LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 3 ts. 6
  • Batho ba Falola Morwalela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba Falola Morwalela
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Bolokwa a “Babalesegile le ba Bangwe ba le Supa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • O ne A “Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Morwalela o Mogolo—Ke Mang yo o Neng a Reetsa Modimo? Ke Mang Yo o Sa Kang a mo Reetsa?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • “O ne A Tsamaya le Modimo wa Boammaaruri”
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 3 ts. 6
Araka e kokobala mo godimo ga metsi fa metsi a morwalela a ntse a tlhatloga e bile pula e tsorotla

KAROLO 3

Batho ba Falola Morwalela

Modimo o senya batho ba ba boikepo mme o boloka Noa le ba lelapa la gagwe

FA BATHO ba ntse ba ntsifala, boleo le boikepo bo ne jwa anama ka bonako mo lefatsheng. Moporofeti yo o neng a porofeta a le esi ka nako eo e bong Enoke, o ne a tlhagisa batho gore letsatsi lengwe Modimo o tlile go senya batho ba ba boikepo. Le fa go ntse jalo, bosula bo ne bo ntse bo ata e bile bo nna maswe le go feta. Baengele bangwe ba ne ba tsuologela Jehofa mme ba tlogela legae la bone kwa legodimong, ba iphetola gore ba nne le mebele ya batho, mme ka bopelotshetlha ba nyala basadi ba mo lefatsheng. Go kopana go go ntseng jalo go e neng e se ga tlholego go ne ga dira gore go nne le bana ba ba maatla ka tsela e e sa tlwaelegang—mekaloba ya diganka e e bidiwang Banefilime, ba ba neng ba oketsa thubakanyo le tshololo ya madi mo lefatsheng. Modimo o ne a utlwile botlhoko thata fa a bona popo ya gagwe ya mo lefatsheng e senngwa jaana.

Fa Enoke a sena go swa, go ne ga nna le monna mongwe yo o neng a farologana le batho ba ba boikepo ba mo motlheng oo. Leina la gagwe e ne e le Noa. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba leka go dira se se siameng mo matlhong a Modimo. Fa Modimo a ne a swetsa ka gore o nyeletsa batho ba ba boikepo ba nako eo, o ne a batla go boloka Noa le diphologolo dingwe. Ka jalo, Modimo o ne a mo laela gore a age araka—sekepe se segolo se se khutlonnè tsepa. Fa morwalela wa lefatshe lotlhe o tla, Noa le ba lelapa la gagwe mmogo le mefuta e e farologaneng ya diphologolo, ba ne ba tla bolokega fa ba le mo go sone. Noa o ne a ikobela Modimo. Mo dingwageng di le masomesome tse Noa a di feditseng a aga araka eno, gape e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) O ne a tlhagisa batho ka Morwalela o o tlang, mme ga ba a ka ba mo reetsa. Nako ya gore Noa, ba lelapa la gagwe le diphologolo ba tsene mo arakeng e ne ya goroga. Fa ba sena go tsena, Modimo o ne a tswala dikgoro tsa araka. Pula ya tshologa.

Go ne ga na pula ya matsorotsoro ka malatsi a le 40 le masigo a le 40 go fitlha lefatshe lotlhe le khurumediwa ke metsi. Baikepi ba ne ba nyeleditswe. Dikgwedi moragonyana ga moo, fa metsi a simolola go kokobela, araka e ne ya nna mo godimo ga thaba. Fa Noa, ba lelapa la gagwe le diphologolo ba tswa mo arakeng ba babalesegile, ba ne ba setse ba feditse ngwaga ba le mo go yone. Noa o ne a ntshetsa Jehofa setlhabelo e le go mo leboga. Modimo o ne a tlhomamisetsa Noa le ba lelapa la gagwe gore ga a kitla a tlhola a nyeletsa ditshedi tsa mo lefatsheng ka morwalela. Jehofa o ne a dira motshe wa godimo gore e nne sesupo se a tla se bonang, go mo gopotsa tsholofetso eno e e gomotsang.

Morago ga Morwalela, Modimo o ne a naya batho ditaelo tse dingwe gape tse disha. O ne a ba naya tetla ya go ja nama ya diphologolo. Le fa go ntse jalo, o ne a ba laela gore ba se ka ba ja madi. Gape o ne a laela ditlogolwana tsa ga Noa gore ba aname mo lefatsheng lotlhe, mme bangwe ba bone ga ba a ka ba reetsa. Batho ba ne ba nna seoposengwe ba eteletswe pele ke monna mongwe yo o bidiwang Nimerode mme ba simolola go aga tora e kgolo mo motseng wa Babele, o moragonyana o neng wa bidiwa Babelona. Boikaelelo jwa bone e ne e le go nyatsa taelo ya Modimo ya gore ba aname mo lefatsheng lotlhe. Modimo o ne a senya boikaelelo jwa batsuolodi bano ka go tlhakatlhakanya puo ya bone mme a dira gore ba bue dipuo tse di sa tshwaneng. E re ka ba ne ba sa tlhaloganyane, ba ne ba tlogela porojeke ya bone ya go aga mme ba gasama le lefatshe lotlhe.

—E tswa mo go Genesise kgaolo 6 go ya go 11; Jude 14, 15.

  • Boikepo bo ne jwa anama jang mo lefatsheng?

  • Noa o ne a bontsha jang gore ke monna yo o ikanyegang?

  • Morago ga Morwalela, ke eng se Modimo a neng a re batho ba se ka ba se dira?

GO TSAMAYA LE MODIMO

Bontsi jwa ditlogolwana tsa ga Adame le Efa di ne tsa gana bolaodi jwa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba ba sa kang ba dira jalo, go simolola ka morwaabone yo o ikanyegang e bong Abele. Moragonyana, go bolelwa gore Enoke le Noa ba ile ba tsamaya le Modimo, mo go kayang gore ba ne ba tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa. (Genesise 5:22; 6:9) Bontsi jwa dipego tse di mo Baebeleng di bua ka banna le basadi ba le bone ba ileng ba tlhopha gore Modimo e nne Mmusi wa bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela