THUTO 47
Go Dirisa Sentle Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang
KE ENG fa o tshwanetse go dirisa dilo tse bareetsi ba di bonang fa o ruta? Ka gonne go dira jalo go ka dira gore o rute ka tsela e e molemo. Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba ne ba dirisa dilo tse bareetsi ba neng ba di bona, mme re ka ithuta mo go bone. Fa o ruta o dirisa dilo tse batho ba di bonang e bile o ntse o bua, bareetsi ba amogela tshedimosetso ka ditsela tse pedi. Seno se ka nna sa thusa go dira gore bareetsi ba tswelele ba reeditse e bile se ka dira gore ba nne ba gakologelwa se ba se rutilweng. O ka dirisa jang dilo tse batho ba o buang le bone ba di bonang, fa o ba bolelela dikgang tse di molemo? O ka tlhomamisa jang gore o di dirisa ka tsela e e molemo?
Tsela e ka Yone Barutisi ba Bagolo go Feta Botlhe ba Neng ba Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang. Fa Jehofa a ne a ruta dithuto tse di botlhokwa, o ne a dirisa dilo tse bareetsi ba neng ba di bona e bile ba kgona go di gakologelwa. O ne a ntshetsa Aborahame kwa ntle bosigo bongwe, mme a re: “Lelalela kwa magodimong tsweetswee mme o bale dinaledi, fa e le gore o ka kgona go di bala. . . . Losika lwa gago lo tla nna jalo.” (Gen. 15:5) Le mororo go ne go bonala se a neng a se solofeditswe se ka se kgonege go ya ka pono ya motho, se ne sa ama Aborahame thata mme a dumela mo go Jehofa. Ka nako e nngwe, Jehofa o ne a roma Jeremia kwa ntlong ya mmopi wa letsopa, mme a dira gore a tsene mo mmopi yono wa letsopa a neng a berekela gone gore a lebelele fa monna yono a ntse a bopa letsopa. A bo tsela eno e Mmopi a nang le taolo ka yone mo bathong e le thuto e e sa lebalesegeng! (Jer. 18:1-6) Mme Jona o ne a ka lebala jang tsela e Jehofa a neng a mo ruta ka yone kutlwelobotlhoko a dirisa semela sa segwana? (Jona 4:6-11) E bile Jehofa o ne a bolelela baporofeti ba gagwe gore ba dire dipontsho tsa melaetsa ya boporofeti ba dirisa dilo dingwe tse di tshwanetseng. (1 Dikg. 11:29-32; Jer. 27:1-8; Esek. 4:1-17) Dikarolo tsa motlaagana le tempele ka botsone ke ditshwantsho tse di re thusang go tlhaloganya dilo tse di kwa legodimong. (Baheb. 9:9, 23, 24) Gape, Modimo o ne a dirisa diponatshegelo tse dintsi go fetisa tshedimosetso e e botlhokwa.—Esek. 1:4-28; 8:2-18; Dit. 10:9-16; 16:9, 10; Tshen. 1:1.
Jesu o ne a dirisa jang dilo tse bareetsi ba di bonang? Fa Bafarasai le setlhopha sa balatedi ba ga Herode ba ne ba leka go mo tshwara ka se a neng a se bua, Jesu o ne a kopa denario mme a bua ka setshwantsho sa ga Kaesara se se neng se le mo leding leo la tshipi. Morago ga moo o ne a tlhalosa gore ba duele Kaesara dilo tsa ga Kaesara mme ba duele Modimo dilo tsa Modimo. (Math. 22:19-21) Fa Jesu a ne a ruta thuto ya go tlotla Modimo ka sotlhe se re nang le sone, o ne a ba bontsha mosadi wa motlholagadi mo tempeleng, yo moneelo wa gagwe—wa madi a mabedi a mannye a tshipi—e neng e le gotlhe mo a neng a tshela ka gone. (Luke 21:1-4) Nako nngwe o ne a dirisa ngwana jaaka sekai sa boikokobetso, sa motho yo o sa rateng maemo. (Math. 18:2-6) Gape, ene ka boene o ne a bontsha gore o boikokobetso ka go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao.—Joh. 13:14.
Ditsela Tsa go Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang. Ga re ka ke ra kgona go buisana le batho ka diponatshegelo jaaka Jehofa a ne a dira. Le fa go ntse jalo, mo dikgatisong tsa Basupi ba ga Jehofa go na le ditshwantsho di le dintsi tse di dirang gore motho a akanye. Di dirise go thusa batho ba ba kgatlhegang go bona gore Paradaise ya mo lefatsheng, e e solofeditsweng mo Lefokong la Modimo e tla bo e ntse jang. Fa o tshwere thuto ya legae ya Baebele, o ka nna wa bontsha moithuti setshwantsho se se amanang le se lo se ithutang o bo o mo kopa gore a go bolelele se a se bonang. Go a kgatlha go lemoga gore fa moporofeti Amose a ne a bona diponatshegelo dingwe, Jehofa o ne a mmotsa jaana: “O bonang, Amose?” (Amos. 7:7, 8; 8:1, 2) O ka botsa dipotso tse di tshwanang fa o bontsha bareetsi ditshwantsho tse di diretsweng gore di ba rute.
Fa o kwala dipalo kgotsa o dirisa tšhate e e bontshang ditiragalo tse di botlhokwa ka go latelana ga tsone, seno se ka thusa batho go tlhaloganya ka bonako boporofeti jo bo jaaka “metlha e supa” ya ga Daniele 4:16 le “dibeke di le masome a supa” tsa Daniele 9:24. Dilo tse di ntseng jalo tse bareetsi ba di bonang di teng mo dikgatisong di le mmalwa tse re di ithutang.
Mo thutong ya lona ya lelapa ya Baebele, dilo tse di jaaka motlaagana, tempele ya Jerusalema le ponatshegelo ya tempele ya ga Esekiele di ka dirwa gore di tlhaloganngwe motlhofo fa o dirisa setshwantsho sa tsone. Ditshwantsho tseno di fitlhelwa mo go Insight on the Scriptures, mo mametlelelong ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References, le mo dikgatisong tse di farologaneng tsa Tora ya Tebelo.
Fa o bala Baebele le lelapa la gago, dirisa dimmapa. Lebang gore Aborahame o tsamaile jang mo loetong lwa gagwe go tswa kwa Ure go ya Harana le go ya Bethele. Lebang tsela e Baiseraele ba neng ba tsamaya ka yone fa setšhaba seno se ne se tswa kwa Egepeto se ya kwa Nageng e e Solofeditsweng. Batlang lefelo lengwe le lengwe le le neng le neilwe setso sengwe le sengwe sa Iseraele go nna boswa jwa sone. Lebang gore puso ya ga Solomone e ne e le kgolo go le kana kang. Lebang gore Elija o ne a tsaya tsela efe fa a ne a tshaba kwa Jesereele go ya go fitlha kwa nageng e e ka kwa ga Beere-sheba fa a sena go tshosediwa ke Jesebele. (1 Dikg. 18:46–19:4) Batlang metse le ditoropo tse Jesu a neng a rera kwa go tsone. Batlang mo Paulo a neng a tsamaya teng jaaka go tlhalosiwa mo bukeng ya Ditiro.
Dilo tse bareetsi ba di bonang di mosola fa re tlwaelanya batho ba ba ithutang Baebele le tsela e phuthego e tsamaisiwang ka yone. Gongwe o ka nna wa bontsha motho yo o ithutang le ene thulaganyo e e gatisitsweng ya lenaneo o bo o mo tlhalosetsa se re se rutiwang kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Batho ba le bantsi ba ile ba itumelela go bontshiwa Holo ya Bogosi kana go bontshiwa ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa. Seno e ka nna ya nna tsela e e molemo ya go tlosa dikgopolo tse di sa siamang ka tiro ya rona le boikaelelo jwa yone. Fa o mmontsha Holo ya Bogosi, mmontshe kafa e farologanang ka gone le mafelo a mangwe a kobamelo. Tlhalosa gore Holo ya Bogosi ke lefelo le le agilweng ka tsela e e motlhofo fela le go ithutelwang mo go lone. Mmontshe mafelo a a diretsweng bodiredi jwa rona jwa phatlalatsa—mafelo a go abiwang dibuka mo go one, dimmapa tsa tshimo, le mabokoso a meneelo (mo boemong jwa dipoleite tse di tsamaisiwang tsa koleke).
Fa lo na le dibidio tse di dirilweng kafa tlase ga kaelo ya Setlhopha se se Laolang, di dirisetse go aga tshepo ya gagwe mo Baebeleng, go dira gore batho ba ba ithutang ba tlwaelane le tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang, le go kgothaletsa batho ba ba e bogetseng gore ba tshele tumalanong le melaometheo ya Baebele.
Go Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang fa re Bua le Setlhopha se Segolo. Fa dilo tse bareetsi ba di bonang di baakantswe sentle e bile go tlotliwa ka tsone ka tsela e e siameng, di ka nna molemo go ruta setlhopha se segolo sa batho. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se re naya dilo tse di ntseng jalo tse di farologaneng tse bareetsi ba di bonang.
Dintlha tsa thuto ya Tora ya Tebelo di na le ditshwantsho tse di takilweng tse motshwari wa thuto a ka kgonang go di dirisa go gatelela dintlha tse di botlhokwa. Dikgatiso tse di dirisiwang mo Thutong ya Buka ya Phuthego le tsone di na le ditshwantsho tse di ntseng jalo.
Diaotlelaene dingwe tsa dipuo tsa phatlalatsa di dira gore motho a kgone go dirisa dilo tse bareetsi ba di bonang go tlhalosa dintlha dingwe. Le fa go ntse jalo, gantsi go nna le matswela fa go tlhongwa mogopolo mo go se se mo Baebeleng, e bontsi jwa bareetsi ba tla bong ba e tshwere. Fa e le gore ka dinako tse dingwe go tlhokega setshwantsho kgotsa lenaane le lekhutshwane la dintlhakgolo gore o tlhalose ntlha e le nngwe kgotsa di le mmalwa tsa konokono tsa puo, sekaseka go sa le gale go bona gore a dilo tse bareetsi ba di bonang di bonala sentle (kgotsa di balega sentle) mo bathong ba ba ntseng kwa morago mo lefelong le go kopanelwang mo go lone. Dilo tse di ntseng jalo ga di a tshwanela go dirisiwa ka bontsi.
Mokgele wa rona fa re dirisa dilo tse bareetsi ba di bonang fa re bua le fa re ruta ga se go kgatlha bareetsi. Fa bareetsi ba bontshiwa sengwe se se nang le seriti, se tshwanetse sa gatelela sentle mo mogopolong dintlha tse re batlang go di gatelela. Dilo tse di ntseng jalo tse bareetsi ba di bonang di molemo fa di ba thusa go tlhaloganya sentle se sebui se se buang, kgotsa fa di ba naya bosupi jo bo nonofileng jwa gore se se buiwang se boammaaruri. Fa dilo tse bareetsi ba di bonang di dirisiwa ka tshwanelo, di ka nna mo mogopolong wa bareetsi mo e leng gore ba tla di gakologelwa e bile ba tla gakologelwa le se di neng di se ruta ka dingwaga tse dintsi.
Go kgona go utlwa le go bona go na le seabe se segolo thata fa motho a ithuta. Gakologelwa kafa Barutisi ba bagolo ba neng ba dirisa ditsela tseno ka gone mme o leke go ba etsa fa o dira maiteko a go fitlhelela ba bangwe.