LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 17 ts. 44-ts. 45 ser. 1
  • Jesu o Ruta Nikodemo Bosigo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Ruta Nikodemo Bosigo
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ruta Nikodemo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ithute Thuto mo go Nikodemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ke Bomang Ba Ba Tsalwang Sesha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 17 ts. 44-ts. 45 ser. 1
Jesu o bua le Nikodemo bosigo

KGAOLO 17

Jesu O Ruta Nikodemo Bosigo

JOHANE 2:23–3:21

  • JESU O BUA LE NIKODEMO

  • GO “TSHOLWA GAPE” GO KAYA ENG?

Fa Jesu a le kwa Jerusalema a ile go keteka moletlo wa Tlolaganyo ya 30 C.E, o dira dikgakgamatso. Mme ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba dumela mo go ene. Mofarasai mongwe yo o bidiwang Nikodemo, yo e leng leloko la kgotlakgolo ya Bajuda e e bidiwang Sanehederine, o kgatlhiwa ke dikgakgamatso tseo. E re ka a batla go ithuta mo go oketsegileng, o etela Jesu bosigo, gongwe a tshaba gore leina la gagwe le ka senyega fa baeteledipele ba bangwe ba Bajuda ba ka mmona.

Ka jalo o mo raya a re: “Rabi, re a itse gore o moruti yo o tswang kwa Modimong, ka gonne ga go na ope yo o ka dirang dikgakgamatso tseno tse o di dirang fa a sa thusiwe ke Modimo.” Jesu o mo araba ka go mo tlhalosetsa gore fa motho a batla go bona Bogosi Jwa Modimo, o tshwanetse go “tsholwa gape.”—Johane 3:2, 3.

Nikodemo o mmotsa a re: “Motho a ka tsholwa jang a godile? Ga a ka ke a tsena mo popelong ya ga mmaagwe lekgetlo la bobedi mme a tsholwa, gakere?”—Johane 3:4.

Go tsholwa gape ga go kaye seo. Jesu o mo raya a re: “Fa motho a sa tsholwe ka metsi le moya, ga a ka ke a tsena mo Bogosing Jwa Modimo.” (Johane 3:5) Ka jalo, fa Jesu a ne a kolobediwa mme moya o o boitshepo o bo o fologela mo go ene, o ile a tsholwa ka “metsi le moya.” Ka nako eo, go ne ga utlwala lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Yono ke Morwaake, yo o rategang, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:16, 17) Fa Modimo a ne a bua jalo, o ne a raya gore jaanong Jesu ke morwawe wa semoya yo o neng a tla kgona go bona Bogosi jwa magodimo. Moragonyana ka Pentekosete ya 33 C.E., Bakeresete ba ba kolobeditsweng ba ne ba tla tshololelwa moya o o boitshepo, mme ka jalo, ba ne ba tla tsholwa gape e le barwa ba Modimo ba ba tloditsweng ka moya.—Ditiro 2:1-4.

Nikodemo ga a kgone go tlhaloganya se Jesu a mo rutang sone ka Bogosi. Ka jalo, Jesu o mo tlhalosetsa mo go oketsegileng ka seabe se se kgethegileng se a nang le sone e le Morwa Modimo. A re: “Fela jaaka Moshe a ne a tsholetsa noga kwa nageng, Morwa motho le ene o tshwanetse go tsholediwa jalo, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a tle a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:14, 15.

Fa Baiseraele ba ne ba lomilwe ke dinoga tse di botlhole, ba ne ba tshwanetse go leba noga ya kopore gore ba se ka swa

Mo nakong e e fetileng fa Baiseraele ba ne ba lomilwe ke dinoga tse di botlhole, ba ne ba tshwanetse go leba noga ya kopore gore ba se ka ba swa. (Dipalo 21:9) Ka tsela e e tshwanang, batho ba tshwanetse go dumela mo go Morwa Modimo gore ba gololwe mo boleong le mo losong mme ba bone botshelo jo bo sa khutleng. E le go bontsha kafa Jehofa a tla dirang seno ka gone, Jesu o raya Nikodemo a re: “Modimo o ratile lefatshe thata mo a ileng a ntsha Morwawe yo o tshotsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ka jalo, dikgwedi di le thataro fa Jesu a sena go simolola bodiredi jwa gagwe, o ile a tlhalosetsa Nikodemo gore ke ene a tla bolokang batho.

Jesu o raya Nikodemo a re: “Modimo ga a romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go atlhola lefatshe.” Seno se raya gore ga a romelwa gore a tle go atlhola lefatshe ka tsela e e setlhogo, a atlholela batho botlhe go senngwa. Go na le moo, Jesu a re o rometswe “gore a tle go boloka lefatshe.”—Johane 3:17.

Nikodemo o tla kwa go Jesu bosigo ka gonne a tshaba batho. Ela tlhoko gore Jesu o konela jang motlotlo wa gagwe le Nikodemo. O mo raya a re: “Jaanong batho ba tla atlholwa ka ntlha ya seno: lesedi [e leng botshelo jwa ga Jesu le dilo tse a neng a di ruta] le tlile mo lefatsheng mme batho ba ratile lefifi thata go feta lesedi, ka gonne ditiro tsa bone di ne di le bosula. Gonne ope fela yo o dirang dilo tse di bosula o tlhoile lesedi e bile ga a tle mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di tle di se ka tsa senoga. Mme ope fela yo o dirang se se siameng o tla mo leseding, gore go tle go bonale gore ditiro tsa gagwe di dirilwe go dumalana le thato ya Modimo.”—Johane 3:19-21.

Jaanong go mo go Nikodemo gore a o tla akanyetsa kwa teng ka dilo tse Jesu a mo rutileng tsone le go bona gore a o tla dirisa se a se ithutileng.

  • Ke eng se se dirang gore Nikodemo a etele Jesu, mme goreng a mo etela bosigo?

  • Go “tsholwa gape” go kaya eng?

  • Jesu o tlile “go atlhola lefatshe” jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela