Basha—Lo Tla Dirang ka Botshelo Jwa Lona?
“KE BATLA go nna le dilo tse dintle thata mo botshelong.” Go rialo mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome. Ga go na pelaelo gore le wena o batla se se tshwanang. Le fa go ntse jalo, tota o ka bona jang “dilo tse dintle thata” mo botshelong? Metswedi ya tshedimosetso le balekane ba gago, gongwe le barutabana, ba ka nna ba go bolelela gore o ka bona dilo tseno ka go nna le madi a le mantsi le ka go nna le tiro nngwe ya maemo a a kwa godimo—o nne motho yo o atlegileng thata!
Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa basha gore go gagamalela go nna le dithoto di le dintsi ke “go kgaratlhela phefo” fela. (Moreri 4:4) Lebaka lengwe ke gore, ke basha ba sekae fela ba tota ba kgonang go huma le go tuma. Gantsi ba ba kgonang go fitlhelela dilo tseno ba iphitlhela ba swabile nko go feta molomo. Mosha mongwe wa kwa Boritane yo o neng a gagamalela tiro nngwe ya maemo a a kwa godimo thata o bolela jaana: “Dilo tseno di tshwana le lebokoso le le lolea. Fa o leba mo teng, o fitlhela go se na sepe.” Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe tiro e ka kgona go go humisa le go dira gore o itsiwe mo setšhabeng. Le fa go ntse jalo, ga e ka ke ya kgona go go naya dilo tse o di “tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Mo godimo ga moo, 1 Johane 2:17 e re tlhagisa ka gore “lefatshe le a feta.” Le fa o ne o ka atlega mo lefatsheng leno, katlego eo e ne e ka nna ya nakwana fela.
Ka jalo, Moreri 12:1 e rotloetsa basha jaana: “Gakologelwa Mmopi wa gago o sa le mmotlana.” (Today’s English Version) Ee, tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go dirisa botshelo jwa gago ke ka go bo dirisa mo tirelong ya ga Jehofa Modimo. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, o tshwanetse go tshwanelega gore o nne mo tirelong ya Modimo. O ka dira seno jang? Mme go dirisa botshelo jwa gago o direla Modimo go akaretsa eng?
Go Tshwanelegela go Nna Mosupi wa ga Jehofa
Sa ntlha, o tshwanetse go tlhagolela keletso ya go direla Modimo—mme keletso eo ga e itlele fela, tota le fa batsadi ba gago e le Bakeresete. Wena ka bowena o tshwanetse go nna le kamano ya mmatota le Jehofa. Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome o bolela jaana: “Go rapela go go thusa go nna le kamano ya mmatota le Jehofa.”—Pesalema 62:8; Jakobe 4:8.
Baroma 12:2 e bontsha kgato e nngwe e o tshwanetseng go e tsaya. E bolela jaana: “Lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” A o kile wa iphitlhela o belaela dilo dingwe tse o di rutilweng? Fa go le jalo, latela kgothatso eno ya Baebele, mme ‘o iponele’ gore dilo tseno di boammaaruri! Itirele dipatlisiso. Bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, go ithuta ka Modimo ga se kgang ya go dira gore o nne le kitso ya mo tlhogong fela. Iphe nako ya go tlhatlhanya ka se o se balang gore se nwelele kwa tengteng mo pelong ya gago ya tshwantshetso. Seno se tla godisa lorato lo o ratang Modimo ka lone.—Pesalema 1:2, 3.
Go tswa foo leka go bolelela ba bangwe se o se ithutang, gongwe ba o tsenang sekolo le bone. Kgato e e latelang ke go rera ka ntlo le ntlo. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa kopana le mongwe yo o tsenang sekolo le ene fa o ntse o rera, mme seno se ka nna sa go tshosa mo tshimologong. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re se “tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo.” (Baroma 1:16) O tshwaretse batho molaetsa wa botshelo le tsholofelo! Ke eng fa o tshwanetse go go tlhabisa ditlhong?
Fa e le gore batsadi ba gago ke Bakeresete, o ka nna wa bo o setse o tsamaya le bone mo tirong eno. Le fa go ntse jalo, a o ka kgona go dira se se fetang go ema mo kgorong o didimetse kana go tsamaisa dimakasine le dipampitshana fela? A o ka kgona go bua le mong wa ntlo ka bowena, o dirisa Baebele go mo ruta? Fa o sa kgone, he kopa batsadi ba gago kana mongwe yo o godileng mo phuthegong go go thusa. Ipeele mokgele wa gore o tshwanelege go nna mmoledi yo o sa kolobediwang wa dikgang tse di molemo!
Fa nako e ntse e ile, o tla tlhotlheletsega go ineela—o ikana mo Modimong gore o tla mo direla go tloga jaanong go ya pele. (Baroma 12:1) Le fa go ntse jalo, go ineela ga se kgang e o itirelang yone fela o le esi kwa thoko. Modimo o batla gore botlhe ba dire ‘polelo phatlalatsa go bona poloko.’ (Baroma 10:10) Ka nako ya fa o kolobediwa, o simolola pele o bolela tumelo ya gago ka molomo. Go tswa foo, o kolobediwa mo metsing. (Mathaio 28:19, 20) Ke boammaaruri gore kolobetso ke kgato e e masisi tota. Le fa go ntse jalo, o se ka wa ikgogona ka gonne o akanya gore o ka nna wa retelelwa ka tsela nngwe. Fa o ikantse Modimo gore a go neye maatla, o tla go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go go thusa go ema ka nitamo.—2 Bakorintha 4:7; 1 Petere 5:10.
Ka nako ya fa o kolobediwa, o nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. (Isaia 43:10) Seno se tshwanetse go ama tsela e o tlileng go dirisa botshelo jwa gago ka yone thata fela. Go ineela go akaretsa ‘go iitatola.’ (Mathaio 16:24) O ka nna wa ithontsha mekgele mengwe ya gago le dikeletso dingwe mme o ‘batle pele bogosi jwa Modimo.’ (Mathaio 6:33) Ka jalo, boineelo le kolobetso di go naya dibaka di le dintsi tsa go dira jalo. Mma re sekaseke dingwe tsa tsone.
Dibaka Tsa go Direla Modimo ka Nako e e Tletseng
● Bobulatsela ke sengwe sa dibaka tseno. Mmoledi wa mmulatsela ke Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o tlhomang sekao yo o rulagantseng go dirisa bobotlana diura di le 70 kgwedi nngwe le nngwe a rera dikgang tse di molemo. Go dirisa nako e ntsinyana mo tshimong go tla go thusa go godisa bokgoni jwa gago jwa go rera le jwa go ruta. Babulatsela ba le bantsi ba ipeletse go thusa batho ba ba ithutang Baebele le bone go nna Basupi ba ba kolobeditsweng. Ke tiro efe ya boitshediso e e ka go itumedisang le go go kgotsofatsa jaaka eno?
Go duelela ditshenyegelo tsa botshelo, bontsi jwa babulatsela ba na le ditiro tsa boitshediso tsa nakwana. Ba le bantsi ba rulaganyetsa boikarabelo jono go sa le gale ka go ithuta bokgoni bongwe kwa sekolong kana mo batsading ba bone. Fa wena le batsadi ba gago lo akanya gore go tla nna molemo fa o ka nna le thuto nngwe e e oketsegileng morago ga go fetsa sekolo se segolo, tlhomamisa gore boikaelelo jwa gago ga se go nna le madi a le mantsintsi, mme ke go tshegetsa bodiredi jwa gago gongwe e bile le go nna modiredi wa nako e e tletseng.
Le fa go ntse jalo, selo sa botlhokwa mo botshelong jwa mmulatsela, ga se tiro ya gagwe ya boitshediso, mme ke bodiredi jwa gagwe—go thusa ba bangwe go bona botshelo! Ke eng fa o sa ipeele mokgele wa go nna mmulatsela? Gantsi bobulatsela bo go naya ditshiamelo tse dingwe. Ka sekai, babulatsela bangwe ba fudugela kwa mafelong a go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi ba Bogosi gone. Ba bangwe ba ithuta puo e sele ba bo ba direla mo phuthegong ya lefelo la bone ya puo e sele kana le e leng kwa dinageng di sele. Ee, bobulatsela ke tsela e e duelang thata ya botshelo!
● Tirelo ya borongwa ke sebaka se sengwe se se re bulegetseng. Fa e sa le ka 1943 Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate se ile sa naya babulatsela ba ba tshwanelegang thuto ya maemo a a kwa godimo ya go ba thapisetsa tirelo ya borongwa. Baalogi ba newa kabelo ya go direla e le bareri ba nako e e tletseng kwa dinageng di sele. Mo go tse dintsi tsa dinaga tseno, botshelo bo thata, ka jalo tirelo eno ya borongwa e tlhoka gore motho a nne le botsogo jo bo molemo le maatla. Le fa go ntse jalo, barongwa ba ipelela botshelo jo bo itumedisang, jo bo kgotsofatsang.
● Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi se ne sa tlhomelwa go thapisa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang ba ba iseng ba nyale. Thuto e e tseneletseng ya dibeke di le robedi e akaretsa ditlhogo tse di jaaka maikarabelo a bagolwane le batlhanka ba bodiredi, phuthego le go bua phatlalatsa. Bangwe ba abelwa go direla mo dinageng tsa magabone. Ba bangwe ba kopiwa go ya go direla kwa dinageng di sele.
● Tirelo ya Bethele e akaretsa go direla o le moithaopi mo go lengwe la makala a Basupi ba ga Jehofa. Maloko mangwe a lelapa la Bethele a dira ka tlhamalalo mo tirong ya go gatisa dibuka tsa Baebele. Ba bangwe ba abelwa ditiro tse di thusang, tse di jaaka go baakanya dikago le didirisiwa tse dingwe kana go tlhokomela dilo tse lelapa la Bethele le di tlhokang. Kabelo nngwe le nngwe ke tshiamelo e e boitshepo ya tirelo e e direlwang Jehofa. Mo godimo ga moo, maloko a Bethele a ipelela go itse gore sengwe le sengwe se ba se dirang, se solegela bakaulengwe ba bone ba le bantsintsi molemo mo lefatsheng lotlhe.
Ka dinako tse dingwe bakaulengwe ba ba nang le bokgoni bongwe ba lalediwa go tla go direla mo Bethele. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba thapisiwa fa ba setse ba gorogile mo Bethele. Ba ba leng kwa Bethele ga ba direle gore ba nne le dikhumo go na le moo ba kgotsofalela dijo, marobalo, le madinyana a ba a newang go duelela ditshenyegelo tsa bone. Mokaulengwe mongwe yo mmotlana wa Bethele o tlhalosa tirelo ya gagwe jaana: “Ke tiro e e molemo thata! Ga go motlhofo go latela thulaganyo ya teng ya ka metlha, le fa go ntse jalo, ke bone masego a le mantsi ka go direla kwano.”
● Go direla kwa dinageng di sele go naya motho sebaka sa go nna le seabe mo tirong ya go aga makala le Diholo Tsa Bogosi. Batlhanka ba boditšhabatšhaba, jaaka ba bidiwa, ba ya kwa dinageng di sele go ya go thusa mo tirong eno ya go aga. Ono ke mofuta wa tirelo e e boitshepo, o o tshwanang le tiro e e neng e dirwa ke ba ba neng ba aga tempele ya ga Solomone. (1 Dikgosi 8:13-18) Batlhanka ba boditšhabatšhaba ba tlhokomelwa ka tsela e e tshwanang le e maloko a Bethele a tlhokomelwang ka yone. A bo bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba na le tshiamelo e e molemo jang ne ya go direla mo karolong eno ya bodiredi go baka Jehofa!
Direla Jehofa ka Moya Otlhe
Go direla Jehofa ke tsela e e di gaisang tsotlhe ya go dirisa botshelo jwa gago. Ke eng fa o sa akanyetse go ipeela mokgele wa go direla Modimo ka nako e e tletseng? Tlotla ka tirelo ya nako e e tletseng le batsadi ba gago, bagolwane ba lona le molebedi wa lona wa potologo. Fa o kgatlhegela Bethele, Gileate kana Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi, nna gone mo dipokanong tsa ba ba ka ikwadisang tse di tshwarwang kwa dikopanong tsa potologo le tsa kgaolo.
Ke boammaaruri gore ga se botlhe ba ba ka tshwanelegang kana ba ba ka kgonang go direla ka nako e e tletseng. Ka dinako tse dingwe mathata a botsogo, maemo a madi le maikarabelo a lelapa di lekanyetsa se motho a ka kgonang go se dira. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba ba ineetseng ba tshwanetse go tsaya taelo eno ya Baebele tsiya: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Jehofa o batla gore o dire bojotlhe jo maemo a gago a ka go letlelelang go bo dira. Ka jalo, le fa boemo jwa gago e ka tswa e le bofe, dira gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Ipeele mekgele e o tla kgonang go e fitlhelela ya dilo tsa puso ya Modimo. Ee, “gakologelwa Mmopi wa gago o sa le mmotlana”—mme o tla bona masego a a sa khutleng gonne o dirile jalo!
Dinopolo tsotlhe tsa Baebele di tswa mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, ntle le fa go bontshitswe ka tsela e nngwe.