LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ll karolo 7 ts. 16-17
  • Jesu E ne E le Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu E ne E le Mang?
  • Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 7
    Reetsa Modimo
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
ll karolo 7 ts. 16-17

KAROLO 7

Jesu E ne E le Mang?

Jehofa o ne a romela Jesu mo lefatsheng. 1 Johane 4:9

Jesu a le ka fa seatleng sa moja sa Modimo kwa legodimong

Fa re batla go itumedisa Jehofa, go na le motho yo mongwe gape wa botlhokwa yo re tshwanetseng go mo reetsa. Lobaka lo loleele pele ga Jehofa a bopa Adame, o ne a bopa motho yo o maatla wa semoya kwa legodimong.

Marea a imile le nako ya fa Jesu a sena go tsholwa

Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a mo romela gore a ye go tsholwa kwa Bethelehema, a tsholwa ke kgarebane e e bidiwang Marea. Ngwana yono o ne a bidiwa Jesu.—Johane 6:38.

Jesu o ruta batho ba bangwe ka Jehofa

Fa Jesu e ntse e le motho mo lefatsheng, o ne a etsa dinonofo tsa Modimo ka botlalo. O ne a le pelonomi, a le lorato e bile a atamelesega. O ne a ruta batho boammaaruri ka ga Jehofa a sa boife sepe.

Jesu o ne a dira se se molemo, le fa go ntse jalo o ne a tlhoilwe. 1 Petere 2:21-24

Jesu o tsosa mosetsana mo baswing e bile o fodisa monna yo o lwalang

Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tlhoile Jesu gonne o ne a senola dithuto tsa bone tsa maaka le ditsela tsa bone tse di bosula.

Gape Jesu o ne a fodisa ba ba lwalang le go tsosa batho bangwe ba ba neng ba sule.

Jesu o a itewa a bo a bolawa

Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tlhotlheletsa Baroma gore ba iteye Jesu le go mmolaya.

  • Ke eng fa go le botlhokwa go itse ka ga Jesu?—Johane 17:3.

  • Jesu o ne a dira eng kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng?—Bakolosa 1:15-17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela