Pina 132
Pina ya Phenyo
E e Gatisitsweng
1. Opelelang Jah. Tlotlomatsang leina la gagwe.
O bolaile Faro le batlhabani ba ’gwe.
Bakang Jehofa; Ke’e ne fela Mothatayotlhe.
Ga’a tshwane le ope; O bone phenyo yotlhe.
(KHORASE)
Modimo Jah, Mothatayotlhe,
O ntse’o le gone ka bosakhutleng.
O tla fedisa baba ba gago,
O’itshepise leina la ’go.
2. Ditšhaba tsotlhe tse di lwantshanang le Jehofa,
O tlile go di senya le fa di le maatla.
Ba tla nyelela; Kwa ntweng ya Haramagedona.
Botlhe ba tla itse fa Jehofa’e le Kgosi.
(KHORASE)
Modimo Jah, Mothatayotlhe,
O ntse’o le gone ka bosakhutleng.
O tla fedisa baba ba gago,
O’itshepise leina la ’go.
(Bona le Pes. 2:2, 9; 92:8; Mal. 3:6; Tshen. 16:16.)