KGAOLO 9
‘Tsamayang . . . Mme lo Dire Barutwa’
Molemi a ka dira eng fa thobo e le kgolo thata mo a ka se kang a kgona go e dira a le nosi?
1-3. (a) Molemi o dira eng fa thobo e le kgolo thata mo a ka se kang a kgona go e dira a le nosi? (b) Ke kgwetlho efe e Jesu a lebaneng le yone ka dikgakologo tsa 33 C.E., mme o lebana jang le yone?
MOLEMI o lebane le kgwetlho e kgolo. Dikgwedi di se kae tse di fetileng o ile a lema tshimo ya gagwe mme a jala peo. O ile a leba ka kelotlhoko fa dijalo di simolola go tlhoga, mme a itumelela go bona di gola sentle. Jaanong o bona maduo a matsapa a gagwe, ka gonne nako ya gore a robe e fitlhile. Kgwetlho ya gagwe ke e: Thobo e kgolo thata mo a ka se kang a kgona go e dira a le nosi. Go fenya kgwetlho eno, o dira tshwetso e e botlhale ya go hira badiri bangwe mme o ba romela kwa tshimong ya gagwe. Aitsane, o saletswe ke nako e khutshwane fela gore a bo a weditse thobo ya gagwe.
2 Ka dikgakologo tsa 33 C.E., Jesu yo o tsositsweng o lebana le kgwetlho e e tshwanang. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a jala peo ya boammaaruri. Jaanong ke nako ya thobo, mme thobo e kgolo thata. Batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba tshwanetse go phuthwa go nna barutwa ba gagwe. (Johane 4:35-38) Jesu o lebana jang le kgwetlho eno? Pelenyana fela ga a tlhatlogela kwa legodimong, fa a le mo thabeng ya Galalea, o laela balatedi ba gagwe gore ba senke badiri ba ba oketsegileng, a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse . . . , lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.
3 Taelo eno e bontsha se tota go nna molatedi wa ga Keresete go se kayang. Ka gone, a re sekaseke dipotso tse tharo. Ke eng fa Jesu a ile a laela gore go senkwe badiri ba ba oketsegileng? O ile a thapisa barutwa ba gagwe jang gore ba bone badiri ba ba oketsegileng? Rona re na le seabe sefe mo tirong eno?
Lebaka La go Bo go Ne go Tlhokega Badiri ba ba Oketsegileng
4, 5. Ke eng fa Jesu a ne a se kitla a kgona go wetsa tiro e a neng a e simolotse, mme ke bomang ba ba neng ba tla tshwanelwa ke go tsweletsa tiro eo pele fa a sena go boela kwa legodimong?
4 Fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe ka 29 C.E., o ne a itse gore o simolola tiro e a neng a se kitla a e wetsa ka boene. E re ka a ne a saletswe ke nako e khutshwane mo lefatsheng, o ne a tla kgona go bolela molaetsa wa Bogosi mo karolong e e rileng fela ya naga le go rerela palo e e rileng fela ya batho. Ke boammaaruri gore, o ne a dira tiro ya gagwe ya go rera segolobogolo mo Bajudeng le mo basokologing, ‘dinku tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele.’ (Mathaio 15:24) Le fa go ntse jalo, ‘dinku tseo tse di latlhegileng’ di ne di gasame le Iseraele yotlhe, naga e e neng e akaretsa disekwerekilometara di le diketekete. Kwantle ga moo, tshimo ya lefatshe lotlhe e ne e tla tshwanelwa ke gore kgabagare e fitlhelelwe ka dikgang tse di molemo.—Mathaio 13:38; 24:14.
5 Jesu o ne a itse gore go ne go tla sala tiro e ntsi e e tla tshwanelwang ke go dirwa morago ga loso lwa gagwe. O ile a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba 11 a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Yo o dumelang mo go nna, yoo le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno, ka gonne ke a tsamaya ke ya kwa go Rara.” (Johane 14:12) E re ka Morwa a ne a boela kwa legodimong, balatedi ba gagwe—e seng fela baaposetoloi mme gape le batho ba e neng e tla nna barutwa—ba ne ba tla tshwanelwa ke go tsweletsa pele tiro eno ya go rera le go ruta. (Johane 17:20) Ka boikokobetso Jesu o ile a dumela gore ba ne ba tla dira “ditiro tse dikgolo go feta” tsa gagwe. Ka tsela efe? Ka ditsela tse tharo.
6, 7. (a) Ke ka ditsela dife balatedi ba ga Jesu ba neng ba tla dira ditiro tse dikgolo go feta tsa gagwe? (b) Re ka bontsha jang gore Jesu ga a dira phoso ka go ikanya balatedi ba gagwe?
6 Sa ntlha, balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla bereka tshimo e kgolo go mo feta. Gompieno tiro ya bone ya go rera e fitlheletse mafelelo a lefatshe, e fitlheletse melelwane e e fetang kgakala naga e Jesu ka boene a neng a rera mo go yone. Sa bobedi, ba ne ba tla fitlhelela batho ba bantsi go mo feta. Palo e nnye ya barutwa ba Jesu a ba tlogetseng e ne ya gola ka bonako go nna diketekete. (Ditiro 2:41; 4:4) Gone jaanong palo ya bone e fitlha go dimilione, mme diketekete tsa barutwa ba basha di a kolobediwa ngwaga le ngwaga. Sa boraro, ba ne ba tla rera ka lobaka lo loleele go mo feta—go tla go fitlha mo motlheng ono, dingwaga di ka nna 2 000 morago ga bodiredi jwa ga Jesu jwa dingwaga tse tharo le halofo bo sena go fela.
7 Jesu o ne a bontsha go ikanya balatedi ba gagwe fa a ne a re ba ne ba tla dira “ditiro tse dikgolo go feta tseno.” O ne a ba abela maikarabelo a go dira tiro e e neng e le botlhokwa thata mo go ene, tiro ya go rera le go ruta “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 4:43) O ne a tlhatswegile pelo gore ba ne ba tla dira tiro eo ka boikanyegi. Seno se re ama jang gompieno? Fa re dira bodiredi ka tlhagafalo le ka pelo yotlhe, re bontsha gore Jesu ga a dira phoso ka go ikanya balatedi ba gagwe. A eno ga se tshiamelo e e molemolemo?—Luke 13:24.
Go Thapisediwa go Rera
Lorato lo re tlhotlheletsa go rera gongwe le gongwe kwa batho ba ka fitlhelwang gone
8, 9. Ke sekao sefe se Jesu a neng a re tlhomela sone mo bodireding, mme re ka etsa sekao sa ga Jesu jang mo bodireding jwa rona?
8 Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe thapiso e e di gaisang tsotlhe mo bodireding. Mo godimo ga seo sotlhe, o ne a ba beela sekao se se molemo. (Luke 6:40) Mo kgaolong e e fetileng, re ile ra tlotla ka boikutlo jo a neng a na le jone ka bodiredi. Mma gone jaanong re tlotle go se kae ka barutwa ba ba neng ba tsamaya le Jesu mo maetong a gagwe a go rera. Ba ile ba lemoga gore o ne a rera gongwe le gongwe fela kwa batho ba neng ba ka fitlhelwa gone—mo mabopong a matsha le mo thoko ga dithaba, mo gare ga metse le mo marekisetsong, le mo magaeng a batho. (Mathaio 5:1, 2; Luke 5:1-3; 8:1; 19:5, 6) Ba ile ba lemoga gore e ne e le motho yo o dirang ka natla, a tsoga go sa le phakela le go dira go fitlha go nna bosigo. Bodiredi e ne e se tiro e a e dirang fela go itlosa bodutu! (Luke 21:37, 38; Johane 5:17) Ga go pelaelo gore ba ne ba kgona go lemoga gore o ne a tlhotlhelediwa ke go rata batho go tswa pelong. Gongwe ba ne ba tle ba lemoge ka sefatlhego sa gagwe kutlwelobotlhoko e a neng a na le yone. (Mareko 6:34) O akanya gore sekao sa ga Jesu se ile sa ama barutwa ba gagwe jang? Wena se ka bo se ile sa go ama jang?
9 Rona balatedi ba ga Keresete re etsa sekao se a re tlhometseng sone mo bodireding. Ka gone, re dira sotlhe se re ka se kgonang “go neela bosupi ka botlalo.” (Ditiro 10:42) Jaaka Jesu, re etela batho mo magaeng a bone. (Ditiro 5:42) Fa go tlhokega re fetola dithulaganyo tsa rona e le gore re tle re etele batho ka nako e ba leng gone ka yone mo gae. Gape re senka batho mo mafelong a botlhe le go ba rerela ka botlhale—mo mebileng, mo diphakeng, mo mabenkeleng le kwa tirong. Re nna “re dira ka natla e bile re iteka” ka natla mo bodireding ka gonne re tsaya tiro eno e le botlhokwa. (1 Timotheo 4:10) Go rata batho go tswa pelong go re tlhotlheletsa go nna re senka ditshono tsa go rera gongwe le gongwe le nako nngwe le nngwe kwa re ka bonang batho gone.—1 Bathesalonika 2:8.
“Ba ba masome a supa ba boa ka boipelo”
10-12. Ke dithuto dife tsa botlhokwa tse Jesu a ileng a di ruta barutwa ba gagwe pele ga a ba roma go ya go rera?
10 Tsela e nngwe e Jesu a neng a thapisa barutwa ba gagwe ka yone ke ka go ba naya ditaelo tse di tseneletseng. Pele ga a romela baaposetoloi ba gagwe ba le 12 mme moragonyana a bo a romela barutwa ba ba 70 go ya go rera, o ne a ba tshwarela se re ka reng ke dipokano tsa go ba thapisa. (Mathaio 10:1-15; Luke 10:1-12) Thapiso eo e ne ya nna le matswela a a molemo ka gonne Luke 10:17 e bega jaana: “Ba ba masome a supa ba boa ka boipelo.” A re sekaseke dithuto tse pedi tsa botlhokwa tse Jesu a neng a ba ruta tsone, re sa lebale gore re tshwanetse go tlhaloganya mafoko a gagwe go ya kafa ditlwaelo tsa Sejuda di neng di le ka teng mo metlheng ya Baebele.
11 Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go ikanya Jehofa. O ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa tseela dikgwama tsa lona tsa moitlamo gouta kgotsa selefera kgotsa kgotlho, kgotsa lwa tseela loeto kgetsana ya dijo, kgotsa diaparo tse pedi tsa kafa teng, kgotsa bompaatšhane kgotsa lore; gonne modiri o tshwanelwa ke dijo tsa gagwe.” (Mathaio 10:9, 10) Go ne go tlwaelegile gore batsamai ba tsamaye ba tshotse sekgwama sa madi, kgetsana ya mofago wa dijo le para e nngwe ya bompaatšhane.a Fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba tshwenyega ka dilo tseno, totatota o ne a re: “Ikanyeng Jehofa ka botlalo ka gonne o tla lo tlamela ka dilo tse lo di tlhokang.” Jehofa o ne a tla ba tlamela ka go tlhotlheletsa batho ba ba neng ba tla amogela dikgang tse di molemo gore ba ba amogele mo magaeng a bone, e leng selo se e neng e le tlwaelo kwa Iseraele.—Luke 22:35.
12 Jesu gape o ne a ruta barutwa ba gagwe go tila dilo tse di neng di ka ba itaya tsebe go sa tlhokege. O ile a re: “Lo se ka lwa tlamparela ope fa lo dumedisa mo tseleng.” (Luke 10:4) A Jesu o ne a bolela gore ba se ka ba nna botsalano le go se amege ka batho? Nnyaa. Mo metlheng ya Baebele, tumediso e ne e sa akaretse madume fela. Ka tlwaelo tumediso e ne e akaretsa ditlwaelo dingwe tse di farologaneng go akaretsa le metlotlo e meleele. Mokanoki mongwe wa Baebele a re: “Ditumediso mo bathong ba kwa Botlhaba di ne di sa akaretse go obega go se kae, kana go tshwara motho ka seatla jaaka go ntse ka tlwaelo ya rona, go na le moo, di ne di akaretsa go tlamparelana ka makgetlo a mantsi, go inamisa tlhogo le e leng go rapalala fa fatshe. Dilo tseno tsotlhe di ne di tlhoka nako e ntsi.” Fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba dumedisa batho go ya ka tlwaelo ya nako eo, totatota o ne a re: “Lo dirise nako ya lona ka tsela e e molemo, ka gonne molaetsa o lo o tshwereng o potlakile.”b
13. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re tsaya tsia ditaelo tse Jesu a neng a di naya barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga?
13 Re tsaya tsia ditaelo tse Jesu a neng a di naya barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Fa re ntse re dira bodiredi jwa rona, re ikanya Jehofa ka botlalo. (Diane 3:5, 6) Re a itse gore re ka se ka ra tlhaela dilo tsa botshelo tse re di tlhokang fa re ‘nna re batla pele bogosi.’ (Mathaio 6:33) Baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng mo lefatsheng lotlhe ba ka supela boammaaruri jwa gore tota le ka dinako tsa mathata, Jehofa ga a ke a palelwa ke go thusa. (Pesalema 37:25) Gape re a lemoga gore go botlhokwa gore re tile dilo tse di ka re itayang tsebe. Fa re se kelotlhoko, tsamaiso eno ya dilo e ka re itaya tsebe motlhofo fela. (Luke 21:34-36) Le fa go ntse jalo, eno ga se nako ya go iteega tsebe. E re ka matshelo a batho a le mo kotsing, molaetsa wa rona o potlakile. (Baroma 10:13-15) Go nna re gopola gore molaetsa wa rona o potlakile go tla re thusa gore re se ka ra letla dilo tse di itayang tsebe tsa lefatshe leno di re jela nako le maatla a re neng re ka a dirisetsa bodiredi. Se lebale gore nako e e setseng e khutshwane mme thobo yone e kgolo.—Mathaio 9:37, 38.
Tiro E e Re Akaretsang
14. Ke eng se se bontshang gore taelo e e kwadilweng mo go Mathaio 28:18-20 e ama balatedi botlhe ba ga Keresete? (Bona le mokwalo o o kwa tlase.)
14 Fa Jesu yo o tsositsweng a ne a re ‘tsamayang mme lo dire barutwa,’ o ne a naya balatedi ba gagwe maikarabelo a a masisi. O ne a sa akanya fela ka barutwa ba ba neng ba le gone mo letsatsing leo kwa thabeng ya Galalea.c Tiro e a neng a ba naya yone e ne e akaretsa go fitlhelela “batho ba ditšhaba tsotlhe,” mme e tswelela pele “go fitlha [kwa] bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Ga go pelaelo gore, taelo eno e ama balatedi botlhe ba ga Keresete, go akaretsa le rona gompieno. A re sekasekeng ka kelotlhoko mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 28:18-20.
15. Ke eng fa go le molemo gore re ikobele taelo ya ga Jesu ya gore re dire barutwa?
15 Pele ga Jesu a ntsha taelo eo, a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Temana ya 18) A ruri Jesu o na le taolo e kgolo go le kalo? Ee, o na le yone! Ke moengele yo mogolo, yo o laolang dimiriate tsa dimiriate tsa baengele. (1 Bathesalonika 4:16; Tshenolo 12:7) E re ka e le “tlhogo ya phuthego,” o na le taolo mo balateding ba gagwe mo lefatsheng. (Baefeso 5:23) Fa e sa le ka 1914, o ntse a busa e le Kgosi ya Bomesia kwa legodimong. (Tshenolo 11:15) Taolo e a nang le yone e fitlha le e leng kwa mabitleng, ka gonne o na le maatla a go tsosa le baswi. (Johane 5:26-28) Fa Jesu a simolola pele ka go bolela taolo e kgolo e a nang le yone, o bontsha gore mafoko a a latelang ke taelo ga se kakantsho. Ka gone go molemo gore re e ikobele, ka gonne taolo e a nang le yone o e neilwe ke Modimo, ga a inaya yone.—1 Bakorintha 15:27.
16. Fa Jesu a re “tsamayang,” tota o re laela go dira eng, mme re diragatsa jang karolo eno ya taelo ya gagwe?
16 Jesu jaanong o tlhalosa taelo e a e ntshang e e simololang ka lefoko le le lengwe: “Tsamayang.” (Temana ya 19) Ka gone o re laela gore re tseye kgato pele go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi. Re ka dirisa mekgwa e e farologaneng go diragatsa karolo eno ya taelo ya gagwe. Go rera ka ntlo le ntlo ke mokgwa o o nang le matswela go feta e mengwe, o o ka re thusang go kopana le batho ka namana. (Ditiro 20:20) Gape re senka ditshono tsa go rera le fa re se mo bodireding; re tlhagafalela go simolola motlotlo le batho kaga dikgang tse di molemo gongwe le gongwe kwa go tshwanelang teng mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Re ka dirisa mekgwa e e farologaneng ya go rera, re e dira gore e tshwanele maemo a mafelo a rona. Le fa go ntse jalo, selo se se sa fetogeng ke se: Re “ya” go senka batho ba ba tshwanetseng.—Mathaio 10:11.
17. Re ‘dira barutwa’ ka tsela efe?
17 Go tswa foo Jesu o tlhalosa boikaelelo jwa taelo ya gagwe, e leng, “lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Temana ya 19) Re ‘dira barutwa’ ka tsela efe? Totatota morutwa ke moithuti, motho yo o rutwang. Le fa go ntse jalo, go dira barutwa ga se kgang fela ya go thusa batho go nna le kitso. Fa re ithuta Baebele le batho ba ba kgatlhegang, boikaelelo jwa rona ke go ba thusa go nna balatedi ba ga Keresete. Fa go kgonega, re gatelela sekao sa ga Jesu gore batho ba re ithutang le bone ba mo tseye e le Morutisi le Sekao sa bone, ba tshela ka tsela e a neng a tshela ka yone le go dira tiro e a neng a e dira.—Johane 13:15.
18. Ke eng fa kolobetso e le kgato e e botlhokwa thata mo botshelong jwa morutwa?
18 Karolo e e botlhokwa ya taelo ya ga Jesu e tlhalosiwa ka mafoko ano: “Lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Temana ya 19) Kolobetso ke kgato e e botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa morutwa, ka gonne e tshwantshetsa gore o ineela mo Modimong ka pelo yotlhe. Ka gone, kolobetso e botlhokwa thata gore motho a bone poloko. (1 Petere 3:21) Ee, fa morutwa yo mosha a tswelela pele ka go direla Jehofa ka bojotlhe, a ka solofela go bona masego a a seng kana ka sepe mo lefatsheng le lesha le le tlang. A o thusitse mongwe go nna morutwa yo o kolobeditsweng wa ga Keresete? Mo bodireding jwa Bokeresete ga go na selo se se itumedisang go feta seo.—3 Johane 4.
19. Ke eng se re se rutang barutwa ba basha, mme ke eng fa go ba ruta jalo go ka nna ga tswelela le morago ga ba sena go kolobediwa?
19 Jesu o tlhalosa karolo e e latelang ya taelo ya gagwe a re: “Lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Temana 20) Re ruta batho ba basha go ikobela ditaelo tsa ga Jesu, go akaretsa le ditaelo tsa gore re rate Modimo, re rate moagelani le gore le bone ba dire barutwa. (Mathaio 22:37-39) Kgato ka kgato re ba ruta go tlhalosa dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele le go femela tumelo ya bone e e ntseng e gola. Fa ba tshwanelega go nna le seabe mo tirong ya go rera phatlalatsa, re bereka le bone, re ba ruta ka lefoko le ka sekao go dira tiro eno ka tsela e e nang le matswela. Ga se gore tiro ya go ruta barutwa ba basha e a fela fa ba setse ba tloga ba kolobediwa. Batho ba ba sa tswang go kolobediwa ba ka tlhoka thapiso e e oketsegileng go ba thusa go fenya dikgwetlho tse di amanang le go nna balatedi ba ga Keresete.—Luke 9:23, 24.
“Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”
20, 21. (a) Ke eng fa re se na lebaka la go boifa fa re ntse re diragatsa taelo ya ga Jesu? (b) Ke eng fa eno e se nako ya go iketla, mme re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
20 Mafoko a bofelo a taelo ya ga Jesu a kgothatsa tota: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:20) Jesu o a lemoga gore tiro eno e a re neileng yone e masisi. Gape o a itse gore go e diragatsa ka dinako tse dingwe go tla dira gore baganetsi ba tsiboge ka tsela e e bontshang letlhoo. (Luke 21:12) Le fa go ntse jalo, ga go na lebaka la go boifa. Moeteledipele wa rona ga a lebelela gore re dire tiro eno re le nosi, re se na yo o re thusang. A ga go nametse pelo go itse gore Ene yo o nang le “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng” o na le rona go re ema nokeng fa re ntse re diragatsa taelo eno?
21 Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe gore o ne a tla nna le bone mo bodireding jwa bone go ralala makgolokgolo a dingwaga “go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” Fa re sa ntse re letile bokhutlo, re tshwanetse go tswelela pele re diragatsa taelo ya ga Jesu. Eno ga se nako ya go iketla. Thobo e kgolo ya semoya e tsweletse pele! Batho ba ba kgatlhegang ba phuthwa ka dipalo tse dikgolo. Rona balatedi ba ga Keresete, a re ititeyeng sehuba go diragatsa taelo e e masisi e a re neileng yone. A re ikemisetseng go dirisa nako ya rona, maatla, le dilo tse dingwe tsa rona go diragatsa taelo eno ya ga Keresete: ‘Tsamayang lo dire barutwa.’
a Gongwe sekgwama e ne e le lebanta la madi le le neng le dirisiwa go tshola madi a tshipi. Kgetsana ya dijo e ne e le kgetsi e kgolo, gantsi e le ya letlalo, e e neng e akgisiwa mo legetleng mme e dirisediwa go tshola dijo kgotsa dilwana tse dingwe tsa botlhokwa.
b Moporofeti Elisha le ene o kile a ntsha ditaelo tse di ntseng jalo. Fa Elisha a ne a roma motlhanka wa gagwe e bong Gehasi go ya kwa legaeng la mosadi yo morwawe a neng a sule, o ile a re: “Fa o ka kopana le mongwe, o se ka wa mo dumedisa.” (2 Dikgosi 4:29) Tiro eo e ne e potlakile, ka jalo go ne go se na nako ya go diega go sa tlhokege.
c E re ka bontsi jwa balatedi ba ga Jesu yo o tsositsweng ba ne ba le kwa Galalea, go ka direga gore e ne e le ka nako e e tlhalositsweng mo go Mathaio 28:16-20 moo a neng a bonala mo go “ba ba fetang makgolo a matlhano.” (1 Bakorintha 15:6) Ka gone go ka tswa go ne go na le makgolokgolo a batho fa Jesu a ne a ntsha taelo ya gore go dirwe barutwa.