LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fg thuto 6 potso 1-5
  • Go na Le Tsholofelo Efe ka Baswi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go na Le Tsholofelo Efe ka Baswi?
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Na le Tsholofelo ka Baswi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Go Tla Direga Eng fa re Swa?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
fg thuto 6 potso 1-5

THUTO 6

Go na Le Tsholofelo Efe ka Baswi?

1. Go na le dikgang dife tse di itumedisang ka baswi?

Maratha le Marea ba amogela kgaitsadiabone yo o tsositsweng mo baswing e bong Lasaro

Fa Jesu a ne a goroga kwa Bethani gaufi le Jerusalema, tsala ya gagwe e bong Lasaro o ne a na le malatsi a le manè a tlhokafetse. Jesu o ne a ya kwa lebitleng le Maratha le Marea, bokgaitsadie moswi. Go ise go ye kae, boidiidi jwa batho bo ne jwa phuthega. Akanya fela boipelo jo Maratha le Marea ba ileng ba nna le jone fa Jesu a tsosa Lasaro mo baswing!—Bala Johane 11:21-24, 38-44.

Maratha o ne a setse a itse dikgang tse di itumedisang ka baswi. O ne a itse gore Jehofa o tla tsosa baswi gore ba tle go tshela gape mo lefatsheng.—Bala Jobe 14:14, 15.

2. Baswi ba mo boemong bofe?

Adame o a bopiwa mme morago o ne a swa

Modimo o ne a raya Adame a re: “O lorole mme o tla boela mo loroleng.”

Batho ba dirilwe ka lorole. (Genesise 2:7; 3:19) Ga re meya e e tshelang mo mebeleng ya nama. Re dibopiwa tsa nama, ka jalo ga go na karolo epe ya rona e e tswelelang e tshela fa re swa. Fa re swa, boboko jwa rona le jone bo a swa, le dikakanyo tsa rona di a nyelela. Ka jalo Lasaro ga a ka a bua sepe ka se a se boneng fa a sule ka gonne baswi ga ba itse sepe gotlhelele.—Bala Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 6, 10.

A Modimo o tlhokofatsa batho mo molelong fa ba sena go swa? E re ka Baebele e bontsha gore baswi ga ba itse sepe gotlhelele, ga go pelaelo gore molelo wa dihele ke thuto ya maaka e e senyang Modimo leina. Kgopolo fela ya go tlhokofatsa batho mo molelong e ferosa Modimo sebete.—Bala Jeremia 7:31.

Leba bidio ya Go Diragala Eng ka Batho ba ba Suleng?

3. A baswi ba ka kgona go bua le rona?

Baswi ga ba kgone go bua le fa e le go utlwa. (Pesalema 115:17) Le fa go ntse jalo, go na le baengele bangwe ba ba boikepo, mme ba kgona go bua le batho ba bo ba itira e kete ke batho ba ba suleng. (2 Petere 2:4) Jehofa o iletsa go leka go bua le baswi.—Bala Duteronome 18:10, 11.

4. Ke bomang ba ba tla tsosiwang mo baswing?

Monna yo o neng a tsosiwa mo baswing gore a tshele mo Paradaiseng o ithuta ka Modimo. Go tswa foo le ene o ruta ba bangwe ba ba tsositsweng mo baswing.

Dimilione tsa batho ba ba suleng ba ba mo mabitleng ba tla tsosiwa go tla go tshela gape mo lefatsheng. Tota le batho ba ba neng ba sa itse Modimo e bile ba dira dilo tse di bosula ba tla tsosiwa.—Bala Luke 23:43; Ditiro 24:15.

Batho ba ba tsositsweng mo baswing ba tla kgona go ithuta boammaaruri ka Modimo le go bontsha tumelo mo go Jesu ka go mo ikobela. (Tshenolo 20:11-13) Batho ba ba tla tsosiwang ba bo ba dira dilo tse di siameng, ba tla itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Bala Johane 5:28, 29.

5. Tsogo ya baswi e re bontsha eng ka Jehofa?

Modimo o ne a dira gore tsholofelo ka baswi e kgonege ka go romela Morwawe go tla go re swela. Ka jalo, tsogo ya baswi e re bontsha gore Jehofa o lorato e bile o pelonomi. Fa baswi ba tsosiwa, ke mang yo o lebileng pele go mmona?—Bala Johane 3:16; Baroma 6:23.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 6, 7 le 10 ya buka ya, Baebele e re Ruta Eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela