LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • kp ts. 9-11
  • Botshelo Jwa Gago Bo Lebile Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo Jwa Gago Bo Lebile Kae?
  • Nnang Lo Disitse!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
  • O ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2010
  • O Ne O ka Reng?
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Nnang Lo Disitse!
kp ts. 9-11

Botshelo Jwa Gago Bo Lebile Kae?

• Batho ba bantsi ba tshwaregile thata ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo mo ba sa akanyeng thata ka gore matshelo a bone a lebile kae.

• Baebele e re bolelela gore mo isagweng go tlile go diragala ditiragalo tse di kgatlhang. Gape e re tlhagisa ka phetogo e kgolo e e tlileng go diragalela ditheo tsa batho. Gore re solegelwe molemo mme re tile masetlapelo, re tshwanetse go tsaya kgato ka potlako.

• Go na le batho bangwe ba ba itseng se Baebele e se buang e bile ba leka go se dirisa, le fa go ntse jalo ba letla ditlhobaelo tsa botshelo gore di ba ntshe mo tseleng.

• A o itumelela tsela e o tshelang ka yone? Fa o rulaganya go dira dilo, a o sekaseka kafa dilo tseo di ka amang mekgele ya gago mo botshelong ka teng?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe  9]

Ke Eng se se Botlhokwa Thata mo go Wena?

O ne o ka tlhomaganya jang dilo tse di latelang? Di tlhomaganye go ya ka botlhokwa jwa tsone.

Bontsi jwa tsone di botlhokwa mo botshelong, mme fa o tshwanelwa ke go tlhopha, ke sefe se se tlang pele? sa bobedi? jalo le jalo.

․․․ Boitlosobodutu/boitapoloso

․․․ Tiro ya me

․․․ Botsogo jwa me

․․․ Boitumelo jwa me

․․․ Molekane wa me

․․․ Batsadi ba me

․․․ Bongwanake

․․․ Legae le lentle, diaparo tse dintle

․․․ Go gaisa ba bangwe mo go sengwe le sengwe se ke se dirang

․․․ Go obamela Modimo

[Lebokoso mo go tsebe  10, 11]

A Dilo Tse o di Tlhophang di go Isa Kwa Tota o Batlang go ya Teng?

SEKASEKA DIPOTSO TSENO

BOITLOSOBODUTU/BOITAPOLOSO: A boitlosobodutu jo ke bo tlhophang bo a ntapolosa? A ke dilo tse di ka mpakelang kotsi tse di ka bayang botsogo jwa me mo kotsing kgotsa tsa nkgolafaletsa ruri? A ke mofuta wa “monate” wa diura di sekae fela o o ka felelang o ntliseditse mahutsana a a nnelang ruri? Le fa boitlosobodutu jo ke bo tlhophang e le jo bo siameng, a ke dirisa nako e ntsi mo go jone mo ke se nang nako ya go dira dilo tse di botlhokwa go feta?

TIRO YA ME: A ke tsela fela ya go itshedisa, kgotsa tota ke lekgoba la yone? A e mpatla go le gontsi mo e senyang botsogo jwa me? A ke bona go le botoka gore ke bereke nako e e oketsegileng kwa tirong kgotsa go dirisa nako eo ke na le molekane wa me kgotsa bongwanake? Fa mothapi wa me a batla gore ke dire tiro nngwe e e tshwenyang segakolodi sa me kgotsa e ka metlha e dirang gore ke se ka ka nna le nako ya go dira dilo tsa semoya, a ke tla dira tiro eo fela gore ke se ka ka latlhegelwa ke tiro?

BOTSOGO JWA ME: A ke bontsha go se bo kgathalele, kgotsa ka metlha ke kelotlhoko gore ke bo babalele? A ke bua thata ka jone? A tsela e ke bo tlhokomelang ka yone e bontsha gore ke amega ka lelapa la me?

BOITUMELO JWA ME: A ke jone jo bo tlang pele? A ke bo baya kwa pele ga boitumelo jwa molekane wa me kgotsa jwa lelapa la me? A tsela e ke bo batlang ka yone e bontsha gore ke moobamedi wa Modimo wa boammaaruri?

MOLEKANE WA ME: A ke leba molekane wa me e le tsala ya me fela ka nako e ke batlang ka yone? A ke tlotla molekane wa me, ke mo tsaya jaaka motho yo o tshwanelwang ke go nna le seriti? A tumelo ya me mo Modimong e ama tsela e ke lebang molekane wa me ka yone?

BATSADI BA ME: Fa e le gore ke sa ntse ke le ngwana, a ke utlwa batsadi ba me—ke ba araba ka tlotlo, ke dira ditiro tse ke di newang, ke tla gae ka nako e ba e beileng, ga ke ikopanye le batho ba batsadi ba me ba ntlhagisang gore ke se ka ka ikopanya le bone e bile ga ke dire ditiro tse ba ntlhagisang gore ke se ka ka di dira? Fa e le gore ke mogolo, a ke reetsa batsadi ba me ka tlotlo, ke ba naya thuso e e tshwanetseng fa ba e tlhoka? A tsela e ke dirisanang le batsadi ba me ka yone e laolwa ke molemo o ke tla o bonang fa ke dira jalo kgotsa e laolwa ke Lefoko la Modimo?

BONGWANAKE: A ke ikutlwa ke na le maikarabelo a go ruta bongwanake mekgwa e e siameng ya boitsholo, kgotsa ke lebeletse gore dikolo e nne tsone di dirang jalo? A ke ipha nako le bongwanake, kgotsa ke lebeletse gore ditshamekisi tsa bana, thelebishene kgotsa khomputara di ba tlose bodutu? A ke otlhaya bongwanake ka metlha fa ba tlhokomologa dikgakololo tsa Modimo, kgotsa ke ba otlhaya fela fa ba dirile sengwe se se ntenang?

LEGAE LE LENTLE, DIAPARO TSE DINTLE: Ke eng se se laolang gore ke naya tebego ya me le dilo tse ke nang le tsone tlhokomelo e e kana kang—a ke go batla go kgatlha baagelani ba me? a ke maemo a ba lelapa la me? a ke ka gonne ke le moobamedi wa Modimo?

GO GAISA BA BANGWE MO GO SENGWE LE SENGWE SE KE SE DIRANG: A ke go tsaya go le botlhokwa go dira dilo sentle? A ke leka ka natla go gaisa ba bangwe? A ke utlwa botlhoko fa motho yo mongwe a dira sengwe botoka go nkgaisa?

GO OBAMELA MODIMO: A go amogelwa ke Modimo go botlhokwa go feta go amogelwa ke molekane wa me, ke bongwanake, ke batsadi ba me kgotsa ke mothapi wa me? Gore ke kgone go tshela sentle a ke tla dira gore go direla Modimo go se ka ga tla pele mo botshelong jwa me?

SEKASEKA KGAKOLOLO ENO YA BAEBELE KA KELOTLHOKO

Modimo o botlhokwa go le kana kang mo botshelong jwa gago?

Moreri 12:13: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”

IPOTSE JAANA: A botshelo jwa me bo bontsha gore ke leba dilo jalo? A go utlwa ditaelo tsa Modimo go laola kafa ke dirang maikarabelo a me ka teng kwa gae, kwa tirong kgotsa kwa sekolong? Kgotsa a dilo tse dingwe kgotsa dikgatelelo tsa botshelo ke tsone di laolang gore ke beela nako e e kana kang kwa thoko go direla Modimo?

O na le kamano e e ntseng jang le Modimo?

Diane 3:5, 6: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”

Mathaio 4:10: “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.”

IPOTSE JAANA: A ke ikutlwa jalo ka Modimo? A dilo tse ke di dirang letsatsi le letsatsi le tsela e ke lebanang ka yone le mathata di bontsha gore ke mo ikanya jalo e bile ke ineetse jalo mo go ene?

Go bala le go ithuta Baebele go botlhokwa go le kana kang mo go wena?

Johane 17:3: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”

IPOTSE JAANA: A tsela e ke balang Lefoko la Modimo ka yone le go tlhatlhanya ka lone e bontsha gore ruri ke dumela seo?

Go ya dipokanong tsa phuthego ya Bokeresete go botlhokwa go le kana kang mo go wena?

Bahebera 10:24, 25: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona . . . mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.”

Pesalema 122:1: “Ke ne ka ipela fa ba ne ba nthaya ba re: ‘A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa.’”

IPOTSE JAANA: A tsela e ke tshelang ka yone e bontsha gore ke anaanela kgakololo eno e e mo Lefokong la Modimo? Mo kgweding e e fetileng, a ke ile ka foswa ke dipokano dingwe tsa Bokeresete ka gonne ke ile ka dira gore di tseelwe sebaka ke sengwe se sele?

A o tlhagafaletse go bua le ba bangwe ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe?

Mathaio 24:14: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi . . . , mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”

Mathaio 28: 19, 20: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”

Pesalema 96:2: “Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe. Bolelang dikgang tse di molemo tsa poloko ya gagwe letsatsi le letsatsi.”

IPOTSE JAANA: A ke tsaya tiro eno e le ya botlhokwa mo botshelong jwa me jaaka ke tshwanetse? A seabe se ke nnang le sone mo go yone se bontsha gore ke tlhatswegile pelo gore metlha e re tshelang mo go yone e masisi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela