Lefatshe le tla tlhoga tshiamo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela