Kgaolo ya Masomeamabedisupa
Jehofa o Segofatsa Kobamelo e e Itshekileng
1. Go gatelelwa dintlha dife mo kgaolong ya bofelo ya Isaia, mme go arabiwa dipotso dife?
MO KGAOLONG ya bofelo ya Isaia dintlha dingwe tsa botlhokwa tsa buka eno ya boporofeti di konelwa ka tsela e e gakgamatsang, mme go arabiwa dipotso di le mmalwa tsa botlhokwa. Dingwe tsa dintlha tse di gatelelwang ke bogolo jwa ga Jehofa, kafa a tlhoileng boitimokanyo ka teng, go iketleetsa ga gagwe go otlhaya baikepi le tsela e a ratang batho ba ba ikanyegang ka yone le go amega ka bone. Mo godimo ga moo, go arabiwa dipotso tse di latelang: Ke eng se se tlhaolang kobamelo ya boammaaruri mo go ya maaka? Re ka tlhomamisa jang gore Jehofa o tla otlhaya baitimokanyi ba ba itirang e kete ba boitshepo mme ba gatelela batho ba Modimo? Mme Jehofa o tla segofatsa jang batho ba ba nnang ba ikanyega mo go ene?
Tsela ya Kobamelo e e Itshekileng
2. Jehofa o bolela eng malebana le bogolo jwa gagwe, mme polelo eno ga e kaye eng?
2 Sa ntlha, boporofeti jono bo gatelela bogolo jwa ga Jehofa: “Jehofa o buile jaana: ‘Magodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa me sa dinao. Ka jalo e kae ntlo e lo ka e nkagelang, mme le kae lefelo le e tla nnang lefelo la me la boikhutso?’” (Isaia 66:1) Bangwe ba dumela gore moporofeti o kgoba Bajuda marapo gore ba se ka ba agela Jehofa tempele sesha fa setšhaba seno se busediwa kwa nagagaeng ya sone. Ga go a nna jalo; Jehofa ka boene o tla laela gore tempele e agiwe sesha. (Esera 1:1-6; Isaia 60:13; Hagai 1:7, 8) Temana eno e raya goreng he?
3. Ke eng fa go tshwanela gore lefatshe le bidiwe ‘sebeo sa dinao’ sa ga Jehofa?
3 Sa ntlha, re ka akanyetsa gore ke eng fa lefatshe le bidiwa ‘sebeo sa dinao’ sa ga Jehofa. Eno ga se polelwana e e sotlang. Mo gare ga dipopo tsa magodimo tse di dimilione di le diketekete mo lobopong, lefatshe ke lone fela le tlhalosiwang ka tsela eno e e kgethegileng. Polanete ya rona e tla nna e sa tshwane le epe e nngwe ka bosakhutleng, ka gonne Morwa wa ga Jehofa yo o tsetsweng a le esi o duetse thekololo gone mono, e bile Jehofa o tla tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe ka Bogosi jwa ga Mesia gone mono. A bo go tshwanela jang gore lefatshe le bidiwe sebeo sa dinao sa ga Jehofa! Kgosi e ka dirisa sebeo se se ntseng jalo sa dinao go palamela mo setulong sa yone se se kwa godimo sa bogosi mme morago ga foo e bo e baya dinao tsa yone mo go sone.
4. (a) Ke eng fa go ka se kgonege gore kago epe fela mo lefatsheng e nne lefelo la ga Jehofa Modimo la boikhutso? (b) Polelwana e e reng “dilo tseno tsotlhe” e kaya eng, mme re tshwanetse ra swetsa eng kaga kobamelo ya ga Jehofa?
4 Ke boammaaruri gore, kgosi e ka se ka ya aga mo sebeong sa yone sa dinao, le Jehofa ga a aga mo lefatsheng leno. Aitsane, le one magodimo a magolo a mmatota a ka se ka a mo tshola! Fela jalo ntlo epe fela ya mo lefatsheng e ne e ka se ka ya tshola Jehofa e le bonno jwa gagwe jwa mmatota. (1 Dikgosi 8:27) Setulo sa ga Jehofa sa bogosi le lefelo la gagwe la boikhutso di kwa lefelong la moya, e leng tsela e polelwana “magodimo” e dirisitsweng ka yone mo go Isaia 66:1. Temana e e latelang e tlhalosa ntlha eno sentle: “‘Jaanong seatla sa me se dirile dilo tseno tsotlhe, mo eleng gore tseno tsotlhe di ne tsa nna gone,’ go bua Jehofa.” (Isaia 66:2a) Akanya fela Jehofa a supa go tswa ntlheng e nngwe go ya go e nngwe a supa “dilo tseno tsotlhe”—sengwe le sengwe se se kwa legodimong le se se mo lefatsheng. (Isaia 40:26; Tshenolo 10:6) Jaaka Mmopi yo Mogolo wa lobopo lotlhe, o tshwanelwa ke go direlwa sengwe se se fetang kago fela. O tshwanelwa ke se se fetang ponalo fela ya kafa ntle ya kobamelo.
5. Re bontsha jang gore re ‘bogisegile e bile re moya o ngomogileng’?
5 Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe o tshwanelwa ke kobamelo e e ntseng jang? Ene ka namana o re bolelela jaana: “Foo ke tla leba kwa go ene yono, yo o bogisiwang le yo o moya o ngomogileng e bile a roromisiwa ke lefoko la me.” (Isaia 66:2b) Ee, selo sa botlhokwa mo kobamelong e e itshekileng ke gore moobamedi a nne le seemo se se tshwanetseng sa pelo. (Tshenolo 4:11) Moobamedi wa ga Jehofa o tshwanetse a bo a ‘bogisegile e bile a le moya o ngomogileng.’ A seno se raya gore Jehofa o batla gore re se ka ra itumela? Nnyaa, ke “Modimo yo o itumetseng,” mme o batla gore baobamedi ba gagwe le bone ba ipele. (1 Timotheo 1:11; Bafilipi 4:4) Le fa go ntse jalo, rotlhe re leofa kgapetsakgapetsa, mme ga re a tshwanela go tsaya maleo a rona motlhofo. A tshwanetse a re ‘bogisa,’ a re utlwisa botlhoko ka gonne re fositse ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa se se siameng. (Pesalema 51:17) Re tshwanetse ra bontsha gore re “moya o ngomogileng” ka go ikwatlhaya, go lwantsha mekgwa ya rona e e sekametseng mo boleong le go rapela Jehofa gore a re itshwarele.—Luke 11:4; 1 Johane 1:8-10.
6. Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse ba ‘roromisiwa ke lefoko la Modimo’ ka tsela efe?
6 Mo godimo ga moo, Jehofa o leba ba ba ‘roromisiwang ke lefoko la gagwe.’ A seno se raya gore o batla gore re rorome ka go boifa nako le nako fa re bala dipolelo tsa gagwe? Nnyaa, go na le moo o batla gore re lebe se a se buang ka tshisimogo le ka tlotlo e e boteng. Re batla kgakololo ya gagwe ka bopeloephepa, re e dirisa gore e re kaele mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. (Pesalema 119:105) Gape re ka ‘roroma’ ka kgopolo ya gore re tshaba yone kakanyo fela ya go sa ikobele Modimo, go kgotlela boammaaruri jwa gagwe ka dingwao tsa batho, kgotsa go bo tsaya motlhofo. Boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go ikokobetsa bo botlhokwa mo kobamelong e e itshekileng—mme, ka maswabi, bo bonwa sewelo mo lefatsheng la gompieno.
Jehofa o Tlhoile Kobamelo ya Boitimokanyo
7, 8. Jehofa o leba jang kobamelo e e direlwang go bonwa ke batho ya baitimokanyi ba bodumedi?
7 Fa Isaia a ntse a akantse ka batho ba motlha wa gagwe, o lemoga sentle gore ke ba sekae fela ba ba nang le boikutlo jo Jehofa a bo batlang mo baobameding ba gagwe. Ka lebaka leno, Jerusalema wa motlhanogi o tshwanelwa ke katlholo e e mo tlelang. Ela tlhoko kafa Jehofa a lebang kobamelo e e dirwang koo ka teng: “Yo o tlhabang poo o tshwana le yo o bolayang motho. Yo o ntshang nku setlhabelo o tshwana le yo o robang molala wa ntša. Yo o isang mpho tshupelo—o tshwana le yo o isang madi a kolobe! Yo o ntshang segopotso sa lebano o tshwana le yo o segofatsang ka mafoko a masaitseweng. Gape ke bone ba ba tlhophileng ditsela tsa bone, mme moya wa bone o natefeletswe ke dilo tse di ferosang sebete.”—Isaia 66:3.
8 Mafoko ano a re gopotsa mafoko a ga Jehofa a a kwadilweng mo kgaolong ya ntlha ya Isaia. Jehofa mo go yone o ne a bolelela batho ba gagwe ba ba diganana gore ditiro tsa bone tsa kobamelo tse di direlwang go bonwa ke batho ga se fela gore ga di a mo itumedisa, mme gape di dirile gore kgalefo ya gagwe e e siameng e gakale ka gonne baobamedi bano ba ne ba itimokanya. (Isaia 1:11-17) Ka tsela e e tshwanang, jaanong Jehofa o tshwantsha ditshupelo tsa bone le ditiro tse di makgapha. Go ntsha poo e e tlhwatlhwakgolo setlhabelo go ne go ka se itumedise Jehofa fela jaaka a ne a ka se itumedisiwe ke fa ba bolaya motho! Ditlhabelo tse dingwe di tshwantshiwa le go ntsha ntša kgotsa kolobe setlhabelo, e leng diphologolo tse di seng phepa go ya ka Molao wa ga Moshe mme ruri di sa tshwanela go ntshiwa setlhabelo. (Lefitiko 11:7, 27) A Jehofa o letla boitimokanyo jo bo ntseng jalo jwa bodumedi bo tswelela fela bo sa otlhaelwa?
9. Bontsi jwa Bajuda ba tsibogetse dikgakololo tse di tswang kwa go Jehofa ka Isaia jang, mme kwantle ga pelaelo seo se tla felela ka eng?
9 Jaanong Jehofa a re: “Le nna ke tla tlhopha ditsela tsa go ba tshwara setlhogo; mme ke tla ba tlisetsa dilo tse di tshosang; ka lebaka la gore ke ne ka bitsa, mme go ne go se na yo o arabang; ke ne ka bua, mme go ne go se na bape ba ba reetsang; mme ba ne ba nna ba dira se se bosula mo matlhong a me, mme ba tlhopha selo se ke neng ke sa se itumelele.” (Isaia 66:4) Ga go pelaelo gore Isaia o bua mafoko ano a a dumela ka pelo yotlhe. Jehofa o mo dirisitse ka dingwaga di le dintsi gore a ‘bitse’ a bo a ‘bue’ le batho ba Gagwe. Moporofeti o itse sentle gore ka kakaretso go ntse go se na ope yo o reetsang. E re ka ba ntse ba tsweletse ba dira bosula, ruri ba tla otlhaiwa. Ruri Jehofa o tla ba tlhophela kotlhao a bo a tlisetse batho ba gagwe ba batlhanogi dilo tse di tshosang.
10. Tsela e Jehofa a dirisaneng le Juda ka yone e re ruta eng ka tsela e a lebang Labokeresete ka yone?
10 Labokeresete wa motlha wa segompieno le ene o dirile dilo tse Jehofa a sa di rateng. Go tletse kobamelo ya medingwana mo dikerekeng tsa gagwe, difilosofi le dingwao tse e seng tsa Dikwalo di tlotlomadiwa mo diraleng tsa gagwe tsa thero, mme go eletsa maatla a bopolotiki go dirile gore a tsenele kwa teng mo boakeng jwa semoya le ditšhaba tsa lefatshe. (Mareko 7:13; Tshenolo 18:4, 5, 9) Fela jaaka go ne go ntse ka Jerusalema wa bogologolo, kotlhao e e tshwanetseng ya lebana Labokeresete—selo se se “tshosang”—ruri e tla mo tlela. Lengwe la mabaka a go bo go tlhomamisegile jaana gore o tlile go otlhaiwa ke tsela e a ileng a tshwara batho ba Modimo ka yone.
11. (a) Ke eng se se oketsang boleo jwa batlhanogi ba motlha wa ga Isaia? (b) Batho ba motlha wa ga Isaia ba iteela batho ba ba ikanyegang ntle ‘ka ntlha ya leina la Modimo’ ka tsela efe?
11 Isaia o tswelela jaana: “Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona ba lo roromisiwang ke lefoko la gagwe: ‘Bomorwarraalona ba ba lo tlhoileng, ba ba lo iteelang ntle ka ntlha ya leina la me, ba rile, “A Jehofa a galalediwe!” A gape a bonale ka boipelo mo go lona, mme ke bone ba ba tla tlhabisiwang ditlhong.’” (Isaia 66:5) ‘Bomorwarraagwe’ Isaia, batho ba gagabo, ba na le boikarabelo jo ba bo neilweng ke Modimo jwa go emela Jehofa Modimo le go ineela mo bolaoding jwa gagwe. Boleo jwa bone jwa go gana go dira jalo bo masisi tota. Mme se se oketsang boleo jwa bone ke gore ba tlhoile batho ba ba ikanyegang le ba ba ikokobeditseng, ba ba jaaka Isaia. Batlhanogi bano ba tlhoile batho ba ba ikanyegang e bile ba ba iteela ntle ka gonne ba emela Jehofa Modimo ka boammaaruri. Ka tsela eno ba ba iteela ntle ‘ka ntlha ya leina la Modimo.’ Ka nako e e tshwanang, batlhanka bano ba ga Jehofa ba maaka ba bolela fa ba mo emela, ba itira ba ba ineetseng mo tumelong ka go dirisa mafoko a a utlwalang e le a bodumedi a a jaaka “A Jehofa a galalediwe!”a
12. Dingwe tsa dikai tsa go bogisiwa ga batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba bogisiwa ke baitimokanyi ba bodumedi ke dife?
12 Tsela e bodumedi jwa maaka bo tlhoileng batho ba ba tshegetsang kobamelo e e itshekileng ka yone ga e ntšha. E diragatsa boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15, jo bo boleletseng pele gore go tla nna le bobaba jo bo nnetseng ruri fa gare ga losika lwa ga Satane le Losika lwa mosadi wa Modimo. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore le bone ba ne ba tla bogisiwa ke batho ba gabone—ba kobiwa mo disinagogeng le go bogisiwa go fitlha ba swa. (Johane 16:2) Mme go tweng ka metlha ya gompieno? Kwa tshimologong ya ‘metlha ya bofelo,’ batho ba Modimo ba ne ba bona gore ba ne ba lebanwe ke pogiso ya mofuta oo. (2 Timotheo 3:1) Morago kwa ka 1914, Tora ya Tebelo e ne ya nopola Isaia 66:5, e bontsha gore: “Mo e batlileng e le pogiso yotlhe e e wetseng batho ba Modimo e ne e tswa mo bathong ba ba ipolelang gore ke Bakeresete.” Sone setlhogo seo gape se ne sa re: “Ga re itse gore a mo motlheng wa rona ba tla feteletsa dilo—ba re kgaphela kwa thoko mo setšhabeng, ba senya phuthego, gongwe ba re bolaya ka tsela ya mmatota.” A bo mafoko ao a ne a nna boammaaruri jang ne! Go ise go ye kae fa mafoko ao a sena go gatisiwa, pogiso e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti e ne ya ya magoletsa ka Ntwa ya Lefatshe I. Mme Labokeresete o ne a tlhabisiwa ditlhong, fela jaaka go ne go boleletswe pele. Jang?
Tsosoloso e e Bofefo le ya Tshoganyetso
13. Fa mafoko ano a diragadiwa la ntlha, “modumo wa pheretlhego go tswa mo motseng” ke eng?
13 Isaia o porofeta jaana: “Go na le modumo wa pheretlhego go tswa mo motseng, modumo o o tswang mo tempeleng! Ke modumo wa ga Jehofa a duela se se tshwanelang baba ba gagwe.” (Isaia 66:6) Fa mafoko ano a diragadiwa la ntlha, ‘motse’ ke Jerusalema, kwa tempele ya ga Jehofa e leng teng. “Modumo wa pheretlhego” o kaya pheretlhego ya ntwa, e e utlwiwang mo motseng fa masole a a tlhaselang a Babelona a o tlhasela ka 607 B.C.E. Mme a diragadiwa jang mo motlheng wa gompieno?
14. (a) Malaki o ile a bolelela pele eng malebana le go tla ga ga Jehofa mo tempeleng ya Gagwe? (b) Go ya ka boporofeti jwa ga Esekiele, go tla ga ga Jehofa mo tempeleng ya gagwe go ile ga felela ka eng? (c) Jehofa le Jesu ba ne ba tlhatlhoba leng tempele ya semoya, mme ba ba neng ba iphaka gore ba emela kobamelo e e itshekileng ba ile ba amega jang?
14 Mafoko ano a ga Isaia a tsamaisana le dipolelo tse dingwe tse pedi tsa boporofeti, e e kwadilweng mo go Esekiele 43:4, 6-9 le e e mo go Malaki 3:1-5. Esekiele mmogo le Malaki ba bolelela pele nako e ka yone Jehofa Modimo a tlang mo tempeleng ya gagwe. Boporofeti jwa ga Malaki bo bontsha gore Jehofa o tla go tlhatlhoba ntlo ya gagwe ya kobamelo e e itshekileng le go nna Moitshekisi, a gana ba ba sa mo emeleng sentle. Ponatshegelo ya ga Esekiele e bontsha Jehofa a tsena mo tempeleng e bile a laela gore go tlosiwe dilo tsotlhe tse di amanang le boitsholo jo bo sa siamang le kobamelo ya medingwana.b Mo motlheng wa gompieno dipolelelopele tseno di ne tsa diragadiwa ka gore go nne le tiragalo ya botlhokwa ya semoya ka 1918 e e amang kobamelo ya ga Jehofa. Go bonala fa Jehofa le Jesu ba ile ba tlhatlhoba batho botlhe ba ba ipolelang gore ba emela kobamelo e e itshekileng. Tlhatlhobo eo e ile ya felela ka gore Labokeresete yo o kgopo kgabagare a latlhiwe. Mo balateding ba ga Keresete ba ba tloditsweng, tlhatlhobo eno e ne ya dira gore go nne le nako e khutshwane ya go itshekisiwa e e ileng ya latelwa ke tsosoloso ya semoya e e tlileng ka bofefo le ka tshoganyetso ka 1919.—1 Petere 4:17.
15. Go bolelelwa pele ka go tshola gofe, mme go diragadiwa jang ka 537 B.C.E.?
15 Tsosoloso eno e tshwantshiwa sentle mo ditemaneng tse di latelang tsa Isaia: “O ne a belega a ise a tsene mo ditlhabing tsa pelegi. O ne a tshola ngwana wa mosimane ditlhabi tsa pelegi di ise di mo tlele. Ke mang yo o utlwileng selo se se ntseng jaana? Ke mang yo o boneng dilo tse di ntseng jaana? A lefatshe le tla tsholwa ka ditlhabi tsa pelegi mo letsatsing le le lengwe fela? Kgotsa a setšhaba se tla tsholwa ka nako e le nngwe fela? Gonne Siona o tsene mo ditlhabing tsa pelegi e bile o belege bana ba gagwe ba basimane.” (Isaia 66:7, 8) Mo batshwarweng ba Bajuda ba ba kwa Babelona, mafoko ano a diragadiwa mo lekgetlhong la ntlha ka tsela e e kgatlhang. Siona, kgotsa Jerusalema, o tshwantshiwa gape e le mosadi yo o tsholang, mme a bo e le go tshola mo go sa tlwaelegang jang ne! Go direga ka bofefo le ka tshoganyetso mo e leng gore go diragala pele ditlhabi tsa pelegi di ka simologa! Seno ke setshwantsho se se tshwanelang. Go tsholwa sesha ga batho ba Modimo jaaka setšhaba se se ikemetseng ka 537 B.C.E. go tla ka bofefo le ka tshoganyetso mo e keteng ke kgakgamatso. Aitsane, go tsaya dikgwedi di se kae fela go tloga ka nako ya fa Kurose a golola Bajuda mo botshwarong go fitlha masalela a a ikanyegang a boetse kwa nagagaeng ya one! A bo seo se farologana jang ne le ditiragalo tse di ileng tsa felela ka go tsholwa ga ntlha ga setšhaba sa Iseraele! Ka 537 B.C.E., ga go tlhokege gore ba lope kgosi e e ganang go ba golola, ga go tlhokege gore ba tshabe masole a baba, ga go tlhokege gore ba nne kwa nageng dingwaga di le 40.
16. Fa Isaia 66:7, 8 e diragadiwa mo motlheng wa gompieno, Siona o tshwantshetsa eng, mme bana ba gagwe ba ile ba tsholwa sesha jang?
16 Fa mafoko ano a diragadiwa mo motlheng wa gompieno, Siona o emela “mosadi” wa ga Jehofa wa selegodimo, phuthego ya gagwe ya selegodimo ya ditshedi tsa semoya. Ka 1919 “mosadi” yono o ne a ipelela go bona barwa ba gagwe ba batlodiwa ba tsholwa mo lefatsheng e le setlhopha se se rulagantsweng sa batho, “setšhaba.” Go tsholwa sesha moo go diragetse ka bonako e bile e le ka tshoganyetso.c Mo dikgweding di se kae fela, batlodiwa jaaka setlhopha ba ile ba tswa mo seemong sa go se dire sepe jaaka e kete ba sule, mme ba tla mo seemong sa go nna le botshelo mo ‘lefatsheng’ la bone, boremelelo jwa bone jwa tiro ya semoya jo ba bo neilweng ke Modimo. (Tshenolo 11:8-12) Ka letlhabula la 1919, ba ile ba bo ba itsise go gatisiwa ga makasine o mosha o o neng o tla tsamaisana le Tora ya Tebelo. Kgatiso e ntšha eo e ne e bidiwa The Golden Age (jaanong ke Tsogang!), mme e ne e le bosupi jwa gore batho ba Modimo ba ne ba tsosolositswe mme ba rulaganyeditswe tirelo gape.
17. Jehofa o tlhomamisetsa batho ba gagwe jang gore ga go sepe se se ka mo thibelang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe malebana le Iseraele wa semoya?
17 Ga go maatla ape a a mo lobopong a a neng a ka kganela go tsholwa sesha gono ga semoya. Temana e e latelang e tlhalosa sone fela seo: “‘Fa e le nna, a ke tla bula sebopelo mme ka se ka ka dira gore go belegwe?’ go bua Jehofa. ‘Kgotsa a ke baka go belega ke bo ke dira gore go tswalege?’ go buile Modimo wa gago.” (Isaia 66:9) Fela jaaka go tshola go ka se emisiwe fa go setse go simolotse, fela jalo go tsholwa sesha ga Iseraele wa semoya, fa go setse go simolotse, go ne go ka se ka ga emisiwa. Gone ke boammaaruri, kganetso e ne e le teng, mme go tshwanetse ga bo go sa ntse go tla nna le kganetso e e oketsegileng mo isagweng. Mme Jehofa ke ene fela a ka kgonang go emisa se a se simololang, mme ga a ke a dira jalo! Le fa go ntse jalo, Jehofa o tshwara batho ba gagwe ba ba tsosolositsweng jang?
Tlhokomelo e e Lorato ya ga Jehofa
18, 19. (a) Jehofa o dirisa setshwantsho sefe se se amang maikutlo, mme se dira jang mo bathong ba gagwe ba ba ileng botshwarwa? (b) Masalela a a tloditsweng a ile a solegelwa molemo jang ke go tlamelwa le go tlhokomelwa ka lorato gompieno?
18 Ditemana tse nnè tse di latelang di naya tlhaloso e e amang maikutlo ya tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa. Sa ntlha, Isaia a re: “Ipeleng le Jerusalema lo bo lo itumele le ene, lona lotlhe ba lo mo ratang. Itumeleng thata le ene, lona lotlhe ba lo ntseng lo mo hutsafaletse; ka lebaka la gore lo tla anya mabele a kgomotso ya gagwe e e tletseng lo bo lo kgora; ka lebaka la gore lo tla goduma lo bo lo natefelelwa thata mo thobeng ya kgalalelo ya gagwe.” (Isaia 66:10, 11) Fano Jehofa o dirisa setshwantsho sa mosadi yo o anyisang losea lwa gagwe. Fa losea lo tshwerwe ke tlala, lo lela lo sa kgaotse. Mme fa lo atamediwa lebele la mmaalone gore lo anye, khutsafalo ya lone e fetoga kgotsofalo le boitumelo. Ka tsela e e tshwanang, masalela a Bajuda ba ba ikanyegang ba Babelona a tla ntshiwa ka bofefo mo seemong sa go hutsafala a tlisiwa mo seemong sa go itumela le go kgotsofala fa go tla nako ya gore a gololwe le go tsosolosiwa. Ba tla ipela. Kgalalelo ya Jerusalema e tla ntšhafadiwa fa e ntse e agiwa sesha le go boa e nniwa ke batho. Ka tsela e e tshwanang, kgalalelo ya motse e tla amogela banni ba one ba ba ikanyegang. Ba tla boa gape ba tlamelwa semoyeng ka thulaganyo e e dirang ya boperesiti.—Esekiele 44:15, 23.
19 Iseraele ya semoya le yone e ne ya segofadiwa ka go tlamelwa sentle morago ga go tsosolosiwa ka 1919. Fa e sa le ka nako eo dijo tsa semoya tse di ntseng di ntshiwa ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” di ntse di tla ka metlha. (Mathaio 24:45-47) Eleruri eno e ntse e le nako ya gore masalela a a tloditsweng a gomotsege le go ipela. Mme go ntse go na le masego a mangwe gape.
20. Jerusalema o ile a segofadiwa ka “molatswana o o phothoselang” jang, mo metlheng ya bogologolo mmogo le mo metlheng ya gompieno?
20 Boporofeti bo tswelela pele jaana: “Jehofa o buile jaana: ‘Bona, ke mo tsharololela kagiso fela jaaka noka le kgalalelo ya ditšhaba fela jaaka molatswana o o phothoselang, mme ruri lo tla anya. Lo tla tsholwa mo letlhakoreng, mme lo tla fariwa mo mangoleng.’” (Isaia 66:12) Fano setshwantsho sa go anyisa se kopanngwa le setshwantsho sa masego a a elelang ka bontsi—“noka” le “molatswana o o phothoselang.” Jerusalema ga e ne e segofadiwa fela ka kagiso e ntsi e e tswang kwa go Jehofa mme le ka “kgalalelo ya ditšhaba,” e e elelang mo bathong ba Modimo le go ba segofatsa. Seno se raya gore batho ba ditšhaba ba tla thelegela kwa bathong ba ga Jehofa. (Hagai 2:7) Fa mafoko ano a ne a diragadiwa bogologolo, batho ba le mmalwa ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng ruri ba ne ba ikamanya le Iseraele, ba nna basokologi ba Bajuda. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa rona e diragaditswe ka tsela e e kgolwane le go feta ka nako ya fa “boidiidi jo bogolo . . . bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme”—molatswana wa batho o o phothoselang tota—bo ikopanya le masalela a Bajuda ba semoya.—Tshenolo 7:9; Sekarea 8:23.
21. Go bolelelwa pele kgomotso ya mofuta ofe ka setshwantsho se se kgatlhang?
21 Isaia 66:12 e bua le ka ditiro tse di bontshang lorato lwa mmè—go fara ngwana mo mangoleng le go mo tshola mo letlhakoreng. Mo temaneng e e latelang, go tlhagisiwa ntlha e e tshwanang ka tsela e nngwe e e kgatlhang. “Jaaka motho yo mmaagwe a nnang a mo gomotsa, le nna ke tla nna ke lo gomotsa jalo; mme lo tla gomodiwa kaga Jerusalema.” (Isaia 66:13) Jaanong ngwana yole ke “motho,” mogolo. Mme mmaagwe o sa ntse a rata go mo gomotsa fa a le mo botlhokong.
22. Jehofa o bontsha jang neneketso le maatla a lorato lwa gagwe?
22 Ka tsela eno e e kgatlhang, Jehofa o tshwantsha maatla le neneketso ya lorato lo a nang le lone mo bathong ba gagwe. Tota le lorato lo logolo lwa mmè ke dinyana fela fa lo bapisiwa le lorato lo lo boteng lo Jehofa a ratang batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka lone. (Isaia 49:15) A bo go le botlhokwa jang ne gore Bakeresete botlhe ba bontshe nonofo eno ya Rraabone wa selegodimo! Moaposetoloi Paulo o ne a lo bontsha, mme ka jalo a tlogelela bagolwane ba ba mo phuthegong ya Bokeresete sekao se se molemo. (1 Bathesalonika 2:7) Jesu o ne a bolela gore lorato lwa bokaulengwe e ne e tla nna lotshwao lwa konokono lo lo tlhaolang balatedi ba gagwe.—Johane 13:34, 35.
23. Tlhalosa boitumelo jwa batho ba ga Jehofa ba ba buseditsweng gae.
23 Jehofa o bontsha lorato lwa gagwe ka ditiro. Ka gone, o tswelela jaana: “Ruri lo tla bona, mme pelo ya lona e tla itumela, le marapo a lona a tla tlhoga jaaka bojang jo bonana. Seatla sa ga Jehofa ruri se tla itsisiwe batlhanka ba gagwe, mme ruri o tla atlhola baba ba gagwe.” (Isaia 66:14) Rathutapuo ya Sehebera o akantsha gore polelwana e e reng “ruri lo tla bona” e kaya gore gongwe le gongwe kwa batshwarwa ba ba boang ba lebang teng mo nageng ya bone e e tsosolositsweng, “jaanong ba bona boipelo.” Ruri ba tla ipela, ba itumetse thata gore ba buseditswe kwa nagagaeng ya bone e ba e ratang. Ba tla ikutlwa ba na le maatla gape, jaaka e kete marapo a bone a nonofa gape, a tsentswe botshelo jaaka bojang ka dikgakologo. Botlhe ba tla itse gore seemo seno se se itumedisang ga se a tlisiwa ke maatla ape a motho, mme se tlisitswe ke “seatla sa ga Jehofa.”
24. (a) O dira tshwetso efe fa o akanya ka ditiragalo tse di amang batho ba ga Jehofa gompieno? (b) Re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng?
24 A o bona jaaka seatla sa ga Jehofa se dira mo bathong ba gagwe gompieno? Ga go motho ope yo o neng a ka tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Ga go motho ope yo o neng a ka dira gore boidiidi jwa dimilione tsa batho ba ba rategang ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba tle go kopanela le masalela a a ikanyegang mo nageng ya bone ya semoya. Jehofa Modimo ke ene fela a ka dirang dilo tse di ntseng jalo. Ditiro tseno tse di bontshang lorato lwa ga Jehofa di re naya lebaka la gore re itumele tota. A le ka motlha re se ka ra tsaya lorato lwa gagwe motlhofo. A re tsweleleng pele re ‘roromisiwa ke lefoko la gagwe.’ A re ititeyeng sehuba gore re tla tshela ka melaometheo ya Baebele mme re itumelele go direla Jehofa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gompieno batho ba le bantsi ba Labokeresete ba gana go dirisa leina la ga Jehofa, e bile ba le tlosa mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele. Bangwe ba sotla batho ba Modimo ka gonne ba dirisa leina la gagwe. Mme bontsi jwa bone ba dirisa polelwana “Haleluja,” e e kayang “Bakang Jah,” go bontsha gore ba ineetse mo tumelong.
b Polelwana “ditopo tsa dikgosi tsa bone,” e e dirisitsweng mo go Esekiele 43:7, 9, e lebisitse go medingwana. Baeteledipele le batho ba Jerusalema ba batsuolodi ba ne ba kgotletse tempele ya Modimo ka medingwana, e bile ba e dirile dikgosi.
c Go tsholwa mo go bolelelwang pele fano ga se gone mo go tlhalositsweng mo go Tshenolo 12:1, 2, 5. Mo kgaolong eo ya Tshenolo “ngwana wa mosimane, motho wa monna,” o tshwantshetsa Bogosi jwa ga Mesia, jo bo simolotseng go dira ka 1914. Le fa go ntse jalo, “mosadi” yo o umakwang mo dipolelelopeleng tseno ka bobedi o mongwe fela.
[Setshwantsho mo go tsebe 395]
“Seatla sa me se dirile dilo tseno tsotlhe”
[Setshwantsho mo go tsebe 402]
Jehofa o tla naya Siona “kgalalelo ya ditšhaba”