Pina 3
“Modimo ke Lorato”
E e Gatisitsweng
1.Modimo o a re rata,
Mme o kopa re mo’etse.
Fa re etsa ’rato lwa ’gwe,
Re tla mo ipedisa.
Fa re rata Jah le batho;
Re a mo tlotlomatsa.
Rato ke nonofo e ntle.
’Rato ke lwa Modimo.
2. ’Rato lo’a re tlhotlheletsa;
Lo re dira molemo.
Fa re leka ka bojotlhe;
Jah wa re segofatsa.
Lorato ga lo lefufa;
Lorato lo boitsheko.
A re rateng bakaulengwe.
A re ba rateng tota.
3. A kgalefo e se laole;
Re laolwe ke lorato.
Modimo o tla re goga;
Ka ditaelo tsa gagwe.
Fa re rata Jah le batho,
Re tla mo ipedisa.
’A re bontshaneng lorato,
Lorato lwa Modimo.
(Bona le Mar. 12:30, 31; 1 Bakor. 12:31–13:8; 1 Joh. 3:23.)