LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 13 ts. 16
  • Dikgosi Tse di Molemo le Tse di Bosula

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgosi Tse di Molemo le Tse di Bosula
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe
    Etsa Tumelo ya Bone
  • Buka ya Bibela ya bo 32—Yona
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jona o Ithuta ka Boutlwelobotlhoko Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 13 ts. 16
Kgosi e nnye ya Iseraele

KAROLO 13

Dikgosi Tse di Molemo le Tse di Bosula

Iseraele e kgaogane. Fa nako e ntse e ya, go nna le dikgosi tse dintsi tse di busang Baiseraele, mme bontsi jwa tsone ga di ikanyege. Jerusalema e senngwa ke Bababelona

FELA jaaka Jehofa a ne a boleletse pele, Iseraele e ne ya kgaogana fa Solomone a sena go tlogela kobamelo e e itshekileng. Morwa Solomone yo o neng a mo tlhatlhama mo bogosing e bong Rehoboame, e ne e le mogateledi. Ka jalo, ditso di le lesome tsa Iseraele di ne tsa tsuologa mme tsa tlhoma bogosi jwa bokone jwa Iseraele. Ditso di le pedi di ne tsa nna di ikanyega mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide kwa Jerusalema, mme tsa tlhoma bogosi jwa borwa jwa Juda.

Magosi ao oomabedi a ne a aparetswe ke mathata, mme segolobogolo e le ka ntlha ya dikgosi tse di sa ikanyegeng le tse di seng kutlo. Bogosi jwa bokone jwa Iseraele bo ne bo na le mathata a mantsi go feta jwa Juda, gonne go tswa fela kwa tshimologong dikgosi tsa jone di ne di rotloetsa kobamelo ya maaka. Le fa baporofeti ba ba jaaka Elija le Elisha—ba tota ba ileng ba tsosa le baswi—ba ne ba dira ditiro tse di maatla, Iseraele e ne ya nna e ntse e boela mo tseleng ya yone e e bosula. Kgabagare Modimo o ne a letla gore Asiria e senye bogosi jwa kwa bokone.

Juda ga ya ka ya tshwana le Iseraele ka gonne yone e ne ya nna e ntse e le teng ka dingwaga di feta lekgolo, mme le yone Modimo o ne a e atlhola. Ke dikgosi di se kae fela tsa Bajuda tse di neng tsa sekegela tsebe tlhagiso ya baporofeti ba Modimo, mme tsa leka go rotloetsa setšhaba gore se boele kwa go Jehofa. Ka sekai, Kgosi Josia o ne a simolola go tlosa kobamelo ya maaka mo Juda mme a tsosolosa tempele ya ga Jehofa. Fa buka ya ntlhantlha ya Molao wa Modimo e a neng a e neile batho a dirisa Moshe e sena go bonwa, Josia o ne a amega pelo fela thata mme a nonotsha letsholo la gagwe la go tsosolosa kobamelo e e itshekileng.

Le fa go ntse jalo, ka maswabi dikgosi tse di neng tsa tlhatlhama Josia ga di a ka tsa latela sekao seo sa gagwe se se molemo. Ka jalo, Jehofa o ne a letla gore setšhaba sa Babelona se fenye Juda, mme se senye Jerusalema le tempele ya yone. Bafalodi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Modimo o ne a bolelela pele gore ba ne ba tla nna kwa botshwarwa ka dingwaga di le 70. Juda e ne ya nna e kgakgabetse mo nakong eo yotlhe, go fitlha Baiseraele ba boela kwa nageng ya bone jaaka go ne go solofeditswe.

Le fa go ntse jalo, go ne go se kitla go nna le dikgosi dipe tsa losika lwa ga Dafide tse di tla busang go fitlha Mogolodi yo o solofeditsweng, e bong Mesia yo go boleletsweng pele ka ene, a busa. Bontsi jwa dikgosi tse di neng tsa busa kwa Jerusalema di bontshitse gore batho ba ba sa itekanelang ga ba tshwanelege go busa. Ke Mesia fela yo o neng a tla tshwanelega. Ka jalo Jehofa o ne a raya dikgosi tsa bofelo tsa losika lwa ga Dafide tse di neng tsa busa a re: “O tsholetse serwalo. . . . Ruri ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong, mme ke tla mo se naya.”—Esekiele 21:26, 27.

—E tswa mo go 1 Dikgosi; 2 Dikgosi; 2 Ditiragalo kgaolo 10 go ya go 36; Jeremia 25:8-11.

  • Go ne ga tla jang gore Iseraele e kgaogane, mme go ne ga diragala eng ka magosi ao a mabedi?

  • Losika lwa dikgosi lwa ga Dafide lo ne lwa diragalelwa ke eng, mme ka ntlha yang?

  • Kgang ya ga Jona e re ruta eng ka Jehofa? (Bona lebokose.)

JONA

Ka nako ya fa bogosi bo ne bo kgaogane, Modimo o ne a roma Jona kwa motseng o o kgakala wa Ninife gore a ye go rera molaetsa o o tla tlhagisang batho ba ba tletseng thubakanyo. Go na le gore Jona a ye kwa Ninife, o ne a palama sekepe se se yang go sele. Ka ntlha ya seo, go ne ga direga kgakgamatso nngwe—Modimo o ne a dira gore tlhapi e kgolo e kometse Jona. Fa Jona a ntse a le mo teng ga tlhapi eo, o ne a rapela Jehofa, mme Modimo o ne a dira gore tlhapi eo e tlhatsetse Jona mo lefatsheng le le omileng. Morago ga moo, Jona o ne a ya go dira kabelo ya gagwe.

Fa Modimo a sena go ruta Jona thuto eo ya go nna kutlo, go ne ga nna le bothata jo bongwe gape: Jona o ne a rerela Baninife, mme o ne a galefa thata fa Modimo a ne a ba utlwela botlhoko a bo a ba tlhomogela pelo mme a se ka a ba otlhaya ka gonne ba ne ba ikwatlhaile. Bala buka eno e e kgatlhang go bona gore Modimo o ne a dirisa jang kgakgamatso e nngwe go ruta Jona go nna kutlwelobotlhoko.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela