KAROLO 2
‘Go Ruta le go Rera Dikgang Tse di Molemo’
Mmetli. Modiradikgakgamatso. Mofodisi. Jesu o ne a dira ditiro tseno tsotlhe le tse dingwe tse dintsi. Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba sa mmitse ka maina ao. Ba ne ba mmitsa Moruti. Ee ruri, tiro e a neng a e dira mo botshelong e ne e le go ‘ruta le go rera dikgang tse di molemo.’ (Mathaio 4:23) Rona balatedi ba ga Jesu, re tshwanetse go dira yone tiro eo. Mo karolong eno, re tla sekaseka sekao sa gagwe se se re bontshang kafa re ka dirang tiro eo ka teng.