KGAOLO YA BOSOMENNGWE
‘Badisa ba ba Tumalanong le Pelo ya Me’
1, 2. (a) Ke eng se se ka diregang fa letsomane le sa sirelediwa? (b) Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, tiro ya modisa e ne e akaretsa eng?
HIROYASU wa kwa Japane e ne e sa ntse e le mosimanyana fa mmagwe a ne a reka phelefu le nku e e namagadi. O ne a di tlhokomela, mme nku e e namagadi e ne e tsala dikonyana tse pedi ngwaga le ngwaga, ka jalo letsomane le ne le ata. Fa a le dingwaga di le 12, o ne a setse a na le dinku di le 12 kgotsa 13. O tlhalosa jaana: “Moso mongwe fa ke sa ntse ke robetse, ke ne ka di utlwa di lela. Ga ke a ka ka tswela kwa ntle ka yone nako eo. Fa kgabagare ke tswa, ke ne ka bona setlhopha sa dintša tsa naga se tshaba mme se garotse dikonyana tsa me. Ke ne ka tlhakana tlhogo tota mme ka simolola go batlana le mmaatsone. Ke ne ka fitlhela a sa ntse a tshela mme a rapaletse mo bodibeng jwa madi. Go ne go falotse phelefu fela. Ke ne ke utlwile botlhoko thata. Nkabo ke ile ka ya go tlhola letsomane lekgetlo la ntlha fela fa ke utlwa le lela. Le ne le sa kgone go iphemela mo dintšeng tseno.”
2 Mo e ka nnang motho mongwe le mongwe mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, o ne a itse tiro e e dirwang ke modisa. Tiro ya gagwe e ne e le go etelela pele letsomane la gagwe go ya kwa mafulong le go tlhomamisa gore diphologolo tse a di tlhokometseng di fepiwa sentle. Gape o ne a di sireletsa mo dibataneng e bile a batla tse di latlhegileng. (1 Sam. 17:34-36) Modisa o ne a tlhomamisa gore letsomane la gagwe le a ikhutsa le sa tshwenngwe ke sepe. Gape o ne a thusa fa dikonyana di tsalwa e bile a di tlhokomela morago ga moo. Bakwadi ba le bantsi ba Baebele, go akaretsa le Jeremia, ba ile ba dirisa setshwantsho sa modisa go bontsha boikarabelo jo monna yo o tlhokomelang batho a nang le jone, e ka tswa e le mmusi wa bone kgotsa molebedi wa phuthego.
3. Jeremia o ne a bua ka eng fa a ne a dirisa mafoko, “modisa” le “go disa”?
3 Batho bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba ka nna ba tsaya gore bagolwane ke badisa, fela ka gonne ba bona banna bano ba etela bakaulengwe ba bone gore ba ba thuse le go ba kgothatsa. Le fa go ntse jalo, fa re leba tsela e Jeremia a dirisitseng ka yone mafoko “modisa” le “go disa,” re lemoga gore o ne a a dirisa mo dikarolong tsotlhe tse di tlhalosang kamano e balebedi ba Juda ba neng ba na le yone le batho ba ba ba tlhokometseng. Gantsi Modimo o ne a kgala dikgosana, baporofeti le baperesiti ba kwa Juda a ba bitsa badisa ba ba bosula ka gonne ba ne ba sa kgathalele batho ba maemo a a kwa tlase. (Jer. 2:8) E re ka ba ne ba le pelotshetlha mme ba gagamalela dilo tse di amang bone fela, ba ne ba tshwara “dinku” tsa bone makgwakgwa, ba di timetsa e bile ba di tlhokomologa. Batho ba Modimo ba ne ba tlogelwa ba le mo seemong se se hutsafatsang sa semoya. Jehofa o ne a re, “go latlhega” badisa bao ba maaka, mme o ne a tlhomamisetsa batho ba gagwe gore o tla ba naya badisa ba ba tla ba tlhokomelang, ba ba akanyetsang le ba tota ba tla sireletsang letsomane.—Bala Jeremia 3:15; 23:1-4.
4. Ke bomang ba ba tlhokometseng letsomane la Modimo gompieno, mme ba bontsha moya ofe?
4 Tsholofetso ya Modimo e ne ya diragadiwa ka tsela e kgolo mo Modiseng yo Mogolo wa dinku tsa ga Jehofa, e bong Jesu, yo o neng a nna Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. O ne a ipitsa “modisa yo o molemo,” yo o neng a bontsha kutlwelobotlhoko ya mmatota mo go ba a ba eteletseng pele. (Joh. 10:11-15) Gompieno, Jehofa o tlhomile badisa gore ba tlhokomele letsomane la gagwe la mo lefatsheng, mme letsomane leo le akaretsa bakaulengwe ba ba tloditsweng ba setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale mmogo le bagolwane ba ba kelotlhoko ba “boidiidi jo bogolo.” (Tshen. 7:9) Badisa bano ba leka ka natla go bontsha moya o Jesu a nang le one wa go intsha setlhabelo. Ba batla go etsa Keresete ka go otla le go ngomaela phuthego. A bo go latlhega ope fela yo o tlhokomologang bakaulengwe ba gagwe, a rena mo go bone kgotsa a dirisana le bone ka tsela e e makgwakgwa kgotsa a ba ikgogomosetsa! (Math. 20:25-27; 1 Pet. 5:2, 3) Jehofa o lebeletse eng mo badiseng ba Bakeresete gompieno? Re ka ithuta eng mo dibukeng tse Jeremia a di kwadileng ka boikutlo jo bo siameng le maitlhomo a bagolwane ba tshwanetseng go nna le one fa ba ntse ba dira boikarabelo jwa bone? Mma re sekasekeng ditiro tse ba di dirang mo phuthegong tse di jaaka go thusa, go tlhokomela ka lorato, go ruta mo teng le kwa ntle ga phuthego le go nna baatlhodi.
GO SIRELETSA LETSOMANE KA LORATO
5-7. (a) Jehofa o lebeletse gore dinku tsa gagwe di tlhokomelwe ka tsela efe, mme ka ntlha yang? (b) Bagolwane ba ka bontsha bakaulengwe ba bone lorato lwa mmatota jang, go akaretsa le ba ba duleng mo letsomaneng?
5 Moaposetoloi Petere o ne a re Jehofa ke ‘modisa le molebedi wa meya ya rona.’ (1 Pet. 2:25) Modimo o ikutlwa jang ka “dinku” tsa gagwe? Re bona karabo ka go ela tlhoko se se ileng sa direga mo motlheng wa ga Jeremia. Fa Jehofa a sena go kgala badisa ba ba bosula ba ba neng ba phatlalatsa letsomane le go le tlhokomologa, o ne a re o tla “phutha” dinku tsa gagwe mme a di tlise mo lefelong la tsone la mafulo. O ne a ba solofetsa gore o tla tlhoma badisa ba ba molemo ‘ba ruri ba tla ba disang’ le go tlhomamisa gore batho ba gagwe ba sirelediwa mo babeng ba ba setlhogo. (Jer. 23:3, 4) Ee, Jehofa o ne a tsaya dinku tsa gagwe di le botlhokwa thata. Mme le gompieno o sa ntse a di tsaya di le botlhokwa. O ntshitse mpho e e tlhwatlhwakgolo gore di bone botshelo jo bo sa khutleng.—1 Pet. 1:18, 19.
6 Fela jaaka badisa ba mmatota, balebedi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go tlhokomologa boikarabelo jwa bone jwa go tlhokomela phuthego. Fa e le gore o mogolwane, a o leka ka natla go lemoga matshwao ape fela a a bontshang gore bakaulengwe ba gago ba tlhoka thuso, mme a o ikemiseditse go ba thusa ka yone nako eo? Kgosi e e botlhale Solomone o ne a kwala jaana: “O tshwanetse go itse ponalo ya letsomane la gago sentle. Tlhoma pelo ya gago mo metlhapeng ya gago.” (Dia. 27:23) Temana eno e gatelela tsela e badisa ba mmatota ba dirang ka natla ka yone; mme gone, e ka dirisiwa gape go bontsha kafa badisa ba phuthego ba tlhokomelang phuthego ka gone. Fa e le gore o mogolwane, a o leka ka natla go lwantsha tshekamelo epe fela e o ka tswang o na le yone ya go rena mo bathong ba bangwe? Lebaka la go bo Petere a ile a bua ka “go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo” le bontsha gore tota go a kgonega gore mogolwane a dire jalo. O ka dira eng gore se se tlhalosiwang mo go Jeremia 33:12 se fitlhelelwe? (E bale.) Batsadi ba ba godisang bana ba le bosi, batlholagadi, malapa a motsadi wa bobedi, batsofe le basha ba ka tlhoka tlhokomelo le thuso e e kgethegileng.
7 Fela jaaka modisa a ka dira ka dinku tsa mmatota, ka dinako tse dingwe modisa wa phuthego a ka tshwanelwa ke go batla le go thusa batho ba ka ntlha ya mabaka mangwe ba duleng mo letsomaneng mme ba latlhegile. Gore a kgone go dira jalo o tla tshwanelwa ke go intsha setlhabelo le go nna boikokobetso. O dirisa nako a thusa ba a ba tlhokometseng ka dilo tse ba di tlhokang mme o dira jalo ka bopelotelele. Go ka nna molemo gore bagolwane ba phuthego ba ipotse jaana: ‘Ke leka ka natla go le kana kang go kgothatsa le go aga bakaulengwe ba me go na le go ba kgala kgotsa go ba tshwayatshwaya diphoso? A tota ke batla go tokafatsa mo ntlheng eno?’ Ka dinako tse dingwe o ka nna wa tshwanelwa ke go leka gantsintsi go thusa motho gore a lebe dilo jaaka Modimo a di leba. Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a okaoka go amogela kgakololo ya dikwalo (kgakololo eo e se fela maikutlo a mogolwane), se lebale tsela e Modisa yo Mogolo le Molebedi e bong Jehofa a dirang dilo ka yone. O ile ‘a nna a bua’ le batho ba gagwe ba diganana le go leka go ba thusa a le pelotelele. (Jer. 25:3-6) Gompieno batho ba le bantsi ba Modimo ga ba dire dilo tse di bosula, mme fa kgakololo e tlhokega, mogolwane o tshwanetse go e neela fela jaaka Jehofa.
8. Badisa ba phuthego ba ka etsa jang sekao sa ga Jeremia?
8 Le fa go ne go na le tsholofelo ya gore Bajuda ba ne ba ka boela kwa go Jehofa, Jeremia o ne a ba rapelela. O ne a raya Modimo a re: “Gakologelwa go ema ga me fa pele ga gago gore ke bue molemo kaga bone, go busa tšararego ya gago mo go bone.” (Jer. 18:20) O kgona go bona mo mafokong ano gore Jeremia o ne a batla dilo tse di molemo mo bakaulengweng ba gagwe, a sa ba akanyetse bosula. Gompieno, balebedi ba Bakeresete ba tshwanetse go etsa Jeremia ka go batla dilo tse di molemo mo bakaulengweng ba bone go fitlha ba nna le bosupi jo bo bonalang jwa gore motho o ikemiseditse go dira bosula a sa ikwatlhaye. Kgato e e molemo e ba ka e tsayang ke go akgolela ba bangwe molemo o ba o dirang, ka go ba rapelela le go rapela le bone.—Math. 25:21.
Ke tsholofetso efe e e malebana le badisa ba semoya e Modimo a neng a e dira ka Jeremia? Balebedi ba Bakeresete ba ka sireletsa jang letsomane ka lorato?
“RURI BA TLA LO FEPA”
9, 10. Ke ka ntlha yang fa go nna modisa yo o molemo (mogolwane wa phuthego) go kaya go nna morutisi?
9 Go dumalana le se re se balang mo go Jeremia 3:15, badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go “fepa [ba bangwe] ka kitso le temogo,” mo go rayang gore ba nne barutisi. (1 Tim. 3:2; 5:17) Jehofa o ne a solofetsa batho ba gagwe gore badisa ba ba molemo ba tla dira jalo. Mme o ne a kgothaletsa Bajuda gore ba amogele thuto e e solegelang molemo e moporofeti wa gagwe Jeremia a neng a ba naya yone. (Bala Jeremia 6:8.) Dinku di tlhoka go otliwa gore di nne di itekanetse. Ka tsela e e tshwanang, gore batho ba Modimo ba nne ba itekanetse semoyeng ba tshwanetse go otliwa ka Dikwalo le go kaelwa.
10 Go na le dilo di le pedi tse bagolwane ba tshwanetseng go di dira fa ba ruta—go thusa ba ba setseng ba le mo phuthegong le go thusa ba e iseng e nne Bakeresete ba boammaaruri. Mo kgannyeng ya go thusa ba e iseng e nne Bakeresete, se lebale: Lengwe la mabaka a konokono a go bo phuthego ya Bokeresete e le teng, ke gore go rerwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse go nna bareri ba ba tlhagafetseng. (Jer. 1:7-10) Fa ba dira jalo, ba diragatsa maikarabelo a ba a neilweng ke Modimo e bile ba tlhomela bakaulengwe ba bone sekao se se molemo. Fa e le gore o mogolwane, ruri o tshwanetse wa bo o lemogile gore go rera ka metlha le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng go go naya tshono ya go ba thusa le go tokafatsa bokgoni jwa bone le jwa gago jwa go ruta. Mme fa o etelela pele ka tlhoafalo mo tirong ya go rera, o naya kgothatso ya botlhokwa e e ka thusang phuthego yotlhe gore e gatele pele.
11, 12. Mogolwane yo o batlang go nna modisa yo o molemo o tshwanetse go ela tlhoko eng?
11 Dilo tse bagolwane ba di rutang mo phuthegong di tshwanetse tsa bo di theilwe mo Baebeleng; fa ba dira jalo, thuto eo e tla nna dijo tse di agang tsa semoya. Ka jalo o ka lemoga gore, e le gore badisa bano ba phuthego ba nne barutisi ba ba nang le matswela, ba tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhagafetseng ba Lefoko la Modimo. Bapisa seno le lebaka le Jeremia a ileng a re ke lone le dirang gore baeteledipele ba batho ba gagabo ba se ka ba nna barutisi ba ba nang le matswela: “Badisa ba itshwere ka go sa akanye, e bile ga ba a batla Jehofa. Ke ka lone lebaka leo ba sa dirang ka temogo, mme diphologolo tsa bone tsotlhe tse di fudisiwang di gasame.” (Jer. 10:21) Batho ba e neng e tshwanetse go nna barutisi ba ne ba sa latele melaometheo ya Dikwalo e bile ba sa senke Modimo. Ke gone ka moo tsela e ba neng ba dira dilo ka yone e neng e bontsha gore ga ba kaelwe ke botlhale jwa bomodimo. Jeremia o ne a itsise molaetsa o o bogale wa katlholo e e botlhoko e e tla welang batho bao ba go neng go twe ke baporofeti.—Bala Jeremia 14:14, 15.
12 Go farologana le badisa bao ba maaka, balebedi ba Bakeresete bone ba a ithuta mme ba etsa sekao sa ga Jesu. Ka jalo, ba kgona go nna badisa ba ba botlhale ba letsomane. E re ka ba na le maikarabelo a mantsi a a ba tlhokang nako le a ba tshwanetseng go a dira, go ka nna thata gore ba nne le thulaganyo ya go ithuta ka metlha. Mme gone, fa e le gore o mogolwane, a tota o tlhatswegile pelo gore kaelo e o e nayang phuthego e ka nna ya boammaaruri e bile e ka solegela molemo, ya bontsha gore o na le kitso le temogo, fela fa e le gore e tswa mo Lefokong la Modimo e bile ke kaelo e e tswang mo setlhopheng sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale? Fa o lemoga gore ga o tlhole o na le thulaganyo ya go ithuta o le nosi jaaka o ne o dira mo nakong e e fetileng, o tla dira eng gore o tswelele o farologane le badisa ba maaka ba motlha wa ga Jeremia?
13. Ke eng se se thusitseng Jeremia go nna morutisi yo o molemo, mme badisa ba Bakeresete ba ka ithuta eng mo go ene gompieno?
13 Sengwe sa dilo tse di neng di dira gore Jeremia e nne morutisi yo o nang le matswela ke tsela e a neng a dirisa ditshwantsho ka yone. Kana gone o ne a rutwa ke Jehofa. Ruri e tshwanetse ya bo e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng go mmona a thubaganya sejana sa letsopa fa fatshe mme a bo a bolela gore Jerusalema le batho ba yone ba ne ba tla thubaganngwa ka tsela eo! (Jer. 19:1, 10, 11) Sekai se sengwe se Jeremia a neng a se dira ke sa fa a ne a rwala jokwe ya logong e le go bontsha kafa batho ba gagabo ba tlileng go boga botlhoko ka gone fa ba le kwa botshwarwa kwa Babelona. (Jer., kgao. 27-28) Bagolwane ba mo phuthegong ya lona bone ga ba a laelwa gore ba dire dilo dingwe tse di sa tlwaelegang go tlhalosa dintlha dingwe. Le fa go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o itumelela go utlwa ba dirisa ditshwantsho le maitemogelo a a tshwanelang fa ba ruta. Ruri ditshwantsho le dikai tse di akanyeditsweng sentle le tse di tshwanelang, di ka go nonotsha le go go tlhotlheletsa fela thata.
14. (a) Jeremia o ne a bua ka eng fa a umaka “balema mo Gileade”? (b) Bagolwane ba Bakeresete ba ka thusa jang bakaulengwe ba bone gore ba nne ba itekanetse semoyeng?
14 A bo re tshwanetse go anaanela jang ne tiro ya go ruta e e dirwang ke badisa ba Bakeresete! Jeremia o ne a bona go tlhokega gore batho ba mo motlheng wa gagwe ba alafiwe semoyeng. O ne a botsa jaana: “A ga go na balema mo Gileade? Kgotsa a ga go na mofodisi teng?” (Jer. 8:22) Go ne go na le balema ya mmatota kwa Gileade, e leng karolo ya Iseraele e e kafa botlhaba jwa Joredane. Semela seno se se nang le oli e e nkgang monate se ne se itsege ka maatla a sone a go alafa, gantsi oli eo e ne e tshasiwa mo dinthong gore e di alafe le go di fodisa. Le fa go ntse jalo, kalafi ya semoya yone e ne e seyo. Ka ntlha yang? Jeremia o ne a re: “Baporofeti ba porofeta maaka; mme fa e le baperesiti bone, ba fenya go ya ka maatla a bone. Le batho ba me ba ratile go ntse jalo.” (Jer. 5:31) Gompieno gone go ntse jang? A ga o dumele gore ruri go na le “balema mo Gileade”—teng mo phuthegong ya lona? Re ka tshwantsha balema e e fodisang le kgomotso e badisa ba ba lorato ba Bakeresete ba e nayang ka go kaela bakaulengwe melaometheo ya Dikwalo, go ba aga, go ba rapelela le go rapela le bone.—Jak. 5:14, 15.
Ke dilo dife tse o di ratang thata mo tseleng e bagolwane ba phuthego ya lona ba rutang ka yone? Ke eng se se dirang gore tsela e ba rutang ka yone e nne le matswela?
“JEHOFA O BUILE JAANA”
15, 16. Ke ka ntlha yang fa matsomane a mmatota le a semoya a tlhoka go tlhokomelwa?
15 Akanya fela kafa modisa wa mmatota a itumelang ka gone fa dikonyana tse di itekanetseng sentle di tsalwa morago ga gore a fetse diura tse dintsintsi a dira ka natla! Le fa go ntse jalo, o a itse gore dikonyana tseno di tshwanetse go tlhokomelwa gore di gole sentle. Modisa o tshwanetse go tlhomamisa gore di otliwa sentle. Dikonyana di tsalwa di na le megatla e meleele e e ka gogobang mo motshotelong le mo lesweng. Modisa o batla gore diphologolo tsa gagwe di nne di le phepa e bile di itekanetse sentle, ka jalo a ka nna a fokotsa megatla ya tsone, a dira jalo ka matsetseleko gore di se ka tsa utlwa botlhoko go sa tlhokege. Badisa ba semoya le bone ba tlhokomela maloko a phuthego ya bone ka lorato. (Joh. 21:16, 17) Gape bagolwane ba itumela thata fa ba bona batho ba ba kgatlhegang ba tsaya kgato gore e nne Bakeresete ba boammaaruri. Balebedi ba Bakeresete ba batla gore dinku tsotlhe, tse dinnye le tse di godileng, di itekanele mme di otliwe ka tshwanelo, ka jalo ga ba kgaotse go di tlhokomela, le go tsereganya fa go tlhokega. Ga go pelaelo gore tiro eno e akaretsa le go gakolola bakaulengwe ba bone ka se ‘Jehofa a se buileng,’ ke gore, se Dikwalo di se rutang.—Jer. 2:2, 5; 7:5-7; 10:2; Tito 1:9.
16 Jeremia o ne a tshwanetse go nna pelokgale gore a kgone go itsise molaetsa wa Modimo. Ka jalo, balebedi ba phuthego le bone ba tshwanetse go nna pelokgale, segolobogolo fa ba tshwanelwa ke go bua gore ba sireletse bakaulengwe ba bone. Ka sekai, go ka direga gore modisa wa semoya a bone go tlhokega gore a tsenelele mo maemong mangwe go thusa ‘konyana e e sa tswang go tsalwa’ kgotsa “nku” e e godileng gore e se ka ya kgotlelwa ke leswe la lefatshe la ga Satane. Motho yo o mo kotsing a ka tswa a sa kopa kgakololo. Le fa go ntse jalo, a modisa yo o kelotlhoko a ka ema fela a sa dire sepe le fa a bona gore nngwe ya dinku tsa gagwe e wela mo kotsing? Nnyaa le e seng! Tota e bile a ka se tseye maemo ao motlhofo, a dira e kete tsotlhe di apere tshiamo le fa gone go bonala sentle gore go na le bothata jo bo ka dirang gore modumedi ka ene a latlhegelwe ke kamano ya gagwe le Jehofa.—Jer. 8:11.
17. Ke leng modisa a ka tlhokang go thusa nku nngwe ka tsela e e kgethegileng, mme a ka dira seo jang?
17 Fa go ne go ka nna le sengwe se se dirang gore nku e e seng kelotlhoko e katogele kgakala le letsomane, modisa yo o kelotlhoko o ne a tla nna bonako go e kaela gore e boele mo letsomaneng gore e sireletsege. (Bala Jeremia 50:6, 7.) Ka tsela e e tshwanang, ka dinako tse dingwe molebedi a ka nna a tshwanelwa ke go kgalema a tiisitse mme a dira jalo ka lorato fa a lemoga gore mongwe o tloga a wela mo maemong a a kotsi. Ka sekai, a ka nna a lemoga gore batho bangwe ba ba beeletsaneng ba fetsa nako ba le babedi fela go se ope yo o ba beileng leitlho mme ba le mo mafelong a maikutlo a bone a ka nnang a ba fekeetsa. Mogolwane yo o lorato le yo o tekatekano a ka nna a ba thusa gore ba tile maemo ao a a ka ba tsenyang mo kotsing. Le fa gone a tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a ba latofatsa, a ka nna a gatelela dilo dingwe tse di ka dirang gore ba feleletse ba itshwara ka tsela e Jehofa a e tlhoileng. Fela jaaka Jeremia, bagolwane ba ba ikanyegang ba kgala se Modimo a se kgalang. Fa ba dira jalo ba etsa Jehofa, yo o neng a bua le batho ba gagwe jaana ka bonolo a dirisa moporofeti: “Ka tsweetswee, lo se ka lwa dira selo sa mofuta ono se se makgapha se ke se tlhoileng.” (Jer. 5:7; 25:4, 5; 35:15; 44:4) A ruri o anaanela tsela e badisa ba ba lorato ba bontshang ka yone gore ba amega ka letsomane?
18. Maiteko a a dirwang ke badisa ba semoya a dira gore go nne le matswela afe a a kgothatsang?
18 Gone ke boammaaruri gore ga se batho botlhe ba ba ileng ba reetsa Jeremia fa a ba gakolola. Mme gone, go bangwe ba ba ileng ba mo reetsa. Ka sekai, fa tsala ya ga Jeremia e bong Baruke, yo gape e neng e le mokwaledi wa gagwe a ne a tlhoka kgakololo e e maatla, Jeremia o ne a mo e naya ka lorato. (Jer. 45:5) Go ne ga nna le matswela afe? Baruke o ne a amogelwa ke Modimo mme a falola fa Jerusalema e senngwa. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, go nna le matswela a a molemo fa badumedi ka rona ba thusiwa mme seo se ka kgothatsa bagolwane mo phuthegong gore ba ‘tswelele ba dira ka bojotlhe’ mo “go rotloetseng le mo go ruteng” go go bolokang botshelo.—1 Tim. 4:13, 16.
GO OTLHAYA “KA SELEKANYO SE SE TSHWANETSENG”
19, 20. Bagolwane ba na le maikarabelo afe fa ba dirisana le badiraphoso?
19 Tiro e nngwe e e dirwang ke balebedi gompieno ke ya go nna baatlhodi mo phuthegong. Ka dinako tse dingwe bagolwane ba ka nna ba tshwanelwa ke go thusa batho bangwe ba ba leofang ka boomo, ba leka go ba thusa gore ba ikwatlhaye. Jehofa o ne a kgalema badiraphoso ka bopelonomi mme gone a nitame, a ba rotloetsa gore ba tlogele ditsela tsa bone tse di bosula. (Jer. 4:14) Le fa go ntse jalo, fa mongwe mo phuthegong a sa tlogele go dira boleo, balebedi ba tshwanetse go tsaya kgato go sireletsa letsomane mo mothong yoo yo o ka le tlhotlheletsang ka tsela e e sa siamang. Jaaka Dikwalo di laela, ba ka nna ba tshwanelwa ke go leleka modiraphoso yoo. Mo maemong a a ntseng jalo, Jehofa o lebeletse gore bagolwane ba dire dilo go dumalana le tshiamiso ya gagwe. Kgosi e e molemo e bong Josia, o ne a tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng eno. “O sekasekile kopo e e kafa molaong ya yo o bogisiwang le yo o humanegileng.” O ne a etsa Modimo yo o ratang tshiamiso. Ke gone ka moo Jehofa a ileng a botsa jaana ka ditiro tsa ga Josia: “A seo e ne e se lebaka la go nkitse?” E re ka Josia a ne a dira dilo ka tshiamiso le ka tshiamo, dilo di ne tsa ‘mo tsamaela sentle.’ A ga o ikutlwe o sireletsegile le go feta fa bagolwane ba mo phuthegong ya gago ba leka ka natla go etsa sekao sa ga Josia?—Jer. 22:11, 15, 16.
20 Tlhomamisega gore Jehofa o otlhaya badiraphoso “ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Jer. 46:28) Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba ka nna ba tshwanelwa ke go gakolola, go kgothatsa le go kgalemela badumedi ka bone go ikaegile ka maemo le boikutlo jo motho yo o kgalemelwang a bo bontshang. E bile go ka nna ga tlhokega gore ba kgaole modiraphoso yo o sa ikwatlhayeng. Mo maemong ao, bagolwane ga ba rapelele phatlalatsa motho yo o lelekilweng mo phuthegong mme a tsweletse ka go dira boleo; go dira jalo ga go thuse sepe.a (Jer. 7:9, 16) Le fa go ntse jalo, ba tla etsa Modimo mme ba bontshe motho yo o kgaotsweng gore a ka dira eng gore a boele a amogelwa ke Modimo. (Bala Jeremia 33:6-8.) Le fa go kgaolwa go ka nna botlhoko, re ka tlhomamisega gore melao ya Modimo e siame e bile e re solegela molemo rotlhe.—Dikhu. 1:18.
21. Letsomane la Modimo le tshwanetse go nna mo seemong sefe, mme o ka dira eng gore seo se kgonege?
21 Fa badisa ba phuthego ba itse melao e e tlhotlheleditsweng ya Modimo e bile ba e dirisa, letsomane le tla otlega, le itekanele mme le sireletsege sentle. (Pes. 23:1-6) Se Jeremia a re bolelelang sone ka boikutlo le maitlhomo a a siameng gammogo le a a sa siamang, se ka solegela balebedi ba Bakeresete molemo fa ba ntse ba diragatsa boikarabelo jo bo masisi jwa go tlhokomela dinku tsa Modimo. Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana, ‘A ke tla tswelela ke bontsha gore ke anaanela thulaganyo ya ga Jehofa ya go ruta, go kaela le go sireletsa batho ba gagwe ka go ema nokeng badisa ‘ba ruri ba disang’ letsomane “ka kitso le temogo”?’—Jer. 3:15; 23:4.
Ke mo maemong afe mo balebedi ba ka tshwanelwang ke go dira dilo ka bopelokgale? Jehofa o lebeletse eng mo bagolwaneng ba Bakeresete fa ba atlhola?