LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 15 ts. 40-ts. 41 ser. 6
  • Jesu o Dira Kgakgamatso ya Gagwe ya Ntlha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Dira Kgakgamatso ya Gagwe ya Ntlha
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgakgamatso ya Ntlha ya ga Jesu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Dira Kgakgamatso ya Bobedi Kwa Kana
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kgakgamatso Ya Bobedi Mo Kana
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 15 ts. 40-ts. 41 ser. 6
Fa Jesu a le kwa moketeng wa lenyalo kwa Kana, o laela batlhokomedi gore ba tlatse dinkgo ka metsi

KGAOLO 15

Jesu O Dira Kgakgamatso Ya Gagwe Ya Ntlha

JOHANE 2:1-12

  • LENYALO LA KWA KANA

  • JESU O FETOLA METSI GO NNA BEINE

Jaanong e setse e le letsatsi la boraro Nathanaele e le mongwe wa barutwa ba ntlha ba ga Jesu. Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa bokone kwa kgaolong ya Galalea, e leng kgaolo e ba nnang mo go yone. Ba ya kwa motseng wa Kana, kwa Nathanaele a tswang gone. Motse wa Kana o mo dithabeng tse di kwa bokone jwa Nasaretha, kwa Jesu a goletseng gone. Ba laleditswe lenyalo kwa motseng oo.

Mmaagwe Jesu le ene o tlile lenyalong leno. E re ka Marea e le tsala ya lelapa la batho ba ba neng ba nyalana, go bonala a ne a thusa ka go tlhokomela baeng ba ba tlileng lenyalong. Ka jalo, o lemoga gore go na le sengwe se se tlhaelang, a bo a raya Jesu a re: “Ga ba na beine.”—Johane 2:3.

Tota Marea o akantsha gore Jesu a dire sengwe ka kgang eno. Jesu o bontsha gore ga a dumalane le ene ka go mo raya a re: “Mosadi, seo se ama nna le wena jang?” (Johane 2:4) E re ka Jesu e le Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, o batla gore Rraagwe yo o kwa legodimong e nne ene a kaelang se a se dirang, e seng ba losika kgotsa ditsala. Marea o dirisa temogo a bo a tlogelela kgang eno mo diatleng tsa ga morwawe, mme o raya ba ba direlang a re: “Lo dire sengwe le sengwe fela se a se lo bolelelang.”—Johane 2:5.

Go na le dinkgo tsa metsi di le thataro, nngwe le nngwe ya tsone e kgona go tladiwa ke dilitara di feta 40. Jesu o raya batlhokomedi a re: “Tlatsang dinkgo tseno ka metsi.” Go tswa foo o ba raya a re: “Jaanong gelelang mangwe a one mme lo a ise kwa morulaganying wa mokete.”—Johane 2:7, 8.

Morulaganyi wa mokete o akgolela monyadi beine e e monate

Morulaganyi wa mokete o itumelela beine eno e e monate thata mme ga a itse gore e dirilwe ka kgakgamatso. O bitsa monyadi a bo a mo raya a re: “Batho ba bangwe botlhe ba ntsha beine e e monate pele, mme fa batho ba tagilwe, ba ntsha ya maemo a a kwa tlase. Wena o ntse o beile beine e e monate go fitlha jaanong.”—Johane 2:10.

Eno ke kgakgamatso ya ntlha e Jesu a e dirang. Fa barutwa ba gagwe ba bona kgakgamatso eno, tumelo ya bone e nna maatla le go feta. Morago ga moo, Jesu, mmaagwe le bomonnawe ba ya kwa motseng wa Kaperenama o o kwa bokonebophirima jwa Lewatle la Galalea.

  • Lenyalo la kwa Kana le nna ka nako efe ya bodiredi jwa ga Jesu?

  • Jesu o araba mmaagwe a reng fa a akantsha gore a dire beine?

  • Jesu o dira kgakgamatso efe, mme e ama batho ba bangwe jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela