Kgaolo 27
Ke Eng Fa ke Na le Maikutlo a Gore Ga ke A Tshwanela go Dira Diphoso?
A o betwa ke pelo fa o sa bone maduo a o neng o a lebeletse mo ditlhatlhobong?
□ Ee
□ Nnyaa
Fa mongwe a go tshwaya phoso ka tsela epe fela, a o nna le maikutlo a gore ga o kgone go dira sepe sentle?
□ Ee
□ Nnyaa
A o go fitlhela go le thata go dira ditsala kgotsa go tswelela o na le tsone ka gonne go se ope yo o kgonang go dira dilo ka tsela e o e batlang?
□ Ee
□ Nnyaa
FA E le gore o arabile nngwe ya dipotso tse di fa godimo ka ee, o ka tswa o na le bothata jwa go se batle go dira diphoso. O ka nna wa botsa jaana, ‘A mme gone go phoso go se batle go dira diphoso?’ Nnyaa. Baebele e tlotlomatsa monna yo “o setswerere mo tirong ya gagwe.” (Diane 22:29) Mme motho yo o nang le bothata jono ene o feteletsa dilo.
Ka sekai, Jason yo o nang le dingwaga di le 19 a re: “Mo ngwageng wa me wa bofelo wa sekolo, ke ne ke na le maikutlo a gore fa ke sa bone maduo a ke neng ke a batla, ke ne ke se moithuti yo o molemo. Gape ke tshameka piano, mme ke ne ke batla go e tshameka jaaka mankge wa piano.”
Bothata jono bo ka ama le kobamelo ya motho. Akanya ka se se ka diragalelang mosha yo ka metlha a tsewang e le sekao. E re ka a tlhomilwe matlho ka metlha a ka nna a ikutlwa e kete o tsamaya mo godimo ga kgole mme mongwe le mongwe o lebile kgato nngwe le nngwe e a e tsayang. Ke boammaaruri gore, Bakeresete botlhe ba bagolo le ba bannye ba solegelwa molemo ke dikai tse di molemo mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, go batla go nna motho yo o se nang diphoso, go ka dira gore mosha a se ka a tlhola a itumelela go direla Modimo. Fa seno se direga, mosha o tlhoka thuso. Mme gone, a ka nna a se ka a kopa thuso, a tshaba gore o tla swabisa ba ba mo tseelang kwa godimo. A ka nna a ba a latlhela seditse gotlhelele a ipolelela gore, ‘fa ke sa kgone go tshela jalo ke sena diphoso, go thusang?’
Go Lwa le Maikutlo a go Batla go Nna o sa Dire Diphoso
Motho yo o nang le maikutlo ano o lwa le kgopolo e e phoso ya gore ga a tshwanela go dira diphoso. Mme gone kgopolo eo ga e a siama. Baebele ya re: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ga go kgonege gore ope fela wa rona a nne a sa dire diphoso gotlhelele. Tota e bile go nna le boikutlo joo, go tshwana le go akanya gore o ka kgona go fofa. Le fa o ka tswa o na le boikutlo jwa gore o ka kgona go fofa, seo ga se kgonege!
O ka dira jang gore boikutlo jwa go se batle go dira diphoso bo se ka jwa laola botshelo jwa gago? Leka dikakantsho tse di latelang:
Fetola tsela e o lebang “katlego” ka yone. A o ikimetsa ka go leka go dira dilo ka tsela ya go gaisa batho botlhe? Baebele e bontsha gore go dira jalo go tshwana fela le go “lelekisa phefo.” (Moreri 4:4, Today’s English Version) Boammaaruri ke gore, ke batho ba sekae fela ba ba kgonang go dira dilo ka tsela e e “gaisang” batho botlhe. Tota le fa motho a ka kgona go dira jalo, go ise go ye kae go nna le mongwe yo o kgonang go dira selo seo go mo gaisa. Go atlega go kaya go dira bojotlhe jwa gago—e seng go leka go gaisa motho yo mongwe.—Bagalatia 6:4.
Leba dilo sentle. Se o se lebeletseng mo go wena se tshwanetse go tsamaisana le bokgoni le ditlhaelo tsa gago. Go batla go dira dilo tse di fetang tse o ka di kgonang e ka nna sesupo sa go itseela kwa godimo—le e leng go ikgantsha. Moaposetoloi Paulo o gakolola jaana: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.” (Baroma 12:3) Ka jalo, leba dilo sentle. Fetola tsela e o lebang se o se solofetseng mo go wena ka yone. Lwela go dira bojotlhe jwa gago e seng go batla go se dire diphoso.
Se tseye dilo masisi thata! Leka go dira dilo dingwe tse o sa kgoneng go di dira sentle, tse di jaaka go tshameka seletswa sa mmino. Ke boammaaruri gore, o tlile go nna o dira diphoso. Le fa go ntse jalo, leka go leba diphoso tsa gago ka tsela e sele. Baebele ya re go na le “nako ya go tshega.” (Moreri 3:4) Ka jalo, ithute go se tseye dilo masisi thata! Go dira jalo go tla go thusa go lemoga gore re ithuta ka diphoso. Ke boammaaruri gore, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go amogela gore o dira diphoso. Mme gone, leka ka natla go se itetle go nna le dikakanyo tsa go itshwayatshwaya diphoso mo mogopolong.
Ka metlha se lebale gore Jehofa ga a lebelela gore re nne re sa dire diphoso; o batla fela gore re ikanyege mo go ene. (1 Bakorintha 4:2) Fa o leka ka natla go nna o ikanyega, o ka kgona go itumelela se o leng sone—tota le fa o na le go dira diphoso.
Go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang go setse go aname thata gompieno. O ka tila jang mokgwa ono? Go tweng fa o kgatlhegela batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gago?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Gonne ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe.”—Moreri 7:20.
KAKANTSHO
Akanya ka tiro nngwe e o ntseng o sa e dire fela ka gonne o ntse o tshaba gore o ka nna wa se ka wa e dira sentle. Go tswa foo, ipeele letsatsi le o batlang go e fetsa ka lone.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Jehofa o itekanetse, mme fa a dirisana le batho ba ba sa itekanelang ga a lebelele gore ba nne ba sa dire diphoso. Ga se fela gore o lemoga makoa a rona mme gape o a re akanyetsa.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa ke itshwaya diphoso ka tsela e e feteletseng, ke tla ․․․․․
Fa ke nnela go tshwaya ba bangwe diphoso ka tsela e e feteletseng, ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● O na le go ipeela mekgele e e kwa godimo thata mo dilong dife?
● Ke ditemana dife mo Baebeleng tse di bontshang gore Jehofa Modimo ga a lebelela gore batlhanka ba gagwe ba nne ba sa dire diphoso?
● Ke eng fa batho ba bangwe ba ka go katoga fa o na le maikutlo a go se batle go dira diphoso?
● Mo nakong e e tlang, o tla itshwara jang fa o dira diphoso?
[Mafoko a a mo go tsebe 226]
Go dira bojotlhe jwa gago le go nna le maikutlo a go batla go nna o sa dire diphoso ke dilo tse pedi tse di farologaneng; sengwe se siame mme se sengwe ga se a siama.’’—Megan
[Lebokoso mo go tsebe 228]
Ditsala le Maikutlo A go Se Batle go Dira Diphoso
A o kgaphela batho ba bangwe kwa thoko ka gonne ba sa kgone go dira se o se lebeletseng mo go bone? Kgotsa a batho ba ba molemo ba tila go itsalanya le wena ka gonne ba ikutlwa gore ga ba kgone go fitlhelela dilo tse o di lebeletseng mo go bone? Baebele e re gakolola jaana: “O se ka wa siama ka tsela e e feteletseng, le fa e le go itshupa o le botlhale ka tsela e e feteletseng. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ipakela tshenyego?” (Moreri 7:16) Tsela nngwe e motho yo o nang le maikutlo a go se batle go dira diphoso a ipakelang tshenyego ka yone ke go kgaphela kwa thoko batho ba e neng e ka nna ditsala tse di molemo. Mosha mongwe yo o bidiwang Amber a re: “Ga go ope yo o batlang go itsalanya le batho ba ba dirang gore a ikutlwe a inyatsa, ke ile ka bona batho bangwe ba ba nang le maikutlo a go se batle go dira diphoso ba latlhegelwa ke ditsala tse di molemo ka ntlha ya dilo tse di sa reng sepe.”
[Setshwantsho mo go tsebe 229]
Go nna le maikutlo a go se batle go dira diphoso go tshwana fela le go leka go fofa