Pina 18
Lorato lo lo Ikanyegang Lwa Modimo
1. Modimo’o lorato.
O re bontshitse ’rato.
O re neile Morwawe,
Go ntsha ’tshelo jwa gagwe,
Gore re bone tshiamo,
Boipelo le botshelo.
(KHORASE)
Heelang tlhee, ba nyorilweng,
Tlang metsing a botshelo.
Nwang lona ba nyorilweng;
Bonang tshiamo ya Jah.
2. Modimo’o lorato.
’Tiro tsa ’gwe di’a bontsha.
O re bontshitse ’rato,
Ka go romela Morwa
A mo naya Bogosi.
Gore a bu se gotlhe.
(KHORASE)
Heelang tlhee, ba nyorilweng,
Tlang metsing a botshelo.
Nwang lona ba nyorilweng;
Bonang tshiamo ya Jah.
3. Modimo’o lorato.
Le rona a re rateng.
Re thuseng batho botlhe,
Gore ba batle tshiamo.
Mme re itsiseng botlhe,
Gore Jah wa gomotsa.
(KHORASE)
Heelang tlhee, ba nyorilweng,
Tlang metsing a botshelo.
Nwang lona ba nyorilweng;
Bonang tshiamo ya Jah.
(Bona le Pes. 33:5; 57:10; Baef. 1:7.)