KGAOLO YA BORATARO
‘Tsweetswee, Ikobeleng Lentswe la ga Jehofa’
1, 2. Gantsi batho ba ba latelang ‘tsela e e rategang’ ba na le maikutlo afe, mme ke eng fa wena o tshwanetse go farologana le bone?
BATHO ba le bantsi gompieno ga ba batle go ikoba. Ba le bantsi ga ba batle le go bolelelwa gore ba dire eng. Tota re ka re ba na le mogopolo wa gore ‘Dira se wena o se batlang’ kgotsa ‘Dira se o akanyang gore se siame.’ O kgona go lemoga seno fa o bona bakgweetsi ba sa ikobele matshwao a tsela, babeeletsi ba tlola melao ya tsa madi le fa badiredibagolo ba puso ba roba melao e ba thusitseng go e tlhoma. Mokgwa ono wa go tsamaya mo “tseleng e e rategang,” o ne o le teng le mo motlheng wa ga Jeremia le fa gone o ne o sa siama e bile o le kotsi.—Jer. 8:6.
2 O a itse gore ba ba batlang go amogelwa ke Modimo Mothatayotlhe ga ba a tshwanela go latelela ‘tsela eno e e rategang.’ Go bonala Jeremia a ile a tlhalosa pharologano e e leng teng mo bathong ba ba sa kang ba ‘ikobela lentswe la ga Jehofa’ le ba ba neng ba batla go le ikobela. (Jer. 3:25; 7:28; 26:13; 38:20; 43:4, 7) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itshekatsheka gore ene o eme kae mo kgannyeng eno. Ka ntlha yang? Ka gonne tsela e Satane a tlhaselang bothokgami jwa baobamedi ba boammaaruri ka yone e setse e le setlhogo fela thata. Satane o tshwana le noga e e bobang ka tidimalo e letetse go tlhasela sengwe mme fa se tlhaga e se tlhasela se sa lebelela ka go se loma botlhoko. Fa re ikemiseditse go ikobela lentswe la ga Jehofa seno se tla re thusa gore re falole meno a a bogale a noga eno. Mme gone re ka nonotsha jang boikemisetso jwa rona jwa go ikobela Jehofa? Dibuka tse Jeremia a di kwadileng di ka re thusa.
ENE YO RE TSHWANETSENG GO MO IKOBELA
3. Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo ikobele?
3 Ke eng fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo ikobele ka botlalo? Jeremia o tlhalosa lengwe la mabaka ka go mmitsa “Modiri wa lefatshe ka maatla a gagwe, Yo o tlhomamisang ka thata naga e e ungwang ka botlhale jwa gagwe.” (Jer. 10:12) Jehofa ke Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. Re tshwanetse go mmoifa go feta babusi bape fela ba bangwe. O na le tshwanelo e e feletseng ya go re laela gore re ikobele melao ya gagwe e e botlhale, e totatota e solegelang rona molemo ka bosakhutleng.—Jer. 10:6, 7.
Go nwa “metsi a a tshelang” a a tswang kwa go Jehofa go ka go nonotsha gore o ikobe
4, 5. (a) Ke boammaaruri bofe jo Bajuda ba ileng ba ithuta jone fa ba le mo dinakong tsa komelelo? (b) Ke ka tsela efe baagi ba Juda ba neng ba senya “metsi a a tshelang” a a tswang kwa go Jehofa? (c) O ka nwa jang “metsi a a tshelang” a a tswang kwa Modimong?
4 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga se Molaodi wa Lobopo fela, gape ke Motlamedi wa botshelo—botshelo jwa rona. Bajuda ba mo motlheng wa ga Jeremia ba ne ba bontshiwa seo ka tsela nngwe e e kgethegileng. Naga ya Egepeto e ne e ikaegile thata ka metsi a a tswang mo nokeng ya Nile, mme go ne go sa nna jalo ka Lefatshe le le Solofeditsweng. Batho ba Modimo bone ba ne ba ikaegile thata ka dipula tse di neng di na ka dipaka tse di rileng, mme gantsi metsi ao a pula a ne a bolokiwa mo megobeng e e neng e le kafa tlase ga lefatshe. (Dute. 11:13-17) Ke Jehofa fela a neng a ka nesa pula gore e kolobetse mmu gore o kgone go ungwa. Gape o ne a kgona go dira gore pula eo e ba neng ba e tlhoka e se ka ya na. Ke gone ka moo mo motlheng wa ga Jeremia Bajuda ba ba neng ba sa ikobele Modimo ba neng ba welwa ke dipaka tsa komelelo ka go latelana mme dipaka tseo di ne tsa tlogela masimo le mefine ya bone e kgakgabetse, megobe le didiba tsa bone di kgadile.—Jer. 3:3; 5:24; 12:4; 14:1-4, 22; 23:10.
5 Le fa Bajuda bao ba ne ba tsaya metsi a mmatota a le botlhokwa, ba ne ba gana “metsi a a tshelang” a Jehofa a neng a ba naya one mahala. Ba ne ba dira seo ka go sa ikobele Molao wa Modimo ka boomo mme ba ikanya dikgolagano tse ba neng ba di dirile le ditšhaba tse di ba dikologileng. Fela jaaka batho ba ba ipolokelang metsi ka go a tshela mo mogobeng o o thubegileng o o ka se kang wa kgona go a tshola, Bajuda le bone ba ile ba roba matswela a a botlhoko a ditiro tsa bone. (Bala Jeremia 2:13; 17:13.) Ruri le rona re ithuta gore re se ka ra itlisetsa masetlapelo a magolo ka go latela tsela ya bone. Jehofa o tsweletse go re naya letlepu la tshedimosetso e e ka re kaelang e e tswang mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Ga go pelaelo gore ‘metsi ao a a tshelang’ a re solegela molemo fela fa re a ithuta ka metlha le go leka ka natla go tshela tumalanong le one.
6. (a) Tlhalosa kafa Kgosi Sedekia a neng a itshwara ka gone malebana le kgang ya go ikobela Jehofa. (b) Ke eng fa o akanya gore kgosi e ne e se botlhale?
6 Fa letsatsi la gore Modimo a letlane le Juda le ntse le atamela, go ne ga nna botlhokwa le go feta gore ba ikobe. Mojuda mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go ikwatlhaya le go simolola go ikobela Jehofa fa a batla gore a mo amogele le go mo sireletsa. Kgosi Sedekia o ne a lebana le seemo seo. O ne a sa tlhomama mo go direng molemo. Fa badiredi ba gagwe ba ne ba mmolelela gore ba batla go bolaya Jeremia, o ne a sena bopelokgale jwa go gana. Jaaka re utlwile mo kgaolong e e fetileng, moporofeti o ne a falola maiteko ao a go batla go mmolaya a thusiwa ke Ebede-meleke mme moragonyana o ne a kgothatsa Sedekia jaana: ‘Tsweetswee ikobele lentswe la ga Jehofa.’ (Bala Jeremia 38:4-6, 20.) Go bonala sentle gore fa kgosi e batla dilo di e tsamaela sentle, e ne e tla tshwanelwa ke go dira tshwetso: A e tla ikobela Modimo?
Ke eng fa go ne go tshwanela gore Jeremia a kgothaletse Bajuda gangwe le gape gore ba ikobele Modimo?
GO IKOBELA JEHOFA KE KGANG E E MASISI
7. Ke maemo afe a mangwe a a ka nnang a leka go ikoba ga gago?
7 Go ikoba go sa ntse go le botlhokwa le gompieno fela jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Jeremia. O ikemiseditse go le kana kang go ikobela Jehofa? Fa go ka direga gore fa o ntse o lebile lefelo lengwe mo Internet, ka tshoganyetso fela go tlhage ditshwantsho tse di hepisang, a o tla tswelela o di lebile kgotsa o tla lwantsha thaelo epe fela ya go di leba mme o tswale lefelo leo ka bonako? O ne o tla dira eng fa modirikawena yo o sa dumeleng kgotsa mongwe yo o tsenang sekolo le wena a go kopa gore o intshe le ene? A o tla nna le bopelokgale jwa go gana? A dikgatiso tsa batlhanogi kgotsa mafelo a Internet a di tlhagang mo go one a a go kgatlha kgotsa a go ferosa sebete? Fa o lebana le maemo ano kgotsa a mangwe, se lebale mafoko a Jeremia 38:20.
8, 9. (a) Ke eng fa go le botlhale go reetsa fa bagolwane ba leka go go thusa? (b) O tshwanetse go leba jang kgakololo e bagolwane ba go nayang yone gangwe le gape?
8 Jehofa o ne a roma Jeremia gangwe le gape kwa bathong ba Gagwe gore a ye go ba kgothatsa ka mafoko ano: “Tsweetswee, bowang, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme lo dire ditsela tsa lona le ditiro tsa lona molemo.” (Jer. 7:3; 18:11; 25:5; bala Jeremia 35:15.) Ka tsela e e tshwanang, le gompieno bagolwane ba Bakeresete ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa badumedi ka bone ba ba mo kotsing ya semoya. Fa ka nako nngwe bagolwane ba go naya kgakololo ya gore o tile tsela nngwe e e kotsi kgotsa e e seng botlhale e o batlang go e tsaya, ba reetse. Boikaelelo jwa bone bo tshwana fela le jwa ga Jeremia.
9 Bagolwane ba ka nna ba go gopotsa melaometheo mengwe ya Dikwalo e ba setseng ba kile ba bua le wena ka yone. Itse gore ga go motlhofo go nna o gakolola motho gantsintsi ka selo se le sengwe, mme go nna thata le go feta fa motho yo o tlhokang thuso a na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa Bajuda ba le bantsi ba Jeremia a neng a bua le bone. Fa bagolwane ba ntse ba leka go go thusa gangwe le gape, leka go tsaya seo e le tsela e Jehofa a go bontshang ka yone gore o a go rata. Gape lemoga gore go ne go se kitla go tlhokega gore Jeremia a boaboeletse ditlhagiso tsa gagwe fa Bajuda ba ka bo ba ile ba tsaya tsia se a ba bolelelang sone. Ee, fa o sa batle go kgalemelwa gantsintsi, dirisa kgakololo e o e newang mme o e dirise ka yone nako eo.
Fa bagolwane ba leka go go thusa, reetsa
JEHOFA O ITSHWARELA A GOLOLESEGILE MME GONE GO IKAEGILE KA BOEMO
10. Ke eng fa Jehofa a leba pele seemo, pele ga a re itshwarela maleo a rona?
10 Go sa kgathalesege gore re leka ka natla go le kana kang go ikobela Jehofa, ga re ka ke ra kgona go mo ikobela ka botlalo mo tsamaisong eno ya dilo. Ka jalo, re mo leboga tota go bo a bontsha gore o ikemiseditse go re itshwarela diphoso tsa rona. Le fa go ntse jalo, o leba pele seemo, pele ga a ka re itshwarela. Ka ntlha yang? Ka gonne boleo ke selo se se makgapha mo go Jehofa. (Isa. 59:2) Ka jalo o batla go tlhomamisega gore tota re tshwanelwa ke gore a re itshwarele.
11. Ke eng fa go sa kgonege gore motho a fitlhe boleo jo a bo dirileng mo sephiring?
11 Jaaka re setse re bone, Bajuda ba le bantsi ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba itlwaeditse go se ikobele Modimo mme ka jalo ba sa anaanele bopelotelele le kutlwelobotlhoko ya gagwe. A le gompieno mongwe wa batlhanka ba Modimo a ka nna le mokgwa o o tshwanang? Ee, fa a itlhokomolosa dikgakololo tsa ga Jehofa a bo a simolola go dira boleo. Mo maemong a mangwe, seno se diragala phatlalatsa, jaaka fa mongwe a ka tsena mo lenyalong la boaka. Tota le fa go ka direga gore batho ba bangwe ba bo ba sa itse ka boleo joo, motho yoo yo o sa ikobeleng Jehofa o tsamaya mo tseleng e e kotsi tota. Motho yo o tshelang botshelo jwa boitimokanyi a ka nna a akanya jaana, ‘Ga go ope yo o tla itseng ka kgang eno.’ Mme gone, boammaaruri ke gore Modimo o bona se se mo megopolong le se se mo dipelong mme o kgona go bona dilo tse di dirwang mo sephiring. (Bala Jeremia 32:19.) Tota ke eng se se tshwanetseng go dirwa fa motho a tlotse melao ya Modimo?
12. Ka dinako tse dingwe bagolwane ba tshwanelwa ke go dira eng go sireletsa phuthego?
12 Bajuda ba le bantsi ba ne ba gana thuso e Jehofa a neng a ba naya yone gangwe le gape ka Jeremia. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, go ka direga gore motho yo o dirileng boleo jo bo masisi a bo a sa ikwatlhaye, a gana thuso ya bagolwane. Fa go ntse jalo, bagolwane ba tshwanetse go latela kaelo ya Dikwalo ya go sireletsa phuthego ka go kgaola modiraphoso yoo. (1 Bakor. 5:11-13; bona lebokose le le reng “Go Tshela Kwantle ga Molao,” le le mo go tsebe 73.) Mme gone, a seo se raya gore motho yoo o tshwanetse go tlhobogwa, gore Jehofa ga a kitla a tlhola a mo amogela? Nnyaa, le e seng! Baiseraele ba ne ba sa bolo go nna ba tsuologa; mme gone Modimo o ile a ba raya a re: “Boang, lona barwa ba batlhanogi. Ke tla fodisa boemo jwa lona jwa botlhanogi.” (Jer. 3:22)a Jehofa o kopa batho ba ba dirileng diphoso gore ba boele kwa go ene. Tota e bile, o ba laela gore ba dire jalo.
Ke eng fa go le botlhale gore fa re leofile re kope Modimo gore a re itshwarele?
IKOBELE JEHOFA KA GO BOELA KWA GO ENE
13. Fa motho a batla go boela kwa go Jehofa, o tshwanetse go lemoga eng?
13 Jaaka Jeremia a bontshitse, gore motho a kgone go boela kwa Modimong, o tshwanetse go ipotsa gore: ‘Ke dirile eng?’ Morago ga moo, a dirise melaometheo ya Dikwalo go itshekatsheka, mme a amogele kgakololo ya tsone. Bajuda ba ba ba sa ikwatlhayeng ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba itlhokomolosa kgang ya go itshekatsheka. Ba ne ba gana go dumela gore ba dira maleo a a masisi, ka jalo Jehofa ga a ka a ba itshwarela; tota o ne a sa kgone go ba itshwarela. (Bala Jeremia 8:6.) Go farologana le bone, moleofi yo o ikwatlhayang o lemoga gore go sa ikobele Jehofa ga gagwe, go tlisitse kgobo mo leineng la Modimo le mo phuthegong ya Bokeresete. Tota e bile motho yo o ikwatlhayang go tswa pelong o hutsafadiwa thata ke kutlobotlhoko e a ka tswang a e baketse batho ba ba se nang molato. Motho yoo o tshwanetse go itse gore Jehofa o tla mo itshwarela fela fa a bontsha gore o lemoga ka botlalo matswela a ditiro tsa gagwe tse di bosula. Le fa go ntse jalo, go boela kwa Modimong ga go felele fela foo.
14. Motho o ‘boela kwa go Jehofa’ jang? (Akaretsa le dintlha tse di mo lebokoseng le le reng “Boikwatlhao ke Eng?”)
14 Motho yo o ikwatlhayang go tswa pelong o sekaseka maitlhomo, dikeletso le mekgwa ya gagwe. (Bala Dikhutsafalo 3:40, 41.) O tla sekaseka maemo mangwe mo botshelong jwa gagwe a a bontshang gore o na le bokoa jo bo rileng, jaaka tsela e a dirisanang ka yone le ditsala tsa bong bo sele, tsela e a lebang bojalwa kgotsa motsoko ka yone, tsela e a dirisang Internet ka yone le tsela e a dirang kgwebo ka yone. Fela jaaka mmalapa a gotlha le mafelo a a fitlhegileng a a leng mo ntlwaneng ya gagwe ya boapeelo gore a boloke lelapa la gagwe le le phepa, motho yo o ikwatlhayang le ene o tshwanetse go dira ka natla go phepafatsa megopolo ya gagwe le dilo tse a di dirang fa a le esi. O tshwanetse go ‘boela kwa go Jehofa’ ka go dira dilo tse Modimo a di batlang le go tshela ka melao ya gagwe. Bajuda bangwe ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba boela kwa go Jehofa “ka maaka.” Ba ne ba itira e kete ba ikwatlhaile mme gone ba sa ka ba fetola dipelo tsa bone kgotsa matshelo a bone. (Jer. 3:10) Go farologana le bone, motho yo tota a batlang go itshwarelwa ga a kitla a leka go fora Jehofa le phuthego ya Gagwe. Go na le gore a batle fela go boloka serodumo sa gagwe kgotsa botsalano le ba losika kgotsa batho bangwe mo phuthegong, o batla go tlogela gotlhelele diphoso tse a di dirileng mme a tshwanelwe ke gore Modimo a mo itshwarele le go mo amogela.
15. Motho yo tota a ikwatlhayang o tshwanetse go rapela Modimo ka tsela efe?
15 Thapelo e botlhokwa thata fa motho a batla go bontsha gore o a ikwatlhaya. Mo metlheng ya bogologolo, go ne go tlwaelegile gore batho ba tsholeletse diatla tsa bone kwa legodimong fa ba rapela. Gompieno, fa motho yo tota a ikwatlhayang a rapela, o ‘tsholeletsa pelo ya gagwe mmogo le magofi a gagwe kwa Modimong’ fela jaaka Jeremia a ne a dira. (Dikhu. 3:41, 42) Boikutlo jwa go ikwatlhaya bo tlhotlheletsa moleofi yoo yo o ikwatlhayang gore a itshware ka tsela e e dumalanang le kopo ya gagwe ya gore a itshwarelwe. Dithapelo tsa gagwe ke tsa mmatota e bile di tswa pelong.
‘Ke eng fa ke ne ke sa reetse?’
16. Ke eng fa go tshwanela gore motho a boele kwa Modimong?
16 O tshwanetse wa bo o lemoga gore moleofi yo tota a amogelang diphoso tsa gagwe a ka nna a tshwanelwa ke go tlogela boikgogomoso. Mme gone ntlha ya botlhokwatlhokwa ke gore: Jehofa o batla gore baleofi ba boele kwa go ene. Fa Modimo a bona gore motho o ikwatlhaya go tswa pelong, pelo ya Gagwe e ipelela seo. O ‘fuduiwa’ ke maikutlo a a bonolo ka gonne a batla go itshwarela botlhe ba ba ikwatlhaelang maleo a bone, fela jaaka a ne a dira ka Baiseraele ba ba neng ba boa go tswa kwa botshwarwa. (Jer. 31:20) A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Modimo o naya batho ba ba mo ikobelang kagiso le tsholofelo! (Jer. 29:11-14) Ba ka boa gape ba nna batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo.
GO IKOBA GO KA GO SIRELETSA
17, 18. (a) Barekabe e ne e le bomang? (b) Jaaka setshwantsho se se mo go tsebe 77 se bontsha, ba ne ba itsege ka eng?
17 Go ikobela Jehofa ka botlalo go a sireletsa. Re bona seo mo sekaing sa Barekabe ba motlha wa ga Jeremia. Makgolo a a fetang a mabedi a dingwaga pelenyana, rremogologolwane wa bone wa Mokene e bong Jehonadabe, yo o neng a ema Jehu nokeng ka boikanyegi, o ne a ba neile melao e le mmalwa e e ba thibelang go dira dilo dingwe. Mongwe wa melao eo e ne e le gore ba se ka ba nwa beine. Jehonadabe o ne a sa bolo go swa, mme Barekabe ba ne ba sa ntse ba mo ikobela. Jeremia o ne a ba leka ka go ba isa kwa phaposing ya bojelo e e mo tempeleng mme a baya beine fa pele ga bone, a bo a ba kgothaletsa gore ba e nwe. Ba ne ba mo raya ba re: “Ga re na go nwa beine epe.”—Jer. 35:1-10.
18 Mo Barekabeng, go ikobela mogologolwane yoo wa bone yo o neng a sa bolo go swa go ne go le botlhokwa. Baobamedi ba boammaaruri bone ba tshwanetse go nna kelotlhoko le go feta gore ba ikobele ditaelo tsa Modimo yo o tshelang. Jehofa o ne a itumedisiwa thata ke tsela e Barekabe ba neng ba ikemiseditse go ikoba ka yone, mme seo se ne sa dira gore ba farologane thata le Bajuda ba ba neng ba sa mo ikobele. Modimo o ne a solofetsa Barekabe gore o tla ba sireletsa mo masetlapelong a a tlang. Gompieno, kgang eno ya Barekabe e re ruta gore batho ba ba ikobelang Jehofa ka botlalo ba tlhomamisediwa gore o tla ba sireletsa ka nako ya pitlagano e kgolo.—Bala Jeremia 35:19.
Ke eng fa go ikwatlhaela boleo jo bo masisi e le kgato ya botlhokwa e e bontshang go ikoba? Go ikoba go ka thusa jang motho gore a tile go dira boleo jo bo masisi?
JEHOFA O EMA NOKENG BA BA MO IKOBELANG
19. Modimo o tla go sireletsa jang fa o mo ikobela?
19 Ga re a tshwanela go akanya gore Modimo ga a tlhole a sireletsa batho ba gagwe le go ba tlhokomela jaaka a ne a dira mo nakong e e fetileng. Tota le mo motlheng wa rona, Jehofa o sireletsa ba ba mo ikobelang gore ba se ka ba tsena mo kotsing ya semoya. Fela jaaka dipota tse di goletsegileng kwa godimo di ne di sireletsa metse ya bogologolo gore e se ka ya tlhaselwa, molao wa Modimo le one o sireletsa ba ba o ithutang le ba ba o dirisang ka dinako tsotlhe. A o tla nna mo teng ga lobota lo lo sireletsegileng lwa melao ya Modimo ya boitsholo? O ka tlhomamisega gore dilo di tla go tsamaela sentle fa o ka dira jalo. (Jer. 7:23) Go na le bosupi bo le bontsi jwa kgang eno.—Bona lebokose le le reng, “Go Ikobela Jehofa go a Sireletsa.”
20, 21. (a) O ka tlhomamisega ka eng fa o ntse o direla Jehofa? (b) Kgosi Jehoiakime o ne a itshwara jang fa a utlwa molaetsa o Modimo a neng a ba naya one ka Jeremia?
20 Batho ba ba re ganetsang ba dira gore go nne thata go direla Modimo, e ka tswa e le ba malapa a rona, badirimmogo, ba re tsenang sekolo le bone kgotsa badiredibagolo ba ba mo lefelong le re nnang mo go lone. Le fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore fa o ikobela Jehofa ka botlalo mo dilong tsotlhe, o tla go ema nokeng le fa o ka kopana le maemo a a thata go le kana kang. Se lebale—Modimo o ile a solofetsa Jeremia gore o tla mo nonotsha le fa a ka lebana le pogiso e e setlhogo go le kana kang, mme Jehofa o ne a dira sone seo. (Bala Jeremia 1:17-19.) Nako nngwe e mo go yone go neng ga bonala sentle gore Modimo o ema Jeremia nokeng, ke mo motlheng wa puso ya ga Kgosi Jehoiakime.
21 Babusi ba le mmalwa ba Iseraele ba ile ba ganetsa babueledi ba Modimo setlhogo fela jaaka Jehoiakime. Re bona seno mo kgannyeng ya ga moporofeti Urija, yo o neng a porofeta ka nako e le nngwe le Jeremia. Kgosi Jehoiakime yo o boikepo o ne a ikemisetsa go dira gore a latelelwe go fitlha le kwa melelwaneng ya ditšhaba tse dingwe. Fa moporofeti wa ga Jehofa e bong Urija a ne a tlisiwa fa pele ga kgosi, e ne ya laela gore a bolawe. (Jer. 26:20-23) Mo ngwageng wa bonè wa puso ya ga Jehoiakime, Jehofa o ne a laela Jeremia gore a kwale mafoko otlhe a Modimo a neng a a buile le ene go tla go fitlha ka nako eo mme a a balele kwa godimo mo tempeleng. Jehoiakime o ne a tsaya momeno wa ga Jeremia mme a laela modiredi mongwe wa ntlo ya kgosi gore a mmalele one. Fa modiredimogolo a ntse a bala, kgosi e ne ya tsaya momeno oo, ya o gagoganya le go o latlhela mo molelong le fa dikgosana dingwe tsa gagwe di ne di mo kopa gore a se ka a dira jalo. Go tswa foo o ne a roma banna bangwe gore ba ye go tshwara Jeremia le Baruke. Go ne ga direga eng? “Jehofa a ba tlogela ba ntse ba fitlhilwe.” (Jer. 36:1-6; bala Jeremia 36:21-26.) Jehofa ga a ka a letla Jehoiakime gore a utlwise banna bao ba babedi ba ba ikanyegang botlhoko.
22, 23. Se se diragaletseng Mosupi mongwe wa kwa bogareng jwa Asia se go bontsha eng malebana le tsela e Modimo a emang batho ba gagwe nokeng ka yone?
22 Fa Jehofa a bona go tshwanela, o sa ntse a ka fitlha batlhanka ba gagwe ba mo motlheng ono gore ba se ka ba utlwisiwa botlhoko. Le fa go ntse jalo, gantsi o ba naya bopelokgale le botlhale jwa go mo ikobela le go tswelela ba rera dikgang tse di molemo. Mmè mongwe yo o sa nyalwang yo re tla mmitsang Gulistan o na le bana ba le banè. Jehofa o mo ema nokeng. Go ne ga feta lobakanyana e le ene fela Mosupi mo lefelong lengwe le legolo le le mo bogareng jwa Asia le kwa go lone puso e ganetsang tiro ya go rera ka Bogosi. Phuthego e e gaufi le ene e sekgala sa dikilometara di feta 400 go tswa mo a nnang teng, ka jalo Gulistan ga a kgone go kopana ka metlha le Bakeresete mmogo le ene. Le fa gone a bogisiwa e bile a na le mathata a mangwe, o rera ka ntlo le ntlo mme o kopana le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang. Go ya ka pego e e amogetsweng bosheng jaana, o tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ka nna 20 e bile o tlhokometse setlhotswana se se ntseng se gola sa dinku tsa ga Jehofa.
23 Fela jaaka Modimo a ne a thusa Jeremia le Basupi ba bangwe ba ba jaaka Gulistan, o ikemiseditse go go thusa wena mmogo le batlhanka ba bangwe ba ba mo ikobelang. Ititeye sehuba gore o tla mo ikobela e le Mmusi bogolo go batho. Fa o ntse o dira jalo, kganetso le dikgoreletsi tse dingwe ga di ka ke tsa go thibela go galaletsa Modimo yo o esi wa boammaaruri phatlalatsa mo lefelong le o nnang mo go lone.—Jer. 15:20, 21.
24. Go ikoba go lere masego afe gone jaanong?
24 Ga re ka ke ra bona boipelo le kgotsofalo ya mmatota fa re sa ikaege ka Mmopi wa rona. (Jer. 10:23) Fa o sena go ithuta se Jeremia a ileng a se kwala malebana le go ikoba, a go na le ditsela dingwe tse ka tsone o ka letlang Jehofa gore a kaele dikgato tsa gago ka botlalo? Ditaelo tsa gagwe ke tsone fela di ka re kaelang mo botshelong gore re bone boitumelo jwa mmatota le katlego. Jehofa o kgothatsa jaana: ‘Ikobele lentswe la me, gore dilo di go tsamaele sentle.’—Jer. 7:23.
Gore o kgone go nonotsha kamano ya gago le Modimo, o ka dirisa jang se o ithutileng sone mo bukeng ya Jeremia malebana le kgang ya go ikoba?
a Mono Jehofa o ne a bua le batho ba bogosi jo bo kwa bokone jwa Iseraele. Fa Jeremia a ne a isa molaetsa ono, batho bao ba ba neng ba le mo bogosing jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele ba ne ba na le dingwaga di ka nna 100 ba le kwa botshwarwa. O ne a bua gore go tla go fitlha mo motlheng wa gagwe, setšhaba seo se ne se ise se ikwatlhaye. (2 Dikg. 17:16-18, 24, 34, 35) Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba sa ntse ba ka boelana le Modimo, le e leng go boa go tswa kwa botshwarwa.