Kgaolo 26
Nka Laola Maikutlo A me Jang?
O AKANYANG—a molelo o molemo kgotsa o kotsi? Gongwe o tla re karabo e ikaegile ka maemo a motho a leng mo go one. Mo bosigong jo bo tsididi jwa mariga dikgong tse di tukang mo molelong di ka go thuthafatsa. Mme seo ke selo se se molemo. Le fa ntse jalo, fa molelo o sa laolwe, malakabe a one a ka anama ka bonako mme a laila ntlo yotlhe. Mme seo se kotsi.
Go ntse jalo le ka maikutlo. Fa o a laola a ka go solegela molemo, a go thusa go nna le ditsala. Fa o sa a laole, a ka baka mathata, e seng fela mo go wena mme le mo bathong ba bangwe.
E re ka o sa ntse o le mosha, ka dinako dingwe o ka nna wa ikutlwa o fekeediwa ke kgalefo le khutsafalo. O ka laola maikutlo ano jang? A re bue ka one ka bongwe ka bongwe.
Go Laola Bogale
Ga go motlhofo go laola maikutlo fa o utlwisitswe botlhoko. Bangwe fa ba utlwisitswe botlhoko jalo ga ba kgone go nna le boikgapo. Tota e bile Baebele e bua ka batho ba ba “tlwaetseng go nna bogale” le ba ba “sekametseng mo tšararegong.” (Diane 22:24; 29:22) Eno ke kgang e e masisi. Fa motho a sa laole kgalefo ya gagwe, a ka dira dilo tse morago a tla di ikwatlhaelang. Ka jalo, o ka laola maikutlo a gago jang fa o tshwerwe makgwakgwa?
Sa ntlha, sekaseka maemo sentle mme o bone gore a o ka se rarabolole bothata joo mo pelong.a (Pesalema 4:4) Se lebale gore go ipusolosetsa go ka gakatsa dilo. (1 Bathesalonika 5:15) Fa o sena go akanyetsa kgang eno sentle le go rapela ka yone, o ka nna wa fitlhela gore o kgona go se itetle go nna o kgopisegile. Fa o sena go dira jalo, seo se tla fokotsa tsela e kgang eno e go amileng ka yone.—Pesalema 37:8.
Mme go tweng fa kutlobotlhoko ya gago e sa fokotsege? Baebele ya re go na le “nako ya go didimala le nako ya go bua.” (Moreri 3:7) A o ka kgona go bua le motho yo o go utlwisitseng botlhoko? Fa o bona go se botlhale go dira jalo, o ka solegelwa molemo ke go bua le batsadi ba gago kgotsa tsala nngwe e e godileng sentle semoyeng o tlhalosa kafa o ikutlwang ka teng. Fa mongwe a go tlhorontsha ka boomo, dira maiteko a a kgethegileng a go nna pelonomi mo mothong yoo. Tšhate e e mo go tsebe 221 e ka go thusa go akanya ka ditsela tse dingwe tse o ka itshwarang ka tsone mo maemong a go fitlha jaanong a sa ntseng a dira gore o galefe.
Leka ka bojotlhe go kopa Jehofa ka thapelo gore a go thuse go se tshwarele motho yo o go utlwisitseng botlhoko sekgopi. Gakologelwa gore: Le fa o ka se kgone go fetola se se diregileng, o ka kgona go fetola tsela e o tsibogelang seo ka yone. Fa o itetla go nna ka sekgopi, o tla tshwana le tlhapi e e tshwerweng ka sekgoge e e sa kgoneng go ikgolola. O a bo o letla motho yo mongwe go laola maikutlo a gago le tsela e o akanyang ka yone. A ga go botoka fa e nna wena o laolang dilo?—Baroma 12:19.
Go Itshokela Kutlobotlhoko
Laura wa dingwaga di le 16 a re: “Bosheng jaana ke tenegatenega fela e bile ke nnela go itshwayatshwaya diphoso. Ga ke itumelele botshelo. Ke lela gore ke bo ke robale.” Jaaka Laura, basha ba le bantsi ba ikutlwa ba imetswe ke dikgatelelo tsa botshelo. Go tweng ka wena? Dilo tse batsadi, ditsala le barutisi ba go batlang tsone; diphetogo tsa mmele le tsa maikutlo tsa bosha; kgotsa go ikutlwa o se motho wa sepe ka ntlha ya makoa mangwe a a sa reng sepe a o nang le one—dilo tseno tsotlhe di ka dira gore o ikutlwe o sulafaletswe.
Basha bangwe ba feleletsa ba ikgobatsa go leka go ikimolola khutsafalo eno.b Fa e le gore le wena o dira jalo, leka go lemoga lebaka la seo. Ka sekai, gantsi batho bangwe ba leka go lebana le bothata bongwe jo bo ba ngomolang pelo ka go ikgobatsa. A go ka tswa go na le maemo mangwe—gongwe a a amang lelapa la gaeno kgotsa tsala—a a go ngomolang pelo?
Tsela nngwe e e molemo go gaisa ya go lebana le go ngomoga pelo ke go bua le motsadi wa gago kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng sentle mo phuthegong yo a ka itshupang e le motho “yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Liliana wa dingwaga di le 16, o ne a buisana le bokgaitsadi bangwe ba ba godileng ba Bakeresete ka bothata jwa gagwe. A re: “Kgakololo ya bone e molemo ka gonne ba le bagolo mo go nna. Ba ile ba nna ditsala tsa me.”c Dana wa dingwaga di le 15 a re go oketsa seabe sa gagwe mo bodireding jwa Bokeresete go ne ga mo thusa go ikutlwa a imologile go se kae. A re: “E ne ya nna tshwetso e e molemo go gaisa tsotlhe tse ke neng nka di dira. Tota e bile, e ne ya nna nako e e itumedisang go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me!”
Sa botlhokwa le go feta, fa o utlwile botlhoko e bile o ngomogile pelo o se ka wa kgaotsa go rapela. Mopesalema Dafide yo o neng a lebana le mathata a magolo o ne a re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Jehofa o itse kafa o bogang ka teng. Mo godimo ga moo, ‘o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Fa pelo ya gago e go bona molato, se lebale gore ‘Modimo o mogolo go feta pelo ya gago e bile o itse dilo tsotlhe.’ (1 Johane 3:20) O tlhaloganya go go feta lebaka la go bo o ngomogile pelo mme a ka kgona go tlosa mathata a o nang le one a maikutlo.
Fa kutlobotlhoko ya gago e tswelela ka lobaka lo loleele, go ka direga gore o tshwerwe ke bolwetse bongwe, jo bo jaaka jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.d Fa go le jalo, go ka nna molemo gore o bone ngaka. Go itlhokomolosa seo go ka tshwana le go oketsa modumo wa radio ya koloi gore o se ka wa utlwa modumo wa enjene e e kgwetlhang. Go botoka go tsaya kgato ka bothata joo. Tota ga o a tshwanela go tlhabisiwa ditlhong ke bothata jwa gago. Basha ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong le malwetse a mangwe a a tsamaisanang le gone ba thusiwa ke go bona ngaka.
Se lebale gore maikutlo a gago a tshwana le molelo. Fa o a laola a ka go solegela molemo; mme fa o sa a laole a ka baka mathata. Leka ka natla go a laola. Ke boammaaruri gore, ka dinako dingwe o ka nna wa bua kgotsa wa dira dilo tse moragonyana o ka di ikwatlhaelang. Mme gone nna pelotelele. Fa go ntse go ya o tla kgona go ithuta go laola maikutlo a gago e seng gore e nne one a go laolang.
A o na le maikutlo a gore ga o a tshwanela go dira diphoso? Fa go le jalo, o ka dira eng go ithuta go amogela makoa a gago?
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa o tshwarwa makgwakgwa ka go kgerisiwa, bala Kgaolo 14 ya buka eno go bona dikakantsho tsa kafa o ka lebanang le boemo joo ka teng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa tsala ya gago e go galefisitse, o ka nna wa thusiwa ke tshedimosetso e e mo go Kgaolo 10.
b Batho ba ba ikgobatsang ba ikutlwisa botlhoko ka boomo ka ditsela tse di farologaneng tse di jaaka go itshegaka, go iphisa, go iketeka kgotsa go itlobola letlalo.
c Fa o sa kgone go bua le mongwe lo lebane, o ka nna wa leka go mo kwalela lekwalo kgotsa go bua le ene ka founo. Go bulela mongwe mafatlha gantsi ke kgato ya ntlha e e ka go thusang go ikutlwa botoka fa o ngomogile pelo.
d Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, bona Bolumo ya 1, kgaolo 13.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.”—Baroma 12:21.
KAKANTSHO
Letsatsi lengwe le lengwe bolelela batsadi ba gago sengwe se se molemo se se go diragaletseng—le fa se ka tswa se le sennye. Fa o dira jalo, go tla nna motlhofo go bua le bone fa o nna le mathata a a masisi. Mme ba tla go reetsa.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Fa o tima mmele dijo tse di siameng e bile o sa ikhutse sentle, o ka nna wa se ka wa kgona go laola maikutlo a gago.
SE KE SE IKAELETSENG!
Bothata jwa maikutlo jo ke fitlhelang go le thata go bo lwantsha ke ․․․․․
Ke tla lebana le bothata jono jwa maikutlo ka go ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa Modimo a sa itumedisiwe ke kgalefo e e sa laolweng?
● Go palelwa ke go laola kgalefo go ka go utlwisa botlhoko ka ditsela dife?
● Ke eng se se ka go thusang go itshokela kutlobotlhoko?
[Mafoko a a mo go tsebe 223]
“Selo se se neng sa nthusa thata e ne e le go itse gore go na le mongwe yo o amegang ka nna, gore go na le mongwe yo ke neng nka bua le ene fa ke tshwenyegile thata mo maikutlong.’’—Jennifer
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 221]
Tsebe ya go Kwalela Dintlha
Laola Kgalefo ya Gago Tlatsa tšhate eno
Se o se dirilweng go phamoga ka bogale tsela e e botoka ya go
tsiboga
Mongwe yo ke tsenang sekolo → Ke a mo Ke a mo itlhokomolosa, →
le ene o nkgoba ka mafoko tlhapatsa ke mmontsha gore
ga ke na ke letla
a nkgalefisa
Nnake o ne a “ikadima” → Ke ipusolosetsa ka go→ ․․․․․
ditlhako tsa me tse ke di “ikadima”
ratang thata sengwe sa gagwe
Batsadi ba me ba nkotlhaya → ․․․․․ → ․․․․․
ka go mpeela dithibelo
[Setshwantsho mo go tsebe 220]
Motho yo o nnang ka sekgopi, o tshwana le tlhapi e e tshwerweng ka sekgoge—o a bo a laolwa ke motho yo mongwe