KGAOLO YA NTLHA
“Ke Tsentse Mafoko A me Mo Molomong wa Gago”
1, 2. Ke eng fa o ikanya se o se balang mo Baebeleng?
“GO NA le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Dia. 18:24) A o dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng? O ka ikanya se tsala ya mmatota e go bolelelang sone. Fa a go bolelela sengwe se se itumedisang kgotsa se a ikaeletseng go se dira, o a mo dumela. Fa a go bolelela gore go na le sengwe se o tlhokang go tokafatsa mo go sone, o a mo reetsa o bo o dira fela jalo. O setse a itshupile gantsi gore o a go rata, tota le fa a go naya kgakololo. O batla gore o atlege le wena o batla gore a atlege gore botsala jwa lona bo nnele ruri.
2 Gantsi banna ba Modimo a neng a ba dirisa go kwala dibuka tsa Baebele e ne e le ditsala tse di ntseng jalo. Se ba go bolelelang sone o a se dumela. O tlhatswegile pelo gore se ba se buang se tla go solegela molemo. Baiseraele ba bogologolo ba tshwanetse ba bo ba ile ba ikutlwa jalo ka ‘banna ba ba neng ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.’ (2 Pet. 1:20, 21) Mongwe wa banna ba Modimo a neng a ba dirisa go kwala nngwe ya dibuka tse ditelele tsa boporofeti ke Jeremia, yo gape a neng a kwala le buka ya Dikhutsafalo mmogo le dibuka tse dingwe tse pedi tsa Baebele.
3, 4. Batho bangwe ba ikutlwa jang ka buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo, mme ke eng fa kgopolo eo e le phoso? Naya sekai.
3 Mme gone, o ka tswa o lemogile gore babadi bangwe ba Baebele ga ba rate go bala dibuka tse Jeremia a di kwadileng ka gonne ba akanya gore ga di kgatlhe kgotsa gore ga di ba ame. Ba ka tswa ba akanya gore buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo di bua fela ka ditlhagiso tse di botlhoko le dipolelelopele tse di hutsafatsang.a Mme gone, a ke yone tsela e e siameng e re tshwanetseng go leba buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo ka yone?
4 Gone ke boammaaruri gore Jeremia o bua puo phaa fa a kwala ditlhagiso le dikgakololo tsa Modimo, mme gone le wena o a itse gore ka dinako tse dingwe tsala le yone e a tle e dire jalo. Tota le Jesu o ne a bua puo phaa fa ditsala tsa gagwe, e bong baaposetoloi, ba ne ba bontsha go nna le boikutlo jo bo sa siamang; o ne a ba kgalemela ka tlhamalalo. (Mar. 9:33-37) Le fa go ntse jalo, molaetsa wa konokono wa ga Jesu o ne o kgatlha ka gonne o ne o tlhalosa se batho ba tshwanetseng go se dira gore ba amogelwe ke Modimo le masego a ba tla a bonang mo isagweng. (Math. 5:3-10, 43-45) Go ntse jalo le ka dibuka tse Jeremia a di kwadileng, tse e leng karolo ya “Lokwalo lotlhe” lo lo thusang go ‘tlhamalatsa dilo.’ (2 Tim. 3:16) Jeremia o ne a tlhalosa sentle tsela e Modimo a lebang ka yone batho ba ba ipolelang gore ba direla Jehofa mme gone ba tshwanelwa ke go roba matswela a ditsela tsa bone tse di bosula. Le fa go ntse jalo, buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo di na le molaetsa wa tsholofelo e bile di bontsha kafa isagwe ya rona e tlileng go nna molemo ka gone. Jeremia o ne a kwala boporofeti jo bo tlhalosang kafa Modimo a tla dirisanang le batho ka gone, mme gompieno re na le seabe ka tlhamalalo mo go diragadiweng ga jone. Gape mo dibukeng tseo tse pedi, o tla fitlhela mafoko a a molemo le a a kgothatsang.—Bala Jeremia 31:13, 33; 33:10, 11; Dikhutsafalo 3:22, 23.
5. Dibuka tse Jeremia a di kwadileng di ka re solegela molemo jang?
5 Boitumelo jwa batho ba Modimo mo motlheng ono le tsholofelo e re nang le yone mo isagweng di amana ka tsela nngwe le dilo tse Jeremia a neng a di kwala. Sekai sa seo ke kutlwano e e leng teng mo bakaulengweng botlhe. Dibuka tsa gagwe di tla re thusa go nonotsha bokaulengwe joo le go dirisa kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Bakaulengwe, tswelelang lo ipela, lo lolamisiwa, lo gomodiwa, lo akanya ka tumalano, lo tshela ka kagiso; mme Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le lona.” (2 Bakor. 13:11) Gape dibuka tsa ga Jeremia di amana ka tlhamalalo le molaetsa o re o rerang. Le fa gone re bolelela batho ka malatsi a bofelo le go ba tlhagisa ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, molaetsa wa rona o sa ntse o le molemo, ka gonne o naya batho tsholofelo. Gape dibuka tsa ga Jeremia di re thusa mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Tsela e a neng a tshela ka yone le molaetsa o a neng a o rera di tshwana ka ditsela di le dintsi le maemo a re tshelang mo go one. Gore o kgone go tlhaloganya seo, sekaseka tsela e moporofeti yono yo o tlhomang sekao se se molemo a godileng ka yone le kabelo e a neng a e newa. Moporofeti yono ke ene yo Modimo a neng a mo raya a re: “Bona, ke tsentse mafoko a me mo molomong wa gago.”—Jer. 1:9.
6, 7. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Modimo o ne a kgatlhegela Jeremia, mme maemo a ne a ntse jang kwa Juda fa a ne a tsholwa?
6 Batsadi ba ba letetseng go tsholwa ga ngwana wa bone ba akanya thata ka ngwana yono yo ba mo lebeletseng. O tla nna motho yo o ntseng jang—dilo tse a tla di ratang, tiro e a tla e dirang le dilo tse a tla di fitlhelelang mo botshelong? Batsadi ba gago le bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba akanya ka dilo tseo. Go tshwanetse ga bo go ne go ntse jalo le ka batsadi ba ga Jeremia. Le fa go ntse jalo, boemo jwa gagwe jone bo ne bo sa tshwane le jwa bana ba bangwe. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Mmopi wa lobopo lotlhe o ne a kgatlhegela thata botshelo jwa ga Jeremia le dilo tse a neng a tla di dira.—Bala Jeremia 1:5.
7 Tota le pele ga Jeremia a tsholwa, Modimo o ne a setse a itse kafa a tlileng go mo dirisa ka gone. O ne a kgatlhegela thata mosimane yono yo o neng a tla tsholelwa mo losikeng lwa seperesiti lo lo neng lo nna kwa bokone jwa Jerusalema. O ne a tsholwa mo bogareng jwa lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., nako e ka yone maemo a neng a se monate kwa Juda gonne go ne go busa kgosi e e bosula e bong Kgosi Manase. (Bona tsebe 19.) Mo pusong ya gagwe ya dingwaga di le 55, Manase o ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Morago ga gagwe, morwawe e bong Amone le ene o ne a latela tsela ya ga rraagwe. (2 Dikg. 21:1-9, 19-26) Go ne ga nna le diphetogo tse dikgolo fa go ne go busa kgosi e e latelang ya Juda. Ee, Kgosi Josia o ne a batla Jehofa. Mo ngwageng wa bo18 wa puso ya gagwe, o ne a tlositse kobamelo ya medingwana mo nageng. Seno se tshwanetse sa bo se ile sa itumedisa batsadi ba ga Jeremia; Modimo o ne a naya morwaabone kabelo ka nako ya puso ya ga Josia.—2 Ditir. 34:3-8.
Ke eng fa go le botlhokwa gore o kgatlhegele buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo?
MODIMO O TLHOPHA MMUELEDI
8. Jeremia o ne a newa kabelo efe, mme o ne a itshwara jang?
8 Ga re itse gore Jeremia o ne a na le dingwaga tse kae fa Modimo a ne a mo raya a re: “Ke go dirile moporofeti mo ditšhabeng.” A ka tswa a ne a tloga a tshwara dingwaga di le 25, e leng dingwaga tse moperesiti a neng a ka simolola tirelo ya gagwe ka tsone. (Dipa. 8:24) Mme gone, Jeremia o ne a araba ka go re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” (Jer. 1:6) O ne a ikgogona, gongwe a akanya gore o sa ntse a le monnye thata kgotsa ga a tshwanelegele maikarabelo ao a a masisi le go bua phatlalatsa jaaka baporofeti ba ne ba dira.
9, 10. Maemo a ne a ntse jang fa Jeremia a simolola kabelo ya gagwe, mme ke eng se se neng sa dira gore fa nako e ntse e ya kabelo eno e nne thata?
9 Jeremia o ne a newa kabelo ka nako ya fa Kgosi Josia a ne a fedisa kobamelo ya maaka mme a tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Le fa Jeremia le Josia ba ka tswa ba ne ba dirisana mmogo go le kana kang, eo e ne e le nako e e siameng ya gore go nne le moporofeti wa boammaaruri. Sefania le Nahume le bone ba ne ba porofeta mo Juda mo tshimologong ya puso ya ga Josia.b Moporofeti wa mosadi yo o bidiwang Huleda le ene o ne a porofeta ka nako eo. O ne a bolelela pele dinako tse di botlhoko tse di neng di larile kwa pele. Mme Jeremia o ne a bona fa dilo tseo di direga. (2 Dikg. 22:14) Tota e bile, ka dinako tse dingwe, ditsala tsa ga Jeremia e bong Ebede-meleke le Baruke ba ne ba tshwanelwa ke go mo thusa fa a ne a lebane le loso kgotsa go mo sireletsa mo babeng ba ba neng ba batla go ipusolosetsa.
10 O ne o ka ikutlwa jang fa Modimo a ne a ka re o go tlhophile gore o nne moporofeti yo o tshwanetseng go itsise batho molaetsa mongwe o o masisi? (Bala Jeremia 1:10.) Akanya ka sekai seno se le sengwe sa molaetsa o Jeremia a neng a tshwanetse go o bolela. Ka 609 B.C.E., masole a Bababelona a ne a le mo tseleng a ya go tlhasela Jerusalema. Kgosi Sedekia o ne a batla gore Jeremia a mo neye molaetsa o o gomotsang o o tswang kwa Modimong. Mme Modimo ga a ka a naya kgosi molaetsa o e neng e o lebeletse.—Bala Jeremia 21:4-7, 10.
MOTHO YO O TSHWANANG LE RONA
11. Ke eng se se neng se ka dira gore go nne thata gore Jeremia a dire kabelo ya gagwe, mme o ne a nonotshiwa ke eng?
11 Akanya fela re tshwanelwa ke go bolelela dikgosi tse di boikepo, baperesiti ba maferefere le baporofeti ba maaka molaetsa o o bogale le wa katlholo. Jeremia le ene o ne a tshwanelwa ke go dira jalo. Mme fela jaaka ene, le rona Modimo o re eme nokeng. (Jer. 1:7-9) Modimo o ne a bontsha gore o tshepa lekawana leno e bong Jeremia, ka go mo nonotsha ka mafoko ano: “Ke go dirile motse o o sireletsegileng le pilara ya tshipi le dipota tsa kgotlho kgatlhanong le lefatshe lotlhe, mo dikgosing tsa Juda, mo dikgosaneng tsa gagwe, mo baperesiting ba gagwe le mo bathong ba lefatshe. Mme ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’”—Jer. 1:18, 19.
12. Ke eng fa re ka tlhaloganya tsela e Jeremia a neng a ikutlwa ka yone?
12 Ga re a tshwanela go akanya gore Jeremia o ne a kgethegile ka tsela nngwe. Tota e ne e le motho fela yo o tshwanang le rona. Gape, re tshwanetse go lemoga gore le fa Jeremia a ile a tshela mo motlheng wa bogologolo, o ne a lebana le maemo a a tshwanang le a le rona re lebanang le one. Letsatsi le letsatsi fa re dira ditiro dingwe le fa re dira ditiro tsa phuthego, re tshwanelwa ke go dirisana le mefuta e e farologaneng ya batho fela jaaka Jeremia le ene a ne a dirisana le batho ba a neng a tshela le bone. Tseno tsotlhe di bontsha gore re ka ithuta sengwe mo go Jeremia, yo fela jaaka moporofeti Elija, e neng e le “motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Ela tlhoko dikai dingwe tsa dilo tse re ka ithutang tsone mo go Jeremia.
13, 14. Ke eng fa Bakeresete bangwe ba ka tlhaloganya tsela e Jeremia a neng a ikutlwa ka yone ka se Pashure a neng a mo dira sone, jaaka go bontshitswe mo go tsebe 10?
13 Ga go pelaelo gore nako nngwe mo botshelong, o ile wa nna le dinako tse di monate le tse di botlhoko. Go ntse fela jalo le ka Jeremia. Nako nngwe moperesiti mongwe yo o tlotlegang e bong Pashure o ne a sotla Jeremia mme a dira gore a tsenngwe mo disaneng. O ne a nna diura di le dintsi a tsentswe mo disaneng tse di dirilweng ka logong; di mo tshwere maoto, matsogo le molala, mo mmele wa gagwe o neng o obegile ka tsela e e neng e mo utlwisa botlhoko. Mo godimo ga botlhoko jo a neng a bo utlwa, gape o ne a tshwanelwa ke go itshokela go sotlwa ke baganetsi ba gagwe. A o akanya gore o ne o tla kgona go itshoka fa o sotliwa jalo, gongwe e bile o utlwisiwa botlhoko mo mmeleng?—Jer. 20:1-4.
14 Boemo jo Jeremia a neng a le mo go jone bo ne jwa mo pateletsa gore a bue mafoko ano: “A go hutsege letsatsi le ke tsetsweng ka lone! . . . Ke ka ntlha yang fa ke dule mo sebopelong seo gore ke tle ke bone tiro ya bonatla le khutsafalo le gore malatsi a me a khutle ka matlhabisa ditlhong fela?” (Jer. 20:14-18) Ga go pelaelo gore dilo tse di mo diragaletseng di ne tsa dira gore a ikutlwe a kgobegile marapo. A o kile wa kgobega marapo jaana mo o neng o ikutlwa o se motho wa sepe, o bona e kete ga go sepe se o kgonang go se dira sentle kgotsa mo o neng wa akanya le gore o latlhele seditse? Botlhe ba ba kileng ba ikutlwa jalo ba ka solegelwa molemo thata ke go sekaseka se se neng sa diragalela Jeremia le kafa dilo di ileng tsa mo tsamaela ka teng.
Ke eng se se go kgatlhang ka kabelo e Jehofa a neng a e naya Jeremia? Ke eng fa o kgona go tlhaloganya seemo se Jeremia a neng a le mo go sone?
15. Ke eng fa re ka solegelwa molemo ke go ela tlhoko tsela e maikutlo a ga Jeremia a neng a fetofetoga ka yone?
15 Mafoko a a bontshang khutsafalo a re a balang mo go Jeremia 20:14-18 a latela morago fela ga gore moporofeti yono a bue gore o tla opelela Jehofa le go mmaka. (Bala Jeremia 20:12, 13.) A ka dinako dingwe go a tle go direge gore ka tshoganyetso fela o ikutlwe o fetofetoga maikutlo? O ne o itumetse thata mme ka bonako fela maikutlo a gago a a fetoga mme o ikutlwa o kgobegile marapo. Go bonala rotlhe re ka solegelwa molemo ke go sekaseka se se ileng sa diragalela Jeremia. Go bonala sentle gore o ne a na le maikutlo a a tshwanang le a rona. Ka jalo, re ka solegelwa molemo thata ke go sekaseka dilo tse monna yono, yo Mmopi a neng a mo dirisa thata go nna mmueledi wa gagwe, a neng a di dira le tsela e a neng a itshwara ka yone fa a sena go diragalelwa ke dilo dingwe.—2 Ditir. 36:12, 21, 22; Esera 1:1.
16. Ke bomang ba ba ka solegelwang molemo ke kgang ya go bo Jeremia a ne a sa nyala?
16 Lebaka le lengwe gape le le dirang gore bangwe ba ikutlwe ba le mo seemong se se tshwanang le sa ga Jeremia ke gore le ene o ne a sa nyala. Modimo o ne a naya Jeremia taelo nngwe e e sa tlwaelegang le e gongwe e neng e le thata: O se ka wa nyala. (Bala Jeremia 16:2.) Ke eng fa Jehofa a ile a naya Jeremia taelo eo, mme o ne a ikutlwa jang ka seo? Pego eno e na le dintlha dife tse di ka thusang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba se nang balekane, e ka tswa e le ka gonne ba itlhophetse go sa tsene mo lenyalong kgotsa ba pateleditswe ke maemo mangwe? Tota e bile, a go na le sengwe mo mafokong a Modimo a neng a a raya Jeremia se Basupi ba gone jaanong ba leng mo lenyalong ba tshwanetseng go tlhatlhanya ka sone? A go na le sengwe se banyalani ba ba se nang “bana ba basimane le bana ba basetsana” ba ka ithutang sone? Pego ya ga Jeremia e ka go thusa jang?
17. Mafoko a ga Jeremia a a mo go Jeremia 38:20 a ka dira gore re akanye ka eng?
17 Sengwe se se kgatlhang ke gore nako nngwe Jeremia o ne a rotloetsa kgosi e e neng e busa kwa Judea ka nako eo a re: “Tsweetswee utlwa lentswe la ga Jehofa mo go se ke se buang le wena, mme dilo di tla go tsamaela sentle le moya wa gago o tla tswelela o tshela.” (Jer. 38:20) Pego eno e re naya kaelo e e molemolemo ya kafa re tshwanetseng go dirisana le ba bangwe ka gone. Seno se akaretsa tsela e re tshwanetseng go dirisana ka yone le batho ba ba sa direleng Jehofa mme go bonala re ka kgona go ba thusa. Gape Jeremia o re tlhometse sekao se se molemo mo tseleng e a neng a dirisana ka yone le batho ba ba obamelang Modimo. Ee, re ka ithuta dilo di le dintsi mo go Jeremia.
BUKA ENO E GO TSHWARETSE ENG?
18, 19. Ke ditsela dife tse re ka di dirisang go ithuta buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo?
18 Buka eno e tla go thusa go sekaseka le go ithuta sengwe mo bukeng ya Baebele ya Jeremia le ya Dikhutsafalo. Ka tsela efe? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Tim. 3:16) Mafoko ao a akaretsa le dibuka tse pedi tse re sa tswang go bua ka tsone.
19 Ke boammaaruri gore go na le ditsela tse di farologaneng le tse di solegelang molemo tse motho a ka di dirisang go ithuta buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo. Ka sekai, motho a ka ithuta dibuka tseno tse pedi temana ka temana, a leka go tlhaloganya bokao jwa temana nngwe le nngwe. Kgotsa a ka tlhoma mogopolo mo dilong dingwe tse di tshwanang—kafa batho le ditiragalo dingwe tse di tlhalosiwang mo bukeng ya Jeremia le ya Dikhutsafalo di tshwanang kgotsa di farologanang ka gone le ditiragalo tsa mo motlheng wa rona. (Bapisa Jeremia 24:6, 7; 1 Bakorintha 3:6.) Mokgwa mongwe o re ka o dirisang ke go ithuta tsela e ditiragalo dingwe tsa mo motlheng wa ga Jeremia di diregileng ka yone. (Jer. 39:1-9) Tota e bile bontlhanngwe jwa tshedimosetso eo bo botlhokwa gore motho a solegelwe molemo ke go ithuta buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo. Ka jalo, Kgaolo 2, e e reng “Go Direla mo ‘Bokhutlong Jwa Metlha,’” e tla re naya maoko a dilo tse di neng di direga mo motlheng wa ga Jeremia le kafa Modimo a ileng a kaela dilo ka gone.
20. Buka eno e tla re thusa jang go ithuta buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo?
20 Joo ga se jone fela boikaelelobogolo jwa buka eno. Re tla leba buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo e le dimpho tse di tswang kwa Modimong tse di tla re thusang gore mo motlheng ono wa rona re tshele ka tsela e Bakeresete ba tshwanetseng go tshela ka yone. (Tito 2:12) Ruri re tla lemoga gore dibuka tseno tse pedi di na le letlepu la tshedimosetso e e ‘tswelang mosola mo go ruteng.’ Di na le kgakololo e e molemo le dikai tse di ka re thusang go itse gore re tshwanetse go dira eng fa re lebana le mathata mo botshelong. Botlhe ba tla solegelwa molemo, ba ba seng mo lenyalong, ba ba mo lenyalong, bagolwane, babulatsela, ba ba tlamelang mo lelapeng, bommalapa kgotsa baithuti kwa sekolong. Mongwe le mongwe wa rona o tla bona thuso e e tswang kwa Modimong mo dibukeng tseno tse pedi tse di tlhotlheleditsweng mme di tla re thusa go ‘tlhomelela ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Tim. 3:17.
21. Ke eng fa o lebile pele go ithuta buka eno?
21 Fa o ntse o ithuta kgaolo nngwe le nngwe ya buka eno, batla dintlha tse o ka di dirisang. Ga go pelaelo gore buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo di tla bontsha gore mafoko ano a Paulo a neng a a bua a boammaaruri: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.”—Bar. 15:4.
Go ithuta buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo go tla go thusa jang mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi?
a Dipuo di le dintsi di na le lefoko le le amanang le leina Jeremia le le kayang “motho yo o itsiseng ngongorego ya gagwe phatlalatsa” kgotsa “komang ya motho yo o galefileng.” Lokwalodikgang longwe lo lo bidiwang The Washington Post lo ne lwa bitsa filimi nngwe e e bontshang go fetofetoga ga ditshedi le maemo a tlelaemete ka lefoko leo.
b Moragonyana fa Jeremia e ntse e le moporofeti, go ne ga nna le baporofeti ba bangwe ba ba jaaka: Habakuke, Obadia, Daniele le Esekiele. Jeremia o ne a na le dingwaga di ka nna 40 e le moporofeti fa Jerusalema e ne e welwa ke masetlapelo ka 607 B.C.E., mme o ne a tshela dingwaga di feta 20 morago ga moo.