LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 40 ts. 223-ts. 225 ser. 3
  • Se se Buiwang se Boammaaruri

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se se Buiwang se Boammaaruri
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshedimosetso e e Boammaaruri Le e E Tlhatswang Pelo
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tsela ya go Dira Patlisiso
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Solegelwa Molemo Ka Botlalo ke go Bala Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dira Barutwa ka go Rera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 40 ts. 223-ts. 225 ser. 3

THUTO 40

Se se Buiwang se Boammaaruri

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Bua tshedimosetso e e dumalanang sentle le dintlha.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go bua boammaaruri go dira gore bareetsi ba go lebe sentle, ba lebe phuthego e o direlang le yone sentle, ba bo ba lebe Modimo yo o mo obamelang sentle.

KE KA ntlha yang fa Mokeresete a ka bua sengwe se se seng boammaaruri? A ka nna a bo a boeletsa fela se a se utlwileng, a sa ipha nako ya go tlhola dintlha ka sone. Kgotsa a ka nna a feteletsa kgang ka gonne, a sa lemoge, a sa bala sentle mo a tsereng tshedimosetso ya gagwe teng. Fa re leka go bua boammaaruri le mo dilong tse dinnye thata, bareetsi ba rona ba tla bona gore ba ka tshepa gore dikarolo tse di botlhokwa tsa molaetsa wa rona di boammaaruri.

Mo Tshimong. Ba le bantsi fa ba lemoga gore ba sa ntse ba na le go le gontsi go go ithuta, ba ikutlwa ba tshaba go simolola mo bodireding jwa tshimo. Le fa go le jalo, go ise go ye kae ba lemoga gore ba ka kgona go neela bosupi ka tsela e e nang le matswela, le fa ba na le kitso ya motheo fela ya boammaaruri. Jang? Selo sa botlhokwa ke go baakanyetsa.

Pele ga o tswa o ya tshimong, itlwaelanye le setlhogo se o batlang go tlotla ka sone. Leka go akanya ka dipotso tse bareetsi ba gago ba ka di botsang. Batla dikarabo tse di kgotsofatsang tsa Baebele. Seno se tla go thusa go ntsha dikarabo tse di boammaaruri o ritibetse mo mogopolong. A o ya go tshwara thuto ya Baebele? Sekaseka dintlha tse lo tlileng go di ithuta ka kelotlhoko. Tlhomamisa gore o tlhaloganya mabaka a Dikwalo a dikarabo tsa dipotso tse di gatisitsweng.

Go tweng fa mong wa ntlo kgotsa motho yo o berekang le ene a go botsa potso e o sa e baakanyetsang? Fa o sa tlhomamisege ka mabaka, o se ka wa fopholetsa. “Pelo ya mosiami e a tlhatlhanya gore e tle e arabe.” (Dia. 15:28) O ka bona thuso e o e tlhokang mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo kgotsa mo “Ditlhogong Tsa Baebele Tsa Puisano” fa di le gone ka puo ya lona. Fa o sa tshwara epe ya tsone, mmolelele gore o ka rata go ya go batlisisa mme o tla boa. Fa yo o go boditseng potso a batla go itse tota, ga a na go nna le mathata a go letela karabo e e tshwanetseng. Tota e bile, a ka nna a kgatlhiwa ke boikokobetso jwa gago.

Go bereka le baboledi ba ba nang le maitemogelo mo tshimong go ka go thusa go nna setswerere mo go tshwareng Lefoko la Modimo sentle. Ela tlhoko ditemana tse ba di dirisang le tsela e ba di tlhalosang ka yone. Ikokobetse mme o amogele dikakantsho le fa e le dife tse ba go nayang tsone kgotsa le fa e le eng se ba go thusang ka sone. Morutwa yo o tlhagafetseng e bong Apolose o ne a solegelwa molemo ke thuso e a neng a e newa ke ba bangwe. Luke o ne a tlhalosa Apolose a re ke “monna yo o setswerere mo puong,” “o ne a itse Dikwalo sentle,” e bile “a tuka mo moyeng,” “a bua le go ruta sentle dilo tse di leng kaga Jesu.” Le fa go le jalo, go ne go na le sengwe se se neng se tlhaela mo tseleng e a neng a tlhaloganya dilo ka yone. Fa Perisila le Akhwila ba lemoga seno, ba ne “ba mo tseela mo go bone mme ba mo tlhalosetsa tsela ya Modimo sentle ka botlalo.”—Dit. 18:24-28.

‘Go Tshwarelela ka Nitamo mo Lefokong le le Ikanyegang.’ Dipuo tse re di neelang kwa dipokanong di tshwanetse go bontsha gore re tlotla seabe sa phuthego sa go nna “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Tim. 3:15) Gore re tshegetse boammaaruri, go botlhokwa gore re tlhaloganye se se kaiwang ke ditemana tse re batlang go di dirisa mo puong. Akanyetsa ditemana tse di e dikologileng le maikaelelo a e neng e kwalwa ka one.

Se o se buang mo pokanong ya phuthego ba bangwe ba ka nna ba se boeletsa gape moragonyana. Gone ke boammaaruri gore “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jak. 3:2) Mme o tla solegelwa molemo ke go tlhagolela mekgwa e e tla go thusang go bua boammaaruri. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba ikwadisitseng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, fa nako e ntse e tsamaya ba tla nna bagolwane. Go tla lebelelwa “go feta mo go tlwaelegileng” mo go ba ba neilweng maikarabelo ano. (Luke 12:48) Fa mogolwane a ntsha kgakololo e e phoso a sa kgathale mme e bo e bakela maloko a phuthego mathata a a masisi, o ka galefisa Modimo. (Math. 12:36, 37) Ka gone, mokaulengwe yo o tshwanelegang go nna mogolwane o tshwanetse go itsiwe e le motho yo o “tshwareletse[ng] ka nitamo mo lefokong le le ikanyegang malebana le botswerere jwa gagwe jwa go ruta.”—Tito 1:9.

Ela tlhoko gore ditshwetso tse o di fitlhelelang di dumalana le “sekao sa mafoko a a itekanetseng” a a bonalang mo boammaaruring jotlhe jwa Dikwalo. (2 Tim. 1:13) Seno ga se a tshwanela go go tshosa. Gongwe o sa ntse o tshwanelwa ke go bala Baebele yotlhe. Nna o leke go dira jalo. Mme mo godimo ga moo, ela tlhoko gore dikakantsho tse di latelang di ka go thusa jang gore o sekaseke dintlha tse o akanyetsang go di dirisa fa o ruta.

Ipotse jaana pele: ‘A dintlha tseno di dumalana le se ke setseng ke se ithutile mo Baebeleng? A di tla gogela bareetsi ba me kwa go Jehofa, kgotsa a di tlotlomatsa botlhale jwa lefatshe, di kgothaletsa batho go kaelwa ke jone?’ Jesu o ne a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh. 17:17; Dute. 13:1-5; 1 Bakor. 1:19-21) Go tswa foo dirisa didirisiwa tsa go ithuta ka tsela e e molemo tse setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a re neileng tsone. Tseno ga di na go go thusa fela go tlhaloganya ditemana sentle mme gape di tla go thusa go di dirisa ka tekatekano le ka tsela e e utlwalang. Fa o theile puo ya gago mo ‘sekaong sa mafoko a a itekanetseng’ mme o ikaegile ka ditsela tse Modimo a di dirisang go re ruta fa o tlhalosa o bo o dirisa ditemana, dipolelo tse o di buang di tla nna boammaaruri.

Go Batlisisa go Bona Gore Tshedimosetso e Boammaaruri go le Kana Kang. Ditiragalo tsa bosheng, dinopolo, le maitemogelo di ka go thusa thata fa o tlhalosa dintlha dingwe le go di dirisa. O ka tlhomamisega jang gore di boammaaruri? Tsela nngwe ke ka go tsaya dintlha tseo mo metsweding e e ikanyegang ya tshedimosetso. Gakologelwa go batlisisa go bona gore a tshedimosetso eo e mo nakong. Dipalopalo di a fetoga morago ga nako e e rileng; go ise go ye kae dilo tse saense e di fitlheletseng di a tokafala; mme jaaka fa motho a nna a tlhaloganya hisitori le dipuo tsa bogologolo botokanyana, ditshwetso tse di theilweng mo kitsong ya bogologolo di tshwanetse go fetolwa. Nna kelotlhoko thata fa o akanyetsa go dirisa tshedimosetso e o e tsereng mo makwalodikgannyeng, mo thelebisheneng, mo radiong, mo melaetseng e e tlang ka khomputara, kgotsa mo Internet. Diane 14:15 e gakolola jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Ipotse: ‘A motswedi ono wa tshedimosetso o itsiwe o bua boammaaruri? A tshedimosetso eno e ka tlhomamisiwa ka ditsela tse dingwe?’ Fa o sa tlhomamisege gore a tshedimosetso eo e boammaaruri, e tlogele.

Mo godimo ga go batlisisa go bona gore metswedi ya tshedimosetso e ikanyega go le kana kang, akanyetsa ka kelotlhoko gore o rulaganyetsa go dirisa jang tshedimosetso eo. Tlhomamisa gore tsela e o dirisang dinopolo le dipalopalo ka yone e dumalana le kgang yotlhe e o di tsereng mo go yone. Fa o leka go gatelela ntlha ya gago, ela tlhoko gore “batho bangwe” ga a fetoge go nna “bontsi jwa batho,” gore “batho ba le bantsi” ga a nne “mongwe le mongwe,” le gore “mo mabakeng mangwe” ga a nne “ka metlha.” Go feteletsa dintlha kgotsa dipego tse di amang dipalo, bogolo jwa selo, kgotsa bomasisi jwa sone go dira gore bareetsi ba ipotse gore a se o se buang se boammaaruri.

Fa ka metlha o bua boammaaruri, o tla itsiwe o le motho yo o tlotlang boammaaruri. Seno se dira gore Basupi ba ga Jehofa jaaka setlhopha ba lejwe sentle. Se se botlhokwa le go feta, se tlotla “Jehofa Modimo wa boammaaruri.”—Pes. 31:5.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • O se ka wa araba fa o sa tlhomamisege ka selo.

  • Dira gore karabo ya gago e thewe mo ‘sekaong sa mafoko a a itekanetseng’ a a mo Baebeleng.

  • Batlisisa ka setlhogo sa gago.

  • Batlisisa go bona gore a dipalopalo, dinopolo, le maitemogelo tse o di dirisang di boammaaruri, mme o se ka wa di feteletsa fa o di dirisa. O se ka wa fopholetsa dintlha tse o sa di gakologelweng sentle.

IKATISO: Kopa Mosupi yo o godileng gore a go reetse mme a bone gore a se o se buang se boammaaruri fa o tlhalosa dintlha tse di latelang ka mafoko a gago: (1) Jehofa ke motho wa mofuta mang, mme o itse jang? (2) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo, mme re ka solegelwa molemo jang ke seo? (3) Fa e sa le Jesu Keresete a tlhongwa go nna Kgosi, o ntse a dirang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela