Kgaolo 2
Ke Eng se se Kotsi ka go Intsha le Mongwe mo Sephiring?
Jessica o ne a iphitlhela a le mo dipharagobeng. Go simologile fa Jeremy yo a leng mo tlelaseng e le nngwe le ene a simolola go mo kgatlhegela. A re: “O ne a le montle tota, le ditsala tsa me di ne di re ke mosimane yo o siameng go gaisa botlhe ba nka kopanang le bone. Basetsana ba le mmalwa ba ile ba leka go ratana le ene, mme o ne a sa ba kgatlhegele. O ne a rata nna fela.”
Go ise go ye kae, ke fa Jeremy a kopa Jessica gore a intshe le ene. Jessica o ne a mo tlhalosetsa gore e re ka e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a ka se letlwe go intsha le mongwe yo e seng wa bodumedi jwa gagwe. A re: “Jeremy o ne a tla ka leano. O ile a re, ‘Ke eng fa re sa intshe fela batsadi ba gago ba sa itse?’”
FA MONGWE yo o mo kgatlhegelang a tla ka kakantsho eo o ne o ka reng? O ka gakgamala go itse gore Jessica o ne a dumalana le leano la ga Jeremy. A re: “Ke ne ka ipolelela gore fa nka intsha le ene, ke ne nka mo ruta gore a rate Jehofa.” Go ne ga direga eng? Re tla utlwa moragonyana. Mma pele re bone kafa bangwe ba welang ka gone mo seraing sa go intsha le mongwe mo sephiring.
Lebaka La go Bo ba Go Dira
Ke eng fa bangwe ba intsha le mongwe mo sephiring? Lekawana lengwe le le bidiwang David le tlhalosa jaana ka bokhutshwane: “Ba a itse gore batsadi ba bone ga ba na go ba letla, ka jalo ba a ba lobela.” Jane o tlhalosa sengwe gape se se ka diregang. A re: “Go intsha le mongwe mo sephiring ke go tsuologa. Fa o ikutlwa e kete o sa ntse o tsewa jaaka ngwana, o ipolelela gore o tla dira se o se batlang mme o sa bolelele batsadi ba gago.”
A o ka akanya ka mabaka a mangwe a a ka dirang gore bangwe ba raelesege go intsha le mongwe mo sephiring? Fa go ntse jalo, a kwale fa tlase fano.
․․․․․
Ke boammaaruri gore, o a itse gore Baebele e go laela gore o ikobele batsadi ba gago. (Baefeso 6:1) Mme fa batsadi ba gago ba sa go letle go intsha, ba a bo ba na le mabaka a a utlwalang. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa iphitlhela o akanya jaana:
● Ke ikutlwa ke saletse kwa morago ka gonne mongwe le mongwe o na le motho yo a intshang le ene, ke nna fela ke se nang ene.
● Ke kgatlhegela mongwe yo e seng wa bodumedi jwa me.
● Nka rata go intsha le Mokeresete ka nna, le fa gone ke sa ntse ke le monnye go ka tsena mo lenyalong.
O ka tswa o itse gore batsadi ba gago ba tla reng ka mafoko a a fa godimo. Mme mo pelong o a itse gore ba nepile. Le fa go ntse jalo, gongwe o ikutlwa jaaka mosetsana yo o bidiwang Manami, yo o reng: “Kgatelelo ya go intsha le mongwe e maatla thata mo ka dinako dingwe ke ipotsang gore a tota ke tsere tshwetso e e siameng. Gompieno basha ba tsaya gore ga go kgonege gore ba ka nna fela ba sa intshe le mongwe. Mme gape, ga go monate go nna fela o le nosi!” Basha bangwe ba ba leng mo seemong seo ba ile ba simolola go intsha le mongwe mme ba lobela batsadi ba bone. Jang?
“Ba ne Ba re E Nne Khupamarama”
Mafoko a a reng “go intsha mo sephiring” ka tsela nngwe a ka raya gore o tla tshwanelwa ke go nna o bua maaka gore o kgone go tswelela o intsha mo sephiring. Bangwe ba ratana mo sephiring ka founo kgotsa ka Internet. Fa ba le mo bathong ke ditsala fela mme melaetsa e ba e romelelanang ka khomputara, ka founo ya selula le dilo tse ba di buang ka founo di bontsha gore ba a ratana.
Leano le lengwe la boferefere le bangwe ba le dirisang ke la go intsha ba le setlhopha mme moragonyana mongwe le mongwe a bo a itlhaola le motho wa gagwe. James a re: “Nako nngwe re ne ra lalediwa re le setlhopha go kopana kwa lefelong lengwe, mme ke ne ka lemoga moragonyana gore seno sotlhe e ne e le leano fela la gore bobedi bongwe bo intshe mmogo. Ba ne ba re e nne khupamarama.”
Jaaka James a bontshitse, gantsi basha ba ba intshang mo sephiring ba thusiwa ke ditsala go dira jalo. Carol a re: “Gantsi go a bo go na le tsala nngwe e e itseng ka seo mme e bo e sa bue sepe ka go bo e sa batle go rothisa mmutla madi.” Ka dinako dingwe seno se akaretsa go se ikanyege mo go feteletseng. Beth wa dingwaga di le 17 a re: “Ba le bantsi ba tswelela ba intsha mo sephiring ka go lobela batsadi ba bone kwa ba yang teng.” Misaki wa dingwaga di le 19 le ene o ne a dira sone seo. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go tla ka maanonyana gore ba se ka ba lemoga. Mme gone ke ne ke le kelotlhoko gore ke se ka ka bua maaka ape a mangwe kwantle ga a a amanang le go intsha ga me gore batsadi ba me ba tswelele ba ntshepa.”
Dikotsi Tsa go Intsha mo Sephiring
Fa e le gore o akanyetsa go intsha mo sephiring—kgotsa o setse o go dira—o tshwanetse go ipotsa dipotso tse pedi tse di latelang:
Selo seno se ke se dirang se tla felela kae? A o ikaeletse go nyalana le motho yoo mo bogautshwaneng? Evan wa dingwaga di le 20 a re: “Go intsha lo sa ikaelela go nyalana go tshwana le go phasalatsa selo se o sa ikaelelang go se rekisa.” Seo se ka felela ka eng? Diane 13:12 ya re: “Tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” A tota o batla go bobodisa pelo ya mongwe yo o mo ratang? Tlhagiso e nngwe: Go intsha mo sephiring go tla go amoga kgakololo e e lorato e batsadi ba gago le bagolo ba bangwe ba ba go ratang ba neng ba ka go naya yone. Fa o dira jalo, o ipaya mo kotsing ya go wela mo seraing sa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.—Bagalatia 6:7.
Jehofa Modimo o ikutlwa jang ka se ke se dirang? Baebele ya re: “Dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Ka jalo, fa e le gore o fitlha go intsha ga gago le mongwe—kgotsa ga tsala ya gago—Jehofa o setse a itse ka gone. Fa e le gore seo se ntse se akaretsa gore o bue maaka, ruri o na le lebaka le le utlwalang la go tshwenyega ka gone. Jehofa Modimo o tlhoile maaka. Ee ruri, “loleme lo lo maaka” ke sengwe sa dilo tse di tlhalosiwang mo Baebeleng tse a di ilang!—Diane 6:16-19.
Go Fedisa Sephiri
Ruri o tla bo o dira sentle fa o ka bolelela batsadi ba gago kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng gore o intsha le mongwe mo sephiring. Mme fa e le gore tsala ya gago e intsha le mongwe mo sephiring, o se ka wa thusana le ene go bipa sephiri seo. (1 Timotheo 5:22) Akanya fela gore o tla ikutlwa jang fa thatano eo e ka felela ka mathata! A o ne o tla bo o se molato ka tsela nngwe?
Ka sekai: A re re tsala nngwe ya gago e na le bolwetse jwa sukiri mme e ja dilo tse di botshe mo sephiring. O ne o tla dira eng fa o ka lemoga seno, mme tsala ya gago e bo e go kopa gore o se ka wa bolelela ope? Ke eng se o neng o tla amega thata ka sone—go fitlha se tsala ya gago e se dirang kgotsa go tsaya kgato e e ka namolang botshelo jwa gagwe?
Go ntse fela jalo fa o itse gore mongwe yo o mo itseng o intsha le mongwe mo sephiring. O se ka wa tshwenngwa ke gore botsala jwa lona bo ka nna jwa senyegela ruri. Fa e le gore ke tsala ya boammaaruri, fa go ntse go ya o tla lemoga gore tota o ne o batla go mo thusa.—Pesalema 141:5.
A ke Sephiri Kgotsa ke Fela Gore ga lo Ise lo Batle go Itsege?
Ke boammaaruri gore, ga se gore ka dinako tsotlhe fa batho ba intsha mo sephiring ba a bo ba dira seo gonne ba batla go tsietsa. Ka sekai, gongwe lekau le lekgarebe ba batla go itsane botoka mme ga ba ise ba batle gore batho ba itse ka seno ka nakwana. Gongwe, jaaka fa lekawana lengwe le le bidiwang Thomas le tlhalosa, “ga ba batle go botsakakwa dipotso tse di jaaka, ‘Kana lo nyalana leng?’”
Kgatelelo e e sa tlhokegeng go tswa mo bathong ba bangwe ga e a siama. (Sefela sa Difela 2:7) Ka jalo, fa batho ba simolola go ratana ba ka nna ba dira tshwetso ya gore ba se ka ba itlhaganelela go bolelela batho ba bangwe. (Diane 10:19) Anna wa dingwaga di le 20 a re: “Seno se naya bobedi jono tshono ya go tlhomamisa pele gore a ba tswelele ka thatano ya bone. Fa ba swetsa ka gore ba tswelele, ke gone ba ka itsiseng batho ba bangwe.”
Mme gone, go tla bo go le phoso go fitlhela batho ba ba nang le tshwanelo ya go itse, ba ba jaaka batsadi ba gago kgotsa batsadi ba motho yo o intshang le ene. Fa o sa batle batho ba bangwe ba itse ka go intsha ga gago le mongwe, o tshwanetse go ipotsa gore ke ka ntlha yang fa o sa batle ba itse. A e ka tswa e le ka gonne o itse sentle gore batsadi ba gago ba tla nna le mabaka a a utlwalang a go gana?
“Ke ne Ke Itse se ke Tshwanetseng go se Dira”
Jessica, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a fetola mogopolo ka kgang ya go intsha le Jeremy mo sephiring fa a sena go utlwa ka se se diragaletseng Mokeresete mongwe yo le ene a neng a intsha mo sephiring. Jessica a re: “Fa ke sena go utlwa kafa a fedisitseng thatano ya bone ka gone, ke ne ke itse se le nna ke tshwanetseng go se dira.” A go ne go le motlhofo gore a fedise thatano eno? Nnyaa! Jessica a re: “E ne e le ene fela mosimane yo ke neng ke mo rata. Go ne ga feta dibeke di le mmalwa ke lela letsatsi le letsatsi.”
Le fa go ntse jalo, Jessica o ne a rata Jehofa. Le mororo a ile a fapoga go se kae, tota o ne a batla go dira se se siameng. Fa go ntse go ya, kutlobotlhoko ya gagwe e ne ya kokobela. Jessica a re: “Jaanong kamano ya me le Jehofa e tokafetse thata go feta pele. Ruri ke leboga go bo a re naya kaelo e re e tlhokang ka nako e e tshwanetseng!”
O setse o siametse go intsha le mongwe, mme o bone mongwe yo o mo ratang. Mme gone, o ka itse jang gore a motho yoo o go siametse?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.
KAKANTSHO
Ga o tlhoke go bolelela mongwe le mongwe ka thatano ya lona. Mme gone, o tshwanetse go bolelela batho ba ba nang le tshwanelo ya go itse. Gantsi batho bano ba akaretsa batsadi ba gago le batsadi ba motho yo o intshang le ene.
A O NE ITSE GORE . . . ?
Kamano e e nnelang ruri e ikaegile ka go tshepana. Go intsha le mongwe mo sephiring go tla dira gore batsadi ba gago ba se ka ba tlhola ba go tshepa e bile go ka koafatsa motheo wa botsala jwa gago le motho yo o intshang le ene.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke intsha le Mokeresete ka nna mo sephiring, ke tla ․․․․․
Fa tsala ya me e intsha le mongwe mo sephiring, ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Akanya gape ka maemo a mararo a a kwadilweng ka ditlhaka tse di bontsho jo bo tseneletseng mo tsebeng ya 22. A mo go one go na le a a tlhalosang kafa o tleng o ikutlwe ka teng ka dinako dingwe?
● O ka dira eng ka kgang eo ntle le gore o intshe le mongwe mo sephiring?
● Fa o ne o itse gore tsala ya gago e intsha le mongwe mo sephiring, o ne o tla dira eng ka seo, mme ke eng fa o ne o ka tlhopha go dira jalo?
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
‘‘Ke ne ka kgaotsa go intsha mo sephiring. Ee, go ne go nkutlwisa botlhoko go nna ke bona mosimane yono ka metlha kwa sekolong. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o kgona go bona maemo otlhe le ditlamorago tsa one mme rona ga re kgone. Se re tshwanelwang ke go se dira fela ke go mo ikanya.’’—Jessica
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go fitlha gore tsala ya gago e intsha le mongwe mo sephiring go tshwana le go fitlha gore motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa sukiri o ipolaisa dijo tse di botshe