Pina 77
Lo Itshwarelane
E e Gatisitsweng
1. Ka ’rato Jehofa
o ne a ntsha Morwawe
Gore a re swele rotlhe
le go re fa botshelo.
Ruri fa re ikwatlhaya,
o tla re itshwarela
Fa re kopa ka leina
la ga Jesu Kresete.
2. Fa re etsa Mmopi
o tla re itshwarela
Fa re’itshwarela ba bangwe,
re ba bontsha lorato.
Re sa boloke sekgopi,
mme re ba itshokela;
Gape re bontsheng le tlotlo,
le ’rato lo logolo.
3. Kutlwelobotlhoko
ke nonofo’e molemo.
E re thusa go nna batho
ba ba ratang kagiso.
A re rateng bakaulengwe,
fela jaaka Jehofa,
A re etseng Mmopi’a rona;
ka go itshwarelana.
(Bona le Math. 6:12; Baef. 4:32; Bakol. 3:13.)