Pina 72
Go Lwela go Nna le Lorato
E e Gatisitsweng
1. A re rapeleng Jah ka metlha,
Re etseng dinonofo tsa ’gwe.
Mme ruri se’e leng sa botlhokwa,
Ke lorato lo a lo bontshang.
Tota le fa re ka tlhalefa,
Ga re sepe kwantle ga ’rato.
Fare lwela go nna le ’rato,
Re tla ipedisa Jehofa.
2. Fa re ruta dinku tsa ga Jah,
Re diriseng ’Foko la gagwe.
Mme gape re di bontsheng ’rato,
Fa re di fepa ka Dikwalo.
Lorato lo pelotelele,
Lo itshokela dilo tsotlhe.
Lemo dinakong tsa mathata,
Lorato ga lo ke lo fela.
(Bona le Joh. 21:17; 1 Bakor. 13:13; Bagal. 6:2.)