Pina 9
Bakang Jehofa, Modimo wa Rona!
E e Gatisitsweng
1. Bakang Jah! Modimo’a rona!
Itsiseng ’ina la gagwe!
Tlhagisang! Ka tsa tsi la ’gwe,
Gonne tsatsi leo le gaufi.
Jaanong eno ke nako ya gore
Jesu’a buse e le Kgosi.
Itsiseng botlhe Dikgang tseno tsa masego
A ga Jehofa!
(KHORASE)
Bakang Jah! Modimo’a rona!
Itsiseng bogolo jwa gagwe!
2. Bakang Jah! Goeletsang gotlhe!
Ka boitumelo, goeletsang!
Re mmake, ka pelo yotlhe,
Gonne ruri Jah o molemo.
O boikobo, o molemo,
Le ’tiro tsa ’gwe di dikgolo.
O tla re bontsha lorato le bomolemo
Fa re mo kopa.
(KHORASE)
Bakang Jah! Modimo’a rona!
Itsiseng bogolo jwa gagwe!
(Bona le Pes. 89:27; 105:1; Jer. 33:11.)