Pina 22
“Jehofa ke Modisa wa Me”
1. Jehofa modisa wa me;
Ga nkitla ke boifa.
Gonne o tlhokomela dinku,
Ga a lebale epe.
Ke motswedi wa botshelo,
O ntapolosa moya.
O kaela metsamao ya me,
Ka ntlha ya leina la ’gwe.
O kaela metsamao ya me,
Ka ntlha ya leina la ’gwe.
2. Fa nka lebana le loso,
Ga ke boife sepe.
Gonne Jehofa o na le nna;
O mphalotsa dikotsing.
O ntlotsa ka leo kwane;
O tlatsa ’nwelo sa me.
O tla mpontsha lorato lwa ’gwe,
Ke tla nna mo ntlong ya ’gwe.
O tla mpontsha lorato lwa ’gwe,
Ke tla nna mo ntlong ya ’gwe.
3. Modisa’a me o lorato!
Ke tla mmaka ka pina.
Ke tla itsise dinku tsa ’gwe,
Gore Jah o molemo.
Ke tla reetsa ’ntswe la gagwe,
Ke latele tsela’a ’gwe.
Ke tla’itumelela go dira,
Thato’a gagwe ka metlha.
Ke tla’itumelela go dira,
Thato’a gagwe ka metlha.
(Bona le Pes. 28:9; 80:1.)