LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yc karolo 14 ts. 30-31
  • Bogosi jo bo Tla Busang Lefatshe Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bogosi jo bo Tla Busang Lefatshe Lotlhe
  • Ruta Bana ba Gago
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsala Tsa Modimo di Tla Nna mo Paradaiseng
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Modimo ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosiwa? Ba Tlile go Nna Kae?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Bogosi jo bo Tla Fetolang Lefatshe Lotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ruta Bana ba Gago
yc karolo 14 ts. 30-31
Jesu Keresete o busa e le Kgosi mo lefatsheng la Paradaise

KAROLO 14

Bogosi jo bo Tla Busang Lefatshe Lotlhe

A o itse gore re bua ka Bogosi bofe?— Ke Bogosi jwa Modimo, Bogosi jo bo tla dirang gore lefatshe e nne paradaise. A o ka rata go ithuta se sengwe gape ka Bogosi jono?—

Bogosi bongwe le bongwe bo na le kgosi. Mme kgosi e busa batho ba naga ya yone. A o itse gore Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ke mang?— Ke Jesu Keresete. O nna kwa legodimong. O tla tloga a nna Kgosi ya mongwe le mongwe mo lefatsheng! A o akanya gore re tla itumela fa Jesu e le Kgosi ya lefatshe lotlhe?—

O eletsa go bona eng kwa Paradaiseng?

Re tla itumela thata! Mo Paradaiseng, batho ga ba kitla ba tlhola ba lwa kgotsa ba ya dintweng. Batho botlhe ba tla ratana. Ga go na ope yo o tla tlholang a lwala kgotsa a swa. Difofu di tla bona, batho ba ba sa utlweng ba tla utlwa mme ba ba sa kgoneng go tsamaya ba tla kgona go taboga le go tlola. Mongwe le mongwe o tla bo a na le dijo tse di lekaneng. Mme diphologolo di tla utlwana e bile e tla bo e le ditsala tsa rona. Batho ba ba suleng ba tla tshela gape. Banna le basadi ba bantsi ba o ithutileng ka bone mo boroutšhareng jono ba ba jaaka Rebeka, Rahabe, Dafide le Elija, le bone ba tla boa ba tshela gape! A o ka rata go kopana le bone fa ba boa ba tshela gape?—

Jehofa o a go rata e bile o batla gore o itumele. Fa o tswelela o ithuta ka Jehofa mme o mo reetsa, o tla kgona go tshela ka bosakhutleng mo paradaiseng e ntle! A seo ke se o se batlang?—

BALA MO BAEBELENG YA GAGO

  • Isaia 2:4; 11:6-9; 25:8; 33:24; 35:5, 6

  • Johane 5:28, 29; 17:3

DIPOTSO:

  • Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ke mang?

  • Jesu o tla nna Kgosi ya bomang?

  • Go tla nna jang fa Jesu a busa lefatshe?

  • Fa o batla go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng, o tshwanetse go dira eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela