THUTO 20
Ditemana di Tsenyeleditswe Sentle
SE SE rutiwang kwa dipokanong tsa rona tsa phuthego se tswa mo Dikwalong. Gape re tshegetsa se re se buang mo bodireding jwa tshimo ka ditemana tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, gore di nne le mosola mo motlotlong wa rona, di tshwanetse tsa bo di tsenyeleditswe sentle.
Ga se kgang ya go bitsa temana fela o bo o kopa motho gore a e bale le wena. Fa o tsenyeletsa temana, leka go fitlhelela maikaelelo a mabedi: (1) Dira gore motho a eletse go utlwa se temana e se buang, o bo o (2) dire gore a bone lebaka la go bo o dirisa temana eo. Maikaelelo ano a ka fitlhelelwa ka ditsela tse di farologaneng.
Botsa Potso. Mokgwa ono o molemo thata fa bareetsi ba gago ba sa itse karabo. Leka go baya potso ka tsela e e tla dirang gore batho ba akanye. Jesu o ne a dira jalo. Fa Bafarasai ba ne ba tla kwa go ene kwa tempeleng mme ba leka kitso ya gagwe ya Dikwalo phatlalatsa, Jesu o ne a ba botsa jaana: “Lo akanyang ka Keresete? Ke morwa mang?” Ba ne ba mo araba ba re: “Wa ga Dafide.” Go tswa foo Jesu o ne a botsa jaana: “Go tla jang, he, go bo Dafide ka tlhotlheletso a mmitsa ‘Morena’?” Go tswa foo a nopola Pesalema 110:1. Bafarasai ba ne ba felelwa ke kgang. Le fa go ntse jalo, boidiidi bo ne jwa reetsa Jesu ka boipelo.—Math. 22:41-46.
Mo bodireding jwa tshimo o ka tsenyeletsa ka dipotso tse di jaaka tseno: “Nna le wena re na le maina. A Modimo ene o na le leina? Re ka bona karabo mo go Pesalema 83:18.” “A go tla tsamaya go nna le puso e le nngwe fela e e busang batho botlhe? Ela tlhoko gore potso eno e arabelwa jang mo go Daniele 2:44.” “A ruri Baebele e bua ka maemo a a leng teng mo motlheng wa rona? Bapisa se se bolelwang mo go 2 Timotheo 3:1-5 le maemo a o a itseng.” “A go boga le loso di tla tsamaya di fela? Karabo ya Baebele e mo go Tshenolo 21:4, 5.”
Fa o neetse puo, go dirisa dipotso ka kelotlhoko fa o tsenyeletsa ditemana go ka thusa bareetsi ba gago go leba ditemana tseo ka tsela e nngwe e ntšha, tota le tse ba di tlwaetseng. A mme ba tla dira jalo? Seo se tla ikaega ka gore a dipotso tse o di botsang eleruri di a ba ama kgotsa nnyaa. Tota le fa kgang e kgatlha bareetsi, megopolo ya bone e ka kgarakgatshega fa o bala ditemana tse ba setseng ba di utlwile gantsintsi. Go dira gore seo se se ka sa direga, o tshwanetse wa akanyetsa kgang sentle gore o tle o dire gore e gogele.
Umaka Bothata. O ka nna wa umaka bothata bongwe o bo o kaya temana e e amanang le tharabololo ya jone. O se ka wa dira gore bareetsi ba letele se se fetang se tota ba tla se utlwang. Gantsi temana e naya karolo fela ya tharabololo. Le fa go ntse jalo, o ka kopa bareetsi gore fa o ntse o bala temana, ba akanyetse gore e ba fa kaelo efe ya go dirisana le seemo seo.
Ka tsela e e tshwanang, o ka nna wa umaka molaomotheo mongwe wa boitshwaro jwa bomodimo o bo o dirisa pego nngwe ya Baebele go bontsha kafa go leng botlhale ka teng go o latela. Fa temana e na le dintlha dingwe tse pedi (kgotsa go feta foo) tse di amanang le se se tlotliwang, dibui dingwe di kopa bareetsi go ela dintlha tseo tlhoko. Fa bothata bo lebega bo le thata mo bareetsi ba gago ba ka retelelwang ke go fitlhelela tharabololo ya jone, o ka ba rotloetsa go akanya ka go bontsha ditsela tse di farologaneng tsa go bo rarabolola o bo o letla temana le tlhaloso ya yone gore e thuse ka tharabololo.
Bua ka Baebele Jaaka Yone Motswedi wa Tshedimosetso E e Ka Ikanngwang. Fa o setse o tsositse kgatlhego mo kgannyeng ya gago mme o bontshitse tsela kgotsa ditsela tse di farologaneng tsa go e leba, o ka nna wa tsenyeletsa temana ka go bua fela o re: “Ela tlhoko se Lefoko la Modimo le se buang ka ntlha eno.” Seno se bontsha lebaka la go bo se o tlileng go se bala e le se se ka ikanngwang.
Jehofa o dirisitse banna ba ba jaaka Johane, Luke, Paulo le Petere go kwala dikarolo dingwe tsa Baebele. Mme e ne e le bakwaledi fela; Jehofa ke ene Motswedi wa se se kwadilweng mo go yone. Go tsenyeletsa temana ka go re “Petere o kwadile jaana” kgotsa “Paulo o rile” go ka nna ga se ka ga nna le nonofo e e tshwanang le ya fa o e tsenyeletsa ka go bontsha gore temana eno ke lefoko la Modimo, bogolo jang fa o bua le batho ba e seng baithuti ba Dikwalo Tse di Boitshepo. Motho a ka ela tlhoko gore ka dinako tse dingwe, Jehofa o ne a laela Jeremia gore a simolole dipolelo ka go re: “Utlwang lefoko la ga Jehofa.” (Jer. 7:2; 17:20; 19:3; 22:2) Le fa re ka tswa re dirisa leina la ga Jehofa fa re tsenyeletsa ditemana kgotsa nnyaa, pele re konela motlotlo wa rona, re tshwanetse ra leka go bontsha gore se se mo Baebeleng ke lefoko la gagwe.
Akanyetsa Kgang e go Tlotlwang ka Yone. Ka metlha o tshwanetse wa akanyetsa kgang e go tlotlwang ka yone fa o dira tshwetso ya gore o tla tsenyeletsa temana jang. Mo mabakeng mangwe o tla tlhalosa kgang e go tlotlwang ka yone ka tlhamalalo; le fa go ntse jalo, kgang e go tlotlwang ka yone e ka ama se o se buang ka ditsela tse dingwe. Ka sekai, a o ne o ka tsenyeletsa mafoko a ga Jobe yo o boifang Modimo ka tsela e e tshwanang le e o neng o ka tsenyeletsa mafoko a a builweng ke mongwe wa bagomotsi ba gagwe ba maaka ka yone? Buka ya Ditiro e kwadilwe ke Luke, mme bangwe ba batho ba a ba nopolang ke Jakobe, Petere, Paulo, Filipo, Setefane, baengele mmogo le Gamaliele le Bajuda ba bangwe ba e neng e se Bakeresete. O tla re mafoko a temana e o e nopolang ke a ga mang? Ka sekai, gakologelwa gore Dafide ga a tlhama dipesalema tsotlhe e bile Solomone ga a kwala buka yotlhe ya Diane. Gape go molemo go itse gore mokwadi wa Baebele o ne a bua le mang le gore go ne go tlotliwa ka eng foo.
Dirisa Tshedimosetso e e Tlhalosang Maemo a Kgang. Seno se dira segolobogolo fa o kgona go bontsha gore maemo a a neng a le teng ka nako ya pego e e rileng ya Baebele a tshwana le a o tlotlang ka one gone jaanong. Ka dinako tse dingwe tshedimosetso e e tlhalosang boemo e thusa motho go tlhaloganya temana e e rileng. Ka sekai, fa o dirisa Bahebera 9:12, 24 mo puong e e buang ka thekololo, o ka nna wa fitlhela go tlhokega gore pele o bala temana, o tlhalose ka bokhutshwane phaposi e e kwa tengteng ya motlaagana, e temana e bontshang gore e tshwantshetsa lefelo le Jesu a tseneng mo go lone fa a tlhatlogela kwa legodimong. Mme o se ka wa tlhalosa tshedimosetso e ntsi thata mo e leng gore e fekeetsa temana e o e tsenyeletsang.
Fa o batla go tokafatsa tsela e o tsenyeletsang ditemana ka yone, tlhatlhoba se dibui tse di nang le maitemogelo di se dirang. Ela tlhoko mekgwa e e farologaneng e ba e dirisang. Tlhatlhoba ka fa mekgwa eno e nang le matswela ka teng. Fa o baakanyetsa dipuo tsa gago, bona gore ditemana tsa konokono ke dife, mme o akanyetse thata gore temana nngwe le nngwe e tshwanetse ya fitlhelela eng. Rulaganya sentle gore nngwe le nngwe ya tsone o tla e tsenyeletsa jang gore e nne le matswela. Moragonyana, dira jalo le ka ditemana tse dingwe tsotlhe tse o di dirisang. Fa karolo eno ya puo ya gago e ntse e tokafala, o tla bo o dira gore bareetsi ba gago ba beye tlhokomelo e kgolwanyane mo Lefokong la Modimo.