LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lr kgao. 12 ts. 67-71
  • Jesu o re Ruta go Rapela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o re Ruta go Rapela
  • Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Tsaya Tshiamelo e o Nang le Yone ya Thapelo e le Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ithute mo Morutising yo Mogolo
lr kgao. 12 ts. 67-71

KGAOLO 12

Jesu o re Ruta go Rapela

Jesu o rapela a le esi bosigo

A O A tle o bue le Jehofa Modimo?— O batla gore o bue le ene. Fa o bua le Modimo, seo se bidiwa thapelo. Jesu o ne a bua gantsi le Rraagwe kwa legodimong. Ka dinako tse dingwe o ne a batla go nna a le esi fa a bua le Modimo. Ka nako nngwe, Baebele ya re, “A tlhatlogela kwa thabeng a le nosi go ya go rapela. Le fa go ne go nna lotlatlana, o ne a le koo a le nosi.”—Mathaio 14:23.

O ka ya kae gore o ye go rapela Jehofa o le esi?— Gongwe o ka nna o le esi gore o bue le Jehofa pele ga o robala bosigo. Jesu o ne a re: “Fa o rapela, tsena mo phaposing ya gago mme, fa o sena go tswala setswalo sa gago, rapela Rrago yo o mo sephiring.” (Mathaio 6:6) A o rapela Jehofa bosigo bongwe le bongwe pele ga o robala?— O tshwanetse go dira jalo.

Jesu o rapela ka lentswe le le kwa godimo kwa lebitleng la ga Lasaro

Jesu o ne a rapela fa a le esi . . . le fa a ne a na le batho ba bangwe

Gape Jesu o ne a rapela fa a na le batho ba bangwe. Fa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro a ne a sule, Jesu o ne a rapela le ba bangwe kwa lefelong le Lasaro a neng a fitlhilwe mo go lone. (Johane 11:41, 42) Gape Jesu o ne a rapela fa a na le barutwa ba gagwe. A o a tle o ye kwa dipokanong kwa go rapelwang gone?— Gantsi koo go rapela motho mongwe yo mogolwane. Reetsa ka kelotlhoko se a se buang ka gonne o bua le Modimo mo boemong jwa gago. Mme o tla kgona go re “Amen” fa a sena go rapela. A o a itse gore go rayang go re “Amen” kwa bofelong jwa thapelo?— Go raya gore o rata thapelo eo. Go raya gore o dumalana le yone le gore o batla gore e nne thapelo ya gago le wena.

Lelapa le reeditse fa go rapelwa kwa dipokanong

Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go reetsa dithapelo tse di rapelwang kwa dipokanong ka kelotlhoko?

Gape Jesu o ne a rapela ka dinako tsa dijo. O ne a lebogela Jehofa dijo tsa gagwe. A o a rapela ka metlha pele ga o ja?— Go molemo gore re leboge Jehofa go bo a re neile dijo pele ga re simolola go ja. Fa lo ja mmogo go ka nna ga rapela motho yo mongwe. Mme go tweng fa o ja o le nosi? Kgotsa go tweng fa o ja le batho ba ba sa lebogeng Jehofa?— Moo o tshwanetse go ithapelela.

A o tshwanetse go rapelela kwa godimo ka metlha? Kgotsa a Jehofa o kgona go go utlwa fa o ithapelela mo pelong?— Re ka bona karabo fa re leba se se diragaletseng Nehemia. O ne a obamela Jehofa mme a bereka kwa ntlong ya Kgosi ya Peresia e bong Aretaserese. Tsatsi lengwe Nehemia o ne a utlwile botlhoko thata ka gonne a utlwile gore dipota tsa Jerusalema, e leng motse o mogolo wa batho ba ga bone, di ne di ole.

Nehemia o rapelela mo pelong; mosimane o rapelela mo pelong pele a ja dijo kwa sekolong

O ka ithapelela leng mo pelong jaaka Nehemia a ne a dira?

Fa kgosi e botsa Nehemia gore ke ka ntlha yang fa a utlwile botlhoko, Nehemia o ne a rapela mo pelong pele. Morago ga moo Nehemia o ne a bolelela kgosi gore ke ka ntlha yang fa a utlwile botlhoko mme a mmotsa gore a a ka ya kwa Jerusalema go ya go aga dipota sesha. Go ne ga diregang?—

Ee, Modimo o ne a araba thapelo ya ga Nehemia. Kgosi e ne ya mmolelela gore a ka nna a tsamaya! E bile kgosi e ne ya naya Nehemia ditlhare di le dintsi tse a tla di dirisang go aga dipota. Ruri Modimo a ka kgona go araba dithapelo tsa rona, tota le fa re di buela mo pelong.—Nehemia 1:2, 3; 2:4-8.

Jaanong akanya ka seno. A o tshwanetse go oba tlhogo fa o rapela? A o tshwanetse go khubama ka mangole? O akanyang?— Ka dinako tse dingwe Jesu o ne a khubama ka mangole fa a rapela. Ka dinako tse dingwe o ne a ema. Mme ka dinako tse dingwe o ne a leba kwa legodimong fa a rapela, jaaka fa a ne a dira fa a ne a rapelela Lasaro.

Ka jalo seno se bontsha eng?— Seno se bontsha gore ga go botlhokwa gore o eme jang. Ka dinako tse dingwe go molemo go oba tlhogo le go tswala matlho. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa batla go khubama ka mangole, jaaka Jesu a ne a dira. Mme gakologelwa gore re ka kgona go rapela Modimo nako nngwe le nngwe, motshegare kgotsa bosigo, mme o tla re utlwa. Selo se se botlhokwa ka thapelo ke gore re dumele tota gore Jehofa o re reeditse. A o dumela gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa gago?—

Mosimane o khubama fa thoko ga bolao a bo a rapela

O ka bua ka eng le Modimo fa o rapela?

Re tshwanetse go reng fa re rapela Jehofa?— Mpolelela: Fa o rapela, o bua ka eng le Modimo?— Jehofa o re fa dilo di le dintsi thata mme go a tshwanela gore re mo lebogele tsone, ga ke re?— Re ka mo lebogela dijo tse re di jang. Mme a o kile wa mo lebogela loapi lo lotala, ditlhare tse ditala, le dithunya tse dintle?— Le tsone o di dirile.

Nako nngwe barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo kopa gore a ba rute go rapela. Mme Morutisi yo Mogolo o ne a ba ruta, mme a ba bontsha dilo tse di botlhokwa thata tse ba tshwanetseng go di rapelela. A o a itse gore dilo tseo ke dife?— Tsaya Baebele ya gago o bule mo go Mathaio kgaolo 6. Mo ditemaneng 9 go ya go 13, re fitlhela thapelo e batho ba le bantsi ba e bitsang Rara wa Rona kgotsa Thapelo ya Morena. A re e bale mmogo.

Mono re lemoga gore Jesu o ne a re bolelela gore re rapelele leina la Modimo. O ne a re re rapelele gore leina la Modimo le itshepisiwe, kgotsa le tsewe le le boitshepo. Leina la Modimo ke mang?— Ee, ke Jehofa, mme re tshwanetse go rata leina leo.

Sa bobedi, Jesu o ne a re ruta gore re rapelele gore Bogosi jwa Modimo bo tle. Bogosi jono bo botlhokwa ka gonne bo tla tlisa kagiso mo lefatsheng e bile bo tla dira lefatshe paradaise.

Sa boraro, Morutisi yo Mogolo o ne a re re rapelele gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng fela jaaka fa e dirwa kwa legodimong. Fa re rapelela seno, re tshwanetse go dira se Modimo a se batlang.

Morago ga moo, Jesu o ne a re ruta go rapelela dijo tse re di tlhokang tsa letsatsi. Gape o ne a re re tshwanetse go bolelela Modimo gore re maswabi fa re dirile dilo dingwe tse di phoso. Mme re tshwanetse go kopa Modimo gore a re itshwarele. Mme pele a re itshwarela, re tshwanetse go itshwarela ba bangwe fa ba re direla diphoso. A o go fitlhela go le motlhofo go dira jalo?—

La bofelo Jesu o ne a re re tshwanetse go rapela gore Jehofa Modimo a re sireletse mo go yo o bosula, e bong Satane Diabolo. Ka jalo dilo tseno tsotlhe ke dilo tse di molemo tse re ka rapelang Modimo ka tsone.

Re tshwanetse go dumela gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa rona. Mo godimo ga go mo kopa gore a re thuse, re tshwanetse go nna re mo leboga. O a itumela fa re ntsha maikutlo a rona a mmatota fa re rapela le fa re mo kopa dilo tse di tshwanetseng. Mme o tla re naya dilo tseno. A o dumela seo?—

Kgakololo e nngwe e e molemo malebana le thapelo e fitlhelwa mo go Baroma 12:12; 1 Petere 3:12; le 1 Johane 5:14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela