Pina 62
Mong wa Rona ke Mang?
E e Gatisitsweng
1. Mong wa gago ke mang?
Ke mang yo o mo utlwang?
Ke ene yo’o mo ikobelang.
Ene yo o mo direlang.
O ka se direle;
Medimo e mebedi,
Mme wa ba rata ka go lekana.
Seo se ka se kgonege.
2. Mong wa gago ke mang?
Ke mang yo o mo utlwang?
Gona le Modimo wa nnete,
Yo mongwe ga se wa nnete.
A o tla ineela
Mo mmusing wa lefatshe?
Ka na o tla ikobela Mmopi
O dire thato ya ’gwe?
3. Nna mong wa me ke mang?
Ke’ikobela Jehofa.
Ke tla direla Modimo’a me;
Ke tla dira maikano’a me.
O ile a ntheka;
Ka tlhwatlhwa e boitshegang.
Morwawe o ne a nthekolola;
Ke tla mmaka ka metlha.
(Bona le Josh. 24:15; Pes. 116:14, 18; 2 Tim. 2:19.)