LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • fg thuto 13 potso 1-4
  • Dikgang Tse di Molemo ka Bodumedi ke Dife?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tse di Molemo ka Bodumedi ke Dife?
  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tse di Molemo Tse Di ka Ga Bodumedi ke Dife?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Madumedi a Maaka a Buile Maaka Jang ka Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditsela Tsa go Tswa mo Bodumeding Jwa Maaka
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tila Kobamelo ya Maaka!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
fg thuto 13 potso 1-4

THUTO 13

Dikgang Tse di Molemo ka Bodumedi ke Dife?

1. A madumedi otlhe a siame?

Monna o bala Baebele

Go na le batho ba ba peloephepa mo madumeding otlhe. Go a itumedisa go itse gore Modimo o bona batho bao e bile o amega ka bone. Mme ka maswabi, batho ba bodumedi ba dira dilo tse di bosula. (2 Bakorintha 4:3, 4; 11:13-15) Go ya ka dipego tsa dikgang, madumedi mangwe a na le seabe mo ditirong tsa borukutlhi, dipolao tsa kgailo, dintwa le go sotliwa ga bana. Ruri seno se hutsafatsa batho ba tota ba dumelang mo Modimong!—Bala Mathaio 24:3-5, 11, 12.

Bodumedi jwa boammaaruri bo galaletsa Modimo, fa jwa maaka jone bo mo kgopisa. Bo ruta dikgopolo tse di seyong mo Baebeleng go akaretsa dithuto tsa maaka ka Modimo le ka baswi. Mme gone Jehofa o batla gore batho ba itse se e leng boammaaruri ka ene.—Bala Esekiele 18:4; 1 Timotheo 2:3-5.

2. Dikgang tse di molemo ka bodumedi ke dife?

Se se itumedisang ke gore Modimo ga a tsiediwe ke bodumedi jo bo ipolelang gore bo a mo rata mme gone bo rata lefatshe la ga Satane. (Jakobe 4:4) Lefoko la Modimo le bitsa madumedi otlhe a maaka “Babelona o Mogolo.” Babelona e ne e le motse wa bogologolo o bodumedi jwa maaka bo simologileng mo go one morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa. Go ise go ye kae, Modimo o tla fedisa ka tshoganyetso bodumedi jono jo bo tsietsang le jo bo gatelelang batho.—Bala Tshenolo 17:1, 2, 5, 16, 17; 18:8.

Go na le dikgang tse dingwe gape tse di molemo. Jehofa ga a lebala batho ba ba peloephepa ba ba mo madumeding a maaka a a mo lefatsheng lotlhe. O kopanya batho bano ka go ba ruta boammaaruri.—Bala Mika 4:2, 5.

3. Batho ba ba peloephepa ba tshwanetse go dira eng?

Batho ba a tlotla morago ga pokano ya Bokeresete

Bodumedi jwa boammaaruri bo kopanya batho

Jehofa o rata batho ba ba ratang boammaaruri le tshiamo. O ba kopa gore ba tlogele bodumedi jwa maaka. Batho ba ba ratang Modimo ba ikemiseditse go dira diphetogo gore ba mo itumedise.—Bala Tshenolo 18:4.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa batho ba ba peloephepa ba ne ba utlwa dikgang tse di molemo mo baaposetoloing, ba ne ba di amogela ka boipelo. Ba ne ba ithuta tsela e ntšha ya botshelo mo go Jehofa, tsela e e itumedisang le e e nang le boikaelelo le tsholofelo. Ba re tlhometse sekao se se molemo ka gonne ba ile ba amogela dikgang tse di molemo ka go dira gore Jehofa a tle pele mo matshelong a bone.—Bala 1 Bathesalonika 1:8, 9; 2:13.

Jehofa o amogela batho ba ba tlogelang bodumedi jwa maaka mo lelapeng la baobamedi ba gagwe ba boammaaruri. Fa o amogela taletso e e lorato ya ga Jehofa, o tla nna tsala ya gagwe, o nne le lelapa le lesha le le lorato la batho ba ba obamelang Jehofa mme o bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bala Mareko 10:29, 30; 2 Bakorintha 6:17, 18.

4. Modimo o tla lere jang boipelo mo lefatsheng lotlhe?

Kgang ya gore bodumedi jwa maaka bo tlile go senngwa e a itumedisa. Katlholo eo e tla golola lefatshe lotlhe mo kgatelelong. Bodumedi jwa maaka ga bo na go tlhola bo tsietsa le go kgaoganya batho. Batho botlhe ba tla bo ba kopantswe mo kobamelong ya Modimo yo o esi wa boammaaruri.—Bala Tshenolo 18:20, 21; 21:3, 4.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala kgaolo 15 le 16 ya buka ya, Baebele e re Ruta Eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela