Pina 37
Dikwalo—Di Tlhotlheleditswe ke Modimo
E e Gatisitsweng
1. ’Foko la Jah ke ’sedi,
Ruri le’a re kaela.
Fa re le reetsa ka metlha,
Ruri le tla re golola.
2. ’Foko la ga Jehofa,
Ruri le a re ruta.
Le re thusa mo botshelong,
Gape le a re kgalema.
3. ’Foko le la Modimo,
Le re ruta ka Mmopi.
Fa re le bala ka metlha,
Jah o tla re fa botshelo.
(Bona le Pes. 119:105; Dia. 4:13.)