LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ll karolo 3 ts. 8-9
  • Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?
  • Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go na Le Batho ba Bagolo go re Feta
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Lebaka La go Bo ba Latlhegetswe ke Legae la Bone
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Ditlamorago Tsa go Reetsa Satane e Ile ya Nna Dife?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Karolo 3
    Reetsa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
ll karolo 3 ts. 8-9

KAROLO 3

Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?

Jehofa o ne a naya Adame le Efa dilo di le dintsi tse di molemo. Genesise 1:28

Fa Jehofa a sena go bopa Efa, o mo isa kwa go Adame

Jehofa o ne a bopa mosadi wa ntlha e bong Efa, mme a mo naya Adame gore e nne mosadi wa gagwe.—Genesise 2:21, 22.

Jehofa o ne a ba bopa ba na le megopolo le mebele e e itekanetseng, ba se na selabe sepe.

Adame le Efa ba lebile legae la bone la Paradaise

Legae la bone la Paradaise e ne e le tshimo ya Edene—lefelo le lentlentle le le nang le dinoka le ditlhare tsa maungo le diphologolo.

Jehofa o ne a bua le bone; a ba ruta. Fa ba ne ba ka mo reetsa, ba ne ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise.

Modimo o ne a laetse gore ba se ka ba ja mo go sengwe sa ditlhare tseo. Genesise 2:16, 17

Setlhare se se mo tshingwaneng se Jehofa a neng a laetse Adame le Efa gore ba se ka ba ja mo go sone

Jehofa o ne a bontsha Adame le Efa setlhare sengwe sa maungo mo tshimong mme a ba bolelela gore fa ba ka ja maungo a sone ba tla swa.

Moengele yo o bosula e bong Satane Diabolo, o dirisa noga go bua le Efa

Mongwe wa baengele o ne a tsuologela Modimo. Moengele yoo yo o bosula ke Satane Diabolo.

Satane o ne a sa batle gore Adame le Efa ba ikobele Jehofa. Ka jalo, o ne a dirisa noga gore e bolelele Efa gore fa a ka ja leungo la setlhare seo ga a kitla a swa, go na le moo o ne a tla tshwana le Modimo. Boammaaruri ke gore seo e ne e le maaka.—Genesise 3:1-5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela