LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fg thuto 9 potso 1-5
  • O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Nna le Lenyalo le le Nonofileng e Bile le Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
fg thuto 9 potso 1-5

THUTO 9

O ka Dira Jang Gore Lelapa la Gago le Itumele?

1. Ke ka ntlha yang fa lenyalo le le botlhokwa gore lelapa le itumele?

Banyalani ba kwadisa lenyalo la bone semolao

Dikgang tse di itumedisang di tswa kwa go Jehofa, Modimo yo o itumetseng, yo o batlang gore malapa a itumele. (1 Timotheo 1:11) Ke ene mosimolodi wa lenyalo. Go nyalana semolao go botlhokwa ka gonne go dira gore go nne le legae le le sireletsegileng le bana ba ka golelang mo go lone. Modimo o leba lenyalo jang? O batla gore e nne kgolagano ya leruri fa gare ga monna le mosadi. Bakeresete ba tshwanetse go tlotla melao ya naga ya bone e e amanang le go kwadisiwa ga manyalo.—Bala Luke 2:1, 4, 5.

Jehofa o batla gore banna le basadi ba ba mo lenyalong ba ikanyege, mongwe mo go yo mongwe. (Bahebera 13:4) O tlhoile tlhalo. (Malaki 2:16) Mme gone o letla Bakeresete gore ba ka tlhala le go nyala gape fa molekane wa bone a dirile boaka.—Bala Mathaio 19:3-6, 9.

2. Monna le mosadi ba ba nyalaneng ba tshwanetse go tshwarana jang?

Monna le mosadi ba ba itumetseng

Jehofa o bopile monna le mosadi gore ba thusane mo lenyalong. (Genesise 2:18) E re ka monna e le tlhogo ya lelapa, ke ene yo o nang le maikarabelo a magolo a go tlamela lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang le go ba ruta ka Modimo. O tshwanetse go bontsha mosadi wa gagwe lorato lwa go intsha setlhabelo. Banna le basadi ba ba nyalaneng ba tshwanetse go ratana le go tlotlana. E re ka boobabedi ba sa itekanela, ba tshwanetse go ithuta go itshwarelana, e leng se se tla ba tlisetsang boitumelo mo lenyalong la bone.—Bala Baefeso 4:31, 32; 5:22-25, 33; 1 Petere 3:7.

3. A o tshwanetse go tlogela molekane wa gago fa lo na le mathata mo lenyalong?

Fa lo nna le mathata mo lenyalong, loobabedi lo tshwanetse go lwela go tshwarana ka lorato. (1 Bakorintha 13:4, 5) Lefoko la Modimo ga le kgothaletse banyalani go kgaogana gonne ba batla go rarabolola mathata a a tlwaelegileng mo lenyalong.—Bala 1 Bakorintha 7:10-13.

4. Bana, ke eng se Modimo a lo batlelang sone?

Batsadi ba thusa bana ba bone kwa gae

Jehofa o batla gore lo itumele. O lo naya kgakololo e e molemolemo ya kafa lo ka itumelelang bosha jwa lona ka gone. O batla gore lo solegelwe molemo ke botlhale le maitemogelo a batsadi ba lona ba nang le one. (Bakolosa 3:20) Gape Jehofa o batla gore lo nne le boipelo jo bo nnang gone ka gonne lo direla Mmopi wa lona le Morwawe.—Bala Moreri 11:9–12:1; Mathaio 19:13-15; 21:15, 16.

5. Batsadi, bana ba lona ba ka bona jang boitumelo?

Motsadi a bua le ngwana wa gagwe

Lo tshwanetse go dira ka natla go tlamela bana ba lona ka dijo, bonno le diaparo. (1 Timotheo 5:8) Mme gone, gore bana ba gago ba itumele, o tshwanetse go ba ruta go rata Modimo le go ithuta ka ene. (Baefeso 6:4) Sekao sa gago sa go bontsha gore o rata Modimo se ka tlhotlheletsa dipelo tsa bana ba gago. Fa kgakololo e o ba nayang yone e theilwe mo Lefokong la Modimo, e ka tlhotlheletsa bana ba gago go dira dilo ka tsela e e siameng.—Bala Duteronome 6:4-7; Diane 22:6.

Bana ba gago ba tla thusega fa o ba kgothatsa le go ba akgola. Gape ba tlhoka kgalemelo le kotlhao. Thapiso eo e ba sireletsa gore ba se ka ba wela mo boitshwarong jo bo tla ba amogang boitumelo. (Diane 22:15) Le fa go ntse jalo, kotlhao ga e a tshwanela go nna makgwakgwa kgotsa setlhogo.—Bala Bakolosa 3:21.

Basupi ba ga Jehofa ba gatisitse dibuka di le mmalwa tse di diretsweng go thusa batsadi le bana. Dibuka tseno di theilwe mo Baebeleng.—Bala Pesalema 19:7, 11.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 14 ya buka ya, Baebele e re Ruta Eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela