KGAOLO 15
Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla
“Motho mongwe le mongwe a . . . bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla.”—MORERI 3:13.
1-3. (a) Batho ba bantsi ba ikutlwa jang ka ditiro tsa bone? (b) Baebele ya re tiro e tshwanetse go lejwa jang, mme re tlile go tlotla ka dipotso dife mo kgaolong eno?
BATHO ba bantsi gompieno ga ba itumelele go bereka. Go bereka lobaka lo loleele ba dira tiro e tota ba sa e rateng go dira gore ba sulafalelwe ke go ya tirong letsatsi le letsatsi. Batho ba ba nang le boikutlo joo ba ka rotloediwa jang gore ba rate tiro ya bone—kgotsa gore ba kgotsofalele tiro e ba e dirang?
2 Baebele e rotloetsa batho gore ba lebe tiro ka tsela e e tshwanetseng. Ya re tiro le maduo a yone ke mpho. Solomone o ne a re: “Motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Moreri 3:13) Jehofa, yo o re ratang le yo ka metlha a batlang gore dilo di re tsamaele sentle, o batla gore re kgotsofalele tiro e re e dirang mme re itumelele go ja mofufutso wa phatla ya rona. Gore re nne re le mo loratong lwa gagwe, re tshwanetse go tshela go dumalana le tsela e a lebang dilo ka yone le go ya ka melaometheo ya gagwe malebana le tiro.—Bala Moreri 2:24; 5:18.
3 Mo kgaolong eno, re tla tlotla ka dipotso tseno tse nnè: Re ka bona jang molemo ka ntlha ya tiro ya rona ya bonatla? Ke ditiro dife tse Bakeresete ba boammaaruri ba sa tshwanelang go di dira? Re ka dira jang gore re nne tekatekano mo nakong e re e dirisang re le kwa tirong ya boitshediso le e re e dirisetsang dilo tse di amanang le kobamelo ya rona? Mme tiro ya botlhokwa thata e re ka e dirang ke efe? Le fa go ntse jalo, sa ntlha a re sekasekeng sekai sa badiri ba babedi ba bagolo mo lobopong lotlhe—Jehofa Modimo le Jesu Keresete.
MODIRI YO MOGOLO LE MODIRI YO O SETSWERERE
4, 5. Baebele e bontsha jang gore Jehofa ke modiri yo o senatla?
4 Jehofa ke Modiri yo Mogolo. Genesise 1:1 ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” Fa Modimo a ne a wetsa tiro ya gagwe ya go bopa mo lefatsheng, o ne a re se a neng a se dirile se ne se le “molemo tota.” (Genesise 1:31) Seno se raya gore o ne a kgotsofaletse ka botlalo tiro e a neng a e dirile mo lefatsheng. Ruri Jehofa, “Modimo yo o itumetseng,” o ne a itumedisiwa thata ke go nna modiri yo o senatla.—1 Timotheo 1:11.
5 Modimo wa rona yo o senatla o nna fela a dira. Jesu o ne a bua jaana morago ga nako e telele popo ya mo lefatsheng e sena go wediwa: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong.” (Johane 5:17) Rre o ntse a dira eng? O ntse a tshwaregile a kaela le go tlhokomela batho a le kwa legodimong. O dirile “popo e ntšha,” Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba kgabagare ba tla busang le Jesu kwa legodimong. (2 Bakorintha 5:17) O ntse a dira tiro e e tla felelang ka gore maikaelelo a gagwe ka batho a diragale—gore batho ba ba mo ratang ba bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha. (Baroma 6:23) Jehofa o tshwanetse a bo a itumelela maduo a tiro eno fela thata. Batho ba le dimilione ba amogetse molaetsa wa Bogosi, ba gogwa ke Modimo mme ba baakanya matshelo a bone gore ba nne ba le mo loratong lwa gagwe.—Johane 6:44.
6, 7. Jesu o itiretse leina le le ntseng jang la go nna motho yo o dirang ka natla?
6 Jesu ga a bolo go dira ka natla. Pele ga a tla go nna motho mo lefatsheng, e ne e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo fa ba ne ba bopa dilo tsotlhe “kwa magodimong le mo lefatsheng.” (Diane 8:22-31; Bakolosa 1:15-17) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tswelela a dira ka natla. Fa a sa le mosha, o ne a ithuta tiro ya go aga mme a itsiwe e le “mmetli wa dikgong.”a (Mareko 6:3) Tiro eno e tlhoka gore motho a dire ka natla mme a nne le bokgoni jwa go dira dilo tse di farologaneng. Go ne go ntse jalo segolobogolo mo metlheng ya pele ga go nna le dišaga, mabenkele a a rekisang didirisiwa le metšhine ya motlakase. Akanya fela Jesu a tswa a ya go ipatlela dikota—gongwe a rema ditlhare a bo a goga dikota tsa teng a di isa kwa a yang go berekela teng. Akanya fela a aga matlo—a dira ditlhomeso a bo a rulela, a dira mabati, e bile gongwe a dira fanitšhara. Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a itse sentle gore tiro e e dirilweng ka bonatla e kgotsofatsa motho go le kana kang.
7 Jesu o ne a dira bodiredi jwa gagwe ka tlhoafalo e kgolo. O ne a tshwaregile thata ka tiro eno ya botlhokwa thata, ka dingwaga di le tharo le sephatlo. Ka gonne a ne a batla go bua le batho ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka teng, o ne a dira ka natla, a tsoga go sa le gale mme a rera go fitlha bosigo. (Luke 21:37, 38; Johane 3:2) O ne a tsamaya “go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 8:1) Jesu o ne a tsamaya dikgala tse ditelele thata, a tsamaya ka maoto mo ditseleng tse di dithole gore a isetse batho molaetsa wa dikgang tse di molemo.
8, 9. Jesu o ne a bona molemo jang ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla?
8 A Jesu o ne a bona molemo ka ntlha ya go dira ka natla mo bodireding? Ee! O ne a jala peo ya dithuto tsa boammaaruri kaga Bogosi, a tlogela masimo a siametse go rojwa. Go dira tiro ya Modimo go ne go naya Jesu nonofo e ntsi mo e leng gore o ne a iketleeditse gore a se ka a ja, e le gore a kgone go e dira. (Johane 4:31-38) Akanya kafa a tshwanetseng a bo a ne a kgotsofetse ka teng fa a sena go wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng mme a kgona go begela Rraagwe a re: “Ke go galaleditse mo lefatsheng, ka ke weditse tiro e o e nneileng go e dira.”—Johane 17:4.
9 Eleruri Jehofa le Jesu ke dikao tse di tlhomologileng thata tsa batho ba ba bonang molemo ka ntlha ya tiro ya bone ya bonatla. Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo re tlhotlheletsa go ‘nna baetsi ba Modimo.’ (Baefeso 5:1) Lorato lo re ratang Jesu ka lone lo re tlhotlheletsa go ‘latela dikgato tsa gagwe gaufiufi.’ (1 Petere 2:21) Jaanong a re sekasekeng kafa le rona re ka bonang molemo ka teng ka ntlha ya tiro ya rona ya bonatla.
KAFA RE KA BONANG MOLEMO KA TENG KA NTLHA YA TIRO YA RONA YA BONATLA
Go dirisa melaometheo ya Baebele go ka go thusa go bona molemo ka ntlha ya tiro ya gago ya bonatla
10, 11. Ke eng se se ka re thusang go leba tiro ya rona ka tsela e e siameng?
10 Bakeresete ba boammaaruri ba ka dira tiro ya boitshediso. Re batla go kgotsofalela tiro ya rona le go itumelela go e dira, mme seno se ka nna thata fa re sa e rate. Fa go ntse jalo, re ka kgona jang go bona molemo ka ntlha ya tiro ya rona?
11 Ka go leba dilo ka tsela e e siameng. Ka dinako tse dingwe re ka se kgone go fetola boemo jo re leng mo go jone, mme re ka kgona go fetola tsela e re lebang dilo ka yone. Go tlhatlhanya ka tsela e Modimo a lebang dilo ka yone go ka re thusa go leba tiro ka tsela e e siameng. Ka sekai, fa e le gore o tlhogo ya lelapa, akanya gore le fa tiro ya gago e ka tswa e le ya maemo a a kwa tlase go le kana kang, e dira gore o kgone go tlamela ba lelapa la gago ka dilo tsa konokono tse ba di tlhokang. Go tlhokomela baratiwa ba gago ke selo sa botlhokwa mo Modimong. Lefoko la gagwe la re motho yo o sa tlameleng ba lelapa la gagwe “o bosula go gaisa motho yo o itatotseng Jehofa.” (1 Timotheo 5:8; ntlha e e kwa tlase mo NW) Fa o lemoga gore tiro ya gago e go thusa go fitlhelela mokgele wa gago—gore o kgone go diragatsa maikarabelo a gago a o a neilweng ke Modimo—seo se ka go thusa go nna le boikutlo jwa gore o fitlheletse sengwe mme o ka kgotsofalela tiro ya gago go feta batho ba o berekang le bone.
12. Go dira ka natla le go ikanyega kwa tirong go re solegela molemo ka ditsela dife?
12 Ka go dira ka natla le go ikanyega. Go dira ka natla le go ithuta go dira tiro ya rona ka botswerere go ka re solegela molemo ka ditsela tse dintsi. Gantsi bathapi ba anaanela thata badiri ba ba dirang ka tlhoafalo le ba ba dirang ka botswerere. (Diane 12:24; 22:29) Rona Bakeresete ba boammaaruri re tshwanetse go ikanyega kwa tirong—ga re a tshwanela go utswa madi, didirisiwa kgotsa nako ya mothapi wa rona. (Baefeso 4:28) Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, go ikanyega go solegela molemo thata. Mothapiwa yo o itsegeng a ikanyega o a ikanngwa. Le fa mothapi wa rona a ka tswa a lemoga gore re dira ka natla kgotsa a sa lemoge, rona re ka kgotsofadiwa ke go nna le “segakolodi se se ikanyegang” le go itse gore re itumedisa Modimo yo re mo ratang.—Bahebera 13:18; Bakolosa 3:22-24.
13. Boitshwaro jwa rona jo bo molemo kwa tirong bo ka felela ka eng?
13 Ka go lemoga gore boitshwaro jwa rona bo ka galaletsa Modimo. Fa re itshwara sentle ka tsela ya Bokeresete kwa tirong, ruri ba bangwe ba tla lemoga. Mme seo se ka felela ka eng? Ka gore re “kgabise thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo.” (Tito 2:9, 10) Ee, boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo ka dira gore ba bangwe ba bone kafa kobamelo ya rona e leng molemo ka teng, mme seo se ka dira gore ba e rate. Akanya fela gore o ne o ka ikutlwa jang fa modirimmogo le wena a ne a ka amogela boammaaruri ka gonne a bone sekao sa gago se se molemo kwa tirong! Sa botlhokwa le go feta, akanya ka seno: A go na le sengwe se se ka go itumedisang go feta go itse gore boitshwaro jwa gago jo bo molemo bo galaletsa Jehofa e bile bo ipedisa pelo ya gagwe?—Bala Diane 27:11; 1 Petere 2:12.
GO NNA LE TEMOGO FA RE TLHOPHA TIRO
14-16. Fa re tlhopha tiro, re tshwanetse go ipotsa dipotso dife tsa botlhokwa?
14 Baebele ga e tlhalose sengwe le sengwe malebana le tiro e e amogelesegang le e e sa amogelesegeng. Seno ga se reye gore re ka amogela tiro ya mofuta mongwe le mongwe fela go sa kgathalesege gore ke ya go dira eng. Baebele e ka re thusa go tlhopha tiro e e molemo, e e nang le matswela, e e itumedisang Modimo e bile gape e ka re thusa gore re se ka ra tlhopha e e ka se mo itumediseng. (Diane 2:6) Fa re lebanwe ke go dira ditshwetso malebana le tiro ya boitshediso, re tshwanetse go sekaseka dipotso tse pedi tsa botlhokwa.
15 A go dira tiro eno ka bogone fela e tla bo e le go dira sengwe se Baebele e se kgalang? Lefoko la Modimo le kgala go utswa ka tlhamalalo, go bua maaka le go dira medingwana. (Ekesodo 20:4; Ditiro 15:29; Baefeso 4:28; Tshenolo 21:8) Re ka se tlhophe tiro epe e e ka batlang gore re dire dilo tseno. Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo ka se re letle go dira tiro epe e e tla re tlhokang gore re dire dilo tse di sa tsamaisaneng le melao ya Modimo.—Bala 1 Johane 5:3.
16 A go dira tiro eno go tla dira gore ke nne le seabe mo mokgweng mongwe o o sa siamang kgotsa ke o kgothaletse? Akanya ka sekai seno. Go bereka mo ofising ya go amogela baeng le go araba difouno ka bogone fela ga go phoso. Mme go ka nna jang fa Mokeresete a ka dira tiro eo kwa tlileniking e go ntshiwang dimpa kwa go yone? Ee, fa a dira tiro eno o tla bo a sa thuse go ntsha dimpa ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, a tiro e a tla bong a e dira koo letsatsi le letsatsi e tla bo e sa thuse gore tlileniki e go ntshiwang dimpa kwa go yone—e leng mokgwa o o sa tsamaisaneng le Lefoko la Modimo—e tswelele e dira? (Ekesodo 21:22-24) Rona batho ba ba ratang Jehofa, ga re batle go dira sepe se se amanang le mekgwa e e sa tsamaisaneng le Baebele.
17. (a) Re ka sekaseka mabaka afe fa re tlhopha tiro? (Bona lebokose le le reng “A ke Amogele Tiro Eno?”) (b) Digakolodi tsa rona di ka re thusa jang go dira ditshwetso tse di itumedisang Modimo?
17 Dikgang tse dintsi tse di malebana le tiro di ka rarabololwa ka go tlhatlhoba ka kelotlhoko dikarabo tsa dipotso tse pedi tsa botlhokwa tse di boditsweng mo serapeng 15 le 16. Gape go na le mabaka a mangwe a re tshwanetseng go a sekaseka ka kelotlhoko fa re tlhopha tiro.b Re ka se lebelele gore setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se dire melao e e tla akaretsang maemo otlhe a a ka tlhagang. Ke gone fa re tlhokang go dirisa temogo teng. Jaaka re utlwile mo go Kgaolo 2, re tshwanetse go ruta le go thapisa digakolodi tsa rona ka go ithuta kafa re ka dirisang Lefoko la Modimo ka teng mo matshelong a rona letsatsi le letsatsi. Fa re thapisitse ‘bokgoni jwa rona jwa go lemoga ka go bo dirisa,’ digakolodi tsa rona di ka re thusa go dira ditshwetso tse di tla itumedisang Modimo le tse di tla dirang gore re nne re le mo loratong lwa gagwe.—Bahebera 5:14.
GO LEBA TIRO KA TSELA E E TSHWANETSENG
18. Ke eng fa go se motlhofo go nna re leba dilo sentle ka tsela ya semoya?
18 Ga go motlhofo go nna re leba dilo sentle ka tsela ya semoya mo ‘metlheng eno ya bofelo’ ya “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Go ka nna thata tota go bona tiro le gore e se ka ya go latlhegela. Rona Bakeresete ba boammaaruri, re a itse gore go botlhokwa thata go dira ka natla gore re tlamele ba malapa a rona. Mme fa re sa nne kelotlhoko, kgatelelo ya kwa tirong kgotsa mokgwa wa lefatshe o o tshwaetsang motlhofo wa go rata dikhumo o ka kgoreletsa mekgele ya rona ya semoya. (1 Timotheo 6:9, 10) A re sekasekeng kafa re ka lebang tiro ka tsela e e tshwanetseng ka teng, ka go tlhomamisa “dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.
19. Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo ikanye ka botlalo, mme go mo ikanya jalo go re thusa go tila eng?
19 Ikanye Jehofa ka botlalo. (Bala Diane 3:5, 6.) A ga a tshwanelwe ke gore re mo ikanye jalo? Aitsane, o a re kgathalela. (1 Petere 5:7) Ke ene a itseng se re se tlhokang go re feta, mme le ka motlha ga a ke a palelwa ke go re thusa. (Pesalema 37:25) Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re reetse fa Lefoko la gagwe le re gakolola jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne [Modimo] o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’” (Bahebera 13:5) Badiredi ba bantsi ba nako e e tletseng ba iponetse ka bobone gore Modimo o kgona go naya batho dilo tsa konokono tse ba di tlhokang mo botshelong. Fa re ikanya Jehofa ka botlalo gore o a re kgathalela, re tla tila go tlhobaela ka tsela e e feteletseng ka go tlamela ba malapa a rona. (Mathaio 6:25-32) Ga re na go letla gore tiro ya rona ya boitshediso e dire gore re tlhokomologe dilo tsa semoya, tse di tshwanang le go rera dikgang tse di molemo le go nna teng kwa dipokanong.—Mathaio 24:14; Bahebera 10:24, 25.
20. Go nna le leitlho le le sa raraanang go kaya eng, mme re ka nna jang re na le lone?
20 Nna o na le leitlho le le sa raraanang. (Bala Mathaio 6:22, 23.) Go nna le leitlho le le sa raraanang go raya gore re tshele matshelo a a sa raraanang. Leitlho la Mokeresete le le sa raraanang le tsepama mo selong se le sengwe—go dira thato ya Modimo. Fa leitlho la rona le bona sentle, re ka se tshwarege thata ka go batla tiro e e duelang madi a mantsi le go batla go tshela botshelo jwa manobonobo. E bile re ka se tshwenyege thata ka go nna re batla go nna le dilo tsa sesheng le tsa maemo tse babapatsi ba batlang gore re dumele gore re ka se itumele fa re se na tsone. O ka dira jang gore o nne o na le leitlho le le sa raraanang? O se ka wa ikimetsa dikoloto tse di sa tlhokegeng. O se ka wa kgobokanya dithoto tse di tlhokang nako e ntsi thata le go tlhokomelwa. Ikobele kgakololo ya Baebele ya gore re kgotsofalele “dijo le se re ipipang ka sone.” (1 Timotheo 6:8) Leka go dira gore botshelo jwa gago bo se ka jwa raraana.
21. Ke eng fa re tshwanetse go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele, mme ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo matshelong a rona?
21 Baya dilo tsa semoya kwa pele, mme o dire gore ka metlha di tle pele. Ka gonne re ka se kgone go dira sengwe le sengwe mo botshelong, re tshwanetse go baya dilo tse di tlang pele kwa pele. Fa re sa dire jalo, dilo tse e seng tsa botlhokwa thata di ka re jela nako, mme re ka se nne le nako ya go dira dilo tsa botlhokwa. Ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo matshelong a rona? Batho ba bantsi mo lefatsheng ba tsaya matsapa a go bona thuto e e kwa godimo e le gore ba tle ba nne le ditiro tsa maemo mo tsamaisong eno. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba ‘nne ba batle pele bogosi.’ (Mathaio 6:33) Ee, rona Bakeresete ba boammaaruri re baya Bogosi jwa Modimo kwa pele mo matshelong a rona. Tsela e re tshelang ka yone—dilo tse re di tlhophang, mekgele e re e ipeelang le dilo tse re di dirang—di tshwanetse go bontsha gore dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo le go dira thato ya Modimo ke tsone dilo tsa botlhokwa mo go rona go feta dithoto kgotsa ditiro tsa boitshediso.
GO DIRA KA NATLA MO BODIREDING
Re ka bontsha gore re rata Jehofa ka go dira gore tiro ya go rera e tle pele mo matshelong a rona
22, 23. (a) Tiro ya konokono ya Bakeresete ba boammaaruri ke efe, mme re ka bontsha jang gore re tsaya tiro eno e le botlhokwa? (Bona lebokose le le reng “Tshwetso ya Me e Dirile Gore ke Itumele Ke bo Ke Kgotsofale mo Botshelong.”) (b) O ikemiseditse go dira eng malebana le tiro ya boitshediso?
22 E re ka re itse gore re tshela gaufi le bokhutlo jwa metlha ya bofelo, re nna re tlhomile mogopolo mo tirong ya konokono ya Bakeresete ba boammaaruri—tiro ya go rera le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Jaaka Motlhomasekao wa rona Jesu, re batla go nna re tshwaregile thata ka tiro eno e e bolokang matshelo. Re ka bontsha jang gore re tsaya tiro eno e le botlhokwa? Bontsi jwa batho ba Modimo ba dira tiro ya go rera ka pelo yotlhe e le baboledi ba phuthego. Bangwe ba ile ba rulaganya matshelo a bone gore ba direle e le babulatsela kgotsa barongwa. Batsadi ba bantsi ba kgothaleditse bana ba bone gore ba nne badiredi ba nako e e tletseng ka gonne ba lemoga gore mekgele ya semoya e botlhokwa. A baboledi ba Bogosi ba ba tlhagafetseng ba bona molemo ka ntlha ya tiro ya bone ya bonatla mo bodireding? Ee, go ntse jalo! Go direla Jehofa ka moya otlhe go dira gore motho a tshele a itumetse, a kgotsofetse e bile go dira gore a bone masego a se kana ka sepe.—Bala Diane 10:22.
23 Bontsi jwa rona re dirisa nako e ntsi re le kwa ditirong tsa boitshediso gore re tlamele ba malapa a rona. Gakologelwa gore Jehofa o batla gore re bone molemo ka ntlha ya tiro ya rona ya bonatla. Fa re dira gore boikutlo jwa rona le dilo tse re di dirang di dumalane le tsela e a lebang dilo ka yone le melaometheo ya gagwe, tiro ya rona e ka re kgotsofatsa. Le fa go ntse jalo, a re ikemisetseng gore le ka motlha re se ka ra letla gore tiro ya boitshediso e re iteye tsebe mo tirong ya rona ya konokono—go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Fa re dira gore tiro eno e tle pele mo matshelong a rona, re bontsha gore re rata Jehofa mme ka jalo re tla nna re le mo loratong lwa gagwe.
a Go bolelwa gore lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “mmetli wa dikgong” ke “lefoko le le akaretsang dilo tse dintsi le le kayang motho yo o berekang ka logong, a ka tswa a dira matlo kgotsa a dira fanitšhara kgotsa a dira mofuta le fa e le ofe fela wa dilo tsa logong.”
b Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya mabaka a o tshwanetseng go a sekaseka fa o batla tiro, bona Tora ya Tebelo ya April 15, 1999, tsebe 28-30, le ya January 1, 1983, tsebe 27-8 [July 15, 1982, tsebe 26 ka Seesemane.]