Pina 65
“Tsela ke E”
1. Go na le tsela,
Ke tsela ya kagiso.
Re ithutile yone,
Go tswa Baebeleng.
Jesu le ene
O rutile tsela eo;
Ke ya kagiso,
E tswa Lefokong la Jah.
(KHORASE)
Tsela ke e, ke Tsela’a botshelo.
Se fapoge; tsamaya ka yone!
Jah o ntse a re: ‘Tsela ke E;
Se gadime, Tsela ke yone E.’
2. Go na le tsela,
ke Tsela ya lorato.
Re’e bontshitswe ke Jah;
Gore re mo itse.
O lorato mme
o tletse Bomolemo.
Ke tsela ya lorato;
Rotlhe ra’e batla.
(KHORASE)
Tsela ke e, ke Tsela’a botshelo.
Se fapoge; tsamaya ka yone!
Jah o ntse a re: ‘Tsela ke E;
Se gadime, Tsela ke yone E.’
3. Go na le tsela,
ke Tsela ya botshelo.
Ruri tsela eno
Ke tsela’e molemo,
Tsela ya kagiso,
Tsela ya lorato.
Ke tsela’a botshelo,
A re lebogeng Jah.
(KHORASE)
Tsela ke e, ke Tsela’a botshelo.
Se fapoge; tsamaya ka yone!
Jah o ntse a re: ‘Tsela ke E;
Se gadime, Tsela ke yone E.’
(Bona le Pes. 32:8; 139:24; Dia. 6:23.)